Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 44

PINA 33 Latlhela Mokgweleo wa Gago mo go Jehofa

O ka Dira Eng Fa o Sa Tshwarwe sentle?

O ka Dira Eng Fa o Sa Tshwarwe sentle?

“Lo se ka lwa itetla gore lo fenngwe ke bosula, mme nnang lo fenye bosula ka molemo.”​—BAR. 12:21.

SE GO BUIWANG KA SONE

Mo setlhogong seno re tla bona gore re ka dira eng fa batho ba bangwe ba sa re tshware sentle.

1-2. Mongwe le mongwe wa rona a ka diragalelwa ke eng?

 JESU o ile a bua ka setshwantsho sa motlholagadi yo o ileng a kopa moatlhodi gore a mo thuse ka gonne mongwe a ne a sa mo tshware sentle. Ga go pelaelo gore bontsi jwa barutwa ba gagwe ba ne ba tlhaloganya kafa mosadi yoo a neng a ikutlwa ka gone, ka gonne batho ba le bantsi ba ne ba sa tshwarwe sentle ka nako eo. (Luke 18:1-5) Le rona re a tlhaloganya gore o ne a ikutlwa jang ka gonne ga go ope wa rona yo o sa itseng botlhoko jwa go sa tshwarwe sentle.

2 Ga re gakgamale fa re sa tshwarwe sentle ka gonne batho ba le bantsi gompieno ba tlhaola batho ba bangwe, ba a ba gatelela e bile ga ba pelontle. (Mor. 5:8) Se se ka re utlwisang botlhoko le go feta ke fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a sa re tshware sentle. Boammaaruri ke gore Bakeresetemmogo le rona ga ba tshwane le batho ba ba re gatelelang kgotsa ba ba re bogisang. Fa ba sa re tshware sentle, ga ba dire jalo ka boomo. Go na le moo, seo se bontsha gore ba na le boleo. Re ka ithuta go le gontsi mo tseleng e Jesu a neng a itshwara ka yone fa batho ba ba bosula ba ne ba sa mo tshware sentle. Fa e le gore re ka kgona go nna pelotelele fa baganetsi ba sa re tshware sentle, re tshwanetse go dira se se tshwanang fa badumedimmogo le rona ba sa re tshware sentle. Jehofa o ikutlwa jang fa batho ba ba mo direlang le ba ba sa mo direleng ba sa re tshware sentle? A o amega ka se se re diragalelang?

3. Re itse jang gore Jehofa o amega ka tsela e batho ba bangwe ba re tshwarang ka yone?

3 Jehofa o batla gore re tshwarwe sentle, e bile o a bona fa batho ba bangwe ba sa re tshware sentle. Baebele e a re: “Jehofa o rata tshiamiso.” (Pes. 37:28) Jesu o re netefaletsa gore ka nako e e tshwanetseng, Jehofa o tla tlhomamisa gore re “direlwa tshiamiso ka bonako.” (Luke 18:7, 8) Go ise go ye kae, o tla tlosa dilo tsotlhe tse di dirang gore re boge e bile ga a kitla a letla batho ba bangwe gore ba se ka ba re tshwara sentle gape.​—Pes. 72:1, 2.

4. Jehofa o re thusa jang gompieno?

4 Fa re sa ntse re emetse nako e Jehofa a tlileng go tlosa tshiamololo yotlhe ka yone, o a re thusa fa re sa tshwarwe sentle. (2 Pet. 3:13) Ka sekai, o re ruta gore re ka dira eng fa batho ba bangwe ba sa re tshware sentle gore re se ka ra gakatsa dilo. O dirisa Baebele go re bontsha gore Jesu o ne a itshwara jang fa batho ba bangwe ba ne ba sa mo tshware sentle. Gape o re naya kgakololo e re ka e dirisang fa batho ba bangwe ba sa re tshware sentle.

GORENG O TSHWANETSE GO NNA KELOTLHOKO FA O SA TSHWARWE SENTLE?

5. Goreng re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re itshwara jang fa batho ba bangwe ba sa re tshware sentle?

5 Re ka nna ra utlwa botlhoko thata fa batho ba sa re tshware sentle. (Mor. 7:7) Batlhanka ba ga Jehofa ba mo nakong e e fetileng ba ba jaaka Jobe le Habakuke, le bone ba ne ba ikutlwa jalo. (Jobe 6:2, 3; Hab. 1:1-3) Le fa go tlwaelegile go ikutlwa jalo, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra itshwara ka tsela e e ka dirang gore re feleletse re dirile sengwe se se sa siamang.

