Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

Jehofa o Ile a Segofatsa Tshwetso ya Me

Jehofa o Ile a Segofatsa Tshwetso ya Me

Letsatsi le ne le tloga le tlhaba fa re ne re feleletsa go tsenya dipampitshana kafa tlase ga dikgoro tsa matlo a bofelo mo tshimong e re neng re e dira. E ne e le ka ngwaga wa 1939 mme re ile ra tsoga mo gare ga bosigo gore re ye go dira tshimo e e kwa torotswaneng ya Joplin, e e kwa borwabophirima jwa Missouri, U.S.A. Fa re fetsa go tsenya dipampitshana kafa tlase ga dikgoro, re ne ra tsena mo koloing re bo ya ya kwa lefelong le re neng re dumalane gore re tla kopana kwa go lone, re bo re emela ba bangwe. O ka tswa o ipotsa gore ke eng fa re ne re ya tshimong bosigo re bo re tsamaya pele letsatsi le tlhaba. Ke tla go bolelela moragonyana.

KE TSHOTSWE ka 1934. Fa ke tsholwa, batsadi ba me e bong Fred le Edna Molohan ba ne ba na le dingwaga di le 20 e le Baithuti ba Baebele (Basupi ba ga Jehofa). Ke leboga go bo ba ile ba nthusa gore ke rate Modimo. Re ne re nna kwa Parsons, torotswana e e kwa borwabotlhaba jwa Kansas. Bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego ya rona e ne e le batlodiwa. Lelapa la rona le ne le ya dipokanong le bodireding ka metlha. Go le gantsi ka Matlhatso re ne re ya kwa bodireding jwa mmila, jo gone jaanong re bo bitsang bodiredi jwa phatlalatsa. Ka dinako tse dingwe tiro eno e ne e re lapisa mme fa re fetsa Papa o ne a re rekela aesekerimi.

Phuthego ya rona e ne e le nnye, mme re ne re na le tshimo e tona e e akaretsang ditorotswana di le mmalwa le dipolasi di le dintsi tse di neng di le gaufi. Fa re rerela balemirui, bontsi jwa bone ba ne ba se na madi a go ntsha moneelo, ka jalo, ba ne ba re naya merogo, mae le dikoko. Rre o ne a setse a ntshitse moneelo wa dikgatiso tseo, ka jalo dijo tse balemirui ba neng ba re naya tsone di ne di re thusa.

MATSHOLO A GO RERA

Batsadi ba me ba ne ba na le fonokerafa e ba neng ba e dirisa fa ba rera. Ke ne ke le monnye thata, ka jalo, ke ne ke sa kgone go e dirisa. Mme gone, ke ne ke itumelela go thusa Mama le Papa fa ba ne ba tshamekela batho ba ba ithutang Baebele le bone dipuo tsa ga Mokaulengwe Rutherford.

Ke na le mmê le rre fa pele ga koloi ya ronar

Papa o ne a baya sebuelagodimo kwa godimo ga koloi ya rona. Ka jalo e ne re thusa go phasalatsa molaetsa wa Bogosi. Go le gantsi re ne re simolola ka go tshameka mmino go gapa kgatlhego ya batho mme morago ga foo re bo re tshameka puo ya Baebele. Fa puo e sena go fela, re ne re naya batho ba ba kgatlhegang dikgatiso.

Kwa torotswaneng ya Cherryvale, Kansas, mapodise a ne a bolelela Papa gore koloi ya sebuelagodimo ga e a letlelelwa mo parakeng kwa batho ba neng ba iketlile gone ka Sontaga. Mme gone, ba ne ba mo letlelela gore a e emise kwa ntle ga paraka. Papa ga a ka a ngangisana le bone. O ne a dira jalo, mme gone, batho ba ne ba sa ntse ba kgona go utlwa molaetsa. Ke ne ke itumelela go dira tiro eno le Papa le nkgonne e bong Jerry.

Mo dingwageng tseo, re ne re nna le matsholo a a kgethegileng a go rera kwa mafelong a batho ba neng ba bogisiwa kwa go one. Re ne re tsoga bosigo (jaaka re dirile kwa Joplin, Missouri) re bo re tsenya dipampitshana le dibukana kafa tlase ga dikgoro tsa matlo a batho. Morago ga moo, re ne re kopana kwa ntle ga toropo go bona gore a mapodise a ne a tshwere mongwe wa rona.

