Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 47

O se Ka wa Letla Sepe se go Kgaoganya le Jehofa

O se Ka wa Letla Sepe se go Kgaoganya le Jehofa

“Ke ikanya wena, tlhe Jehofa.”—PES. 31:14.

PINA 122 Nitamang, lo sa Tshikhinyege!

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE a

1. Re itse jang gore Jehofa o batla go atamalana le rona?

 JEHOFA o batla gore re atamalane le ene. (Jak. 4:8) O batla go nna Modimo wa rona, Rraarona le Tsala ya rona. O araba dithapelo tsa rona e bile o a re thusa fa re le mo mathateng. O dirisa phuthego ya gagwe go re ruta le go re sireletsa. Mme gone, re tshwanetse go dira eng gore re atamalane le Jehofa?

2. Re ka atamalana jang le Jehofa?

2 Re ka atamalana le Jehofa ka go mo rapela le go bala Lefoko la gagwe re bo re akanyetsa kwa teng ka lone. Fa re dira jalo, re tla rata Jehofa le go feta e bile re tla mo leboga. Seo se tla re rotloetsa go mo ikobela le go mmaka, e leng dilo tse di mo tshwanelang. (Tshen. 4:11) Fa re itse Jehofa botoka, re tla mo tshepa le go feta e bile re tla tshepa le phuthego e a e dirisang go re thusa.

3. Diabolo o leka jang go re kgaoganya le Jehofa, mme ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra tlogela Jehofa le phuthego ya gagwe? (Pesalema 31:13, 14)

3 Le fa go ntse jalo, Diabolo o leka go re kgaoganya le Jehofa, segolobogolo fa re na le mathata. O dira seo jang? O leka go dira gore ka bonya ka bonya re tlogele go tshepa Jehofa le phuthego ya gagwe. Mme re ka kgona go itshireletsa mo maanong ao a gagwe. Fa tumelo ya rona e nonofile e bile re tshepa Jehofa thata, ga re kitla re mo tlogela mmogo le phuthego ya gagwe.—Bala Pesalema 31:13, 14.

4. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

4 Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dikgwetlho tse tharo tse di bakiwang ke batho ba ba sa direleng Jehofa, tse di ka dirang gore re se ka ra tlhola re ikanya Jehofa le phuthego ya gagwe. Dikgwetlho tseno di ka re kgaoganya jang le Jehofa? Mme re ka dira eng gore re fenye maiteko ao a ga Satane?

FA RE NNA LE MATHATA

5. Mathata a ka dira jang gore re se ka ra tlhola re tshepa Jehofa le phuthego ya gagwe?

5 Ka dinako tse dingwe, re nna le mathata a a jaaka go ganediwa ke ba lelapa kgotsa go felelwa ke tiro. Mathata ao a ka dira jang gore re se ka ra tlhola re tshepa phuthego ya ga Jehofa re bo re tlogela go mo direla? Fa mathata a rona a sa fele ka bonako, re ka nna ra felelwa ke tsholofelo ra bo ra tshwenyega thata. Satane o dirisa maemo ano go dira gore re akanye gore Jehofa ga a re rate. Diabolo o batla gore re akanye gore Jehofa le phuthego ya Gagwe ke bone ba ba re bakelang mathata. Seo se ile sa diragalela Baiseraele fa ba ne ba le kwa Egepeto. Kwa tshimologong, ba ne ba dumela gore Jehofa o tlhomile Moshe le Arone gore ba ba golole kwa bokgobeng. (Ekes. 4:29-31) Mme moragonyana fa Faro a ne ba gatelela, ba ne ba re Moshe le Arone ke bone ba ba neng ba ba bakela mathata. Ba ne ba ba raya ba re: “Lo dirile gore Faro le batlhanka ba gagwe ba re nyatse e bile lo tsentse tšhaka mo diatleng tsa bone gore ba re bolaye.” (Ekes. 5:19-21) Ba ne ba pega batlhanka bao ba Modimo ba ba ikanyegang molato. Seo se utlwisa botlhoko tota! Fa e le gore o na le lobaka lo loleele o na le mathata, o ka dira eng gore o nne o tshepa Jehofa le phuthego ya gagwe fela thata?

