Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAKANTSHO YA GO ITHUTA

Batla Kwa o ka Ithutelang Gone

Batla Kwa o ka Ithutelang Gone

A o batla gore go ithuta o le nosi go go tswele mosola? Dikakantso tse di latelang di ka go thusa:

  • Batla lefelo le le siameng. Fa go kgonega, batla lefelo le le phepa e bile le na le lesedi gore o kgone go bona sentle. O ka balela mo tafoleng kgotsa wa batla lefelo le le siameng kwa ntle.

  • Nna o le nosi. Jesu o ne a rapela “mo mosong” kwa “lefelong le le se nang batho.” (Mar. 1:35) Fa go sa kgonege gore o nne o le nosi, o ka bolelela ba lelapa la gago kgotsa ba o nnang le bone gore o tlile go ithuta leng o bo o ba kopa gore ba se ka ba go itaya tsebe.

  • Tlhoma mogopolo. Tlosa dilo tse di ka go kgoreletsang. Fa o ithuta o dirisa founu kgotsa thabolete, o ka e baya mo silent kgotsa mo airplane mode gore e se ka ya go kgoreletsa. Fa o gopola gore go na le sengwe se o tshwanetseng go se dira, se kwale gore o se ka wa lebala go se dira moragonyana. Fa o sa kgone go tlhoma mogopolo, phutholola maoto.