Ka nako eo, mofuta o mongwe wa bodiredi o re neng re o itumelela e ne e le letsholo la go anamisa molaetsa. Re ne re itsise molaetsa wa Bogosi ka go apara dipolakate re bo re tsamaya mo toropong. Mo letsholong lengwe la go anamisa molaetsa, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba apara dipolakate tse di kwadileng, “Bodumedi ke Serai le Maano a Boferefere.” Ba ne ba simolola kwa gae, ba bo ba tsamaya dikilomitara di ka nna 1,6, morago ga moo ba bo ba boela kwa gae. Se se itumedisang ke gore ga ba a ka ba kopana le ope yo o neng a ba ganetsa, go na le moo, ba ne ba kopana le batho ba le bantsi ba ba kgatlhegang.

DIKOPANO FA KE SA LE MONNYE

Gantsi re ne re ya dikopanong kwa Texas. Papa o ne a bereka mo khampaning ya diterena, ka jalo, re ne re palama mahala. Seno se ne se re thusa fa re ya dikopanong le fa re etela ba masika. Kgaitsadie mmê e bong Fred Wismar le mosadi wa gagwe e bong Eulalie ba ne ba nna kwa Temple, Texas. Malome Fred o ile a ithuta boammaaruri a sa le monnye ka bo1900, a bo a kolobediwa mme morago ga moo o ne a rerela bokgaitsadie go akaretsa le Mama. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi kwa bogare jwa Texas ba ne ba mo itse ka gonne e kile ya nna motlhanka wa kgaolo gone (jaanong o bidiwa molebedi wa potologo). E ne e le motho yo o pelonomi le yo o itumetseng e bile go ne go itumedisa go nna le ene. O ne a tlhagafetse mo tirong ya ga Jehofa e bile o ne a ntlhomela sekao se se molemo fela thata.

Ka 1941, re ne ra ya kwa kopanong e kgolo kwa St. Louis, Missouri. Basha botlhe ba ile ba kopiwa go dula mmogo mo karolong e e rileng ya setadiamo go reetsa puo ya ga Mokaulengwe Rutherford ya setlhogo se se reng “Bana ba Kgosi.” Fa puo eo e fela, Mokaulengwe Rutherford le bakaulengwe ba bangwe ba ile ba naya bana botlhe buka e ntšha ya bana ya setlhogo se se reng Children. Go ne go na le bana ba feta 15 000 mme rotlhe re ne re itumeletse go newa buka eo.

Ka April 1943, re ne ra ya kopanong ya setlhogo se se reng “Go Bilediwa go Dira,” kwa Coffeyville, Kansas. Go ile ga diriwa kitsiso ya gore diphuthego tsotlhe di ne di tla nna le sekolo se sesha se se bidiwang Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo mme go ne ga gololwa bukana e e neng e tla dirisiwa mo sekolong seo e e nang le dithuto di le 52. Moragonyana mo go one ngwaga oo, ke ne ka neela puo ya me ya ntlha mo sekolong seo. Kopano eo e ne e le botlhokwa thata mo go nna ka gonne nna le bakaulengwe bangwe ba babedi re ne ra kolobediwa mo mogobeng wa polasi e e neng e le gaufi le lefelo la kopano.

KE NE KE BATLA GO DIRELA KWA BETHELE

Ke feditse sekolo ka 1951 mme ke ne ke tshwanetse go dira tshwetso ya gore ke batla go dira eng ka botshelo jwa me. Jerry o ile a direla kwa Bethele ya kwa Brooklyn mme le nna ke ne ke eletsa go direla teng, ka jalo, ke ile ka tlatsa foromo ya Bethele. Eno e ene e le tshwetso e e molemo tota. Kopo ya me e ne ya atlega mme ke ne ka simolola go direla kwa Bethele ka March 10, 1952.