6. Sekao sa ga moporofeti Habakuke se re ruta gore re ka dira eng gore re kgone go itshokela mathata? (Habakuke 3:17-19)

6 Rapela Jehofa mme o mmolelele kafa o ikutlwang ka gone o bo o ikaege ka ene gore a go thuse. Moporofeti Habakuke o ile a tlhagelwa ke mathata a le mantsi. Go lebega nako nngwe a ne a akanya gore Jehofa ga a mo kgathalele. Ka jalo, o ne a rapela Jehofa a mmolelela kafa a ikutlwang ka gone. O ne a re: “Ao tlhe Jehofa, ke tla goa ke kopa thuso ka lobaka lo lo kae, mme o sa utlwe? . . . Ke ka ntlha yang fa o letlelela batho ba gatelela ba bangwe?” (Hab. 1:2, 3) Jehofa o ne a araba thapelo eo e e tswang pelong ya motlhanka wa gagwe yo o ikanyegang. (Hab. 2:2, 3) Fa Habakuke a sena go akanyetsa kwa teng ka tsela e Jehofa a ileng a boloka batho ba gagwe ka yone, o ne a simolola go itumela gape. O ne a tlhatswega pelo gore Jehofa o a mo tlhokomela le gore o ne a tla mo thusa go itshokela teko epe fela e a neng a tla lebana le yone. (Bala Habakuke 3:17-19.) Seno se re ruta eng? Fa o tlhagelwa ke mathata, rapela Jehofa mme o mmolelele kafa o ikutlwang ka gone. Go tswa foo, ikaege ka ene gore a go thuse. Fa o dira jalo, o ka tlhatswega pelo gore Jehofa o tla go naya maatla a o a tlhokang gore o itshoke. Mme fa o lemoga gore o a go thusa, tumelo ya gago e tla nonofa le go feta.

7. Ba masika a ga Shirley ba ne ba leka go mo tsenya dipelaelo dife, mme ke eng se se neng sa mo thusa gore a tswelele a tshepa Jehofa?

7 Tswelela o dira dilo tse di tla go thusang gore o nne o atamalane le Jehofa. Seo se ile sa thusa kgaitsadi mongwe wa kwa Papua New Guinea yo o bidiwang Shirley yo o neng a na le mathata. b Ba lelapa la ga Shirley ba ne ba humanegile e bile ka dinako dingwe ba ne ba sa kgone go nna le dijo tse di lekaneng. Mongwe wa ba masika a gagwe o ne a leka go dira gore a se ka a tshepa Jehofa. O ne a re: “A o a re moya wa Modimo o o boitshepo o a go thusa, o go thusa ka eng tota? Lelapa la gago le sa ntse le sotlega. O itshenyetsa nako ka go nna o rera.” Shirley a re: “Ke ne ke ipotsa jaana: ‘A Modimo o kgathalela nna le ba lelapa la me?’ Ka jalo, ka yone nako eo ke ne ka rapela Jehofa ke bo ke mmolelela sengwe le sengwe se ke neng ke se akanya. Ga ke ise ke ko ke kgaotse go bala Baebele le dikgatiso tsa rona, e bile ke ne ka tswelela ke rera le go ya dipokanong.” Go ise go ye kae, o ne a simolola go lemoga gore Jehofa o ne a ntse a tlhokomela ba lelapa la gagwe. Ba ne ba sa bolawe ke tlala e bile ba ne ba itumetse. Shirley a re: “Ke ile ka lemoga gore Jehofa o arabile dithapelo tsa me.” (1 Tim. 6:6-8) Fa o tswelela o dira dilo tse di tla go thusang gore o nne o atamalane le Jehofa, ga o kitla o letla mathata le dipelaelo gore di go kgaoganye le Jehofa.

FA BAKAULENGWE BA BA NANG LE MAIKARABELO BA BOGISIWA

8. Ke eng se se ka diragalelang bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo mo phuthegong ya ga Jehofa?

8 Batho ba ba sa re rateng ba dirisa dikgang le di-social network go anamisa maaka kgotsa tshedimosetso e e seng boammaaruri ka bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo mo phuthegong ya ga Jehofa. (Pes. 31:13) Bakaulengwe bangwe ba ile ba tshwarwa ba bo ba latofadiwa ka gore ba dirile sengwe se se bosula. Ka motlha wa baaposetoloi, Bakeresete ba ne ba lebana le boemo jo bo tshwanang fa moaposetoloi Paulo a ne a latofadiwa e bile a tshwarwa. Ba ne ba dira eng?

