Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bua Boammaaruri

Go Bua Boammaaruri

“A mongwe le mongwe a bue boammaaruri le yo mongwe.”—SEKA. 8:16.

PINA: 56, 124

1, 2. Ke eng se se amileng matshelo a batho ka tsela e e sa siamang, mme ke mang a se simolotseng?

FOUNO, tleloupu ya motlakase, koloi le foriji, di tokafaditse matshelo a rona. Le fa go ntse jalo, dilo tse dingwe tse di jaaka ditlhobolo, dibomo, disekerete le tse dingwe, di dirile gore matshelo a batho ba le bantsi a nne mo kotsing. Mme gone, go na le sengwe se se kotsi go di feta tsotlhe e bile se amile matshelo a batho fela thata. Ke eng selo seo? Ke maaka! Go bua maaka ke go bua sengwe se se seng boammaaruri ka maikaelelo a go tsietsa motho yo mongwe. Ke mang wa ntlha go bua maaka? Jesu Keresete o ne a re “Diabolo” ke “ramaaka.” (Bala Johane 8:44.) Satane o simolotse leng go bua maaka?

2 O ile a dira jalo dingwaga di le dintsi tse di fetileng kwa tshimong ya Edene. Banyalani ba ntlha e bong Adame le Efa, ba ne ba itumelela botshelo mo Paradaiseng e Modimo a neng a neng a ba beile mo go yone. Go tswa foo, Diabolo o ile a senya dilo. O ne a itse gore Modimo o ne a ba laetse gore ba se ka ba ja go tswa mo “[setlhareng] sa kitso ya molemo le bosula” gore ba se ka ba swa. Le fa go ntse jalo, Satane o ne a dirisa noga go bolelela Efa jaana: “Ruri ga lo kitla lo swa [ano ke one maaka a ntlha]. Gonne Modimo o a itse gore mo go lone letsatsi le lo jang mo go sone ka lone ruri matlho a lona a tla bulega mme lo tla tshwana le Modimo, lo itse molemo le bosula.”—Gen. 2:15-17; 3:1-5.

3. Ke eng fa maaka a ga Satane a ne a le bosula, mme a bakile mathata afe?

3 Maaka a ga Satane a ne a le bosula tota ka gonne o ne a itse sentle gore fa Efa a ka mo dumela a bo a ja leungo, o ne a tla swa. Adame le Efa ba ne ba tlola taelo ya Modimo mme ba feleletsa ba sule. (Gen. 3:6; 5:5) Mo godimo ga moo, ka ntlha ya boleo jwa bone, “loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe.” Tota e bile, “loso lo ne lwa busa jaaka kgosi . . . , le mo go ba ba neng ba sa leofa kafa setshwanong sa tlolo ya ga Adame.” (Bar. 5:12, 14) Gone jaanong batho ga ba kgone go tshelela ruri ba itekanetse jaaka Modimo a ne a batla, go na le moo, ba kgona go tshela fela “dingwaga di le masome a supa; mme fa e le ka ntlha ya thata e e kgethegileng ke dingwaga di le masome a le robedi.” Le fa go ntse jalo, botshelo bo “ganelela mo matshwenyegong le mo dilong tse di utlwisang botlhoko.” (Pes. 90:10) Mathata ano otlhe a nnile gone ka ntlha ya maaka a ga Satane!

4. (a) Re tlhoka go araba dipotso dife? (b) Go ya ka Pesalema 15:1, 2, ke mang a ka nnang tsala ya ga Jehofa?

4 Jesu o ne a bua jaana ka Diabolo: “O ne a se ka a itsetsepela mo boammaaruring, ka gonne boammaaruri ga bo yo mo go ene.” Satane o sa ntse a rata maaka ka gonne o “[tsietsa] lefatshe lotlhe le le nang le banni” ka maaka a gagwe. (Tshen. 12:9) Ga re batle gore Diabolo a re tsietse. Ka jalo, a re tlotle ka dipotso tseno tse tharo: Satane o tsietsa batho jang? Goreng batho ba rata go bua maaka? Re ka bontsha jang gore re “bua boammaaruri” ka metlha gore re se ka ra senya kamano ya rona le Jehofa jaaka Adame le Efa?—Bala Pesalema 15:1, 2.