Ke ne ke eletsa go bereka kwa lefapheng la go gatisa dimakasine le dikgatiso tse dingwe. Le fa go ntse jalo, ke ile ka kopiwa go nna weitara mme moragonyana ke ne ka bereka kwa kitšhining. Ke ile ka ithuta dilo di le dintsi mo dikabelong tseno. Ga ke ise ke tsamaye ke bereke kwa lefapheng la bogatisetso. Mme gone, re ne re bereka ka go refosana, ka jalo fa ke sa bereke, ke ne ke dirisa nako eo go ithuta Baebele. Go dira jalo go ne ga nthusa gore ke atamalane le Jehofa e bile tumelo ya me e ne ya nonofa fela thata. Gape go ne ga dira gore ke ikemisetse go tswelela ke direla Jehofa mo Bethele fa fela maemo a sa ntse a ntetla. Jerry o ne a tswa mo Bethele ka 1949 a bo a nyala Patricia mme ba ne ba nna gaufi le Brooklyn. Fa ke simolola go direla mo Bethele, ba ne ba nthusa e bile ba nkgothatsa ka metlha.

Nakonyana fa ke sena go goroga kwa Bethele, go ne go batliwa bakaulengwe ba ba neng ba tla tsenngwa mo lenaaneng la bakaulengwe ba Bethele ba ba neelang dipuo. Bakaulengwe bao ba ne ba abelwa go ya go neela dipuo makgetlo a le mmalwa mo ngwageng kwa diphuthegong tse di leng dikilomitara di le 322 go tswa kwa Brooklyn. Ba ne ba neela dipuo tsa phatlalatsa ba bo ba bereka le phuthego mo bodireding. Le nna ke ne ka tlhophiwa go nna mongwe wa bone. Fa ke neela puo ya me ya ntlha ya phatlalatsa e ka nako eo e neng e tsaya ura e le nngwe, ke ne ke tshogile tota. Go le gantsi ke ne ke tsamaya ka terena fa ke etela diphuthego. Sontaga mongwe ka 1954 ke ne ka palama terena e e yang kwa New York. E ne e tshwanetse go fitlha maitseboa. Le fa go ntse jalo, go ile ga nna le setsuatsue se se neng sa dira gore go nne le diphefo tse di maatla le kapoko. Seno se ile sa dira gore enjene ya terena e time. Ka jalo re ile ra goroga kwa New York City letsatsi le le latelang ka ura ya botlhano mo mosong. Fa ke fitlha ke ile ka palama terena e e yang kwa Brooklyn. Ke ne ka fitlha thari kwa tirong e bile ke ne ke lapile thata ka gonne ke feditse bosigo jotlhe ke sa robala. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa ikwatlhae ka gonne ke ile ka itumelela go direla phuthego le go dira ditsala tse disha kwa phuthegong e ke neng ke e etetse.

Re ipaakanyetsa go gasa kwa seteisheneng sa radio sa WBBR

Mo dingwageng tsa ntlha fa ke fitlha kwa Bethele, gape ke ne ka kopiwa go thusa mo thulaganyong ya go ithuta Baebele e e neng e gasiwa mo seteisheneng sa rona sa radio sa WBBR. Seteishene seo se ne se le kwa 124 Columbia Heights. Mokaulengwe A. H. Macmillan yo o neng a na le nako e e telele a direla kwa Bethele, le ene o ne a tsaya karolo ka metlha mo thulaganyong eo. Re ne re mmitsa Mokaulengwe Mac mme o ne a re tlhomela sekao se se molemo sa go direla Jehofa le fa re lebane le dikgwetlho.

Pampitshana e re neng re e dirisa go bapatsa seteishene sa radio sa WBBR

Ka 1958 ke ne ka newa kabelo e ntšha. Ke ne ke thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba sa tswang go aloga kwa Sekolong sa Gileade gore ba bone di visa le go ba rulaganyetsa maeto. Difofane di ne di tura thata ka nako eo, ka jalo, ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba le mmalwa fela ba ba neng ba tsamaya ka sefofane. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba neng ba abetswe go ya go direla kwa Afrika le kwa Botlhaba jo bo Kgakala, ba ne ba tsamaya ka dikepe. Morago ga dingwaga di le mmalwa, difofane di ne di sa tlhole di tura thata, ka jalo barongwa ba le bantsi ba ne ba dirisa difofane fa ba ya kwa dikabelong tsa bone.

