Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

“Ke ne Ke Batla go Direla Jehofa”

“Ke ne Ke Batla go Direla Jehofa”

RE NE ra sadisa sentle setlhopha se sennye sa batho ba re neng re ba etetse kwa motseng wa Granbori, o o kwa kgakala kwa sekgweng se go nang dipula thata kwa go sone kwa Suriname. Go tswa foo, re ne ra tsena mo mokorong wa logong re bo re tsamaya mo Nokeng ya Tapanahoni. Moragonyana fa re ne re feta fa noka e elelang ka bonako gone, lefetlho la mokoro le ne la itaya leje. Ka yone nako eo, karolo e e kwa pele ya mokoro e ne ya nwela mme metsi a tlala mo mokorong. Ke ne ke tshogile tota. Le fa ke ne ke na le dingwaga di le dintsi ke tsamaya ka mokoro fa ke le molebedi wa potologo, ke ne ke sa itse go thuma!

Pele ga ke go bolelela se se ileng sa direga, a ke go tlotlele gore go tlile jang gore ke simolole tirelo ya nako e e tletseng.

Ke tshotswe ka 1942, kwa setlhaketlhakeng se sentle sa Caribbean kwa Curaçao. Papa o ne a tswa kwa Suriname, mme o ne a fudugela kwa setlhaketlhakeng seo ka ntlha ya tiro. Dingwaga di se kae pele ke tsholwa, o ne a nna mongwe wa batho ba ntlha go kolobediwa e le Mosupi wa ga Jehofa kwa Curaçao. a O ne a ithuta Baebele le rona, bana ba gagwe beke le beke, le fa gone ka dinako dingwe re ne re sa batle go ithuta. Fa ke na le dingwaga di le 14, lelapa la gaetsho le ne la fudugela kwa Suriname gore Papa a kgone go tlhokomela nkoko yo o neng a tsofetse.

DITSALA TSE DI SIAMENG DI A NTHUSA

Fa re ne re le kwa Suriname, ke ne ka simolola go itsalanya le basha ba ba neng ba direla Jehofa ka matlhagatlhaga mo phuthegong. Ba ne ba mpheta go se kae ka dingwaga, mme e ne e le babulatsela ba ka metlha. Fa ba ne ba tlotla ka maitemogelo a ba nnileng le one kwa tshimong, ke ne ke lemoga gore ba itumetse. Morago ga dipokano, nna le ditsala tsa me re ne re tlotla ka Baebele, e bile ka dinako dingwe re ne re dira jalo re ntse kwa ntle re lebile dinaledi. Ditsala tseno tsa me di ne tsa nthusa go lemoga se ke neng ke se batla mo botshelong, e leng go direla Jehofa. Ka jalo, ke ne ka kolobediwa ke na le dingwaga di le 16. Moragonyana fa ke na le dingwaga di le 18, ke ne ka nna mmulatsela wa ka metlha.

KE ITHUTA DITHUTO TSA BOTLHOKWA

Fa ke ne ke le mmulatsela kwa Paramaribo

Ke ithutile dilo di le dintsi fa ke le mmulatsela, mme dilo tseo di ne tsa nthusa fa ke ntse ke tsweletse ka tirelo ya nako e e tletseng. Ka sekai, selo sa ntlha se ke neng ka se ithuta, ke botlhokwa jwa go katisa ba bangwe. Fa ke simolola go nna mmulatsela, morongwa mongwe yo o bidiwang Willem van Seijl o ne a nkatisa. b O ne a nthuta dilo di le dintsi ka go dira dikabelo dingwe mo phuthegong. Ka nako eo, ke ne ke sa itse gore ke ne ke tlhoka katiso eo. Mo ngwageng o o latelang, ke ne ka tlhomiwa go nna mmulatsela yo o kgethegileng mme ka simolola go thusa ditlhopha tse dintsi tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nnang kgakala le diphuthego tse dingwe kwa mafelong a a mo sekgweng se go nang dipula thata kwa go sone kwa Suriname. Ke itumelela katiso e bakaulengwe ba ba jaaka Willem ba ileng ba nnaya yone ka nako e ke neng ke e tlhoka. Fa e sa le ka nako eo, ke ile ka etsa sekao sa bone mme ka ipha nako ya go katisa ba bangwe.

