Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 48

Itse Gore Jehofa o Tla go Thusa Fa go Le Thata

Itse Gore Jehofa o Tla go Thusa Fa go Le Thata

‘O nonofe, gonne ke na le wena,’ go bua Jehofa wa masomosomo.​—HAG. 2:4.

PINA 118 “Re Neye Tumelo e e Oketsegileng”

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE a

1-2. (a) Maemo a rona a tshwana jang le a Bajuda ba ba neng ba boela kwa Jerusalema? (b) Bajuda bao ba ile ba lebana le mathata afe? (Bona lebokoso le le reng “ Motlha wa ga Hagai, Sekarea le Esera.”)

 A O NA le go tshwenyega o ipotsa gore bokamoso bo go tshwaretse eng? Gongwe o sa tswa go felelwa ke tiro, ka jalo o ipotsa gore o tla tlamela ba lelapa la gago jang. Gongwe maemo a dipolotiki a mo nageng ya lona ga a iketla kgotsa tiro ya rona ya go rera e thibetswe, mme seno se dira gore o tsenwe ke tsebetsebe. Fa e le gore o lebane le maemo ano, ke eng se se ka go thusang gore o se ka wa kgobega marapo? O ka thusiwa ke go bala dipego tse di bontshang kafa Jehofa a ileng a thusa Baiseraele ka gone fa ba ne ba le mo maemong a a tshwanang.

2 Bajuda ba ne ba feditse dingwaga di le dintsi ba tshela monate kwa Babelona, mme jaanong ba ne ba tshwanetse go ya kwa nageng e ba neng ba sa e itse. Ntle le pelaelo, eo e ne e se kgetsi e potlana! Ka jalo, ba ne ba tlhoka tumelo e e nonofileng. Fa ba fitlha kwa Jerusalema, go ise go ye kae go ne go le thata gore ba tlamele ba malapa a bone. Mo godimo ga moo, go ne go na le dikhuduego mo Mmusomogolong wa Peresia, e bile batho ba ditšhaba tse dingwe ba ba neng ba nna gaufi le bone ba ne ba ba thatafaletsa botshelo. Seo se ne sa dira gore go nne thata gore bangwe ba bone ba tlhome mogopolo mo tirong e Jehofa a neng a ba neile yone ya go aga tempele. Mo e ka nnang ka 520 B.C.E., Jehofa o ne a romela moporofeti Hagai le moporofeti Sekarea gore ba ye go kgothatsa batho ba gagwe. (Hag. 1:1; Seka. 1:1) Jaaka re tla bona mo dirapeng tse di latelang, baporofeti bano ba ile ba ba kgothatsa, mme Bajuda bao ba ile ba boa ba tlhoma mogopolo mo tirong e Jehofa a neng a ba neile yone. Le fa go ntse jalo, dingwaga di ka nna 50 moragonyana, Bajuda bao ba ile ba kgobega marapo gape. Ka jalo, Esera o ile a tswa kwa Babelona a ya kwa Jerusalema gore a ye go ba kgothatsa.​—Esera 7:​1, 6.

3. Re tla tlotla ka dipotso dife? (Diane 22:19)

3 Boporofeti jwa ga Hagai le jwa ga Sekarea bo ile jwa thusa batho ba Modimo mo nakong e e fetileng gore ba tswelele ba tshepa Jehofa le fa ba ne ba ganediwa, mme le rona bo ka re thusa fa re na le mathata. (Bala Diane 22:19.) Go tlotla ka boporofeti jwa ga Hagai le jwa ga Sekarea, le se Esera a ileng a se dira go tla re thusa go araba dipotso tseno: Mathata a Bajuda ba ileng ba lebana le one a ile a ba ama jang? Goreng re tshwanetse go nna re tlhomile mogopolo mo tirong ya ga Jehofa le fa go le thata? Ke eng se se tla re thusang go tswelela re tshepa Jehofa fa re na le mathata?

MATHATA A ILE A DIRA GORE BAJUDA BA NYEME MOKO

4-5. Ke eng se se ka tswang se ile sa dira gore Bajuda ba nyeme moko mme ba tlogele go aga tempele?

4 Fa Bajuda ba goroga kwa Jerusalema, ba ne ba na le namane e tona ya tiro e ba neng ba tshwanetse go e dira. Ba ne ba aga sebeso sa ga Jehofa ka bonako ba bo ba thaya motheo wa tempele. (Esera 3:​1-3, 10) Mme gone, e re ka ba ne ba lebana le mathata a le mantsi, matlhagatlhaga a ba neng ba na le one a ne a felela fela mo phefong. Go ne go se motlhofo ka gonne fa ba ntse ba mekamekane le go aga tempele, gape ba ne ba tshwanetse go ikagela matlo, go lema le go tlhokomela ba malapa a bone. (Esera 2:​68, 70) Mo godimo ga moo, batho ba ba sa ba rateng ba ne ba nna fela ba ba logela maano, ba leka go kgoreletsa tiro ya bone ya go aga tempele.​—Esera 4:​1-5.