Ke baakanya di dipoloma tsa Gileade pele ga thulaganyo

GO YA DIKOPANONG TSA BODITŠHABATŠHABA

Ka 1960, ke ne ka simolola go rulaganya difofane tse di neng di tla isa bakaulengwe le bokgaitsadi ba United States kwa dikopanong tsa boditšhabatšhaba kwa Yuropa ka 1961. Ke ne ka ya kwa go nngwe ya dikopano tseo kwa Hamburg, kwa Jeremane. Morago ga kopano, nna le bakaulengwe ba le bararo ba kwa Bethele, re ne ra hira koloi re bo re ya kwa Jeremane le kwa Italy, re bo re etela ofisi ya lekala kwa Roma. Morago ga moo, re ne ra kgabaganya Dithaba tsa Pyrenees re ya kwa Fora le kwa Spain, kwa tiro ya rona ya go rera e neng e thibetswe gone. Re ne ra kgona go isetsa bakaulengwe ba rona ba kwa Barcelona dikgatiso mme re ne ra tshwanelwa ke gore re di phuthele bontle gore di lebege e kete ke dimpho. Go ne go itumedisa tota go kopana le bone! Go tswa foo re ne ra ya kwa Amsterdam kwa re neng ra palama sefofane gone re boela kwa New York.

Ka 1962, kabelo ya me e ne e le go rulaganya maeto a bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba tlile go ya dikopanong tse di kgethegileng tsa boditšhabatšhaba tse di neng di tla tshwarwa mo lefatsheng lotlhe. Kopano eo e ne e le ya 1963 ya setlhogo se se reng “Mafoko a a Molemo A a Sa Khutleng.” Go ne ga rulaganngwa gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba le 583 ba ye kwa kopanong eo kwa Yuropa, Asia, South Pacific, Honolulu, Hawaii, le Pasadena, California. Gape go ne ga rulaganngwa gore ba etele Lebanon le Jordan le dinaga tse dingwe tse go buiwang ka tsone mo Baebeleng. Lefapha la rona la Bethele le ne le rulaganyetsa bakaulengwe le bokgaitsadi bano difofane, dihotele le di-visa tse ba neng ba tla di tlhoka kwa dinageng tseo.

KE NNA LE MONGWE YO KE TSAMAYANG LE ENE

Ngwaga wa 1963 o ne o le botlhokwa thata mo go nna. Ka June 29, ke ile ka nyala Lila Rogers yo o tswang kwa Missouri mme a na le dingwaga di le tharo a le mo Bethele. Morago ga beke fa re sena go nyalana, le rona re ile ra ya dikopanong tsa boditšhabatšhaba le bakaulengwe mme ra etela Gerika, Egepeto le Lebanon. Go tswa foo, re ne ra tsaya sefofane se se tswang kwa Beirut se se yang kwa boemafofaneng jwa Jordan. Le fa go ntse jalo, tiro ya rona e ne e thibetswe kwa Jordan e bile Basupi ba ga Jehofa ba ne ba sa newe di-visa tsa go tsena kwa nageng eo, re ne re ipotsa gore go tla diragalang fa re fitlha gone. Re ne ra itumela tota fa re fitlha koo re bona bakaulengwe le bokgaitsadi ba tshwere pampiri e e reng “Re a lo Amogela Basupi ba ga Jehofa!” Gape go ne go itumedisa tota go bona mafelo a go neng go buiwa ka one mo Baebeleng. Re ile ra etela mafelo a Aborahame, Isake le Jakobe ba neng ba nna kwa go one, kwa Jesu le baaposetoloi ba neng ba rera gone le kwa phuthego ya Bokeresete e simolotseng gone.—Dit. 13:47.

Go fetile dingwaga di le 55 Lila a ntse a nkeme nokeng mo dikabelong tse re neng re di newa. Re ile ra kgona go etela kwa Spain le Portugal makgetlo a le mmalwa ka nako ya fa tiro ya rona e ne e thibetswe kwa dinageng tseo. Re ne re kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi e bile re ba isetsa dikgatiso le dilo tse dingwe tse ba neng ba di tlhoka. Gape re ne ra etela bakaulengwe ba ba neng ba le mo kgolegelong kwa Cádiz, Spain. Ke ne ke itumetse tota gore ke ile ka kgona go neela puo e e ba kgothatsang.

