Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 45

Kafa Jehofa a re Thusang ka Gone mo Tirong ya go Rera

Kafa Jehofa a re Thusang ka Gone mo Tirong ya go Rera

“Ba tla itse gore ruri moporofeti o ne a le teng mo go bone.”—ESEK. 2:5.

PINA 67 “Rera Lefoko”

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE a

1. Re ka solofela gore go tla direga eng, mme ke eng se re ka se tshepang?

 RE KA solofela gore batho ba tla re ganetsa fa re ntse re rera. Gongwe re tla ganediwa le go feta mo nakong e e tlang. (Dan. 11:44; 2 Tim. 3:12; Tshen. 16:21) Le fa go ntse jalo, re ka tshepa gore Jehofa o tla re naya thuso e re e tlhokang. Goreng re rialo? Jehofa ga a bolo go thusa batlhanka ba gagwe gore ba dire dikabelo tsa bone le fa di ka tswa di ne di le thata go le kana kang. Ka sekai, a re tlotleng ka dilo tse di ileng tsa diragalela moporofeti Esekiele fa a ne a rerela Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa kwa Babelona.

2. Jehofa o ne a re batho ba Esekiele a neng a ba rerela ba ne ba ntse jang, mme re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno? (Esekiele 2:3-6)

2 Esekiele o ne a rerela batho ba ba ntseng jang? Jehofa o ne a re ba ne ba le “tlhogoethata,” ba le “peloethata” e bile e le “batlhanogi.” Ba ne ba utlwisa botlhoko jaaka mitlwa, e bile ba ne ba le kotsi jaaka diphepheng. Ke gone ka moo Jehofa a neng a raya Esekiele ka makgetlo a le mantsi a re: “O se ka wa boifa”! (Bala Esekiele 2:3-6.) Esekiele o ne a kgona go dira tiro e a neng a e neilwe ya go rera ka gonne (1) o ne a romilwe ke Jehofa, (2) moya wa Modimo o ne o mo naya maatla, (3) e bile se Modimo a ileng a se bua se ile sa nonotsha tumelo ya gagwe. Dilo tseno tse tharo di ile tsa thusa Esekiele jang? Mme rona di re thusa jang gompieno?

ESEKIELE O NE A ROMILWE KE JEHOFA

3. Ke mafoko afe a a tshwanetseng a bo a ile a nonotsha Esekiele, mme Jehofa o ne a bontsha jang gore o mo eme nôkeng?

3 Jehofa o ne a raya Esekiele a re: “Ke [a] go roma.” (Esek. 2:3, 4) Mafoko ao a tshwanetse a bo a ile a nonotsha Esekiele. Goreng re rialo? Ka gonne Esekiele a ka tswa a ne a gopola gore Jehofa o ne a bolelela Moshe le Isaia mafoko a a tshwanang fa a ne a ba tlhopha gore e nne baporofeti. (Ekes. 3:10; Isa. 6:8) Gape o ne a itse kafa Jehofa a thusitseng baporofeti bao ka gone mo dikabelong tsa bone le fa di ne di le thata. Ka jalo, fa Jehofa a ne a bolelela Esekiele ka makgetlo a le mabedi a re: “Ke [a] go roma,” seo se tshwanetse sa bo se ile sa dira gore moporofeti yono a dumele gore Jehofa o mo eme nôkeng. Gape Esekiele o ne a kwala mafoko a a reng, “Jehofa o ne a nthaya a re,” ka makgetlo a le mantsi. (Esek. 3:16) E bile mafoko a a reng, “Jehofa o ne a bua le nna gape a re,” a tlhaga gantsi mo bukeng ya Esekiele. (Esek. 6:1) Ga go pelaelo gore Esekiele o ne a dumela gore o romilwe ke Jehofa. Mme e re ka rraagwe Esekiele e ne e le moporofeti, o tshwanetse a bo a ile a mmolelela kafa Jehofa a neng a tlhomamisetsa baporofeti ba gagwe ka gone gore o tla ba thusa. Ka sekai, Jehofa o ile a bolelela Isake, Jakobe le Jeremia mafoko ano: “Ke na le wena.”—Gen. 26:24; 28:15; Jer. 1:8.