5 Sengwe gape se se neng se thatafaletsa Bajuda botshelo ke gore ba ne ba busiwa ke Mmusomogolo wa Peresia, mme maemo a dipolotiki le a ikonomi a Mmusomogolo oo a ne a sa jese di welang. Fa Kgosi Kurose a sena go swa ka 530 B.C.E., kgosi e e neng ya mo tlhatlhama e e bidiwang Cambyses o ne a batla go busa Egepeto. Go ka direga gore fa masole a gagwe a ne a ya go tlhabana le Baegepeto, a ne a pateletsa Bajuda gore a ba neye metsi, dijo le marobalo. Fa kgosi e e latelang e bong Dario wa Ntlha a simolola go busa, go ne go sa ntse go na le mathata a le mantsi mo pusong eo. Batho ba le bantsi ba ne ba tlhanogela puso, e bile go ne go na le dikhuduego. Ntle le pelaelo seno se ne se dira gore Bajuda ba tshwenyege ka gore ba tla tlamela ba malapa a bone jang. Mathata ao otlhe a ka tswa a ile a dira gore Bajuda bangwe ba akanye gore ga e ise e nne nako ya gore ba age tempele.​—Hag. 1:2.

6. Bajuda ba ile ba lebana le mathata afe a mangwe, mme Sekarea o ile a ba kgothatsa jang? (Sekarea 4:​6, 7)

6 Bala Sekarea 4:​6, 7. Gape Bajuda ba ne ba bogisiwa. Ka 522 B.C.E., batho ba ba neng ba ba ganetsa ba ile ba tlhotlheletsa kgosi ya Peresia gore e emise tiro ya bone ya go aga tempele ya ga Jehofa. Mme gone Sekarea o ne a tswelela a ba kgothatsa, e bile a ba netefaletsa gore Jehofa o tla dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go ba thusa gore ba tswelele ba aga le fa go ne go le thata. Se se itumedisang ke gore ka 520 B.C.E., Kgosi Dario o ne a ba letla gore ba tswelele ka tiro ya go aga e bile o ne a ba naya madi go ba thusa mo tirong eo. Mme ga go a ka ga felela foo, gape o ne a laela balaodi ba kgaolo gore ba ba thuse.​—Esera 6:​1, 6-10.

7. Jehofa o ile a segofatsa Bajuda jang fa ba ne ba tlhoma mogopolo mo tirong ya gagwe?

 7 Jehofa o ile a dirisa Hagai le Sekarea go netefaletsa batho ba gagwe gore fa ba ka tlhoma mogopolo mo tirong ya go aga tempele, o tla ba thusa. (Hag. 1:​8, 13, 14; Seka. 1:​3, 16) Seno se ile sa kgothatsa Bajuda mme ba ne ba tswelela ka tiro ya go aga ka 520 B.C.E. Se se itumedisang ke gore ba ile ba fetsa go aga mo dingwageng di ka nna tlhano. E re ka Bajuda ba ile ba tlhoma mogopolo mo tirong ya ga Jehofa le fa ba ne ba na le mathata, Jehofa o ne a ba naya dilo tse ba neng ba di tlhoka e bile o ile a ba thusa gore ba tswelele ba atamalane le ene. Ka ntlha ya seo ba ne ba mo obamela ba itumetse.​—Esera 6:​14-16, 22.

NNA O TLHOMILE MOGOPOLO MO TIRONG YA GA JEHOFA

8. Hagai 2:4 e ka re thusa jang gore re tlhome mogopolo mo tirong ya ga Jehofa? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)

8 E re ka pitlagano e kgolo e ntse e atamela, go botlhokwa tota gore re dire ka natla mo tirong ya go rera. (Mar. 13:10) Le fa go ntse jalo, go ka nna thata gore re dire seno fa re se na lotseno kgotsa re ganediwa. Ke eng se se ka re thusang go tlhoma mogopolo mo tirong ya ga Jehofa le fa re na le mathata? Re tshwanetse go nna re gopotse gore “Jehofa wa masomosomo” b o mo letlhakoreng la rona. Fa re nna re tlhomile mogopolo mo tirong ya gagwe, o tla re ema nôkeng. Ka jalo, ga re tlhoke go tshaba sepe.​—Bala Hagai 2:4.

