Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

Jehofa o re Naya Maatla ka Nako ya Ntwa le fa Maemo a Ritibetse

Jehofa o re Naya Maatla ka Nako ya Ntwa le fa Maemo a Ritibetse

Paul: Ka November 1985, re ne re ya kwa kabelong ya rona ya ntlha kwa Liberia kwa Africa. Re ne re itumetse tota. Sefofane se re neng re se palame se ne sa ema kwa Senegal. Anne o ne a re: “Re saletswe ke ura fela gore re goroge kwa Liberia.” Go tswa foo, ke fa re utlwa kitsiso e e reng: “Ba ba yang kwa Liberia, ba tla felela fano. Go na le batho ba ba batlang go menola puso ya kwa Liberia, ka jalo ga re ye koo.” Re ile ra fetsa malatsi a le lesome re nna le barongwa kwa Senegal. Fa re le koo, re ile ra utlwa mo dikgannyeng gore go bolailwe batho ba le bantsi le gore puso ya Liberia e ne e beile melao ya gore batho ba se ka ba tsamaya bosigo mo ditseleng, go seng jalo ba ne ba tla bolawa.

Anne: Nna le Paul re batho ba ba kelotlhoko. Tota e bile, go tloga fela fa ke sa le ngwana, batho ba ne ba re ke motho yo o boboi. Le gone jaanong ke a tshoga fa ke tshwanelwa ke go kgabaganya tsela! Mme gone, re ne re ikemiseditse go ya kwa kabelong ya rona.

Paul: Nna le Anne re goletse kwa lefelong le le lengwe kwa England. Fela fa re fetsa sekolo, re ile ra simolola go nna babulatsela ka gonne batsadi ba me le mmaagwe Anne ba ne ba re kgothaletsa go dira jalo. Ba ne ba itumela tota fa ba utlwa gore re batla go tsenela tirelo ya nako e e tletseng. Fa ke na le dingwaga di le 19, ke ile ka kopiwa go direla kwa Bethele. Mme ka 1982 fa nna le Anne re sena go nyalana, Anne le ene o ne a tla kwa Bethele.

Fa re ne re aloga kwa Gileade ka di8 tsa September, 1985

Anne: Re ne re rata Bethele, mme re ne re batla go rera kwa nageng e go tlhokegang baboledi kwa go yone. Re ne re bereka le bakaulengwe le bokgaitsadi ba e neng e le barongwa e bile sekao sa bone le maitemogelo a bone a ne a dira gore le rona re batle go nna barongwa. Ka jalo, re ile ra fetsa dingwaga di le tharo re rapela bosigo bongwe le bongwe re bolelela Jehofa ka kgang eno. Ka 1985 re ne ra itumela tota fa re lalediwa go ya kwa tlelaseng ya bo79 ya Sekolo sa Gileade. Re ile ra newa kabelo ya go direla kwa Liberia kwa Africa.

BAKAULENGWE LE BOKGAITSADI BA RE THUSA GO ITSHOKELA MAEMO A A THATA

Paul: Re ile ra palama sefofane sa ntlha se se yang kwa Liberia morago ga tiragalo e ke e tlhalositseng kwa tshimologong. Batho ba ne ba tshogile thata e bile go ne go sa ntse go na le melao e e thibelang batho go tsamaya bosigo. Ba ne ba tshoga thata mo e leng gore fa koloi e ne e dira modumo o o kwa godimo, ba ne ba goa e bile ba taboga. Re ne re bala Dipesalema bosigo bongwe le bongwe gore re ritibale. Le fa maemo a ne a sa jese diwelang mo nageng eno, re ne re itumelela kabelo ya rona fela thata. Anne o ne a ya tshimong letsatsi le letsatsi, mme nna ke ne ke bereka le mokaulengwe John Charuk a kwa Bethele. Ke ithutile dilo di le dintsi mo go ene ka gonne o ne a feditse lobaka lo loleele a nna kwa Liberia e bile o ne a itse mathata a bakaulengwe le bokgaitsadi ba neng ba lebana le one.

Anne: Ga go a re tsaya lobaka go rata kabelo ya rona ya kwa Liberia ka gonne bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba re rata e bile ba ikanyega. Re ne re atamalane le bone thata e bile e ne e kete re lelapa. Ba ne ba re kgothatsa e bile ba re gakolola. Re ne re itumelela tshimo, e bile batho ba ne ba utlwa botlhoko fa re sa nne lobaka mo matlong a bone. Ba ne ba rata go bua ka Baebele gongwe le gongwe kwa ba leng gone, ka jalo go ne go le motlhofo go tlotla le bone. Batho ba re neng re ithuta Baebele le bone ba ne ba le bantsi, mme go ne go se motlhofo go bona nako ya go ithuta le bone botlhe. Tshimo ya rona e ne e le monate tota!

