TORA YA TEBELO—MAKASINE O O ITHUTIWANG October 2016

Makasine ono o na le ditlhogo tsa thuto tsa November 28 go ya go December 25, 2016.

PEGO YA BOTSHELO

Go Etsa Dikao Tse di Molemo

Fa Bakeresete ba ba godileng sentle ba kgothatsa ba bangwe, seo se ka ba thusa gore ba ipeele mekgele e e molemo mme ba dire ka natla go e fitlhelela. Thomas McLain o tlhalosa kafa bangwe ba mo tlhometseng sekao se se molemo ka gone le kafa a ileng a thusa ba bangwe ka gone.

“Lo se Ka Lwa Lebala go Tshola Baeng”

Modimo o leba jang batho ba dinaga tse dingwe? Re ka thusa jang batho ba dinaga tse dingwe gore ba ikutlwe ba phuthologile mo phuthegong?

Tswelela O na Le Kamano e e Molemo le Jehofa fa o Direla Kwa Nageng e Nngwe

Bakeresete botlhe ba tshwanetse go tlhomamisa gore kamano ya bone le Jehofa le kamano ya ba malapa a bone le Jehofa e tla pele. Le fa go ntse jalo, ba ba direlang kwa dinageng tse dingwe ba lebana le dikgwetlho tse dingwe gape.

A o “Dibela Botlhale jo bo Mosola”?

Botlhale jo bo mosola bo farologana jang le kitso le go tlhaloganya dilo sentle? Go itse pharologanyo go ka re solegela molemo thata.

Nonotsha Tumelo ya Gago Mo go Se o Se Solofetseng

Re ka kgothadiwa ke dikao tsa batho ba ba nang le tumelo, ba motlha wa bogologolo le ba motlha wa rona. O ka dira eng gore o tswelele o na le tumelo e e nonofileng?

Bontsha Gore o Dumela Ditsholofetso Tsa ga Jehofa

Tumelo ke eng? Mme sa botlhokwa le go feta, re tshwanetse go bontsha tumelo ya rona ka ditsela dife?

A o Ne o Itse?

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, naga ya Roma e ne e naya balaodi ba Bajuda taolo e e kana kang mo dikgannyeng tsa semolao? A ke boammaaruri gore mo metlheng ya bogologolo mongwe o ne a ka jala mofero mo tshimong ya motho yo mongwe?