6. Re ithuta eng mo go se Abesalome a ileng a se dira? (Bona le setshwantsho.)

6 Fa mongwe a sa re tshware sentle kgotsa a sa tshware mongwe yo re mo ratang sentle, re ka nna ra batla go ipusolosetsa. Mme gone, go dira jalo go ka oketsa mathata. Akanya ka se se ileng sa diragalela morwa wa ga Kgosi Dafide e bong Abesalome. O ile a tuka bogale fa Amenone a sena go betelela kgaitsadie e bong Tamare. Go ya ka Molao wa ga Moshe, Amenone o ne a tshwanetse go bolawa ka ntlha ya se a se dirileng. (Lefi. 20:17) Le fa go ne go utlwala go bo Abesalome a ne a galefile, o ne a sa tshwanela go bolaya Amenone.​—2 Sam. 13:20-23, 28, 29.

Abesalome o ile a tswelela a galefile fa kgaitsadie e bong Tamare a sena go betelelwa (Bona serapa 6)


7. Motlhanka mongwe wa ga Jehofa o ile a itshwara jang fa a bona batho ba sa tshwarwe sentle?

7 Fa go lebega e kete batho ba ba sa re tshwareng sentle ga ba otlhaelwe dilo tse di sa siamang tse ba di dirang, re ka nna ra simolola go akanya gore go dira se se siameng ga go na mosola. Motlhanka mongwe wa ga Jehofa o ile a bona batho ba ba bosula ba sa tshware batho ba ba siameng sentle e bile ba itumelela botshelo. O ile a re: “Bano ke batho ba ba bosula, ba ba tshelang monate ka metlha.” (Pes. 73:12) Gape o ile a utlwisiwa botlhoko thata ke tshiamololo e e neng e direga, e bile o ne a tsaya gore ke ga lefela go direla Jehofa. O ne a re: “Fa ke ne ke leka go tlhaloganya seno, ke ne ke tshwenyega.” (Pes. 73:14, 16) Gape o ne a re: “Fa e le nna, dinao tsa me di batlile di fapoga; dikgato tsa me di batlile di relela.” (Pes. 73:2) Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Alberto le ene o ile a diragalelwa ke se se tshwanang.

8. Mokaulengwe mongwe o ile a dira eng fa a ne a sa tshwarwe sentle?

8 Bakaulengwe bangwe ba ile ba re Alberto o utswitse madi a phuthego, mme go sa nna jalo. Seo se ile sa dira gore a se ka a tlhola a nna mogolwane le gore batho ba le bantsi mo phuthegong ba ba neng ba utlwile ka kgang eo ba se ka ba tlhola ba mo tlotla. A re: “Ke ne ke galefile tota e bile ke kgobegile marapo.” Alberto o ile a letla seo gore se koafatse botsala jwa gagwe le Jehofa, e bile o ile a fetsa dingwaga di le tlhano a sa ye dipokanong. Se se mo diragaletseng se re bontsha se se ka diregang fa re galefa ka gonne batho ba bangwe ba sa re tshware sentle.

ETSA JESU FA O SA TSHWARWE SENTLE

9. Jesu o ile a itshokela eng? (Bona le setshwantsho.)

9 Jesu o re tlhometse sekao se sentle sa gore re ka dira eng fa batho ba sa re tshware sentle. Batho ba le bantsi ba ne ba sa mo tshware sentle, go akaretsa le ba lelapa la gagabo. Ba masika a gagwe ba ne ba re o a tsenwa, baeteledipele ba bodumedi ba ne ba re madimona ke one a mo nayang maatla e bile masole a Baroma a ne a mo sotla, a mmogisa e bile a ile a mmolaya. (Mar. 3:21, 22; 14:55; 15:16-20, 35-37) Le fa go ntse jalo, Jesu o ile a itshoka mme ga a a ka a ipusolosetsa. Re ithuta eng mo go se Jesu a ileng a se dira?