KAFA SATANE A TSIETSANG BATHO KA GONE

5. Satane o tsietsa batho jang gompieno?

5 Moaposetoloi Paulo o ne a itse gore re ka tila go “tsiediwa ke Satane, gonne ga re ba ba se nang kitso ka maano a gagwe.” (2 Bakor. 2:11) Re a itse gore lefatshe lotlhe, go akaretsa bodumedi jwa maaka, dipolotiki tse di tletseng boferefere le dikgwebo tse di bogagapa, di laolwa ke Diabolo. (1 Joh. 5:19) Ka jalo, ga re gakgamadiwe ke gore Satane le madimona a gagwe ba tlhotlheletsa batho ba ba nang le taolo gore ba ‘bue maaka.’ (1 Tim. 4:1, 2) Go ntse jalo le ka batho ba ba mo dikgwebong tse dikgolo ba ba buang maaka mo dipapatsong tsa bone gore ba rekisetse batho dilo tse di kotsi kgotsa ba ba tsietse ka maikaelelo a go ba tseela madi.

6, 7. (a) Ke eng fa baeteledipele ba bodumedi ba ba buang maaka ba le molato le go feta? (b) Ke maaka afe a o kileng wa a utlwa a buiwa ke baeteledipele ba bodumedi?

6 Baeteledipele ba bodumedi ba ba buang maaka ba molato le go feta ka gonne ba tsenya matshelo a batho mo kotsing. Fa motho a dumela dithuto tsa bone tsa maaka a bo a dira sengwe se Modimo a sa se amogeleng, seo se ka dira gore a se ka a bona botshelo jo bo sa khutleng. (Hos. 4:9) Jesu o ne a itse gore baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe ba molato ka gonne ba tsietsa batho. O ne a ba bolelela jaana a sa kgale mathe ganong: “A bo go latlhega lona, bakwadi le Bafarasai, baitimokanyi! ka gonne lo ralala lewatle le lefatshe le le omeletseng go sokolola motho a le mongwe, mme fa a sokologa lo mo dira yo o lebanweng ke Gehena [tshenyego ya bosakhutleng] go menagane gabedi go feta lona.” (Math. 23:15) Jesu o ne a kgala baeteledipele bao ba bodumedi ka mafoko a a bogale. Eleruri ba ne ba ‘tswa mo go rraabone Diabolo, yo e neng e le mmolai.’—Joh. 8:44.

7 E ka ne ba bidiwa baruti, baperesiti, borabi, bobishopo kgotsa leina lepe le lengwe, baeteledipele ba bodumedi ba bantsi tota gompieno. Fela jaaka Bafarasai, ba ‘hupetsa boammaaruri’ jwa Lefoko la Modimo e bile ba “ananya boammaaruri jwa Modimo ka maaka.” (Bar. 1:18, 25) Ba ruta batho dithuto tsa maaka tse di jaaka molelo wa dihele, gore moya ga o swe, go tsalwa sesha le kgopolo e e bosula ya gore Modimo o letlelela gore batho ba bong jo bo tshwanang ba ratane le go nyalana.

8. Ke maaka afe a batho ba dipolotiki ba tlogang ba a bua, mme re tshwanetse go a tsibogela jang?

8 Batho ba dipolotiki ba tsietsa batho. Maaka a magolo a ba tlogang ba a bua ke gore ba fitlheletse “kagiso le polokesego!” Le fa go ntse jalo, “tshenyego ya tshoganyetso e tla ba wela ka ponyo ya leitlho.” Ka jalo, ga re a tshwanela go dumela maaka a bone a gore maemo a lefatshe leno a a tokafala! Boammaaruri ke gore re “itse sentle tota gore letsatsi la ga Jehofa le a tla fela jaaka legodu bosigo.”—1 Bathes. 5:1-4.

GORENG BATHO BA BUA MAAKA?

9, 10. (a) Ke eng fa batho ba bua maaka, mme seo se baka mathata afe? (b) Re tshwanetse go gopola eng ka Jehofa?

9 Fa sengwe se sesha se simolola go ratwa thata, se dirwa ka bontsi. Go ntse jalo ka maaka. Gompieno go tlwaelegile go bua maaka mme batho ba ba nang le taolo ga se bone fela ba buang maaka. Setlhogo se se reng, “Lebaka La go Bo Batho ba Bua Maaka” se se kwadilweng ke Y. Bhattacharjee, se tlhalosa gore “go bua maaka ke mokgwa o batho ba setseng ba o rata thata.” Gantsi batho ba bua maaka gore ba itshireletse kgotsa gore ba tseelwe kwa godimo. Ba bua maaka gore ba fitlhe diphoso tsa bone kgotsa gore ba hume le go iponela melemo mengwe. Gape setlhogo seo se tlhalosa gore mo bathong bangwe, “go bua maaka go itlela fela mme ba bua maaka fa ba na le batho ba ba sa ba itseng, badirimmogo, ditsala le batho ba ba ba ratang.”