4. Ke mafoko afe a a kgothatsang a a ileng a naya Esekiele maatla?

4 Baiseraele ba le bantsi ba ne ba tla dira eng fa Esekiele a ba rerela? Jehofa o ne a re: “Batho ba Iseraele ba tla gana go go reetsa, ka gonne ga ba batle go ntheetsa.” (Esek. 3:7) Fa batho bano ba ne ba gana go reetsa Esekiele, tota ba ne ba gana go reetsa Jehofa. Mafoko ao a ne a netefaletsa Esekiele gore fa batho ba ne ba sa mo reetse, go ne go sa reye gore ga a dire kabelo ya gagwe sentle. Gape Jehofa o ne a netefaletsa Esekiele gore fa katlholo e a neng a ba boleletse yone e direga, ba ne ba tla “itse gore ruri moporofeti o ne a le teng mo go bone.” (Esek. 2:5; 33:33) Ga go pelaelo gore mafoko ao a a kgothatsang, a ne a naya Esekiele maatla a a neng a a tlhoka mo tirong ya go rera.

RE ROMILWE KE JEHOFA

Fela jaaka Esekiele, batho ba ka nna ba se ka ba re reetsa kgotsa ba ka re ganetsa, mme re a itse gore Jehofa o na le rona (Bona serapa 5-6)

5. Isaia 44:8 e a re ke eng se se tla re nayang bopelokgale?

5 Go itse gore Jehofa ke ene a re romileng le rona go re naya maatla. O re tlotlile tota ka go re bitsa “basupi” ba gagwe. (Isa. 43:10) Ruri eo ke tshiamelo e e seng kana ka sepe! Fela jaaka Jehofa a ne a raya Esekiele a re: “[O] se ka [wa] boifa,” Jehofa le rona o re raya a re: “Lo se ka lwa boifa.” Goreng re sa tshwanela go tshaba batho ba ba re ganetsang? Ka gonne fela jaaka Esekiele, re romilwe ke Jehofa e bile o re ema nôkeng.—Bala Isaia 44:8.

6. (a) Jehofa o re netefaletsa jang gore o a re thusa? (b) Re kgothadiwa ke eng?

6 Jehofa o re solofetsa gore o tla re thusa. Ka sekai, pele Jehofa a re: “Lo basupi ba me,” o ne a re: “Fa o ralala metsi, ke tla bo ke na le wena, e bile fa o ralala dinoka, ga di kitla di go gogola. Fa o ralala molelo, ga o kitla o sha, e bile kgabo ya molelo ga e kitla e go babola.” (Isa. 43:2) Ka dinako tse dingwe, fa re rera re lebana le dikgoreletsi tse di jaaka morwalela le diteko tse di jaaka molelo. Le fa go ntse jalo, Jehofa o re thusa gore re tswelele re rera. (Isa. 41:13) Fela jaaka ka motlha wa ga Esekiele, batho ba le bantsi gompieno ga ba batle go re reetsa. Mme seo ga se reye gore ga re a dira tiro ya rona ya go rera sentle. Re kgothadiwa ke go itse gore Jehofa o a itumela fa re tswelela re rera molaetsa wa gagwe ka boikanyegi. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Mongwe le mongwe o tla amogela maduo a gagwe go ya ka tiro ya gagwe ya bonatla.” (1 Bakor. 3:8; 4:1, 2) Kgaitsadi mongwe yo o feditseng dingwaga di le dintsi e le mmulatsela a re: “Go a itumedisa go itse gore Jehofa o a re duela fa re dira ka natla.”

MOYA WA MODIMO O NAYA ESEKIELE MAATLA

Esekiele o bona ponatshegelo ya kara ya ga Jehofa ya kwa legodimong e e mo tlhatswang pelo gore Jehofa o tla mo thusa mo tirong ya go rera (Bona serapa 7)

7. Go akanya ka ponatshegelo e Esekiele a ileng a e bona go tshwanetse ga bo go ile ga mo thusa jang? (Bona setshwantsho se se mo khabareng.)

7 Esekiele o ne a bona kafa moya wa Modimo o leng maatla ka gone. Mo ponatshegelong, Esekiele o ne a bona gore moya o o boitshepo o ne o thusa baengele ba ba maatla le gore o ne o tsamaisa maotwana a kara ya kwa legodimong. (Esek. 1:20, 21) Esekiele o ne a dira eng? O ne a kwala se se neng sa direga. A re: “E rile ke le bona, ka khubama ka bo ka inama.” Esekiele o ne a gakgametse thata mo a neng a wela fa fatshe. (Esek. 1:28) Moragonyana fa Esekiele a akanya ka ponatshegelo eo e e kgatlhang, o tshwanetse a bo a ne a tlhatswegile pelo gore moya wa Modimo o tla mo thusa mo tirong ya go rera.