9. Bakeresete bangwe ba ne ba dira eng fa moaposetoloi Paulo a ne a tshwerwe?

9 Bakeresete bangwe ba ba neng ba tshela mo motlheng wa baaposetoloi, ga ba a ka ba ema moaposetoloi Paulo nôkeng fa a ne a tshwerwe kwa Roma. (2 Tim. 1:8, 15) Ka ntlha ya eng? A ba ne ba tlhabisiwa ditlhong ke gore batho ba ne ba re Paulo o dirile sengwe se se bosula? (2 Tim. 2:8, 9) Kgotsa a ba ne ba tshaba gore le bone ba ne ba tla bogisiwa? Le fa gone re sa itse mabaka a bone, leka go akanya gore Paulo o ne a ikutlwa jang. O ne a itshoketse mathata a le mantsi e bile o ne a tsentse botshelo jwa gagwe mo kotsing ka ntlha ya bone. (Dit. 20:18-21; 2 Bakor. 1:8) Ga re a tshwanela go nna jaaka batho ba ba ileng ba se ka ba thusa Paulo fa a ne a tlhoka thuso. Ke eng se re tshwanetseng go nna re se gopotse fa bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo ba bogisiwa?

10. Ke eng se re tshwanetseng go se gopola fa bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo ba bogisiwa, mme ka ntlha ya eng?

10 Gopola gore goreng re bogisiwa le gore ke mang yo o dirang gore re bogisiwe. Timotheo wa bobedi 3:12 e a re: “Botlhe ba ba eletsang go obamela Modimo e le balatedi ba ga Keresete Jesu le bone ba tla bogisiwa.” Ka jalo, ga re a tshwanela go gakgamala fa Satane a tlhasela bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo. O batla gore bakaulengwe bano ba se ka ba tlhola ba ikanyega mo go Jehofa e bile o batla go re tshosa.—1 Pet. 5:8.

Le fa Paulo a ne a le kwa kgolegelong, Onesiforo o ile a mo ema nôkeng. Gompieno bakaulengwe le bokgaitsadi ba ema badumedimmogo le bone ba ba tshwerweng nôkeng, jaaka re bona mo setshwantshong (Bona serapa 11-12)

11. Re ithuta eng mo sekaong sa ga Onesiforo? (2 Timotheo 1:16-18)

11 Tswelela o thusa bakaulengwe ba gago mme o se ka wa ba latlha. (Bala 2 Timotheo 1:16-18.) Mokeresete mongwe yo o neng a tshela mo motlheng wa baaposetoloi yo o bidiwang Onesiforo, ga a ka a dira se ba bangwe ba ileng ba se dira fa Paulo a ne a tshwerwe. “O ne a se ka a tlhabiwa ke ditlhong ka gonne [Paulo a] golegilwe ka dikeetane.” Go na le moo, Onesiforo o ne a batla Paulo mme fa a sena go mmona, o ne a leka go mo thusa ka se a neng a se tlhoka. Seo se ne se ka tsenya botshelo jwa ga Onesiforo mo kotsing. Re ithuta eng mo kgannyeng eno? Ga re a tshwanela go letla go tshaba batho go re tshosa kgotsa go re thibela go thusa bakaulengwe ba rona ba ba bogisiwang. Go na le moo, re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang go ba thusa. (Diane 17:17) Ba tlhoka gore re ba bontshe gore re a ba rata le gore re ba ema nôkeng.

12. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Russia ba re ruta eng?

12 Akanya kafa bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Russia ba thusitseng ka gone badumedimmogo le bone ba ba tshwerweng. Fa bangwe ba bone ba sekisiwa, bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ya kwa kgotlatshekelo gore ba ye go ba ema nôkeng. Re ithuta eng mo kgannyeng eno? Ga re a tshwanela go tshoga fa bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo ba senngwa leina, ba tshwarwa kgotsa ba bogisiwa. Ba rapelele, thusa ba malapa a bone o bo o batle ditsela tse dingwe tse o ka ba emang nôkeng ka tsone.—Dit. 12:5; 2 Bakor. 1:10, 11.