Jesu o re tlhometse sekao sa gore re ka itshwara jang fa batho ba bangwe ba sa re tshware sentle (Bona serapa 9-10)


10. Jesu o ile a dira eng fa a ne a sa tshwarwe sentle? (1 Petere 2:21-23)

10 Bala 1 Petere 2:21-23. a Jesu o re tlhometse sekao se sentle sa gore re dire eng fa batho ba bangwe ba sa re tshware sentle. O ne a itse gore ke leng a tshwanetseng go didimala, le gore ke leng a tshwanetseng go bua. (Math. 26:62-64) Ka dinako dingwe fa batho ba ne ba bua maaka ka ene, o ne a sa bue sepe. (Math. 11:19) Mme fa a ne a tlhopha go bua sengwe, o ne a sa tlhapatse batho ba ba neng ba mmogisa kgotsa ba ba neng ba mo tshosetsa. Ka metlha Jesu o ne a bua le batho sentle ka gonne o ne a ‘ineetse mo go Ene yo o atlholang ka tshiamo.’ Jesu o ne a itse gore Jehofa o a bona fa a sa tshwarwe sentle. Gape o ne a itse gore Jehofa o ne a tlile go fedisa tshiamololo eo ka nako e e siameng.

11. Re tshwanetse go bua jang le batho ba bangwe? (Bona le ditshwantsho.)

11 Fa re sa tshwarwe sentle, re ka bontsha gore re etsa Jesu ka tsela e re buang ka yone. Dilo dingwe tse batho ba re dirang tsone ga se sepe se se kalo, ka jalo re ka tswa mo go tsone. Kgotsa re ka nna ra didimala gore re se ka ra bua sengwe se se ka gakatsang dilo. (Mor. 3:7; Jak. 1:19, 20) Ka dinako dingwe, re ka nna ra tshwanelwa ke go bua ka gonne mongwe a sa tshwarwe sentle kgotsa re femela se re se dumelang. (Dit. 6:1, 2) Mme gone, fa re bua re tshwanetse go ritibala mme re bontshe gore re tlotla batho ba re buang le bone.​—1 Pet. 3:15. b

Fa batho ba sa re tshware sentle, re ka etsa Jesu ka go nna kelotlhoko gore re bua jang le gore re bua leng (Bona serapa 11-12)


12. Re ka bontsha jang gore re ineela mo go “Ene yo o atlholang ka tshiamo”?

12 Gape re ka etsa Jesu ka go ineela mo go “Ene yo o atlholang ka tshiamo.” Fa batho ba bangwe ba sa re tshware sentle, re a itse gore Jehofa o bona se se diregang. Seo se tla re thusa gore re kgone go itshoka go fitlha Jehofa a baakanya dilo. Fa re tshepa Jehofa e bile re nna re letile gore a baakanye mathata otlhe, ga re kitla re nna re galefile kgotsa re tlhoa batho ba bangwe. Go galefela batho ba bangwe go ka dira gore re dire sengwe se se sa siamang, re se ka ra itumela le gore re senye botsala jwa rona le Jehofa.​—Pes. 37:8.

13. Ke eng se se ka re thusang gore re tswelele re itshokile fa re sa tshwarwe sentle?

13 Boammaaruri ke gore ga re ka ke ra kgona go etsa Jesu ka botlalo. Ka dinako dingwe re ka nna ra bua kgotsa ra dira dilo dingwe tse re ka di ikwatlhaelang moragonyana. (Jak. 3:2) Mme ka dinako tse dingwe, tsela e batho ba re tshwarang ka yone e ka re utlwisa botlhoko kgotsa ya re tlogela ka matsadi botshelo jotlhe. Fa e le gore seo se go diragaletse, tlhomamisega gore Jehofa o itse kafa o ikutlwang ka gone. Jesu le ene o a itse gore o ikutlwa jang ka gonne o kile a bogisiwa. (Baheb. 4:15, 16) Jehofa o ile a dirisa sekao sa ga Jesu go re bontsha gore re ka dira eng fa re sa tshwarwe sentle. Mo godimo ga moo, o re naya kgakololo e e tswang mo Baebeleng. A jaanong re tlotleng ka ditemana di le pedi tse di mo bukeng ya Baroma tse di ka re thusang.

“SUTELANG BOGALE JWA MODIMO”

14. Go ‘sutela bogale jwa Modimo’ go kaya eng? (Baroma 12:19)

14 Bala Baroma 12:19. Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete gore ba ‘sutele bogale jwa Modimo.’ Go ‘sutela bogale jwa Modimo’ go kaya go letla Modimo gore a dire tshwetso ya gore o tla dira jang gore go nne le tshiamiso le gore o tla dira jalo leng. Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang John yo o neng a sa tshwarwe sentle a re: “Ke ne ke tshwanetse go dira ka natla gore ke se ka ka galefa ke bo ke feleletsa ke dirile sengwe se se sa siamang. Go dira jalo go ne go se motlhofo. Baroma 12:19 e nthusitse gore ke nne pelotelele le gore ke letele Jehofa.”