8-9. (a) Jehofa o ne a raya Esekiele a re a dire eng? (b) Jehofa o ne a thusa Esekiele jang gape gore a kgone go rera?

8 Jehofa o ne a raya Esekiele a re: “Morwa motho, ema ka dinao gore ke tle ke bue le wena.” Fa Jehofa a sena go raya Esekiele a re a eme, Esekiele o ne a nna le maatla a a neng a a tlhoka gore a eme. Esekiele o ne a kwala jaana: “Moya o ne wa tla mo go nna mme wa dira gore ke eme ka dinao.” (Esek. 2:1, 2) Moragonyana mo bodireding jotlhe jwa gagwe, Esekiele o ne a kaelwa ke “seatla” sa Modimo, e leng moya o o boitshepo. (Esek. 3:22; 8:1; 33:22; 37:1; 40:1) Moya wa Modimo o ile wa thusa Esekiele gore a kgone go dira kabelo ya gagwe ya go rerela batho ba ba “tlhogoethata” le ba ba “peloethata” ba ba mo tshimong e a neng a e bereka. (Esek. 3:7) Jehofa o ile a raya Esekiele a re: “Ke dirile gore sefatlhego sa gago se nne thata fela jaaka difatlhego tsa bone le phatla ya gago e nne thata fela jaaka diphatla tsa bone. Ke dirile gore phatla ya gago e nne jaaka teemane, e nne thata go feta leje le le thata. O se ka wa ba boifa kgotsa wa tshosiwa ke difatlhego tsa bone.” (Esek. 3:8, 9) Go ne go ntse jaaka e kete Jehofa o ne a raya Esekiele a re: ‘O se ka wa letla batho bano ba ba tlhogoethata gore ba go kgobe marapo. Ke tla go nonotsha.’

9 Morago ga moo, moya wa Modimo o ne wa thusa Esekiele mo tirong e a neng a e neilwe ya go rera. Esekiele o ne a re: “Moya wa ga Jehofa o ne o nkaela ka tsela e e maatla.” Go tsere moporofeti yono beke go ithuta le go tlhaloganya molaetsa ono gore a kgone go rera a le pelokgale. (Esek. 3:14, 15) Go tswa foo, Jehofa o ne a mo laela gore a ye kwa lebaleng, mme fa a le koo “moya o ne wa tsena mo go [ene].” (Esek. 3:23, 24) Esekiele o ne a siametse go dira tiro ya go rera e a neng a e neilwe.

MOYA O O BOITSHEPO O RE NAYA MAATLA A RE A TLHOKANG

Fela jaaka Esekiele, ke eng se se re thusang gompieno mo tirong ya go rera? (Bona serapa 10)

10. Ke thuso efe e re e tlhokang gore re kgone go dira tiro ya rona ya go rera, mme goreng re rialo?

10 Ke thuso efe e re e tlhokang gore re kgone go dira tiro ya rona ya go rera? Go bona karabo ya potso eo, akanya ka se se ileng sa diragalela Esekiele. Pele ga a simolola tiro ya gagwe ya go rera, moya wa Modimo o ne wa mo naya maatla a a neng a a tlhoka. Fela jaaka Esekiele, le rona gompieno re kgona go rera ka gonne moya o o boitshepo wa Modimo o a re thusa. Goreng re rialo? Ka gonne Satane o re lwantsha ka boikaelelo jwa go thibela tiro ya go rera. (Tshen. 12:17) Batho ba le bantsi ba akanya gore Satane o maatla le gore ga re ka ke ra kgona go mo fenya. Fa re rera, re a mo fenya. (Tshen. 12:9-11) Ka tsela efe? Re bontsha gore matshosetsi a ga Satane ga a re tshose. Ka jalo nako le nako fa re rera, re fenya Satane. Jaanong ke eng se re se lemogang fa re bona gore re kgona go rera le fa re ganediwa? Re lemoga gore Jehofa o re naya maatla a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo le gore o a re amogela.—Math. 5:10-12; 1 Pet. 4:14.