Selo sa bobedi se ke neng ka se ithuta ke go tshela botshelo jo bo motlhofo, mme bo rulagane. Fa kgwedi e simologa, nna le mokaulengwe yo ke neng ke direla le ene re ne re itirela thulaganyo ya dijo le dilo tse re neng re tla di tlhoka mo kgweding eo. Go tswa foo, mongwe wa rona o ne a tsaya loeto lo loleele a ya toropong go ya go di reka. Re ne re tshwanelwa ke go dirisa madi a re neng re a newa kgwedi le kgwedi ka kelotlhoko le go netefatsa gore dijo di re tshwarelela kgwedi yotlhe. Fa re ne re felelwa ke dilo dingwe, batho ba ne ba a tle ba re thuse. Ke akanya gore go tshela botshelo jo motlhofo le jo bo rulaganeng ke sa le mosha, go nthusitse gore ke kgone go tlhoma mogopolo mo tirong ya ga Jehofa botshelo jotlhe jwa me.

Selo sa boraro se ke se ithutileng, ke mosola wa go ruta batho ka puo ya bone. Ke godile ke bua Se-Dutch, Seesemane, Se-Papiamento le Se-Sranantongo (gape puo eno e itsiwe e le Se-Sranan), e leng puo e e buang kwa Suriname. Le fa go ntse jalo, ke ne ka lemoga gore batho ba ba nnang kwa mafelo a a mo sekgweng, ba ne ba reetsa fa re ba rerela dikgang tse di molemo ka puo ya bone. Go ne go le thata go bua dingwe tsa dipuo tseo, jaaka Se-Saramacca, se se dirisang mafoko a a tlang a buelwa kwa godimo a mangwe a buelwa kwa tlase. Le fa gone ke ne ke tshwanelwa ke go dira ka natla, ke itumelela gore ke ile ka dira jalo. Fa dingwaga di ntse di tsamaya, ke ne ka kgona go ruta batho ba le bantsi boammaaruri ka gonne ke ne ke kgona go bua puo ya bone.

Go ne go na le dilo tse di tlhabisang ditlhong tse ke neng ka di bua. Ka sekai, mosadi mongwe yo ke neng ke ithuta Baebele le ene o ne a segwa ke mala, ka jalo ke ne ke batla go mmotsa gore o ntse a tsoga jang. Mme nna ke ne ka mmotsa gore a o imile! Potso eo e ile ya mo tlhabisa ditlhong tota. Le fa ke ne ke dira diphoso tse di jaaka eno, gongwe le gongwe kwa ke neng ke abelwa gone ke ne ke leka ka natla go bua puo ya batho ba koo.

KE NNA LE MAIKARABELO A A OKETSEGILENG

Ka 1970, ke ne ka tlhomiwa go nna mopotologi. Ka one ngwaga oo, ke ne ka neela ditlhopha di le dintsi tse di nnang kwa mafelong a a mo sekgweng, puo e e neng e na le diselaete ya setlhogo se se reng, “Go Etela Ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa.” Gore re kgone go etela bakaulengwe le bokgaitsadi bao, nna le bakaulengwe bangwe re ne re dirisa mokoro o mogolo. Re ne re tsaya jenereitara, tanka ya peterolo, mabone a peterolo le motšhini o o tlhagisang diselaete. Fa re fitlha koo re ne re tshwanelwa ke go kuka dilo tseo tsotlhe re tsena ka tsone mo sekgweng re bo re ya go di baya ko re neng re ya go bontsha batho diselaete gone. Le fa go ntse jalo, se ke se gopolang thata ka maeto ao, ke gore batho ba re neng re ba etela, ba ne ba rata diselaete tseo fela thata. Ke ne ke itumeletse thata go thusa batho go ithuta ka Jehofa, le ka karolo e e mo lefatsheng ya phuthego ya gagwe. Go bona batho ba atamalana le Jehofa go ne ga dira gore ke itumele fela thata ka gonne ke bona tiro e ntle e ke e dirileng.

RE NNA MOGALA O O MENAGANENG SERARO

Nna le Ethel re nyalane ka September 1971

Le fa gone ke ne ke bona gore go sa nyale go ne go dira kabelo ya me motlhofo, ke ne ke sa ntse ke batla go nyala. Ka jalo, ke ne ka simolola go rapelela mosadi yo o neng a tla nthusa gore ke kgone go dira tiro ya me e e thata ya nako e e tletseng mo mafelong a a mo sekgweng. Morago ga ngwaga, ke ne ka simolola go ratana le Ethel, e bong mmulatsela yo o kgethegileng yo o neng a ikemiseditse go direla Jehofa ka pelo ya gagwe yotlhe le fa go ne go se motlhofo. Go tloga fela fa Ethel a sa le monnye, o ne a rata moaposetoloi Paulo thata e bile o ne a batla go dira sotlhe se a ka se kgonang mo bodireding fela jaaka ene. Re ne ra nyalana ka September 1971, mme ra simolola go dira tiro ya bopotologi.

