Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

1918—Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng

1918—Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng

Tora ya Tebelo ya January 1, 1918 e ne ya re: “Go tla diragala eng ka 1918?” Ntwa e Kgolo e ne e fagile kwa Yuropa, mme gone, dilo tse di neng di diragala fa ngwaga oo o simolola, di ne di bolela dikgang tse di molemo mo Baithuting ba Baebele le mo bathong ka kakaretso.

GO BUELELWA KAGISO

Ka January 8, 1918, Moporesidente wa kwa United States e bong Woodrow Wilson o ne a bua dilo di le 14 tse a neng a tsaya gore di tla dira gore go nne le “kagiso le tshiamiso mo setšhabeng.” O ne a akantsha gore ditšhaba di simolole go dirisana mmogo, dibetsa di fokodiwe le gore go tlhomiwe lekgotla lengwe le le tla emelang dinaga tsotlhe. Dintlha tse a neng a di bua di ne tsa dirisiwa fa go ne go dirwa Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba e bile di ne tsa dirisiwa fa go kwalwa tumalano ya Versailles e e neng e ya dira gore Ntwa e Kgolo e khutle.

BAGANETSI BA A FENNGWA

Le fa gone ka 1917 go ne go na le dikhuduego, * go ne go bonala Baithuti ba Baebele bone ba tla nna le kagiso ka ntlha ya dilo tse di diragetseng kwa pokanong ya ngwaga le ngwaga ya Watch Tower Bible and Tract Society.

Kwa pokanong eo e e neng ya tshwarwa ka January 5, 1918, banna bangwe ba ba itsegeng ba ba neng ba lelekilwe kwa Bethele ba ne ba batla go laola mo phuthegong. Mokaulengwe Richard H. Barber, yo e neng e le molebedi yo o etang o ne a simolola pokano eo ka thapelo. Morago ga go balwa ga pego ya ngwaga o o fetileng, go ne ga tlhophiwa balebedi. Mokaulengwe Barber o ne a re go tlhomiwe mokaulengwe Joseph Rutherford le bakaulengwe ba bangwe ba le barataro. Morago ga moo, mmueledi yo o neng a tshegetsa baganetsi, o ile a re go tlhomiwe banna ba le supa go akaretsa le ba ba ileng ba lelekwa kwa Bethele. Ga go a ka ga nna jalo. Bontsi bo ile jwa tlhopha Mokaulengwe Rutherford le bakaulengwe ba barataro ba ba ikanyegang gore e nne balebedi.

Bakaulengwe ba ba neng ba le koo ba ile ba re eo e ne e le pokano e e molemo go di gaisa tsotlhe e ba kileng ba ya kwa go yone. Mme ga ba a ka ba itumela lobaka.

BUKA YA THE FINISHED MYSTERY E A THIBELWA

Baithuti ba Baebele ba ne ba na le dikgwedi di le mmalwa ba anamisa buka ya The Finished Mystery. Batho ba ba siameng ba ile ba kgatlhegela molaetsa wa yone.

Molebedi yo o etang wa kwa Canada e bong E. F. Crist o ile a bua ka banyalani bangwe ba ba ileng ba bala buka eno mme ba amogela boammaaruri mo dibekeng di le tlhano fela! O ne a re: “Banyalani bano ba ineetse mo Modimong e bile ba gatela pele.”

Monna mongwe yo o neng a na le buka eno o ile a tlotlela ditsala tsa gagwe dilo tse a di ithutileng mo go yone. A re: “Fa ke tsamaya mo tseleng, ke ne ka itewa ke sengwe se ke neng ke ithaya ke re ke setena. Le fa go ntse jalo, e ne e le buka ya ‘The Finished Mystery.’ Ke ile ka ya ka yone kwa gae mme ka e bala. . . . Moragonyana ke ile ka utlwa gore moruti . . . ke ene a neng a nkolopa ka yone ka gonne a ne a galefile . . . Se a ileng a se dira se ile sa dira gore batho ba le bantsi ba feleletse ba na le tsholofelo. . . . Kgalefo ya gagwe e ile ya dira gore re galaletse Modimo.”