11. Moya o o boitshepo o ka re direla eng, mme re tshwanetse go dira eng gore re nne le one?

11 Go itse gore Jehofa o ne a naya Esekiele maatla a a neng a a tlhoka gore a kgone go dira tiro ya go rera go re ruta eng? Go re ruta gore moya wa Modimo o o boitshepo o ka re naya maatla, gore re kgone go fenya diteko dipe fela tse di ka re tlhagelang fa re ntse re rera. (2 Bakor. 4:7-9) Mme gone, ke eng se re ka se dirang gore re nne le moya wa Modimo o o boitshepo? Ka metlha re tshwanetse go rapela Jehofa mme re tshepe gore o utlwa dithapelo tsa rona. Jesu o ne a laela barutwa ba gagwe jaana: “Nnang lo kope, . . . nnang lo batle, . . . nnang lo kokote.” Mme Jehofa ene o tla “naya ba ba mo kopang moya o o boitshepo fa ba o kopa.”—Luke 11:9, 13; Dit. 1:14; 2:4.

MAFOKO A MODIMO A NE A NONOTSHA ESEKIELE

12. Go ya ka Esekiele 2:9–3:3, momeno o ne o tswa kae, mme go ne go kwadilwe eng mo go one?

12 Moya o o boitshepo ga se one fela o ileng wa nonotsha Esekiele, mafoko a Modimo le one a ile a mo nonotsha. Mo ponatshegelong, Esekiele o ne a bona seatla se tshwere momeno. (Bala Esekiele 2:9–3:3.) Momeno oo o ne o tswa kae? O ne o kwadilwe eng? O ne wa nonotsha Esekiele jang? A re boneng dikarabo tsa dipotso tseno. Momeno o ne o tswa mo setulong sa Modimo sa bogosi. Go ka direga gore Jehofa o ne a dirisitse mongwe wa baengele ba banê ba Esekiele a neng a ba bone pelenyana gore a mo neye momeno oo. (Esek. 1:8; 10:7, 20) Momeno oo o ne o na le mafoko a Modimo, e leng molaetsa o moleele wa katlholo o Esekiele a neng a tshwanetse go o bolelela batshwarwa ba batlhanogi. (Esek. 2:7) Molaetsa oo, o ne o kwadilwe kwa pele le kwa morago ga momeno.

13. Jehofa o ne a bolelela Esekiele gore a dire eng ka momeno, mme goreng o ne o le botshe?

13 Jehofa o ne a laela moporofeti wa gagwe gore a je momeno a bo a “tlatse mpa ya [gagwe] ka one.” Esekiele o ne a reetsa taelo eo, a bo a ja momeno oo otlhe. Karolo eno ya ponatshegelo e kaya eng? Esekiele o ne a tshwanetse go tlhaloganya ka botlalo molaetsa o a neng a tlile go o bolelela batho. O ne a tshwanetse go dumela molaetsa oo gore o mo rotloetse go rera. Mme go ne ga direga sengwe se se gakgamatsang. Esekiele o ne a lemoga gore momeno oo, “o ne o le botshe jaaka tswina ya dinotshe.” (Esek. 3:3) Goreng o ne o utlwala jalo? Ka gonne Esekiele o ne a tsaya tshiamelo ya go emela Jehofa e le botshe kgotsa e itumedisa. (Pes. 19:8-11) O ne a itumelela gore Jehofa o mo letlile go nna moporofeti wa gagwe.

14. Ke eng se se thusitseng Esekiele gore a siamele go simolola kabelo ya gagwe?

14 Moragonyana, Jehofa o ne a raya Esekiele a re: “Reetsa mafoko otlhe a ke a go bolelelang mme o a tsenye mo pelong.” (Esek. 3:10) Fa Jehofa a ne a naya Esekiele ditaelo tseo, o ne a mmolelela gore a tsenye mafoko a a mo momenong mo mogopolong wa gagwe a bo a akanyetse kwa teng ka one. Fa Esekiele a sena go dira jalo, tumelo ya gagwe e ne ya nonofa. Gape seo se ne sa dira gore a nne le molaetsa o o maatla o a neng a tla o bolelela batho. (Esek. 3:11) Fa Esekiele a sena go tlhaloganya molaetsa wa Modimo ka botlalo le go dumela mo go one, o ne a siametse go simolola tiro ya go rera go fitlha a e wetsa.—Bapisa Pesalema 19:14.

