Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 47

PINA 103 Badisa​—Dimpho Tse di Molemo

Bakaulengwe, a lo Dira ka Natla Gore lo Tshwanelege go Nna Bagolwane?

Bakaulengwe, a lo Dira ka Natla Gore lo Tshwanelege go Nna Bagolwane?

“Fa monna a kgaratlhela go nna molebedi, o eletsa go dira tiro e e molemo.”​—1 TIM. 3:1.

SE GO BUIWANG KA SONE

Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dinonofo tse Baebele e reng mokaulengwe o tshwanetse go nna le tsone gore a tshwanelege go nna mogolwane.

1-2. Ke “tiro [efe] e e molemo” e mogolwane a e dirang?

 FA E le gore o motlhanka wa bodiredi, gongwe o dira ka natla gore o nne le dinonofo tse di tlhokegang gore o nne mogolwane. A o ka rata go dira “tiro [eo] e e molemo”?​—1 Tim. 3:1.

2 Mogolwane o dira tiro efe? O rera le phuthego, o dira ka natla gore a tlhokomele bakaulengwe le bokgaitsadi le go ba ruta. Gape o nonotsha tumelo ya bone ka go ba tlhomela sekao se se molemo ka se a se buang le se a se dirang. Go a tshwanela go bo Baebele e re bagolwane ke “banna ba ba nang le bokgoni jwa go dira ditiro tse di farologaneng.”​—Baef. 4:8.

3. Mokaulengwe a ka dira eng gore a tshwanelege go nna mogolwane? (1 Timotheo 3:1-7; Tito 1:5-9)

3 O ka dira eng gore o tshwanelege go nna mogolwane? Go tshwanelega go nna mogolwane ga go tshwane le go batla tiro. Gore o bone tiro, o tshwanetse go nna le bokgoni jo motho yo o go hirang a bo batlang. Go tshwanelega go nna mogolwane gone ga go a nna jalo. O ka tswa o na le bokgoni jwa go ruta le jwa go rera. Mme gape o tshwanetse go nna le dinonofo tse go buiwang ka tsone mo go 1 Timotheo 3:1-7 le Tito 1:5-9. (E bale.) Mo setlhogong seno, re tlile go bona gore o tshwanetse go dira eng gore batho ba go itse o le motho yo o siameng, gore o ka dira jang gore o nne tlhogo e e molemo ya lelapa le gore ke eng se se tla go thusang go itumelela go thusa mo phuthegong.

ITSEGE O LE MOTHO YO O SIAMENG

4. ‘Go sa nne le se o ka tshwaiwang phoso ka sone’ go kaya eng?

4 Gore o tshwanelege go nna mogolwane, ga o a tshwanela ‘go nna le se o ka tshwaiwang phoso ka sone.’ Seno se raya gore bakaulengwe le bokgaitsadi ga ba a tshwanela go nna le lebaka la go go latofatsa ka gore o dira boitsholo jo bo sa siamang. Mo godimo ga moo, “o tshwanetse go buiwa bontle ke batho ba ba kwa ntle.” Ke boammaaruri gore batho ba ba sa direleng Jehofa ba ka nna ba go tshwayatshwaya diphoso ka ntlha ya se o se dumelang. Mme gone, ga ba a tshwanela go nna le lebaka la go go latofatsa ka gore ga o ikanyege kgotsa gore o dira boitsholo jo bo sa siamang. (Dan. 6:4, 5) Ipotse go re: “A bakaulengwe le bokgaitsadi le batho ba e seng Basupi ba nkitse ke le motho yo o siameng?”

5. Go “rata se se molemo” go kaya eng?

5 Fa o “rata se se molemo” o tla bona dinonofo tse dintle tse ba bangwe ba nang le tsone e bile o tla ba akgola. Gape o tla direla ba bangwe dilo tse di molemo tota le fa ba sa go kopa. (1 Bathes. 2:8) Goreng bagolwane ba tlhoka go nna le nonofo eno? Ka gonne ba dirisa nako e ntsi ba tlhokomela bakaulengwe le bokgaitsadi le go dira dikabelo tsa bone. (1 Pet. 5:1-3) Le fa eno e le namane e tona ya tiro, ba itumelela go e dira.​—Dit. 20:35.