Fa Ethel a gola, kwa gabone ba ne ba se na dilo tse dintsi thata, ka jalo go ne go se thata gore a tlwaele go nna mo mafelong a a mo sekgweng fa re ntse re dira tiro ya go potologa. Ka sekai, fa re ne re etela diphuthego tse di kwa teng thata mo sekgweng, re ne re sa tseye dilo tse dintsi thata. Re ne re tlhapa e bile re tlhatswetsa diaparo tsa rona mo nokeng. E bile re ne re setse re tlwaetse go ja sengwe le sengwe se bakaulengwe ba re neng re ba etetse ba neng ba re naya sone, jaaka mokgantitswane o mogolo o o bidiwang iguana le tlhapi e e bidiwang piranha, kgotsa sepe fela se ba neng ba se tsomile mo sekgweng kgotsa ba se tshwere mo nokeng. Fa go ne go se na dikotlele re ne re jela mo makakabeng a dipanana. Fa go ne go se na dilo tse re jang ka tsone, re ne re ja ka diatla. Nna le Ethel re tsaya gore maemo a re lebaneng le one fa re ntse re direla Jehofa mmogo, a re thusitse go nna mogala o o menaganeng seraro. (Mor. 4:12) Ruri maitemogelo a re nnileng le one a ne a itumedisa!

Nako nngwe fa re boa re tswa go etela bakaulengwe kwa sekgweng se go nang dipula thata kwa go sone, re ne ra diragalelwa ke se ke tlotlileng ka sone kwa tshimologong. Fa mokoro wa rona o tsena fa metsi a elelang thata gone, o ne wa nwela, o bo o tswa mo metsing ka bonako. Se se itumedisang ke gore re ne re apere diaparo tse di thusang batho gore ba se ka ba nwela mo metsing, e bile ga re a ka ra tswa mo teng ga mokoro. Le fa go ntse jalo, mokoro o ne o tletse ka metsi. Re ne ra latlhela dijo tse di neng di le mo dipitseng mo nokeng gore re kgone go ntsha metsi a a mo mokorong ka tsone.

E re ka re ne re sena dijo, re ne ra simolola go tshwara ditlhapi fa re ntse re tsamaya ka mokoro. Mme re ne re sa kgone go tshwara ditlhapi dipe. Ka jalo, re ne ra rapela Jehofa re mo kopa gore a re neye dijo tsa letsatsi leo. Fela fa re sena go rapela, mongwe wa bakaulengwe o ne a tshwara tlhapi e kgolo e re neng ra e ja re le batlhano ra bo ra kgora.

KE MONNA YO O NYETSENG, RRE LE MOPOTOLOGI

Morago ga dingwaga di le tlhano re dira tiro ya bopotologi mmogo, nna le Ethel re ne ra nna le masego a re neng re sa a solofela. Re ne re tlile go nna batsadi. Ke ne ke itumeletse dikgang tseo le fa ke ne ke sa itse gore seo se ne se tlile go ama matshelo a rona jang. Nna le Ethel re ne re batla go tswelela re le mo tirelong ya nako e e tletseng fa go ne go ka kgonega. Ka 1976, morwa wa rona e bong Ethniël o ne a tsholwa. Morwa wa rona wa bobedi e bong Giovanni ene o ne a tsholwa dingwaga di le pedi le halofo moragonyana.

Ke lebile bangwe ba ba kolobediwang mo Nokeng ya Tapanahoni gaufi le Godo Holo kwa Botlhaba Jwa Suriname—1983

E re ka go ne go na le tlhokego kwa Suriname ka nako eo, ofisi ya lekala e ne ya nkopa gore ke tswelele ke le molebedi wa potologo fa re ntse re godisa bana ba rona. Fa bana ba rona ba ne ba sa ntse ba le bannye, ke ne ke abetswe dipotologo tse di neng di na le diphuthego di le mmalwa fela. Gantsi seo se ne se ntetla gore ke nne mopotologi mo dibekeng di se kae mo kgweding, mme ke fetse dibeke tse dingwe ke le mmulatsela kwa phuthegong e re neng re abetswe kwa go yone. Ethel le bana ba rona, ba ne ba tsamaya le nna fa ke ne ke etela diphuthego tse di gaufi le legae la rona. Le fa go ntse jalo, ke ne ke tsamaya ke le esi fa ke ne ke etela diphuthego le fa ke ya dikopanong tse di mo sekgweng se go nang dipula thata mo go sone.