9-10. Banyalani bangwe ba ile ba bona jang gore se Jesu a ileng a se bua mo go Mathaio 6:33 ke boammaaruri?

9 Akanya ka se se ileng sa diragalela banyalani bangwe ba babulatsela e bong Oleg le Irina. c Fa ba sena go fudugela kwa phuthegong nngwe e e nang le tlhokego, ba ne ba felelwa ke tiro ka ntlha ya maemo a ikonomi a a sa jeseng di welang. Go ne ga feta ngwaga ba sa bone tiro mme Jehofa o ne a tswelela a ba eme nôkeng, e bile ka dinako tse dingwe bakaulengwe le bokgaitsadi le bone ba ne ba ba thusa. Ke eng se se ileng sa ba thusa gore ba se ka ba ineela le fa ba ne ba na le mathata? Oleg yo kwa tshimologong a neng a kgobegile marapo a re: “Go dira ka natla mo tirong ya go rera go ile ga re thusa gore re tlhome mogopolo mo dilong tse di botlhokwa thata.” Ene le mosadi wa gagwe ba ne ba tswelela ba batla tiro mme gape ba dira ka natla mo bodireding.

10 Letsatsi lengwe fa ba tswa tshimong, moagisani wa bone o ne a ba bolelela gore tsala nngwe ya bone e e nnang kgakala e ntse e ba tliseditse dijo. Oleg a re: “Mo letsatsing leo, Jehofa o ne a re bontsha gape gore o a re rata le gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba a re rata. Re tlhatswegile pelo gore Jehofa ga a ke a latlha batlhanka ba gagwe le fa go ka lebega ba se na kgoro ya botso.”​—Math. 6:33.

11. Jehofa o tla re direla eng fa re tlhoma mogopolo mo tirong ya gagwe?

11 Jehofa o batla gore re tlhome mogopolo mo tirong ya go rera ka gonne seno se ka thusa batho gore ba tshelele ruri. Jaaka go tlhalositswe mo  serapa 7, Hagai o ne a kgothaletsa batho ba ga Jehofa gore ba age tempele gape. Jehofa o ne a ba solofetsa gore fa ba ka dira jalo, o tla ba “tlisetsa masego.” (Hag. 2:​18, 19) Le rona Jehofa o tla re segofatsa fa re tlhoma mogopolo mo tirong e a re neileng yone.

KE ENG SE SE KA GO THUSANG GORE O TSHEPE JEHOFA LE GO FETA?

12. Goreng Esera le Bajuda ba a neng a tsamaya le bone ba ne ba tlhoka go nna le tumelo e e nonofileng?

12 Ka 468 B.C.E., Esera le Bajuda ba bangwe ba ile ba tswa kwa Babelona ba ya kwa Jerusalema. Go dira jalo go ne go le kotsi, ka jalo ba ne ba tlhoka tumelo e e nonofileng. Goreng re rialo? Ka gonne ba ne ba tshotse gauta le selefera e ntsi e ba neng ba e neilwe ke kgosi. Ka jalo, go ne go ka nna motlhofo gore dilalome di ba tlhasele. (Esera 7:​12-16; 8:31) Mme go ne go sa felele foo, fa ba fitlha ba ne ba lemoga gore Jerusalema le yone ga e a sireletsega. Go ne go nna batho ba le mmalwa fela mo motseng oo e bile dipota le dikgoro tsa one di ne di senyegile. Le fa go ntse jalo, Esera o ne a tswelela a tshepa Jehofa. Re ka ithuta eng mo go ene?

13. Ke eng se se thusitseng Esera gore a tshepe Jehofa? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)

13 Esera o ne a bone kafa Jehofa a ileng a thusa batho ba gagwe ka gone fa ba le mo mathateng. Go ka direga gore Esera o ne a nna kwa Babelona ka 484 B.C.E., fa Kgosi Ahasueruse a ne a ntsha taelo ya gore Bajuda botlhe ba ba nnang mo Mmusomogolong wa Peresia ba bolawe. (Eseth. 3:​7, 13-15) Fa Esera le Bajuda ba bangwe ba utlwa ka taelo eo ya kgosi, ba ne ba hutsafala thata, ba itima dijo ba bo ba kopa Jehofa gore a ba thuse. (Eseth. 4:3) Akanya fela gore ba ne ba itumetse jang fa ba lemoga gore baba ba bone ba wetse mo lemeneng le ba neng ba ba epetse lone! (Eseth. 9:​1, 2) Dilo tseo di ile tsa thusa Esera gore a kgone go itshokela mathata mangwe a a neng a tla lebana le one mo nakong e e tlang, le gore a tlhatswege pelo le go feta gore Jehofa o tla sireletsa batho ba gagwe. d