6. Go ‘amogela baeng’ go kaya eng? (Bahebera 13:2, 16; bona le setshwantsho.)

6 O bontsha gore o ‘amogela baeng’ fa o direla ba bangwe dilo tse dintle, go akaretsa le ba e seng ditsala tsa gago. (1 Pet. 4:9) Buka nngwe e e tlhalosang Baebele e a re: “Motho yo o amogelang baeng o pelonomi mo go botlhe go akaretsa le batho ba a sa ba itseng e bile o ba amogela mo legaeng la gagwe.” Ipotse go re: “A bakaulengwe le bokgaitsadi ba nkitse ke le motho yo o amogelang baeng?” (Bala Bahebera 13:2, 16.) Motho yo o amogelang baeng o pelonomi mo bathong botlhe. Ka sekai, o pelonomi mo bathong ba ba humanegileng, mo bakaulengweng ba ba tlisang dipuo kwa phuthegong ya bone, le mo bakaulengweng ba bangwe ba ba dirang ka natla go kgothatsa Bakeresetemmogo le bone, jaaka balebedi ba potologo.​—Gen. 18:2-8; Diane 3:27; Luke 14:13, 14; Dit. 16:15; Bar. 12:13.

Banyalani ba amogela molebedi wa potologo le mosadi wa gagwe mo legaeng la bone (Bona serapa 6)


7. Go sa ‘rate madi’ go kaya eng?

7 “A sa rate madi.” Seno se raya gore madi le dithoto ga se tsone dilo tsa botlhokwa mo botshelong jwa gago. Go direla Jehofa ke sone selo sa botlhokwa thata mo go wena, o ka tswa o humile kgotsa o humanegile. (Math. 6:33) O dirisa nako, maatla le dilo tse o nang le tsone go direla Jehofa, go tlhokomela ba lelapa la gago le go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi. (Math. 6:24; 1 Joh. 2:15-17) Ipotse go re: “Madi a botlhokwa go le kana kang mo go nna? A ke kgotsofalela dilo tse ke nang le tsone? Kgotsa a ke nna ke batla go dira madi a a oketsegileng le go nna le dithoto tse dintsi?”​—1 Tim. 6:6, 17-19.

8. Go nna le “mekgwa e mentle” le go nna “boikgapo” go kaya eng?

8 Fa o na le “mekgwa e mentle” e bile o le “boikgapo,” o tekatekano mo go sengwe le sengwe se o se dirang. Ka sekai, ga o je kgotsa ga o nwe thata. Tsela e o aparang ka yone le e o baakanyang moriri ka yone e a tlotlega e bile o dira ditshwetso tse di siameng fa o tlhopha boitlosobodutu. Ga o tshele ka tsela e batho ba ba sa direleng Jehofa ba tshelang ka yone. (Luke 21:34; Jak. 4:4) O a ritibala fa batho ba sa go tshware sentle. Ga o “letagwa” e bile batho ba go itse o sa nwe bojalwa thata. Ipotse go re: “A tsela e ke tshelang ka yone e bontsha gore ke na le mekgwa e mentle le gore ke boikgapo?”

9. Go “akanyetsa dilo sentle” le go “dira dilo ka thulaganyo” go kaya eng?

9 Fa o “akanyetsa dilo sentle,” o akanya ka kelotlhoko gore Baebele e a reng mo maemong a a farologaneng. Go tswa foo, o leka go bona gore o ka dirisa jang kgakololo eo mo boemong bongwe jo bo rileng. Ga o dire ditshwetso ka lepotlapotla o se na dintlha tsotlhe. Go na le moo, o dira dipatlisiso. (Diane 18:13) Seo se tla go thusa gore o dire ditshwetso tse di itumedisang Jehofa. Go “dira dilo ka thulaganyo” go raya gore o rulagane le gore o tshwara nako. Batho ba a go tshepa e bile o ikobela ditaelo. Fa o leka ka natla gore o nne le dinonofo tse re tlotlileng ka tsone mo setlhogwaneng seno, o tla nna le leina le lentle. A jaanong re tlotleng ka dinonofo tse Baebele e reng mogolwane o tshwanetse go nna le tsone gore e nne tlhogo e e molemo ya lelapa.

NNA TLHOGO E E MOLEMO YA LELAPA

10. Monna a ka bontsha jang gore o ‘okamela ba lelapa la gagwe sentle’?

10 Fa e le gore o nyetse e bile o batla go nna mogolwane, ba lelapa la gago ba tshwanetse go tlhomela ba bangwe sekao se se molemo. O tshwanetse go ‘okamela ba lelapa la gago sentle.’ Seno se raya gore o tshwanetse go ba tlhokomela le go dira ditshwetso tse di tla ba tswelang mosola. Gape o tshwanetse go tshwara kobamelo ya lelapa, go netefatsa gore ba nna gone kwa dipokanong ka metlha le go ba thusa gore ba nne gone kwa tshimong. Goreng go le botlhokwa gore o dire jalo? Ka gonne moaposetoloi Paulo o ne a re: “Fa monna a sa itse go okamela ba lelapa la gagwe, o tla tlhokomela phuthego ya Modimo jang?”​—1 Tim. 3:5.