Fa ke ne ke le mopotologi, gantsi ke ne ke tsamaya ka mokoro fa ke ne ke etela diphuthego tse di kgakala

Ke ne ke tshwanetse go ithulaganya sentle gore ke kgone go dira maikarabelo a me otlhe. Ke ne ke netefatsa gore beke le beke re tshwara thuto ya lelapa. Fa ke ne ke etetse diphuthego tse dingwe kwa mafelong a a mo sekgweng, Ethel o ne a tshwara thuto ya lelapa le bana ba rona. Mme go le gantsi re ne re dira dilo mmogo re le lelapa. Gape nna le Ethel le bana ba rona re ne re itlosa bodutu mmogo, jaaka go tshameka di-game le go etela mafelo a a gaufi le rona. Gantsi ke ne ke robala bosigo ka gonne ke baakanyetsa dikabelo tse ke neng ke na le tsone. Mme e re ka Ethel e le mosadi yo o nang le bokgoni yo go buiwang ka ene mo go Diane 31:15, o ne a tsoga go sa le mo mosong gore re bale temana ya letsatsi jaaka lelapa, re bo re je dijo tsa mo mosong mmogo pele basimane ba rona ba ya sekolong. Ke leboga tota go bo ke na le mosadi yo o neng a nkema nôkeng ka metlha gore ke kgone go dira maikarabelo a Jehofa a neng a nneile one!

E re ka re le batsadi, re ne re bereka ka thata gore re thuse bana ba rona go rata Jehofa le bodiredi. Re ne re batla gore bana ba rona ba tsenele tirelo ya nako e e tletseng, e seng ka gonne e le selo se rona re neng re se batla mme e le ka gonne e le bone ba batlang go dira jalo. Re ne re nna re ba bolelela kafa tirelo ya nako e e tletseng e tla dirang gore ba itumele ka gone. Le fa gone re ne re sa itlhokomolose mathata a tirelo ya nako e e tletseng e nang le one, re ne re ba bolelela kafa Jehofa a thusitseng lelapa la rona ka gone a bo a le segofatsa. Gape re ne re netefatsa gore bana ba rona ba fetsa nako le Bakeresetemmogo le rona ba ba neng ba dira gore go direla Jehofa go tle pele mo matshelong a bone.

Jehofa o ne a tlamela lelapa la rona ka dilo tse re neng re di tlhoka. Gone ke ne ke dira sotlhe se nka se kgonang go tlamela lelapa la rona. Go direla kwa mafelong a a mo sekgweng ke le mmulatsela yo o kgethegileng fa ke ne ke ise ke nyale, go nthutile go boloka madi a dilo tse re neng re di tlhoka. Le fa gone re ne re dira sotlhe se re ka se kgonang, ka dinako dingwe re ne re sa nne le dilo tsotlhe tse re di tlhokang. Mme ka dinako tseo, Jehofa o ne a re thusa. Ka sekai, kwa bowelong jwa bo1980 le kwa masimologong a bo1990, go ne ga nna le dikhuduego kwa Suriname. Mo dingwageng tseo go ne go le thata go bona dilo tse re neng re di tlhoka. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a re tlamela.—Math. 6:32.

SE SE DIREGILENG MO BOTSHELONG JWA ME

Go tswa ka fa molemeng go ya ka fa mojeng: Ke na le mosadi wa me Ethel

Ngwana wa rona yo mogolo Ethniël, a na le mosadi wa gagwe, Natalie

Ngwana wa rona Giovanni a na le mosadi wa gagwe, Christal

Ka metlha Jehofa o ne a re tlhokomela e bile a re thusa gore re kgotsofale. Bana ba rona ba dirile gore re itumele, e bile go ba godisa gore ba direle Jehofa ke tshiamelo. Gape re itumelela gore ba tlhophile go direla Jehofa mo tirelong ya nako e e tletseng. Ethniël le Giovanni ba alogile mo dikolong tsa puso ya Modimo e bile gone jaanong ba direla kwa ofising ya lekala ya Suriname mmogo le basadi ba bone.

Le fa gone nna le Ethel re godile thata, gone jaanong re sa ntse re direla Jehofa re le babulatsela ba ba kgethegileng. Re tshwaregile thata jaana mo e leng gore ga ke ise ke nne le nako ya go ithuta go thuma! Mme gone ga ke ikwatlhaye. Fa ke akanya ka se ke se dirileng mo botshelong jwa me, ke a lemoga gore tshwetso e ke e dirileng fa ke ne ke sa ntse ke le monnye ya go tsenela tirelo ya nako e e tletseng, ke tshwetso e e botlhale e nkileng ka e dira mo botshelong jwa me.

b Kgang ya botshelo jwa ga Willem van Seijl, ya setlhogo se se reng “Reality Has Exceeded My Expectations,” e mo makasineng wa Tsogang! wa October 8, 1999 ka Seesemane.