Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng Se se Ka go Thusang go Ithuta o le Nosi Beke le Beke?

Ke Eng Se se Ka go Thusang go Ithuta o le Nosi Beke le Beke?

A O THATAFALELWA ke go ithuta o le nosi beke le beke? A ka dinako dingwe ga o itumelele go ithuta Baebele? Gongwe rotlhe re ikutlwa jalo ka dinako dingwe. Mme gone, akanya ka dilo dingwe tse re di dirang letsatsi le letsatsi, tse di jaaka go tlhapa. Go tlhapa go tlhoka nako e bile re tshwanetse go go tseela matsapa. Le fa go ntse jalo, fa re fetsa go tlhapa re ikutlwa re lapologetswe. Go ithuta Baebele le gone go ka dira gore re itumele. (Baef. 5:26) A re tlotleng ka dikakantsho dingwe tse di ka re thusang:

  • Itirele thulaganyo. Go ithuta Baebele re le nosi ke sengwe sa “dilo tse di botlhokwa thata” tse re tshwanetseng go di dira. (Bafil. 1:10) Gore o se ka wa lebala nako ya gago ya go ithuta, kwala letsatsi le nako eo mo pampiring o bo o e baya mo o ka kgonang go e bona motlhofo. Gongwe o ka tsenya alamo gore e go gopotse nakwana pele ga foo.

  • Tlhopha nako e e go siametseng. Ke eng se se go berekelang? Ka sekai, a o kgona go tlhoma mogopolo fa o ithuta ura yotlhe? Kgotsa a o rata go ithuta ka nako e khutshwane mme o dira jalo ka makgetlo a le mmalwa? Ke wena o itseng se se tla go berekelang. Ka jalo, akanya ka dintlha tseno fa o dira thulaganyo ya go ithuta. Mme go tweng fa o sa eletse go ithuta fa nako ya gago ya go ithuta e goroga? Leka go dirisa metsotso e le lesome go ithuta. Tota le fa eo e ka tswa e le nako e khutshwane, o ka ithuta go le gontsi. Gongwe fa o dira jalo, o tla itumelela go ithuta o bo o batla go oketsa nako.​—Bafil. 2:13.

  • Tlhopha se o tla se ithutang. Fa o dira tshwetso ya gore o tla ithuta eng ka nako e o tshwanetseng go ithuta ka yone, o ka nna wa se ka wa “dirisa nako ya [gago] sentle.” (Baef. 5:16) Leka go kwala ditlhogo kgotsa dintlha tse o ka ratang go di ithuta. Ka sekai, fa go na le potso nngwe e o ipotsang yone, e kwale. Gongwe beke le beke fa o sena go ithuta, go ka nna le dintlha tse dingwe gape tse o ka di kwalang gore o di ithute mo nakong e e tlang.

  • Dira diphetogo fa go tlhokega. Leka go nna o fetofetola nako e o e fetsang o ithuta kgotsa dilo tse o di ithutang. Selo sa botlhokwa ke gore o ithute beke le beke, e seng gore o ithuta leng, o ithuta lobaka lo lokae, kgotsa gore o ithuta eng.

Fa re ithuta beke le beke, re tla atamalana le Jehofa, re tla dira ditshwetso tse di siameng e bile re tla ikutlwa re lapologetswe.​—Josh. 1:8.