JEHOFA O RE NAYA MAATLA FA RE TSHOGILE

Bethele ya kwa Liberia e tlhokomela batshabi ka 1990

Paul: Go ne go fetile dingwaga di le nnê maemo a ritibetse mo nageng eno, mme ka 1989 go ne ga runya ntwa ya selegae. Ka di2 tsa July, 1990, masole a marabele a a neng a batla go menola puso a ne a simolola go laola lefelo le le neng le le gaufi le Bethele. Re ne re sa kgone go ikgolaganya le ope ka dikgwedi di le tharo go akaretsa le ba malapa a rona le ntlokgolo ya lefatshe lotlhe. Go ne go tletse tlhakatlhakano gotlhe fela, batho ba le dikgoka, dijo di le dinnye e bile basadi ba le bantsi ba ne ba betelelwa. Mathata ano a ile a tswelela ka dingwaga di le 14 mo nageng eno yotlhe.

Anne: Batho ba ditso tse di farologaneng ba ne ba lwantshana e bile ba bolaana. Masole a marabele a ne a tletse mo ditseleng a tshwere dibetsa di le dintsi. A ne a apere ka tsela e e sa tlwaelegang e bile a tsena mo matlong a batho a tsaya sengwe le sengwe se a se batlang. Mangwe a masole ao a ne a tsaya go bolaya batho go tshwana le go bolaya dikoko. A ne a thiba ditsela, e bile gantsi a ne a bolaya batho ba ba neng ba batla go feta. Go tswa foo, a bo a tlhatlaganya ditopo tseo. Tota dilo tseno di ne di tle di direge gaufi le Bethele. Basupi bangwe ba ile ba bolawa go akaretsa le barongwa ba le babedi.

Gongwe le gongwe kwa masole a marabele a neng a kopana le batho ba ditso tse ba di tlhoileng gone, a ne a ba bolaya. Bakaulengwe ba rona ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing ka go fitlha Bakeresetemmogo le bone. Barongwa le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nnang kwa Bethele ba ne ba dira se se tshwanang. Basupi bangwe ba ba ileng ba tshaba kwa magaeng a bone ba bo ba tla mo Bethele, ba ne ba robala kwa boalong jo bo kwa tlase mme ba bangwe ba ne ba nna le rona kwa dikamoreng tse di kwa boalong jo bo kwa godimo. Rona re ne re nna le batho ba le supa mo kamoreng ya rona.

Paul: Letsatsi le letsatsi masole a marabele a ne a tla kwa Bethele go bona gore a ga re a fitlha ope. Re ne re dirile thulaganyo ya gore go nne go na le batho ba le banê ba ba neng ba ela maemo tlhoko. Ba le babedi ba ne ba leba ka fensetere, ba bangwe ba le babedi ba ne ba ema kwa ntle kwa kgorong. Fa ba ba kwa kgorong ba phutha matsogo, go ne go raya gore maemo a siame, mme fa ba a belega, seo se ne se raya gore masole ao a galefile. Ka jalo, ba ba neng ba lebile ka fensetere ba ne ba ya go fitlha ditsala tsa bone ka bonako.

Anne: Morago ga dibeke di le dintsi, setlhopha sengwe sa masole a marabele a a neng a galefile se ne sa tla kwa Bethele. Ke ne ka itswalela mo kamoreng ya go tlhapa le kgaitsadi mongwe ke bo ke mo fitlha mo khabotong e e neng e na le karolo e motho a neng a ka kgona go iphitlha mo go yone. Masole ao a ile a tla, mme e re ka a ne a galefile a ne a itaya lebati. Paul o ne a raya masole ao a re: “Mosadi wa me o sa ntse a le mo kamoreng ya go tlhapa.” Fa ke leka go busetsa dishelofo tsa khaboto di ile tsa dira modumo. Gape ke ile ka tsaya lobaka go busetsa dilo tse ke neng ke di ntshitse mo go yone. Seo se ile sa dira gore ke tshoge mo mmele wa me otlhe o neng o roroma. Ke ile ka kopa Jehofa gore a nthuse. Go tswa foo ka bula lebati ke bo ke ba dumedisa. Lesole le lengwe le ne la nkgorometsa le bo le ya kwa khabotong. Le ile la e bula le bo le leka go ntsha sengwe le sengwe se se mo go yone, mme le ile la gakgamala tota fa le sa fitlhele ope. Lesole leo le masole a mangwe a ne a phuruphutsa dikamore tse dingwe le kwa marulelong. Mme le teng koo, ga a a ka a fitlhela ope.

