Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ruta Boammaaruri

Go Ruta Boammaaruri

“Ao tlhe Jehofa, . . . moko wa lefoko la gago ke boammaaruri.”—PES. 119:159, 160.

PINA: 29, 53

1, 2. (a) Ke tiro efe e e neng e le botlhokwa thata mo go Jesu mme ka ntlha yang? (b) Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re atlege jaaka “badirimmogo le Modimo”?

JESU KERESETE e ne e le mmetli e bile e le morutisi. (Mar. 6:3; Bar. 15:8) E ne e le setswerere mo ditirong tseo tsoopedi. Jaaka mmetli, o ile a ithuta go dirisa dithulusu tsa gagwe go betla dilo ka logong. Jaaka morutisi wa dikgang tse di molemo, o ne a dirisa kitso ya gagwe ya Dikwalo go thusa batho ba maemo a a kwa tlase gore ba tlhaloganye boammaaruri jo bo mo Lefokong la Modimo. (Math. 7:28; Luke 24:32, 45) Fa Jesu a le dingwaga di le 30, o ile a tlogela tiro ya go betla ka gonne o ne a itse gore go ruta batho ke gone go leng botlhokwa thata. O ile a re Jehofa o ne a mo rometse mo lefatsheng gore a tle go ruta batho dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo. (Math. 20:28; Luke 3:23; 4:43) Selo sa botlhokwa thata mo go Jesu e ne e le tiro ya go rera mme o ne a batla gore batho ba bangwe le bone ba dire tiro eo.—Math. 9:35-38.

2 Re ka tswa re se babetli, mme gone, rotlhe fela re barutisi ba dikgang tse di molemo. Tiro eno e botlhokwa thata jaana mo Modimo le ene a tsayang karolo mo go yone. Baebele ya re: “Re badirimmogo le Modimo.” (1 Bakor. 3:9; 2 Bakor. 6:4) Re a itse gore “moko wa lefoko la [ga Jehofa] ke boammaaruri.” (Pes. 119:159, 160) Ka ntlha ya seo, re tshwanetse go tlhomamisa gore re ‘tshwara lefoko la boammaaruri sentle’ fa re le mo bodireding. (Bala 2 Timotheo 2:15.) Ke ka moo re tshwanetseng go nna re tokafatsa tsela e re dirisang Baebele ka yone, e leng thulusu ya botlhokwa thata e re e dirisang go ruta ba bangwe boammaaruri ka Jehofa, Jesu le Bogosi. Phuthego ya ga Jehofa e re diretse dithulusu tse dingwe tse re ka di dirisang mo bodireding. Re tshwanetse go ithuta go di dirisa. Re di bitsa dithulusu tse di mo Lebokosong la go Ruta.

3. Go ya ka Ditiro 13:48, re tshwanetse go batla batho ba ba ntseng jang?

3 O ka tswa o ipotsa gore ke eng fa le bidiwa Lebokoso la go Ruta, e seng Lebokoso la go Rera. Ke ka gonne go “rera” go kaya go bolela molaetsa, mme go “ruta” go kaya go tlhalosa molaetsa gore motho a kgone go tlhaloganya le go dirisa se a se ithutang. Re saletswe ke nako e nnye fela ya go rera, ka jalo, re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo go simololeng dithuto tsa Baebele le go thusa batho gore e nne balatedi ba ga Jesu. Seno se raya gore re tshwanetse go dira ka natla go batla batho ba ba nang le “tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng” le go ba thusa gore ba direle Jehofa.—Bala Ditiro 13:44-48.

4. Re ka bona jang batho ba ba nang le “tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng”?

4 Re ka itse jang gore ke bomang ba ba nang le “tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng”? Fela jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, re ka kgona go ba itse fa fela re rera. Re tshwanetse go dira jaaka Jesu a re laetse, o ne a re: “Mo motseng le fa e le ofe o lo tsenang mo go one kgotsa motsana, batlisisang gore ke mang mo go one yo o tshwanetseng.” (Math. 10:11) Ga re a lebelela gore batho ba ba sa ikanyegeng, ba ba boikgogomoso le ba ba sa rateng Modimo ba amogele dikgang tse di molemo. Re batla batho ba ba ikanyegang, ba ba boikokobetso le ba ba batlang go itse boammaaruri. Re ka tshwantsha seno le se Jesu a neng a se dira fa a ne a betla. A ka tswa a ne a tsaya matsapa go batla logong lo lo siameng go dira fanitšhara, dikgoro, dijokwe le dilo tse dingwe. Fa a sena go bona logong lo lo siameng, o ne a dirisa dithulusu le bokgoni jwa gagwe go betla se a neng a batla go se dira. Le rona re tshwanetse go batla batho ba ba ikanyegang re bo re dirisa dithulusu le bokgoni jwa rona go ba thusa go nna barutwa ba ga Jesu.—Math. 28:19, 20.