FA RE SOTLIWA

13. Go sotliwa go ka dira jang gore re se ka ra tlhola re tshepa Jehofa le phuthego ya gagwe?

13 E re ka re rera e bile re tshela ka melao ya ga Jehofa, ba masika a rona ba e seng Basupi, ba re berekang le bone kgotsa ba re tsenang sekolo le bone, ba ka re sotla. (1 Pet. 4:4) Ba ka nna ba re: “Tota nna ke a go rata, mme kereke ya gago yone e gagamatsa dilo go sa tlhokege, e bile gompieno ga go na motho yo o ka kgonang go dira dilo tse e di batlang.” Ba bangwe ba ka re tshwayatshwaya diphoso ka ntlha ya tsela e re dirisanang ka yone le batho ba ba kgaotsweng, ba re: “Goreng lo re lo rata batho mme lo ba tshwara jaana?” Dikakgelo tse di ntseng jalo di ka dira gore re simolole go nna le dipelaelo. Re ka nna ra simolola go ipotsa jaana: ‘A Jehofa o batla gore ke dire dilo tse nka se kang ka kgona go di dira? A phuthego ya gagwe e gagamatsa dilo?’ Fa o lebana le boemo joo, o ka dira eng gore o nne o atamalane le Jehofa le phuthego ya gagwe?

Fa banna ba ba lesotlo ba ba neng ba itirile ditsala tsa ga Jobe ba bua maaka, Jobe ga a ka a dumela se ba neng ba se bua. Go na le moo, o ne a ikemiseditse go tswelela a ikanyega mo go Jehofa (Bona serapa 14)

14. Re tshwanetse go dira eng fa batho ba re sotla ka gonne re tshela ka melao ya ga Jehofa? (Pesalema 119:50-52)

14 Ikemisetse go dira se Jehofa a reng se siame. Jobe o ne a nna a dira se Jehofa a reng se siame le fa a ne a sotliwa ka go bo a dira jalo. Mongwe wa banna ba ba neng ba itirile ditsala tsa ga Jobe o ne a leka go dira gore Jobe a dumele gore Modimo ga a kgathale gore a Jobe o tshela ka melao wa gagwe kgotsa nnyaa. (Jobe 4:17, 18; 22:3) Le fa go ntse jalo, Jobe ga a ka a dumela maaka ao. O ne a itse gore melao ya ga Jehofa ya se se siameng le se se sa siamang e solegela molemo, e bile o ne a ikaeletse go tshela ka yone. Ga a ka a letla batho ba bangwe gore ba dire gore a se ka a tlhola a ikanyega. (Jobe 27:5, 6) Re ithuta eng mo kgannyeng eno? O se ka wa letla gore go sotliwa go dire gore o belaele melao ya ga Jehofa. Akanya ka se se go diragaletseng mo botshelong. Gongwe o ile wa lemoga ka makgetlo a le mantsi gore fa o dira se Jehofa a reng se siame, botshelo jwa gago bo ne jwa nna botoka. Ikemisetse go tswelela o le karolo ya phuthego ya batho ba ba tshelang ka melao eo. Le fa batho ba ka re sotla, ga re kitla re tlogela go direla Jehofa.—Bala Pesalema 119:50-52.

15. Goreng Brizit a ne a sotliwa?

15 Akanya ka se se neng sa diragalela kgaitsadi mongwe wa kwa India yo o bidiwang Brizit. O ne a sotliwa ke ba lelapa la gagwe ka ntlha ya se a se dumelang. Nakwana fela fa a sena go kolobediwa ka 1997, monna wa gagwe o ne a felelwa ke tiro. Ka jalo, monna wa gagwe o ne a dira tshwetso ya gore ene, Brizit le bana ba bone ba basetsana ba ye go nna le batsadi ba gagwe kwa motseng o mongwe. Mme seo se ne se tlile go bakela Brizit mathata a mangwe. E re ka monna wa gagwe a ne a sa bereke, o ne a tshwanelwa ke go bereka gore a tlamele ba lelapa la gagwe. Mo godimo ga moo, phuthego e e neng e le gaufi le bone e ne e le bokgakala jwa dikilometara di le 350. Ka maswabi, ba lelapa la gaabo monna wa gagwe ba ne ba sa mo rate ka ntlha ya se a dumelang. Dilo di ne tsa nna maswe le go feta mo e leng gore ba lelapa la ga Brizit ba ne ba tshwanelwa ke go fuduga gape. Go tswa foo, monna wa gagwe o ne a tlhokafala ka tshoganyetso. Moragonyana, ngwana wa bone wa mosetsana wa dingwaga di le 12 o ne a tlhokafala ka gonne a ne a tshwerwe ke bolwetse jwa kankere. Ba masika a gaabo Brizit ba ne ba dira gore dilo di nne maswe le go feta fa ba ne ba mo latofatsa ka gore ke ene a dirileng gore dilo tseno di direge. Ba ne ba re fa e ne e se Mosupi wa ga Jehofa, dilo tseo di ka bo di sa direga. Le fa go ntse jalo, o ne a tswelela a tshepa Jehofa e bile o ne a nna a atamalane le phuthego ya gagwe.