LESEDI LE A PHATSIMA

Paul: Gantsi re ne re se na se re ka se jang mo mosong. Mme kobamelo ya mo mosong ya kwa Bethele e ne e re naya maatla. Re ne re itse gore go bala le go ithuta Baebele go ne go tla re thusa gore re itshoke letsatsi le letsatsi.

Re ne re itse gore fa re ne re ka tswa re bo re ya go batla dijo le metsi, re ne re ka se kgone go sireletsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba re neng re ba fitlhile mme ba ne ba tla bolawa. Gantsi Jehofa o ne a dirisa ditsela tse di farologaneng go re naya se re neng re se tlhoka ka nako e e tshwanetseng. O ne a re tlhokomela e bile o ne a re thusa gore re nne re ritibetse.

Maemo a ne a nna maswe le go feta mo nageng mme boammaaruri bo ile jwa re thusa gore re nne le tsholofelo. Ka makgetlo a le mantsi, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba sia gore ba boloke matshelo a bone. Mme se se itumedisang ke gore ba ne ba na le tumelo e e nonofileng e bile ba ne ba tswelela ba ritibetse mo maemong ao a a thata. Bangwe ba ne ba re se se neng se direga ka nako ya ntwa, se ne se ba baakanyetsa pitlagano e kgolo. Bagolwane le bakaulengwe bangwe ba basha ba ba neng ba le pelokgale, ba ne ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba tshabetse kwa mafelong a mangwe ba ne ba thusana e bile ba ile ba simolola go rera kwa mafelong ao. Ba ne ba dirisa sepe fela se ba neng ba se fitlhela mo sekgweng gore ba age Diholo Tsa Bogosi ba bo ba ya dipokanong. Mo dinakong tseo tsa mathata, go ya dipokanong le go rerela batho ba bangwe go ne go ba kgothatsa e bile go ba thusa gore ba nne le tsholofelo. Fa go ne go abiwa dijo, diaparo le dilo tse dingwe, bakaulengwe ba le bantsi ba ne ba kopa dibêkê tsa tshimo go na le go kopa diaparo. Seo se ile sa re ama fela thata! Batho ba le bantsi ba ba ileng ba bona dilo tse di utlwisang botlhoko tse di neng di direga ka nako ya ntwa, ba ne ba batla go utlwa dikgang tse di molemo. Ba ne ba gakgamadiwa ke go bona gore Basupi ba itumetse. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba ntse jaaka lesedi mo lefifing. (Math. 5:14-16) E re ka bakaulengwe ba rona ba ne ba rera ba le matlhagatlhaga, masole mangwe a marabele a ne a nna Basupi.

JEHOFA O RE NAYA MAATLA FA RE KGAOGANA LE BAKAULENGWE

Paul: Ka dinako dingwe, re ne ra tshwanelwa ke go tswa kwa nageng ya Liberia. Ka makgetlo a le mararo, re ile ra tswa re bo re boa mme mo makgetlong a le mabedi re ile ra tshwanelwa ke go tsamaya ngwaga otlhe. Kgaitsadi mongwe yo e neng e le morongwa o ne a tlhalosa kafa re ikutlwang ka gone. O ne a re: “Sekolo sa Gileade se re rutile go rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo dikabelong tsa rona ka pelo yotlhe. Mme seo ke se re ileng ra se dira. Ka jalo, go kgaogana le bone go re phatlola dipelo!” Mme gone, re ne re itumeletse gore re ne re sa ntse re tla kgona go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Liberia re le kwa dinageng tse re neng re abetswe kwa go tsone.

Re itumelela go boela kwa Liberia ka 1997

Anne: Ka May 1996, re ile ra tswa ka koloi ya Bethele re le banê re tshwere dipampiri tse di nang le tshedimosetso ya botlhokwa ya tiro ya kwa Liberia. Re ne re ikemiseditse go tsamaya dikilometara di le 16 gore re ye kwa lefelong le le sireletsegileng. Ka maswabi, re ile ra kopana le masole a marabele a a neng a galefile. A ne a tshwere ditlhobolo, e bile a ne a thuntsha kwa godimo. A ile a re emisa, a ntsha nna le Basupi ba babedi ba re neng re na le bone mo koloing a bo a tsamaya ka koloi Paul a le mo go yone. Re ne re tshogile fela thata. Mme go ise go ye kae, Paul o ne a boa a tshologa madi mo phatlheng. Re ne re akanya gore o thuntshitswe, mme re ile ra lemoga gore fa a ka bo a thuntshitswe, o ne a ka se ka a kgona go tsamaya. Lengwe la masole ao le ne le mo iteile fa le mo ntsha mo koloing. Re itumelela gore ga le a ka la mo gobatsa thata.