MAFOKO A MODIMO A NONOTSHA TUMELO YA RONA

15. Gore re kgone go itshoka, re tshwanetse go “reetsa” eng?

15 Gore re kgone go itshoka mo tirong ya go rera, le rona re tshwanetse go letla mafoko a Modimo gore a nonotshe tumelo ya rona. Re tshwanetse go “reetsa” sotlhe se Jehofa a re bolelelang sone. Gompieno Jehofa o bua le rona a dirisa Lefoko la gagwe, e leng Baebele. Re ka dira jang gore Lefoko la Modimo le tswelele le ama se re se akanyang, tsela e re ikutlwang ka yone le se re batlang go se dira?

16. Re tshwanetse go dira eng ka Lefoko la Modimo, mme re ka dira jang gore re le tlhaloganye botoka?

16 Fa re ja e bile mebele ya rona e sila dijo, e a nonofa, ka jalo go ithuta Lefoko la Modimo le go akanyetsa kwa teng ka lone, go nonotsha tumelo ya rona. Re tshwanetse go nna re akantse ka se re se ithutang mo ponatshegelong ya momeno. Jehofa o batla gore re “tlatse dimpa tsa [rona]” ka Lefoko la gagwe, mo go rayang gore re le tlhaloganye sentle. Re ka dira seo ka go rapela, go bala le go akanyetsa kwa teng. Sa ntlha, re a rapela gore re baakanye dipelo tsa rona gore di amogele dikakanyo tsa Modimo, go tswa foo re bo re bala Baebele. Fa re sena go dira jalo, re ema go se kae gore re akanyetse kwa teng ka se re se badileng. Go dira jalo go tla re solegela molemo jang? Fa re ntse re ipha nako ya go akanyetsa kwa teng, re tla tlhaloganya Lefoko la Modimo botoka, mme seo se tla nonotsha tumelo ya rona.

17. Goreng go le botlhokwa gore re akanyetse kwa teng ka se re se balang mo Baebeleng?

17 Goreng go le botlhokwa go bala Baebele le go akanyetsa kwa teng ka se re se balang? Go dira jalo go tla re naya maatla gone jaanong gore re kgone go rera molaetsa wa Bogosi, le gore re kgone go rera molaetsa wa katlholo mo nakong e e tlang. Gape fa re akanyetsa kwa teng ka dinonofo tsa ga Jehofa tse di molemo, botsala jwa rona le ene bo tla nonofa. Fa re dira jalo re tla itumelela sengwe se se botshe e bile se itumedisa, e leng go nna le kagiso le go kgotsofala.—Pes. 119:103.

RE THUSIWA GO ITSHOKA

18. Batho ba ba mo tshimong ya rona ba tla tshwanelwa ke go lemoga eng, mme ka ntlha ya eng?

18 Esekiele e ne e le moporofeti, mme rona ga re baporofeti. Le fa go ntse jalo, re ikemiseditse go rera molaetsa wa Modimo o a o kwadileng mo Lefokong la gagwe go fitlha a re tiro ya go rera e weditswe. Fa nako ya katlholo e goroga, batho ba re ba rerelang ga ba kitla ba nna le lebaka la gore ga ba a tlhagisiwa kgotsa gore Modimo o ba tlhokomologile. (Esek. 3:19; 18:23) Go na le moo, ba tla tshwanelwa ke go lemoga gore molaetsa o re neng re o rera o ne o tswa kwa Modimong.

19. Ke eng se se tla re thusang gore re kgone go rera?

19 Ke eng se se tla re thusang gore re kgone go rera? Ke dilo tse tharo tse di ileng tsa thusa Esekiele. Re tswelela re rera ka gonne re a itse gore re romilwe ke Jehofa, gore moya wa gagwe o o boitshepo o re naya maatla le gore Lefoko la gagwe le nonotsha tumelo ya rona. Tsela e Jehofa a re thusang ka yone e re rotloetsa gore re dire tiro ya rona ya go rera, le gore re itshoke “go fitlha kwa bokhutlong.”—Math. 24:13.

PINA 65 Gatelang Pele!

a Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dilo tse tharo tse di thusitseng moporofeti Esekiele mo tirong e a neng a e neilwe ya go rera. Fa re ntse re bona kafa Jehofa a thusitseng moporofeti wa gagwe ka gone, seo se tla re tlhatswa pelo gore le rona o tla re thusa mo tirong ya rona ya go rera.