Moruti yoo ga se ene fela yo o neng a sa rate buka eo. Badiredi ba puso kwa Canada ba ile ba thibela buka eo ka February 12, 1918, ba re e bua kgatlhanong le ntwa le gore e dira gore batho ba se ka ba tshepa puso. Morago ga moo, badiredi ba puso kwa United States le bone ba ne ba dira se se tshwanang. Badiredi ba puso ba ile ba phuruphutsa legae la Bethele le diofisi tsa kwa New York, Pennsylvania le California, ba batla bosupi kgatlhanong le bakaulengwe ba ba eteletseng phuthego pele. Ka March 14, 1918, Lefapha la Tshiamiso kwa United States le ile la thibela buka ya The Finished Mystery, le re buka eno e kgoreletsa letsholo la ntwa, e leng sengwe se se sa dumalaneng le molao o o bidiwang Espionage Act.

BAKAULENGWE BA A TSHWARWA!

Ka May 7, 1918, Lefapha la Tshiamiso le ile la tshwara Giovanni DeCecca, George Fisher, Alexander Macmillan, Robert Martin, Frederick Robison, Joseph Rutherford, William Van Amburgh, le Clayton Woodworth. Ba ne ba latofadiwa ka go tsuologela puso, boferefere le go gana tirelo ya sesole sa United States. Tsheko ya bone e ne ya simolola ka June 3, 1918 mme gone go ne go sena pelaelo gore ba ne ba tla bonwa molato. Ka ntlha yang?

Mmueledi yo mogolo wa United States o ne a re molao o ba latofadiwang ka go o tlola o o bidiwang Espionage Act, o ne o thusa gore go se ka ga anamisiwa tshedimosetso e e seng boammaaruri. Ka May 16, 1918, Kongerese e ne ya gana go dira phetogo mo molaong oo. Phetogo eo e ne e tla sireletsa ba ba neng ba gatisa dilo tse di boammaaruri e bile ba dira jalo ka maitlhomo a a siameng. Go ne go buiwa thata ka buka ya The Finished Mystery. Kongerese ya United States e ne ya bua jaana ka yone: “Nngwe ya dibuka tse di anamisang maaka thata ke buka ya ‘The Finished Mystery’ . . . E dira gore masole a tlhanogele puso e bile e tlhotlheletsa batho . . . gore ba gane go tsenela sesole.”

Ka June 20, 1918, setlhopha sa baagi se se dirang tshwetso mo kgetsing ya katlholo, se ile sa bona bakaulengwe bao molato. Mo letsatsing le le latelang, ba ile ba atlholwa. Moatlhodi o ne a re: “Thuto ya maaka e banna bano ba e rerang . . . e kotsi go feta masole a Jeremane. . . . Ba tshwanetse go otlhaiwa botlhoko.” Dibeke tse pedi tse di latelang, bakaulengwe bano ba ile ba isiwa kgolegelong kwa Atlanta, Georgia, mme ba newa katlholo ya dingwaga di le 10 go ya go di le 20.

TIRO YA GO RERA E A TSWELELA

Ka nako eo, Baithuti ba Baebele ba ne ba bogisiwa mo go botlhoko. Mapodisi a FBI a ne a dira dipatlisiso ka tiro ya bone mme ba kwala dipego di le dintsi. Dipego tseno di bontsha gore bakaulengwe ba rona ba ne ba ikemiseditse go rera.

Raposo mongwe kwa Orlando, Florida, o ne a kwalela mapodisi a FBI jaana: “[Baithuti ba Baebele] ba rera ka ntlo le ntlo e bile bontsi jwa nako ba dira jalo bosigo. . . . Go a bonala gore ba batla go tswelela ka tiro ya bone ka gonne ba nna ba tshwenya batho.”