15. Re tshwanetse go dira eng fa re na le mathata?

15 Go letela Jehofa gore a baakanye dilo go tla re tswela mosola. Go tla re thusa gore re se ka ra nna le seterese se gantsi se nna teng fa re itharabololela mathata. Jehofa o re kopa gore re nne re mo letile e bile o solofetsa gore o tla tlosa tshiamololo yotlhe. Fa re dumela gore Jehofa o tla fedisa batho ba ba bosula, ga re tlhoke go nna re galefile fa ba sa re tshware sentle ka gonne re a itse gore o tla dira se se siameng. John yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng o ile a dira jalo. A re: “Fa ke letela Jehofa gore a rarabolole bothata jo ke nang le jone, o dira jalo ka tsela e e gaisang e ke neng nka bo rarabolola ka yone.”

“NNANG LO FENYE BOSULA KA MOLEMO”

16-17. Thapelo e ka re thusa jang gore re ‘nne re fenye bosula ka molemo’? (Baroma 12:21)

16 Bala Baroma 12:21. Gape Paulo o ile a kgothaletsa Bakeresete gore ba ‘nne ba fenye bosula ka molemo.’ Mo Therong ya Kwa Thabeng, Jesu o ne a re: “Tswelelang lo rata baba ba lona e bile lo rapelela ba ba lo bogisang.” (Math. 5:44) Seo ke Jesu a ileng a se dira. Re ka tswa re ile ra leka go akanya gore Jesu o ne a ikutlwa jang fa masole a Baroma a ne a mo kokotela mo koteng. Mme gone, ga re ka ke ra tlhaloganya ka botlalo gore o ne a ikutlwa jang fa a ne a tshwarwa setlhogo jalo.

17 Jesu o ile a tswelela a rata Jehofa e bile a ikanyega mo go ene le fa a ne a bogisiwa setlhogo jalo. Go na le gore a rapelele gore Jehofa a otlhaye masole ao, o ile a re: “Rara, ba itshwarele, ka gonne ga ba itse se ba se dirang.” (Luke 23:34) Fa re kopa Jehofa gore a thuse batho ba ba sa re tshwareng sentle, seo se tla re thusa gore re ritibale le gore re se ka ra galefa thata. Gape go tla re thusa gore re fetole tsela e re ikutlwang ka yone ka bone.

18. Thapelo e ile ya thusa jang Alberto le John fa ba ne ba sa tshwarwe sentle?

18 Thapelo e ile ya thusa bakaulengwe ba babedi ba ba neng ba sa tshwarwe sentle ba re tlotlileng ka bone mo dirapeng tse di fetileng. Alberto a re: “Ke ile ka rapelela bakaulengwe ba ba neng ba sa ntshware sentle. Ke ile ka kopa Jehofa ka makgetlo a le mantsi gore a nthuse gore ke se ka ka nna ke galefile ka ntlha ya se ba ntirileng sone.” Se se itumedisang ke gore Alberto o ile a simolola go direla Jehofa gape. John a re: “Ke ile ka nna ke rapelela mokaulengwe yo o neng a nkutlwisitse botlhoko. Jehofa o ile a nthusa gore ke se ka ka tswelela ke mo galefetse le gore ke se ka ka nna ke mo leba ka tsela e e sa siamang. Gape go rapela go ile ga nthusa gore ke ritibale.”

19. Fa re sa ntse re tshela mo lefatsheng leno, re tshwanetse go dira eng? (1 Petere 3:8, 9)

19 Fa re sa ntse re tshela mo lefatsheng leno le le bosula, re ka nna ra se ka ra tshwarwa sentle. Mme le fa go ka nna jang, re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re thuse. Gape re tshwanetse go etsa tsela e Jesu a neng a itshwara ka yone fa a ne a sa tshwarwe sentle e bile re tshwanetse go tswelela re dirisa melaometheo e e mo Baebeleng. Fa re dira jalo, Jehofa o tla re segofatsa.​—Bala 1 Petere 3:8, 9.

PINA 38 O Tla go Nonotsha

a Mo go Petere wa ntlha kgaolo 2 le 3, moaposetoloi Petere o tlhalosa gore Bakeresete bangwe ba ne ba sa tshwarwe sentle ke batho ba ba neng ba ba berekela kgotsa banna ba bone ba e neng e se Bakeresete.​—1 Pet. 2:18-20; 3:1-6, 8, 9.

b Lebelela bidio ya setlhogo se se reng, Lorato lo ka Dira Jang Gore re Nne le Kagiso ya Mmatota mo jw.org.