10 Go nnile le mathata afe ka ntlha ya maaka ano? Batho ga ba tlhole ba tshepana e bile ga ba tlhole ba utlwana. Ka sekai, akanya kafa go leng botlhoko ka gone fa mosadi a tsietsa monna wa gagwe yo o ikanyegang ka go dira boaka a bo a bua maaka go leka go fitlha phoso eo. Kgotsa akanya kafa go leng maswe ka teng fa monna a sa tshware mosadi le bana sentle kwa lapeng, mme a bo a itira e kete ke monna wa lelapa yo o lorato fa a le mo bathong. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go gopola gore batho ba ba ntseng jalo ba ka se kgone go fitlhela Jehofa sepe ka gonne “dilo tsotlhe di senogile e bile di mo pontsheng fela mo matlhong a gagwe.”—Baheb. 4:13.

11. Sekao se se sa siamang sa ga Ananiase le Safira se re ruta eng? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

11 Mo Baebeleng, go na le sekai sa banyalani ba Bakeresete ba Satane a ileng a ba tlhotlheletsa gore ba bolelele Modimo maaka. Ananiase le Safira ba ile ba loga leano la go tsietsa baaposetoloi. Ba ne ba rekisa thuo nngwe ya bone mme ba tlisa bontlhanngwe jwa madi kwa baaposetoloing. Ba ne ba batla go kgatlha ba bangwe mo phuthegong, ba itira e kete ba ntsha moneelo ka bopelotshweu. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a bona se ba se dirang mme o ne a ba otlhaya.—Dit. 5:1-10.

12. Go tla direga eng ka batho ba ba buang maaka mme ba sa ikwatlhaye?

12 Jehofa o ikutlwa jang ka go bua maaka? Satane le batho botlhe ba ba buang maaka mme ba sa ikwatlhaye ba tla “piriganyediwa mo bodibeng jwa molelo.” Ka mafoko a mangwe, ba tla senngwa. (Tshen. 20:10; 21:8; Pes. 5:6) Ka ntlha yang? Ka gonne mo go Jehofa, batho bao ba ba buang maaka ba tshwana le batho ba bangwe ba ditiro tsa bone di leng bosula.—Tshen. 22:15.

13. Re itse eng ka Jehofa, mme seo se re tlhotlheletsa go dira eng?

13 Re a itse gore Jehofa “ga se motho gore a ka bua maaka.” Tota e bile, ‘ga go kgonege gore Modimo a ake.’ (Dipa. 23:19; Baheb. 6:18) “Jehofa [o tlhoile] . . . loleme lo lo maaka.” (Dia. 6:16, 17) Gore re bone kamogelo ya gagwe, re tshwanetse go tshela ka melao ya gagwe e e siameng. Ke ka moo, re sa ‘akelaneng.’—Bakol. 3:9.

RE ‘BUA BOAMMAARURI’

14. (a) Re bontsha jang gore re farologane le batho ba madumedi a maaka? (b) Tlhalosa molaomotheo o o mo go Luke 6:45.

14 Bakeresete ba boammaaruri ba farologane jang le batho ba madumedi a maaka? Re ‘bua boammaaruri.’ (Bala Sekarea 8:16, 17.) Paulo o ne a re: “Re itshupa re le badiredi ba Modimo, . . . ka puo e e boammaaruri.” (2 Bakor. 6:4, 7) Jesu o ne a bua jaana ka batho: ‘Molomo o bua se se tletseng mo pelong.’ (Luke 6:45) Seno se raya gore motho yo tota a ikanyegang o bua boammaaruri ka metlha. O tla bua boammaaruri fa a na le batho ba a sa ba itseng, badirimmogo, ditsala le batho a ba ratang. Akanya ka ditsela tse re ka bontshang ka tsone gore re a ikanyega mo dilong tsotlhe.

Ke phoso efe e kgaitsadi yono a e dirang? (Bona serapa 15 le 16)

15. (a) Ke eng fa go sa siama go tshela botshelo jwa boitimokanyi? (b) Ke eng se se ka thusang basha gore ba emelane le tlhotlheletso e e sa siamang ya balekane? (Bona ntlha e e kwa tlase.)