Mokolonele wa Lefapha la Ntwa o ne a kwalela mapodisi a FBI a ba bolelela ka tiro e Frederick W. Franz yo moragonyana e neng ya nna leloko la Setlhopha se se Laolang. O ne a re: “F. W. Franz o ntse a rekisa dibolumo di le dintsi tsa buka ya ‘Finished Mystery’.”

Charles Fekel, yo le ene moragonyana e neng ya nna leloko la Setlhopha se se Laolang o ne a bogisiwa. Badiredi ba puso ba ne ba mo tshwara ka gonne a ne a anamisa buka ya The Finished Mystery e bile ba ne ba tlhatlhoba makwalo a a neng a a kwala. O ne a fetsa kgwedi a le mo kgolegelong kwa Baltimore, Maryland, mme go ne go twe ke “motswakwa le mmaba wa kwa Austria.” Fa a ntse a rerela batho ba ba mo botsolotsang, o ne a gopola mafoko a ga Paulo a a mo go 1 Bakorintha 9:16 a a reng: “A bo go latlhega nna fa e le gore ga ke a bolela dikgang tse di molemo!” *

Baithuti ba Baebele ba ne ba kwala lokwalo ba kopa gore bakaulengwe ba ba mo kgolegelong kwa Atlanta ba gololwe. Anna K. Gardner o ne a re: “Re ne re nna re tshwaregile ka tiro nngwe. Fa bakaulengwe ba ne ba le kwa kgolegelong, re ne re tshwaregile ka go kopa batho gore ba saene lokwalo loo. Re ne re tsamaya ka ntlo le ntlo. Batho ba le bantsi ba ile ba saena! Re ne re bolelela batho gore banna bano ke Bakeresete ba boammaaruri le gore ba diretswe tshiamololo.”

DIKOPANO

Ka dinako tseo tsa mathata, go ne go tshwarwa dikopano di le dintsi go nonotsha bakaulengwe. Makasine wa Tora ya Tebelo o ne wa re: “Go ne ga tshwarwa dikopano di feta 40 . . . mo ngwageng ono . . . Re amogetse dipego tse dintsi tse di molemo tse di tswang kwa dikopanong tseo. Bogologolo go ne go tshwarwa dikopano ka dikgwedi tse di rileng fela, mme gone jaanong re nna le dikopano kgwedi le kgwedi.”

Go ne go na le batho ba ba neng ba amogela dikgang tse di molemo. Kwa kopanong nngwe kwa Cleveland, Ohio, go ne go na le batho ba le 1 200 mme ga kolobediwa ba le 42, go akaretsa mosimane mongwe yo o neng a rata Modimo thata.

KE ENG SE SE LARILENG KWA PELE?

Fa ngwaga wa 1918 o ya bokhutlong, Baithuti ba Baebele ba ne ba sa itse se se larileng kwa pele. Dikago dingwe tsa kwa Brooklyn di ne tsa rekisiwa mme ntlokgolo e ne ya fudusediwa kwa Pittsburgh, Pennsylvania. Fa bakaulengwe ba ba eteletseng pele ba sa ntse ba le kwa kgolegelong, go ne ga rulaganngwa pokano ya ngwaga le ngwaga e e neng e tla tshwarwa ka January 4, 1919. Go ne go tla diragalang?

Bakaulengwe ba rona ba ile ba tswelela ka tiro ya go rera. Ba ne ba tlhomamisegile gore dilo di ne di tla siama, ke ka moo ba ileng ba tlhopha temana ya ngwaga wa 1919 e e reng: “Sebetsa le fa e ka nna sefe se se tla bopiwang kgatlhanong le wena ga se kitla se atlega.” (Isa. 54:17) Ba ne ba ipaakanyeditse diphetogo tse di neng di tla nonotsha tumelo ya bone le go ba thusa go dira tiro e e neng e larile kwa pele.

^ ser. 6 Bona setlhogo se se reng “Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng—1917,” mo kgatisong ya Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2017, ts. 172-176.

^ ser. 22 Bona kgang ya botshelo ya ga Charles Fekel ya setlhogo se se reng “Joys Through Perseverance in Good Work,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa March 1, 1969 (ka Seesemane).