5. Ke eng se re tshwanetseng go se itse ka dithulusu tse di mo Lebokosong la go Ruta? Tshwantsha. (Bona ditshwantsho tse di simololang setlhogo.)

5 Thulusu nngwe le nngwe mo lebokosong la dithulusu e na le se e se dirang. Ka sekai, akanya ka dithulusu tse Jesu a neng a di dirisa fa a ne a betla. * O ne a tlhoka dithulusu tse di neng di tla mo thusa go lekanya, go tshwaya, go kgaola, go bora, go betla, le go bofa dikgong. Ka tsela e e tshwanang, thulusu nngwe le nngwe mo Lebokosong la go Ruta e na le se e se dirang. Ka jalo, mma re bone gore re ka dirisa jang dithulusu tse re nang le tsone.

TSE DI THUSANG BATHO GO ITSE GORE RE BOMANG

6, 7. (a) O ile wa dirisa jang dikarata tsa go ikgolaganya le rona tsa jw.org? (b) Ke eng fa re dirisa taletso ya dipokano tsa phuthego?

6 Dikarata tsa go ikgolaganya le rona tsa jw.org. Dikarata tseno di thusa batho go itse gore re bomang e bile di ba isa kwa website ya rona. Fa ba le mo website eno, ba tla ithuta dilo di le dintsi ka rona gape ba kgona go kopa thuto ya Baebele. Batho ba feta 400 000 ba ile ba kopa go tshwarelwa thuto ya Baebele mo jw.org mme ba le bantsi ba nna ba dira jalo letsatsi le letsatsi. Nna o tshwere dikarata tseno mo go wena mme o di dirise fa tshono e tlhaga.

7 Ditaletso. Taletso ya dipokano tsa phuthego ya re: “O lalediwa go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa.” Go tswa foo e bo e tlhalosa gore motho a ka dira jalo “kwa dipokanong tsa batho botlhe” “kgotsa le mongwe yo o ka go rutang.” Ka jalo, karata eno e thusa batho gore ba re itse e bile e laletsa “ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng” gore ba ithute Baebele le rona. (Math. 5:3) Mme gone, batho botlhe ba a lalediwa kwa dipokanong tsa rona le fa ba ka tswa ba dumela go tshwarelwa thuto ya Baebele kgotsa nnyaa. Fa ba tla kwa dipokanong, ba tla lemoga gore go na le dilo di le dintsi tse ba ka ithutang tsone mo Baebeleng.