15 Gotweng fa e le gore o mosha mme o batla go amogelwa ke ditsala tsa gago? Tlhomamisa gore ga o dire dilo tse bangwe ba di dirang ka go tshela botshelo jwa boitimokanyi. Ba itira batho ba ba siameng fa ba na le ba malapa a bone le bakaulengwe le bokgaitsadi, mme gone, ba a fetoga fa ba na le basha ba e seng Basupi le fa ba dirisa Internet. Ba ka nna ba bo ba bua puo e e leswe, ba apara ka tsela e e sa siamang, ba reetsa mmino o o leswe, ba dirisa diokobatsi kgotsa bojalwa ka tsela e e sa siamang, ba ratana mo sephiring kgotsa ba dira dilo tse di maswe go feta tseo. Ke baitimokanyi ka gonne ba aketsa batsadi, Bakeresetemmogo le bone le Modimo. (Pes. 26:4, 5) Jehofa o a itse fa re ‘mo tlotla ka dipounama tsa rona, mme dipelo tsa rona tsone di katogetse kgakala le ene.’ (Mar. 7:6) Go tla bo go le botoka gore re latele kgakololo eno ya Baebele: “A pelo ya gago e se ka ya tswela baleofi pelo, mme o boife Jehofa letsatsi lotlhe.”—Dia. 23:17. *

16. Re tshwanetse go araba jang dipotso tse di mo diforomong tsa tirelo e e kgethegileng ya nako e e tletseng?

16 Gotweng fa e le gore o batla go nna mmulatsela wa ka metlha kgotsa go tsenela mofuta mongwe wa tirelo e e kgethegileng ya nako e e tletseng, jaaka go direla kwa Bethele. Fa o tlatsa diforomo tsa teng, go botlhokwa gore o bue boammaaruri le go araba ka boikanyegi dipotso tsotlhe tse di bodiwang ka botsogo, boitlosobodutu le boitsholo jwa gago. (Baheb. 13:18) Gotweng fa e le gore o dirile sengwe se Jehofa a se tlhoileng mme ga o ise o bue le bagolwane ka kgang eo? Kopa thuso ya bone gore o kgone go direla Jehofa ka segakolodi se se phepa.—Bar. 9:1; Bagal. 6:1.

17. Fa babogisi ba re botsa dipotso ka bakaulengwe le bokgaitsadi, re tshwanetse go dira eng?

17 O tshwanetse go dira eng fa balaodi ba thibela tiro ya Bogosi mo lefelong la lona ba bo ba go tshwara le go go botsa dipotso ka Bakeresetemmogo le wena? A o tshwanetse go ba bolelela sengwe le sengwe se o se itseng? Jesu o ne a dira eng fa a ne a botsolodiwa ke mmusi wa kwa Roma? O ile a dirisa molaomotheo wa Baebele o o tlhalosang gore go na le “nako ya go didimala le nako ya go bua,” ka jalo, ka dinako dingwe, o ne a didimala fela. (Mor. 3:1, 7; Math. 27:11-14) Mo maemong ao, go tla bo le botoka gore re bontshe temogo gore re se ka ra tsenya bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona mo kotsing.—Dia. 10:19; 11:12.

Ke leng o tshwanetseng go didimala le go bua boammaaruri jotlhe? (Bona serapa 17 le 18)

18. Re tshwanetse go dira eng fa bagolwane ba re botsa dipotso ka bakaulengwe le bokgaitsadi?

18 Gotweng fa mongwe mo phuthegong a dirile boleo jo bo masisi mme o itse ka gone? E re ka bagolwane ba na le maikarabelo a go netefatsa gore phuthego e nna e le phepa, ba ka nna ba go botsa dipotso ka kgang eo. O tla dira eng fa e le gore motho yoo ke tsala ya gago kgotsa mongwe wa losika? Baebele ya re: “Yo o ntshang mafoko a boikanyegi o tla bolela se se siameng.” (Dia. 12:17; 21:28) Ka jalo, o tshwanetse go bolelela bagolwane sengwe le sengwe se o se itseng mme o se ka wa ba fitlhela sepe. Ba na le tshwanelo ya go itse ka gonne seo se tla dira gore ba kgone go thusa modiraphoso gore a baakanye kamano ya gagwe le Jehofa.—Jak. 5:14, 15.

19. Re tla ithuta eng mo setlhogong se se latelang?

19 Dafide o ne a rapela Jehofa jaana: “O natefeletswe ke boammaaruri mo teng ga gago.” (Pes. 51:6) Dafide o ne a itse gore selo sa botlhokwa ke se re leng sone mo pelong. Bakeresete ba boammaaruri ba ‘bua boammaaruri mongwe go yo mongwe’ mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo. Tsela e nngwe e re ka bontshang ka yone gore re farologane le batho ba madumedi a maaka, ke ka go ruta batho ba bangwe boammaaruri jwa Baebele. Mo setlhogong se se latelang, re tla bona gore re ka dira seo jang.

^ ser. 15 Bona setlhogo se se reng, “Nka Dirang go Fenya Kgatelelo ya Balekane?” mo kgaolo 15, le se se reng, “Fa o Tshela Botshelo Jwa Boitimokanyi—Ke Mang yo o Tshwanetseng go Itse?” mo kgaolo 16 ya buka e e reng, Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 2.