A O Ne O Itse?
A Moredekai e ne e le motho wa mmatota?
MOJUDA mongwe yo o bidiwang Moredekai o nnile le seabe se segolo mo ditiragalong tsa botlhokwa tsa buka ya Baebele ya Esethere. E ne e le Mojuda yo o isitsweng botshwarwa yo o neng a bereka kwa ntlong ya segosi ya Peresia. Seo se diragetse mo masimologong a lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E. “mo motlheng wa ga [Kgosi] Ahasueruse.” (Gompieno batho ba le bantsi ba dumela gore kgosi eo e ne e le Xerxes I.) Moredekai o ne a senola leano la batho ba ba neng ba batla go bolaya kgosi. E re ka kgosi a ne a lebogela se Moredekai a se dirileng, o ne a laela gore a tlotliwe phatlalatsa. Moragonyana fa Hamane yo a neng a sa rate Moredekai le Bajuda ba bangwe a sena go swa, kgosi e ne ya dira Moredekai tonakgolo. Maemo ao a ne a mo thusa go ntsha taelo ya gore Bajuda botlhe ba ba neng ba nna mo Mmusomogolong wa Peresia ba se ka ba bolawa.—Eseth. 1:1; 2:5, 21-23; 8:1, 2; 9:16.
Baitsehisitori bangwe ba mo masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga, ba re buka ya Esethere ke tlhamane fela e bile Moredekai ga se motho wa mmatota. Le fa go ntse jalo, ka 1941, baithutamarope ba ne ba fitlhela bosupi jo bo bontshang gore se Baebele e se buang ka Moredekai se boammaaruri. Ba fitlhetse eng?
Babatlisisi ba fitlhetse mokwalo wa cuneiform wa Seperesia o o umakang leina la monna mongwe yo o bidiwang Marduka (Ka Setswana, Moredekai). E ne e le motsamaisi, gongwe e le akhaontente kwa Shushane. Ka nako ya fa mokwalo oo o bonwa, Authur Ungnad yo e leng moitsehisitori wa lefelo leo o ne a kwala gore leno e ne e le lekgetlo la ntlha Moredekai a umakiwa mo mokwalong o e seng wa Baebele.
Fa e sa le go tloga ka pego eo ya ga Ungnad, baithuti bangwe ba Baebele ba ne ba ranola mekwalo e mentsi ya cuneiform ya Seperesia. Mengwe ya mekwalo eo, e ne e le mo dikwalelong tse dinnye tsa letsopa tse di fitlhetsweng mo maropeng a motse wa Persepolis mo karolong e e neng e le Bobolokelamatlotlo e e gaufi le dipota tsa motse oo. Dikwalelo tseno ke tsa nako ya fa go ne go busa Xerxes I. Di kwadilwe ka puo ya Se-Elame e bile di na le maina a mantsi a go buiwang ka one mo bukeng ya Esethere. a
Dikwalelo di le mmalwa tsa kwa Persepolis di umaka leina la ga Marduka yo e neng e le mokwaledi wa kgosi kwa ntlong ya segosi kwa Shushane fa go ne go busa Xerxes I. Sekwalelo sengwe sa re Marduka e ne e le moranodi. Dintlha tseo di tshwanela Moredekai yo go buiwang ka ene mo Baebeleng. E ne e le modiredimogolo yo o neng a direla Kgosi Ahasueruse (Xerxes I) e bile o ne a bua dipuo di le pedi. Letsatsi le letsatsi Moredekai o ne a nna kwa kgorong ya kgosi e e neng e le kwa ntlong ya segosi kwa Shushane. (Eseth. 2:19, 21; 3:3) Kgoro eno e ne e le kago e kgolo e badiredibagolo ba segosi ba neng ba bereka kwa go yone.
Go na le dilo tse di kgatlhang tse Marduka yo go buiwang ka ene mo dikwalelong a tshwanang ka tsone le Moredekai yo go buiwang ka ene mo Baebeleng. Ba ne ba tshela ka nako e le nngwe le kwa lefelong le le lengwe e bile e le badiredibagolo ba ba dirang tiro e e tshwanang. Dintlha tseno tsotlhe di bontsha gore Marduka yo baithutamarope ba buang ka ene, ke Moredekai yo o umakiwang mo bukeng ya Esethere.
a Ka 1992, Porofesa Edwin M. Yamauchi, o ne a kwala setlhogo se se nang le maina a le lesome a a mo mokwalong wa kwa Persepolis a a fitlhelwang mo bukeng ya Esethere.