8. Ke eng fa go le botlhokwa gore batho ba tle kwa dipokanong? Naya sekai.

8 Go botlhokwa gore re nne re laletsa batho go tla kwa dipokanong. Ka ntlha yang? Fa ba le kwa dipokanong, ba tla lemoga gore Basupi ba ga Jehofa ba ruta boammaaruri jo bo mo Baebeleng e bile ba thusa batho gore ba itse Modimo, e leng sengwe se bodumedi jwa maaka bo sa se direng. (Isa. 65:13) Seno ke se se ileng sa diragalela banyalani bangwe ba kwa United States e bong Ray le Linda dingwaga di le mmalwa tse di fetileng. Ba ne ba dumela mo Modimong e bile ba batla go mo itse, ka jalo, ba ile ba simolola go etela dikereke tsotlhe tse di mo toropong ya bone. Mme gone, banyalani bano ba ile ba dumalana ka dilo di le pedi tse ba neng ba batla go di bona mo kerekeng pele ba nna maloko a yone. Sa ntlha, ba ne ba re ba batla go ithuta sengwe kwa kerekeng eo, sa bobedi, ba ne ba re batho ba kereke eo ba tshwanetse go apara sentle. Morago ga dingwaga di le mmalwa, ba ne ba setse ba etetse dikereke tsotlhe tse di mo toropong ya bone, le fa go ntse jalo, go ne go se epe ya tsone e e ileng ya ba kgotsofatsa. Ba ne ba sa ithuta sepe kwa dikerekeng tseo e bile maloko a tsone a ne a sa apare sentle. Letsatsi lengwe fa ba sena go etela kereke ya bofelo mo lenaaneng la bone, Linda o ne a ya tirong, mme Ray ene o ne a boela gae. Fa a le mo tseleng, o ne a feta Holo ya Bogosi mme a bo a re, ‘Mma ke bone gore bano bone ba ntshwaretseng.’ Ga a ka a ikwatlhaela go bo a dirile jalo! Batho botlhe kwa Holong ya Bogosi ba ne ba le botsalano e bile ba apere sentle. O ne a dula kwa pele mme o ne a rata se a neng a se utlwa. Seno se dira gore re tlhaloganye se moaposetoloi Paulo a neng a se bua ka motho yo o tlang mo dipokanong lekgetlho la ntlha a bo a re: “Ruri Modimo o mo gare ga lona.” (1 Bakor. 14:23-25) Ray o ne a simolola go ya dipokanong Sontaga mongwe le mongwe mme morago ga moo o ne a simolola go ya le mo gare ga beke. Linda le ene o ne a simolola go ya dipokanong. Le fa gone ba ne ba na le dingwaga di ka nna 70, ba ile ba dumela go tshwarelwa thuto ya Baebele mme moragonyana ba ne ba kolobediwa.

TSE DI RE THUSANG GO SIMOLOLA MOTLOTLO

9, 10. (a) Ke eng fa go le motlhofo go dirisa dipampitshana? (b) Tlhalosa gore re ka dirisa jang pampitshana e e reng Bogosi Jwa Modimo ke Eng?

9 Dipampitshana. Re na le dipampitshana di le robedi tse di ka re thusang go simolola motlotlo le batho. Fa e sa le dipampitshana tseno di gololwa ka 2013, go setse go gatisitswe di le dibilione di le tlhano. Se se itumedisang ka tsone ke gore, fa o itse go dirisa e le nngwe ya tsone, o ka kgona go di dirisa tsotlhe ka gonne di dirilwe ka go tshwana. O ka dirisa jang pampitshana go simolola motlotlo?

10 A re re gongwe o batla go dirisa pampitshana e e reng, Bogosi Jwa Modimo ke Eng? Bontsha motho potso e e ka fa ntle o bo o mmotsa jaana: “A o kile wa ipotsa gore Bogosi Jwa Modimo ke eng? A o ne o ka re ke . . . ?” Go tswa foo mmotse gore a ka tlhopha karabo efe mo go tse tharo tse di tlhagelelang mo pampitshaneng. Ntle le go mmolelela gore a karabo ya gagwe e siame kgotsa nnyaa, e bule mme o mmontshe karolo e e reng “Se Baebele e se Rutang” o bo o mmalela Daniele 2:44 le Isaia 9:6. O ka nna wa tswelela ka motlotlo fa go kgonega. Kwa bofelong, mmontshe potso e e kafa morago ga pampitshana ya karolo e e reng, “Se o ka Akanyang ka Sone”: “Botshelo bo tla nna jang mo pusong ya Bogosi jwa Modimo?” Seno se tla go thusa gore o kgone go dira loeto la go boela. Fa o mo etela gape, o ka mmontsha gore pampitshana eo kafa morago e bua ka thuto 7 ya boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!, e re e dirisang go simolola thuto ya Baebele.

TSE DI DIRANG GORE BATHO BA KGATLHEGE

11. Dimakasine tsa rona di diretswe eng, mme ke eng se re tshwanetseng go se itse ka tsone?

11 Dimakasine. Tora ya Tebelo le Tsogang! ke dimakasine tse di gatisiwang le tse di ranolwang go feta dimakasine tse dingwe tsotlhe mo lefatsheng. E re ka di balwa ke batho ba dinaga tse di farologaneng, ditlhogo tsa tsone di diretswe go kgatlha batho botlhe. Re ka dirisa dimakasine tseno go thusa batho gore ba kgatlhegele dilo tse di leng botlhokwa gompieno. Mme gone, re tshwanetse go itse gore makasine mongwe le mongwe o diretswe batho bafe.

