TORA YA TEBELO—MAKASINE O O ITHUTIWANG October 2018

Makasine ono o na le ditlhogo tsa thuto tsa December 3-30, 2018.

1918—Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng

Ntwa e Kgolo e ne e fagile kwa Yuropa, mme dilo tse di neng di diragala ngwaga oo, di ne di bolela dilo tse di molemo mo Baithuting ba Baebele le mo bathong botlhe.

Go Bua Boammaaruri

Goreng batho ba bua maaka, seo se felela ka eng? Re ka bua boammaaruri jang?

Go Ruta Boammaaruri

Re tlhoka go thusa batho gore e nne balatedi ba ga Jesu. Re ka dirisa jang Lebokoso la Dithulusu la go Ruta?

PEGO YA BOTSHELO

Jehofa o Ile a Segofatsa Tshwetso ya Me

Charles Molohan o ne a oketsa bodiredi jwa gagwe fa a sa le mosha ka go ya kwa Bethele. Jehofa o ile a mo segofatsa.

Ikanye Moeteledipele wa Rona—Keresete

Fa phuthego ya ga Jehofa e ntse e gatela pele, re na le mabaka afe a go ikanya tsela e Keresete a re etelelang pele ka yone?

Tswelela O na le Kagiso ya Mogopolo Le fa O Lebana le Diphetogo

Fa re lebana le diphetogo, seno se ka dira gore re tlhobaele. ‘Kagiso ya Modimo’ e ka re thusa jang?

A o Ne o Itse?

Setefane e ne ya nna moswelatumelo wa ntlha yo go buiwang ka ene mo Baebeleng. Ke eng se se mo thusitseng go nna a ritibetse?