14. Kgaitsadi mongwe o ile a ithuta eng fa a bona kafa Jehofa a neng a mo tlhokomela ka gone fa a na le mathata?

14 Fa re bona kafa Jehofa a re thusang ka gone fa re na le mathata, re tlhatswega pelo le go feta gore o tla dira jalo le mo nakong e e tlang. Akanya ka se se ileng sa diragalela kgaitsadi mongwe wa kwa Europe yo o bidiwang Anastasia. Badirimmogo le ene ba ne ba leka go mo pateletsa gore a tseye letlhakore mo dipolotiking. Ka jalo, o ne a tlogela mmereko. A re: “E ne e le la ntlha mo botshelong ke tlhoka madi. Mme gone, ke ne ka kopa Jehofa gore a nthuse mme o ne a dira fela jalo. Fa nka felelwa ke tiro mo nakong e e tlang, ga nka ke ka tshoga. Fa Jehofa a kgona go ntlhokomela gone jaanong, a ka se palelwe ke go dira jalo mo nakong e e tlang.”

15. Ke eng se se ileng sa thusa Esera gore a tswelele a tshepa Jehofa? (Esera 7:​27, 28)

15 Esera o ile a bona kafa Jehofa a ileng a mo thusa ka gone. Fa Esera a akanyetsa kwa teng ka tsela e Jehofa a ileng a mo thusa ka yone mo nakong e e fetileng, seo se ne se mo thusa gore a mo tshepe le go feta. Mo go Esera 7:​27, 28 o ne a re: “Jehofa, Modimo wa me o ne a nthusa.” (E bale.) O ile a dirisa mafoko a a tshwanang le ano makgetlo a mangwe gape a le matlhano mo bukeng ya Baebele e a ileng a e kwala.​—Esera 7:​6, 9; 8:​18, 22, 31.

Re ka lemoga gore Jehofa o a re thusa mo maemong afe? (Bona serapa 16) e

16. Jehofa a ka re thusa mo maemong afe? (Bona le setshwantsho.)

16 Jehofa a ka go thusa fa o lebane le dikgwetlho. Ka sekai, fa o kopa mothapi wa gago malatsi gore o kgone go ya kopanong kgotsa fa o kopa gore o nne o tšhaisa ka nako gore o kgone go ya dipokanong, Jehofa a ka go thusa ka tsela e o neng o sa e lebelela. Mme seno se tla dira gore o mo tshepe le go feta.

Esera o kwa tempeleng, o a lela e bile o a rapela ka gonne batho ba leofetse Jehofa. Batho ba le bantsi le bone ba a lela. Shekanea o kgothatsa Esera, o mo raya a re: “Go sa ntse go na le tsholofelo ka Iseraele. . . . Re na le wena.”​—Esera 10:​2, 4 (Bona serapa 17)

17. Esera o ile a bontsha jang gore o boikokobetso fa a tshwenyegile? (Bona setshwantsho se se mo khabareng.)

17 Esera o ne a kopa Jehofa gore a mo thuse. Fa a ne a ikutlwa a tshwenyegile ka dilo tse a neng a tshwanetse go di dira, o ne a bontsha gore o boikokobetso ka go kopa Jehofa gore a mo thuse. (Esera 8:​21-23; 9:​3-5) E re ka Esera a ne a le boikokobetso e bile a ikaega ka Jehofa, ba bangwe ba ne ba mo ema nôkeng e bile ba etsa sekao sa gagwe. (Esera 10:​1-4) Le rona re ka kopa Jehofa gore a re thuse fa re ipotsa gore re tla tlamela ba malapa a rona jang, kgotsa fa re ikutlwa re sa sireletsega.

18. Ke eng se se ka re thusang gore re tshepe Jehofa le go feta?

18 Fa re kopa Jehofa gore a re thuse e bile re letla bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba re eme nôkeng, re tla tshepa Jehofa le go feta. Kgaitsadi mongwe yo o nang le bana ba le bararo yo o bidiwang Erika o ne a tswelela a tshepa Jehofa le fa a ile a diragalelwa ke dilo tse di botlhoko. O ne a tlhokafalelwa ke ngwana yo o iseng a tsholwe, mme go ise go ye kae monna wa gagwe le ene o ne a tlhokafala. A re: “O ka se itse gore Jehofa o tlile go go thusa jang fa o le mo mathateng, e bile a ka go thusa ka ditsela tse o neng o sa di lebelela. Ke ile ka lemoga gore fa ke kopa Jehofa gore a nthuse, go le gantsi o dirisa ditsala tsa me go nkaraba. Fa ke ba bulela mafatlha, ba kgona go nthusa.”