12. (a) Makasine wa Tsogang! o diretswe bomang mme o diretswe go ba thusa jang? (b) O ile wa kgona go dirisa makasine ono jang ka katlego mo bodireding?

12 Tsogang! e diretswe batho ba ba sa itseng go le kalo ka Baebele kgotsa ba ba sa itseng sepe ka yone. Ba ka tswa ba sa itse sepe ka dithuto tsa Bokeresete, ba sa tshepe bodumedi kgotsa ba sa itse gore Baebele e ka kgona go ba thusa. Tsogang! e diretswe go thusa batho go lemoga gore Modimo o teng. (Bar. 1:20; Baheb. 11:6) Gape e diretswe go thusa batho go dumela gore Baebele ‘ruri ke lefoko la Modimo.’ (1 Bathes. 2:13) Ditlhogo tse tharo tsa makasine ono tsa ngwaga wa 2018 ke: “Tsela ya go Itumela,” “Dilo Tse 12 Tse di ka Thusang Malapa Gore a Itumele” le “Go Thusa ba ba Tlhokafaletsweng.”

13. (a) Tora ya Tebelo ya batho botlhe e diretswe bomang? (b) O ile wa kgona go dirisa makasine ono jang ka katlego mo bodireding?

13 Tora ya Tebelo ya batho botlhe e diretswe go thusa batho ba ba tlotlang Modimo le Baebele gore ba tlhaloganye dithuto tsa boammaaruri. Le fa gone batho bano ba ka tswa ba na le kitso nngwe ka Baebele, ga ba tlhaloganye dithuto tsa boammaaruri sentle. (Bar. 10:2; 1 Tim. 2:3, 4) Ditlhogo tse tharo tsa makasine ono tsa ngwaga wa 2018 di araba dipotso tseno: “A Baebele e sa Ntse e le Botlhokwa?,” “Bokamoso bo go Tshwaretse Eng?” le “A Modimo O a Go Kgathalela?

TSE DI KGOTHATSANG

14. (a) Dibidio tse di mo Lebokosong la go Ruta di diretswe eng? (b) O ile wa kgona go dirisa dibidio tseno jang ka katlego mo bodireding?

14 Dibidio. Ka nako ya ga Jesu, babetli ba ne ba dirisa dithulusu tse di dirisiwang ka letsogo. Le fa go ntse jalo, gone jaanong babetli ba dirisa dithulusu tsa motlakase tse di jaaka dishaga, diboro, dilo tse di kokotelang le tse dingwe. Ka tsela e e tshwanang, le rona gompieno re na le dikgatiso gammogo le dibidio tse di kgatlhang tse re di bontshang batho. Go na le dibidio di le nnê mo lebokosong la rona la dithulusu, tsone ke: Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele?, Thuto ya Baebele e Tshwarwa Jang?, Go Dirwang Kwa Holong ya Bogosi? le Basupi ba ga Jehofa ke Bomang? Re ka dirisa dibidio tse di tsayang metsotso e ka nna mebedi fa re kopana le motho lekgetlho la ntlha. Tse di telelenyana re ka di dirisa fa re dira maeto a go boela kgotsa fa re bua le batho ba ba nang le nako. Dibidio tseno di ka dira gore batho ba kgatlhegele go ithuta Baebele le go ya dipokanong tsa rona.

15. Fa batho ba leba dibidio tsa rona ka puo ya bone, seo se ka dira gore ba ikutlwe jang? Naya sekai.

15 Ka sekai, kgaitsadi mongwe o ne a kopana le mosadi mongwe yo o neng a tswa kwa nageng ya Micronesia yo o buang Se-Yapese. O ne a mmontsha bidio ya Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele? ka puo ya gagwe. Fa bidio e simolola go tshameka, mosadi yoo o ne a re: “O bua puo ya me. Ga ke dumele! O a utlwala gore ke wa lefelo le ke tswang kwa go lone.” Morago ga moo o ile a re o tlile go bala dikgatiso le go lebelela dibidio ka puo ya gagwe mo jw.org. (Bapisa Ditiro 2:8, 11.) Akanya ka sekai se sengwe. Kgaitsadi mongwe yo o dulang kwa United States o ne a romelela ngwana wa ga kgaitsadie yo o dulang kwa nageng e nngwe link ya bidio eo ka puo ya gagwe. Fa a sena go e lebelela, o ile a kwalela kgaitsadi yoo molaetsa. O ne a re: “Karolo e e tlhalosang gore go na le mongwe yo o bosula yo o laolang lefatshe e ile ya nkgatlha fela thata. Ke tsentse kopo ya go tshwarelwa thuto ya Baebele.” O dula kwa nageng e tiro ya rona e thibetsweng kwa go yone.