16. Brizit o ne a segofadiwa jang ka gonne a ile a nna a atamalane le Jehofa le phuthego ya gagwe?

16 E re ka Brizit a ne a nna kgakala le phuthego, molebedi wa potologo o ne a mo kgothaletsa gore a rere mo lefelong le a neng a nna mo go lone le gore a tshware dipokano kwa legaeng la gagwe. La ntlha, o ne a utlwa e kete ke selo se se thata. Le fa go ntse jalo, o ne a dirisa kgakololo e a neng a e newa. O ne a rerela ba bangwe dikgang tse di molemo, a tshwara dipokano mo legaeng la gagwe e bile o ne a tshwara kobamelo ya lelapa le bana ba gagwe. Seo se ne sa felela ka eng? Brizit o ne a kgona go ithuta Baebele le batho ba le bantsi, mme ba le bantsi ba batho bao ba ne ba kolobediwa. Ka 2005, o ne a nna mmulatsela wa ka metlha. O ne a segofadiwa ka gonne a ne a tshepa Jehofa le phuthego ya gagwe. Bana ba gagwe ba direla Jehofa ka boikanyegi, e bile gone jaanong go na le diphuthego di le pedi kwa lefelong leo. Brizit o tlhatswegile pelo gore Jehofa o mo neile maatla a go fenya mathata a a neng a na le one le go itshoka fa ba lelapa la gaabo ba ne ba mo sotla.

TSWELELA O IKANYEGA MO GO JEHOFA LE MO PHUTHEGONG YA GAGWE

17. Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?

17 Fa re na le mathata, Satane o batla gore re dumele gore Jehofa o re latlhile le gore go ema phuthego ya ga Jehofa nôkeng go tla dira gore botshelo jwa rona bo nne thata le go feta. Satane o batla gore re tshoge fa bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo ba senngwa leina, ba bogisiwa kgotsa ba tshwarwa. E bile o dirisa pogiso gore re se ka ra tlhola re tshela ka melao ya ga Jehofa le gore re se ka ra tshepa phuthego ya Gagwe. Le fa go ntse jalo, re itse maano a gagwe a a bosula, ka jalo ga a ka ke a re tsietsa. (2 Bakor. 2:11) Ikemisetse go gana maaka a ga Satane le go nna o ikanyega mo go Jehofa le mo phuthegong ya Gagwe. Gopola gore Jehofa ga a kitla a go latlha. (Pes. 28:7) Ka jalo, o se ka wa letla sepe gore se go kgaoganye le Jehofa.—Bar. 8:35-39.

18. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

18 Mo setlhogong seno, re tlotlile ka dikgwetlho tse tharo tse di bakiwang ke batho ba ba sa direleng Jehofa. Mme tsela e re tshepang Jehofa le phuthego ya gagwe ka yone e ka lekiwa fa re lebana le dikgwetlho mo phuthegong. Re ka fenya dikgwetlho tseo jang? Re tla tlotla ka kgang eno mo setlhogong se se latelang.

PINA 118 “Re Neye Tumelo e e Oketsegileng”

a Gore re kgone go itshoka mo malatsing ano a bofelo, re tshwanetse go tswelela re tshepa Jehofa le phuthego ya gagwe. Diabolo o dirisa diteko go dira gore re se ka ra tlhola re tshepa Jehofa. Setlhogo seno se tla tlotla ka dilo tse tharo tse Diabolo a di dirisang, le gore re ka dira eng gore re tswelele re ikanyega mo go Jehofa le mo phuthegong ya gagwe.

b Maina mangwe a fetotswe.