11-12. Tsela e bana ba mokaulengwe yo o batlang go nna mogolwane ba itshwarang ka yone e ka mo ama jang? (Bona le setshwantsho.)

11 Fa e le gore o na le bana ba dingwaga tse di ka fa tlase ga 18, ba tshwanetse go go ‘reetsa e bile ba itshware sentle.’ O tshwanetse go ba ruta le go ba katisa ka lorato. Ke boammaaruri gore o batla gore ba itumele, ba tshege le gore ba tshameke fela jaaka bana ba bangwe. Mme gone, o tshwanetse go ba ruta gore ba go ikobele, ba tlotle batho ba bangwe le gore ba itshware sentle. Gape o tshwanetse go dira sotlhe se o ka se kgonang go thusa bana ba gago gore ba atamalane le Jehofa, ba dirise melaometheo ya Baebele le gore ba ipeele mekgele ya go kolobediwa.

12 “A na le bana ba ba dumelang ba ba sa latofadiweng ka botlhapelwa kgotsa ka boitaolo.” Fa e le gore ngwana wa gago yo o kolobeditsweng kgotsa yo o batlang go kolobediwa o dirile boleo jo bo masisi, seno se ka go ama jang? O ka nna wa se ka wa tshwanelega go nna mogolwane fa e le gore o ne o sa mo katise e bile o sa mo kgalemele.​—Bona makasine wa Tora ya Tebelo wa October 15, 1996, ts. 21, ser. 6-7.

Borre ba katisa bana ba bone gore ba direle Jehofa le gore ba dire ditiro tse di farologaneng mo phuthegong (Bona serapa 11)


BA THUSA PHUTHEGO

13. Go sa nne “tlhogoethata” le go sa ‘batle gore dilo di dirwe ka tsela ya gago’ go kaya eng?

13 Bakaulengwe ba ba nang le dinonofo tse Jehofa a batlang gore re nne le tsone, ba thusa phuthego. Motho yo o seng “tlhogoethata” o dira gore go nne le kagiso. Ka jalo, fa o batla gore batho ba go itse o se motho yo o tlhogoethata, ba reetse mme o leke go tlhaloganya gore ba ikutlwa jang. Ka sekai, fa bagolwane ba le bantsi ba dumalana ka tshwetso e e tsamaisanang le melaometheo ya Baebele, a o dumalana le bone le fa o ne o na le kakantsho e e farologaneng le ya bone? “A sa batle gore dilo di dirwe ka tsela ya gagwe.” Seno se raya gore ga o pateletse ba bangwe go dira dilo ka tsela e o e batlang. O a itse gore go botlhokwa go reetsa ba bangwe. (Gen. 13:8, 9; Diane 15:22) “A se manganga” e bile “a sa galefe ka bonako.” Seno se raya gore ga o nyatse ba bangwe e bile ga o ngangisane le bone. Go na le moo, o dirisana le bone sentle. O dira ka natla gore o dire kagiso le ba bangwe tota le mo maemong a a thata. (Jak. 3:17, 18) O bua sentle le ba bangwe, go akaretsa le ba ba ganetsang se re se dumelang, mme seo se dira gore ba ritibale.​—Baatlh. 8:1-3; Diane 20:3; 25:15; Math. 5:23, 24.

14. Baebele e kaya eng fa e re “e se monna yo o sa tswang go sokologa” e bile “a ikanyega”?

14 Mokaulengwe yo o tshwanelegang go nna mogolwane ga e a tshwanela go nna “monna yo o sa tswang go sokologa.” Le fa gone go sa tlhokege gore o nne le dingwaga di le dintsi o kolobeditswe, o tlhoka go nna le nako ya go nonotsha botsala jwa gago le Jehofa le go ithuta go dira ditshwetso tse di siameng o dirisa Baebele. Pele ga o ka nna mogolwane, fela jaaka Jesu, o tshwanetse go nna boikokobetso mme o ikemisetse go direla Jehofa ka tsela epe fela e a e batlang. O tshwanetse go nna pelotelele le go letela Jehofa gore a go neye dikabelo tse di oketsegileng mo phuthegong. (Math. 20:23; Bafil. 2:5-8) O tshwanetse go bontsha gore o a “ikanyega” ka go ikobela melao ya ga Jehofa le ka go reetsa kaelo e o e newang ke phuthego ya ga Jehofa.​—1 Tim. 4:15.