TSE DI RUTANG BOAMMAARURI

16. Diboroutšhara tseno di diretswe eng: (a) Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri. (b) Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! (c) Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?

16 Diboroutšhara. O ka ruta jang motho yo o sa itseng go bala sentle kgotsa yo go se nang dikgatiso ka puo ya gagwe? O ka dirisa boroutšhara jwa Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri. * Boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! bo ka re thusa go simolola dithuto tsa Baebele. O ka bontsha motho dipotso tse 14 tse di kafa morago ga boroutšhara jono o bo o mo kopa gore a tlhophe e e mo kgatlhang lo bo lo tlotla ka yone. A o kile wa dira jalo fa o ne o boetse kwa mothong? Boroutšhara jo bongwe mo lebokosong la dithulusu ke jo bo reng, Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno? Bo diretswe go thusa batho ba re ithutang Baebele le bone gore ba itse phuthego ya ga Jehofa. Fa o batla go itse gore o ka dirisa jang boroutšhara jono fa o ithuta Baebele le motho, bona Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona ya March 2017.

17. (a) Buka nngwe le nngwe ya go ithuta e diretswe go thusa motho jang? (b) Batho ba ba batlang go kolobediwa ba tshwanetse go dira eng mme ka ntlha yang?

17 Dibuka. Fa o ithuta Baebele le motho lo dirisa boroutšhara, lo ka nna lwa tlogela boroutšhara lo bo lo simolola go ithuta buka ya Baebele e re Ruta Eng? Buka eno e tla thusa motho gore a itse dithuto tsa motheo tsa Baebele. Fa lo fetsa buka eo mme o bona gore motho yo o ithutang le ene o dira diphetogo, lo ka simolola go bala buka ya Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo. Buka eno e tla mo thusa go bona gore a ka dirisa jang melaometheo ya Baebele mo botshelong jwa gagwe. Gopola gore le fa motho yo o ithutang le ene a ka kolobediwa, o tshwanetse go tswelela a ithuta go fitlha a fetsa dibuka tseno tse pedi. Go dira jalo go tla mo thusa gore a nne le tumelo e e nonofileng le gore a tswelele a ikanyega mo go Jehofa.—Bala Bakolosa 2:6, 7.

18. (a) 1 Timotheo 4:16 e re kgothaletsa go dira eng, mme go dira jalo go tla nna le diphelelo dife? (b) Maikaelelo a rona e tshwanetse go nna eng fa re dirisa Lebokoso la go Ruta?

18 Jehofa o re neile boikarabelo jwa go ruta batho “boammaaruri jwa dikgang tse di molemo” tse di tla ba thusang gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng. (Bakol. 1:5; bala 1 Timotheo 4:16.) Gore re kgone go dira jalo, re na le Lebokoso la go Ruta le le nang le dilo tse re di tlhokang. (Bona “ Lebokoso la go Ruta.”) A re diriseng dithulusu tseno ka tsela e e molemo. Mmoledi mongwe le mongwe o tla itlhophela gore o tla dirisa kgatiso efe mo lebokosong la dithulusu fa a bua le motho yo o kgatlhegang. Mme gone, maikaelelo a rona ga e se go tsamaisa dikgatiso e bile ga re a tshwanela go di tlogelela batho ba ba sa kgatlhegeleng molaetsa wa rona. Go na le moo, maikaelelo a rona ke go thusa batho ba ba ikanyegang, ba ba boikokobetso le ba ba ratang Modimo gore e nne balatedi ba ga Jesu, batho ba ba nang le “tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.”—Dit. 13:48; Math. 28:19, 20.

^ ser. 5 Bona setlhogo se se reng “Mmetli wa Dikgong” le lebokoso le le reng “Lebokose la Mmetli la Dithulusu” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa August 1, 2010.

^ ser. 16 Fa motho a sa kgone go bala, o ka mo kopa gore a tsamaisane le wena mo boroutšhareng jwa Reetsa Modimo, jo bo nang le ditshwantsho tse dintsi.