Gaufi le rona, go ne go na le teraka e e neng e tletse ka batho ba ba neng ba tshogile. Re ne re batla go e palama, mme e re ka e ne e tletse, re ile ra itshwarelela ka yone re le kwa ntle e bo e tsamaya. Motho yo o neng a kgweetsa, o ne a kgweetsa ka lobelo lo lo kwa godimo mo re batlileng re wa. Re ile ra mo kopa gore a eme, mme ga a a ka a re reetsa ka gonne a ne a tshogile. Se se itumedisang ke gore ga re a ka ra wa. Mme gone, re gorogile re lapile e bile re ne re roroma ka ntlha ya letshogo.

Paul: Fa re leba diaparo tsa rona tse di leswe e bile di gagogile, re ne re ipotsa gore go tlile jang go bo re sa ntse re tshela. Re ile ra robala gaufi le sefofane se se neng se thuntshitswe e bile se senyegile. Sefofane seo se ne se tlile go re isa kwa Sierra Leone mo letsatsing le le latelang. Re ile ra leboga tota go bo re gorogile kwa Sierra Leone re sireletsegile. Mme gone, re ne re tshwenyegile ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Liberia.

JEHOFA O RE NAYA MAATLA A GO ITSHOKELA DITEKO TSE DINGWE

Anne: Fa re goroga kwa Bethele e e kwa Freetown kwa Sierra Leone, bakaulengwe ba ne ba re tlhokomela. Mme go ne ga direga sengwe se ke neng ke sa se lebelela. Ke ne ka simolola go gopola dilo tse di utlwisang botlhoko tse di neng di direga kwa Liberia. Letsatsi le letsatsi ke ne ke nna ke tshogile, ke akanya gore go ne go tla direga sengwe se se sa siamang e bile ke ne ke sa kgone go akanya sentle. Go ne go ntse jaaka e kete ke a lora. Fa go nna bosigo, gantsi ke ne ke roroma e bile ke boifa gore go ne go tla direga sengwe se se utlwisang botlhoko. Ke ne ke palelwa le ke go hema. Fa seno se direga, Paul o ne a ntshwara a bo a rapela le nna. Re ne re opela dipina tsa Bogosi go fitlha ke sa tlhole ke roroma. Ke ne ke akanya gore ke latlhegelwa ke tlhaloganyo le gore ga nkitla ke tlhola ke nna morongwa.

Ga nkitla ke lebala se se ileng sa direga mo go yone beke eo. Re ile ra newa dimakasine tse pedi. Makasine wa Tsogang! wa June 8, 1996 o o nang le setlhogo se se reng, Coping With Panic Attacks o ne wa nthusa go tlhaloganya gore goreng ke ne ke boifa. Makasine o mongwe o re neng re o neilwe, ke wa Tora ya Tebelo wa May 15, 1996 o o nang le setlhogo se se reng, “Ba Tsaya Kae Maatla a Bone?” Setlhogo seno se na le setshwantsho sa serurubele se se robegileng lephuka. Se tlhalosa gore serurubele se kgona go tswelela se ja le go fofa le fa se gobetse. Ka jalo, moya wa ga Jehofa o ka re thusa gore re tswelele re thusa batho ba bangwe le fa re ile ra diragalelwa ke dilo tse di utlwisang botlhoko. Ruri Jehofa o ne a nnaya maatla ka nako e e tshwanetseng a dirisa ditlhogo tseno! (Math. 24:45) Ke ile ka dira dipatlisiso ke bo ke kokoanya ditlhogo tse di buang ka kgang eno. Di ile tsa nthusa tota, e bile fa nako e ntse e tsamaya ke ile ka se ka ka tlhola ke tshwenyega thata.

JEHOFA O RE NAYA MAATLA A GO AMOGELA KABELO E NNGWE

Paul: Mo makgetlong otlhe a re neng re tswa ka one kwa Liberia re ne re nna re itumelela go boela teng gape. Kwa bowelong jwa 2004, re ne re tloga re tshwara dingwaga di le 20 mo kabelong eo e bile ntwa e ne e setse e fedile. Go ile ga dirwa dithulaganyo tsa go aga ofisi ya lekala. Mme ka tshoganyetso fela, re ne ra newa kabelo e nngwe.