15. A mogolwane o tshwanetse go nna setswerere fa a neela dipuo? Tlhalosa.

15 Baebele e a re balebedi ba tshwanetse go “itse go ruta.” A seno se raya gore o tshwanetse o a bo o le setswerere fa o neela dipuo? Nnyaa, ga se bagolwane botlhe ba ba kgonang go neela dipuo tse di monate. Mme gone, fa ba rera le fa ba dira maeto a bodisa ba tshwanetse go itse go dirisa Baebele sentle gore ba kgone go ruta le go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi. (Bapisa le 1 Bakorintha 12:28, 29 le Baefeso 4:11.) Ka jalo, o tshwanetse go dira ka natla gore o tokafatse tsela e o rutang ka yone. O ka dira seo jang?

16. Ke eng se se ka go thusang go tokafatsa tsela e o rutang ka yone? (Bona le setshwantsho.)

16 “Tsela e a rutang ka yone e dumalana ka botlalo le lefoko le le boammaaruri.” Gore o kgone go tokafatsa tsela e o rutang ka yone, netefatsa gore fa o ruta le fa o naya bakaulengwe le bokgaitsadi kgakololo, o dirisa Baebele. O ka kgona go dira jalo fa o ithuta Baebele le dikgatiso tsa rona ka kelotlhoko. (Diane 15:28; 16:23) Fa o ithuta, leka go bona gore dikgatiso di tlhalosa jang ditemana tse di mo Baebeleng le gore o ka di dirisa jang ka tsela e e siameng. Gape fa o ruta, leka ka natla go thusa batho ba ba go reeditseng gore ba rate Jehofa le go feta le gore ba dirise se ba se ithutang. O ka tokafatsa tsela e o rutang ka yone ka go kopa bagolwane ba ba nang le maitemogelo gore ba go neye dikakantso, go tswa foo o bo o di dirisa. (1 Tim. 5:17) Bagolwane ba tshwanetse go “kgothatsa” bakaulengwe le bokgaitsadi; mme ka dinako tse dingwe ba tshwanetse go ba naya kgakololo kgotsa go ba “kgalemela.” Mme gone, ba tshwanetse go nna pelonomi fa ba dira jalo. Fa o le lorato, o le bonolo e bile o dirisa Baebele fa o ruta, o tla itse go ruta ka gonne o tla bo o etsa Morutisi yo Mogolo e bong Jesu.​—Math. 11:28-30; 2 Tim. 2:24.

Motlhanka wa bodiredi o ithuta go ruta a dirisa Baebele a na le mogolwane yo o nang le maitemogelo. O ikatisetsa go neela puo a itebile mo seiponeng (Bona serapa 16)


DIRA KA NATLA GORE O TSHWANELEGE

17. (a) Ke eng se se ka thusang batlhanka ba bodiredi gore ba tshwanelege? (b) Bagolwane ba tshwanetse go nna ba gopotse eng fa ba leka go bona gore a mokaulengwe o tshwanelega go nna mogolwane? (Bona lebokoso le le reng, “ Bagolwane, Nnang Tekatekano fa lo Leka go Bona Gore a Mokaulengwe o Tshwanelega go Nna Mogolwane.”)

17 Batlhanka bangwe ba bodiredi ba ka nna ba akanya gore ga ba kitla ba kgona go nna bagolwane ka gonne go na le dinonofo di le dintsi tse ba tshwanetseng go nna le tsone. Mme gone, gopola gore Jehofa le phuthego ya gagwe ga ba a lebelela gore o bontshe dinonofo tseno ka botlalo. (1 Pet. 2:21) Gape moya wa ga Jehofa o o boitshepo ke one o o ka go thusang gore o nne le dinonofo tseo. (Bafil. 2:13) A go na le nonofo nngwe e o batlang go e tokafatsa? Kopa Jehofa gore a go thuse. Dira dipatlisiso ka nonofo eo, mme o kope mongwe wa bagolwane gore a go neye dikakantsho tsa gore o ka tokafatsa jang.

18. Batlhanka botlhe ba bodiredi ba kgothalediwa gore ba dire eng?

18 E kete rotlhe, go akaretsa le bakaulengwe ba ba nang le lobaka lo loleele e le bagolwane, re ka dira ka natla gore re tswelele re na le dinonofo tse re tlotlileng ka tsone mo setlhogong seno. (Bafil. 3:16) A o motlhanka wa bodiredi? Tswelela o gatela pele. Kopa Jehofa gore a go katise gore o mo direle mo go oketsegileng gore o kgone go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi. (Isa. 64:8) E kete Jehofa a ka go segofatsa fa o ntse o dira ka natla gore o nne mogolwane.

PINA 101 Go Dirisana Mmogo ka Kutlwano