TSWELELA O TSHEPA JEHOFA

19-20. Re ithuta eng mo Bajudeng ba ba neng ba sa kgone go boela kwa Jerusalema?

19 Re ka ithuta thuto ya botlhokwa mo Bajudeng ba ba neng ba setse kwa Babelona. Bangwe ba bone ba ne ba sa kgone go boela kwa Jerusalema ka gonne ba ne ba tsofetse, ba lwala kgotsa ka ntlha ya mabaka a mangwe a lelapa. Le fa go ntse jalo, ba ne ba tswelela ba romela meneelo kwa Jerusalema, e e neng e tla dirisiwa fa go agiwa tempele. (Esera 1:​5, 6) Tota e bile, go lebega ba ne ba sa ntse ba dira jalo dingwaga di ka nna 19 morago ga gore setlhopha sa ntlha sa Bajuda se fudugele kwa Jerusalema.​—Seka. 6:10.

20 Le fa re ka tswa re sa kgone go dira go le kalo mo tirong ya ga Jehofa, re ka tlhatswega pelo gore o bona matsapa a re a tsayang go mo itumedisa. Re itse jang? Jehofa o ne a laela moporofeti Sekarea gore a dire serwalo ka gauta le selefera e Bajuda ba ba kwa Babelona ba neng ba e rometse. (Seka. 6:11) “Serwalo [seno] se sentle” e ne e tla nna “sengwe sa go gopola” meneelo eo e Bajuda ba neng ba e ntshitse. (Seka. 6:​14, dintlh.) Le rona re ka tlhatswega pelo gore Jehofa a ka se lebale tiro e re mo direlang yone fa go le thata.​—Baheb. 6:10.

21. Ke eng se se ka re thusang gore re tswelele re tshepa Jehofa le fa re sa itse gore bokamoso bo re tshwaretse eng?

21 Re tla nna re lebana le mathata mo malatsing ano a bofelo, e bile mathata ao a ka nna a oketsega mo nakong e e tlang. (2 Tim. 3:​1, 13) Le fa go ntse jalo, ga re tlhoke go tshwenyega ka tsela e e feteletseng. Gopola mafoko ano a Jehofa a neng a a bolelela batho ba gagwe ka motlha wa ga Hagai: “Ke na le lona . . . Lo se ka lwa boifa.” (Hag. 2:​4, 5) Le rona re ka tlhatswega pelo gore Jehofa o tla re thusa fa re dira bojotlhe mo tirong ya gagwe. Fa re dirisa se re se ithutileng mo boporofeting jwa ga Hagai le jwa ga Sekarea e bile re etsa sekao sa ga Esera, re tla tswelela re tshepa Jehofa le fa bokamoso bo ka tswa bo re tshwaretse eng.

PINA 122 Nitamang, lo sa Tshikhinyege!

a Setlhogo seno se tla re thusa gore re tswelele re tshepa Jehofa fa re se na lotseno, maemo a dipolotiki a mo nageng ya rona a sa iketla kgotsa tiro ya rona ya go rera e thibetswe.

b Mafoko “Jehofa wa masomosomo” a tlhaga makgetlo a le 14 mo bukeng ya Hagai. A ne a gopotsa Bajuda gore Jehofa o na le maatla a a sa lekaneng le a ga ope le gore o laola baengele ba le bantsi. Le rona mafoko ao a re gopotsa se se tshwanang.​—Pes. 103:​20, 21.

c Maina mangwe a fetotswe.

d Esera e ne e le mokwalolodi yo o setswerere wa Molao wa Modimo. Seo se ne sa dira gore a tshepe boporofeti jo Jehofa a neng a bo boleletse batho ba gagwe, le e leng pele a ya kwa Jerusalema.​—2 Ditir. 36:​22, 23; Esera 7:​6, 9, 10; Jer. 29:14.

e TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mokaulengwe o kopa malatsi a go ya kopanong, mme mothapi wa gagwe ga a dumele. O kopa Jehofa gore a mo thuse e bile o baakanyetsa se a tla se buang fa a boela kwa mothaping wa gagwe a ya go kopa malatsi gape. O mmontsha taletso ya kopano e bile o mo tlhalosetsa kafa Baebele e re tswelang mosola ka gone. Mothapi wa gagwe o kgatlhiwa ke se a se bonang mo taletsong eo e bile o letla mokaulengwe gore a ye kopanong.