Re ne re atamalane thata le bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Liberia. Ba ne ba ntse jaaka lelapa la rona e bile re ne re sa batle go kgaogana le bone. Mme gone, go gopola gore Jehofa o ile a re thusa fa re ne re kgaogana le ba malapa a rona re ya kwa Gileade, go ile ga re thusa gore re amogele kabelo eo. Re ne ra newa kabelo ya go direla kwa Ghana, gaufi le Liberia.

Anne: Fa re fuduga kwa Liberia, re ne re lela tota. Mme se se gakgamatsang ke gore mokaulengwe yo o godileng yo o bidiwang Frank o ne a re raya a re: “Lo lebale ka rona!” Go tswa foo, o ile a re: “Ke a itse gore ga lo kitla lo re lebala. Mme gone, lo tshwanetse go rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Ghana. Eo ke kabelo e Jehofa a lo neileng yone. Ka jalo, tlhokomelang bakaulengwe le bokgaitsadi ba koo.” Se mokaulengwe yono a neng a se bua, se ile sa re thusa go ipaakanyetsa go dira ditsala tse disha kwa nageng eo, le fa gone re ne re sa itsiwe ke batho ba le bantsi e bile re sa itse naga eo.

Paul: Go ise go ye kae, re ile ra tlwaela bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Ghana. Go ne go na le Basupi ba le bantsi koo! Re ile ra lemoga gore ba na le tumelo e e nonofile le gore ba a ikanyega. Fa re sena go fetsa dingwaga di le 13 re direla kwa Ghana, re ne ra gakgamala fa re ne re kopiwa gore re ye go direla kwa ofising ya lekala kwa Kenya. Ke boammaaruri gore re ne re tlhologelelwa bakaulengwe ba kwa Ghana le ba kwa Liberia fela thata. Mme gone, re ile ra dira ditsala le bakaulengwe le bokgaitsadi ba mo Kenya. Le mo Kenya, go na le tiro e ntsi ya go rera.

Re na le ditsala kwa Kenya ka 2023

RE ITHUTILE DILO DI LE DINTSI MO DIKABELONG TSA RONA

Anne: Go na le dilo tse dintsi tse di botlhoko tse di ntiragaletseng mo botshelong e bile ka dinako tse dingwe, ke ne ke boifa thata. Fa re nna mo mafelong a a kotsi e bile e le ka dinako tse di thata, re ka lwala, ra tshoga kgotsa ra tlhobaela. Gone ga re ka ke ra lebelela gore Jehofa a re sireletse mo dilong tseno. Tota le gone jaanong, fa ke utlwa modumo wa tlhobolo ke feroga sebete e bile diatla tsa me di swa bogatsu. Mme gone, ke ithutile go dirisa dilo tsotlhe tse Jehofa a re thusang ka tsone gore re nne le maatla, ka sekai o dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba re nonotshe. Gape go ithuta, go rapela, go ya dipokanong le go rera ke tsela e nngwe e Jehofa a re thusang ka yone gore re tswelele re le mo dikabelong tsa rona.

Paul: Bangwe ba a tle ba re botse gore a re rata kabelo ya rona. Ke boammaaruri gore dinaga di ka nna dintle, mme gone maemo a a fetoga e bile a ka nna kotsi. Ka jalo, re rata bakaulengwe le bokgaitsadi thata go feta dinaga tseno. Le fa re ka tswa re godisitswe ka ditsela tse di sa tshwaneng e bile re tswa mo mafelong a a farologaneng, re ikutlwa ka tsela e e tshwanang ka Jehofa. Fa re ya kwa dinageng tse dingwe, re ne re ela go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi. Mme gone, ke bone ba ba neng ba re kgothatsa.

Gongwe le gongwe kwa re yang gone, re a lemoga gore re na le lelapa. Fa fela re le mo phuthegong ya ga Jehofa, re na le batho ba ba re ratang e bile re sireletsegile. Ga re belaele gore fa re tswelela re ikaega ka Jehofa, o tla re naya maatla a gore re tswelele re ikanyega le fa go ka direga eng.​—Bafil. 4:13.

a O ka bala kgang ya botshelo ya ga John Charuk ya setlhogo se se reng, I Am Grateful to God and Christ mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa March 15, 1973 ka Seesemane.