Ke na le Patricia le Jerry Molohan fa re ne re ya kwa kopanong ya “Kagiso mo Lefatsheng” ka 1969

Go tloga ka 1963, ke ne ke thusa go rulaganya maeto a go ya kwa dikopanong tsa boditšhabatšhaba kwa Afrika, Australia, Amerika Bogare, Amerika Borwa, Yuropa, Botlhaba jo bo Kgakala, Hawaii, New Zealand le Puerto Rico. Nna le Lila re ile ra ya dikopanong di le dintsi tse re ka se di lebaleng, go akaretsa e e neng e tshwaretswe kwa Warsaw, Poland, ka 1989. Bakaulengwe ba le bantsi ba kwa Russia ba ne ba le gone kwa kopanong eo, mme e ne e le lekgetlo la ntlha ba ya kopanong. Re ile ra kopana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba neng ba feditse dingwaga di le dintsi ba le kwa kgolegelong ka ntlha ya tumelo ya bone.

Kabelo e nngwe e ke neng ke e rata thata e ne e le go etela diofisi tsa makala, ke kgothatsa maloko a lelapa la Bethele le barongwa. La bofelo fa re ne re etetse lekala la kwa Korea Borwa, re ne ra kgona go etela bakaulengwe ba le 50 ba ba neng ba le kwa kgolegelong kwa Suwon. Le fa gone ba ne ba tshwerwe, seo se ne se sa ba kgobe marapo, go na le moo, ba ne ba lebile pele go ipona ba le kwa bodireding gape. Go kopana le bone go ile ga re kgothatsa fela thata!—Bar. 1:11, 12.

KOKETSEGO E DIRA GORE RE ITUMELE

Ke ile ka bona kafa Jehofa a ileng a segofatsa batho ba gagwe ka gone. Fa ke ne ke kolobediwa ka 1943, go ne go na le baboledi ba le 100 000 mo lefatsheng lotlhe. Gone jaanong go na le baboledi ba feta 8 000 000 ba ba direlang Jehofa mo dinageng di le 240. Barongwa ba ile ba nna le seabe se segolo mo koketsegong eno. Ke ile ka itumelela go dira le bone le go ba thusa go rulaganya maeto go ya kwa dikabelong tsa bone.

Ke itumelela gore fa ke sa le mosha ke ile ka dira tshwetso ya go direla Jehofa ka go tsenya kopo ya go direla mo Bethele. Eleruri Jehofa o ile a ntshegofatsa. Nna le Lila re ile ra itumelela go direla mo Bethele, mo godimo ga moo, re ne re itumelela gape go ya bodireding le diphuthego tsa kwa Brooklyn e bile re ile ra nna le ditsala di le dintsi tsa boammaaruri.

Ke sa ntse ke direla mo Bethele mme le jaanong Lila o sa ntse a nkeme nokeng. Gone jaanong ke na le dingwaga di feta 84, mme ke sa ntse ke itumelela kabelo ya me e e akaretsang go araba, go romela le go faela makwalo.

Ke na le Lila

Ruri ke tshiamelo go nna karolo ya batho ba ga Jehofa le go bona pharologanyo e e kgolo fa gare ga batho ba ba mo direlang le ba ba sa mo direleng. Re tlhaloganya sentle mafoko ano a a mo go Malaki 3:18: “Mme lona ruri lo tla bona gape pharologanyo fa gare ga yo o siameng le yo o boikepo, fa gare ga yo o direlang Modimo le yo o sa mo direlang.” Letsatsi le letsatsi, lefatshe leno le senyegela go ya pele mme batho ba le bantsi ga ba na tsholofelo e bile ga ba a itumela. Mme gone, batho ba ba direlang Jehofa bone ba na le tsholofelo e bile ba itumetse le fa gone ba tshela mo dinakong tsa mathata. Tiro ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi ke tshiamelo. (Math. 24:14) Go ise go ye kae, Bogosi Jwa Modimo bo tla senya lefatshe leno le le bosula le go tlisa lefatshe la Paradaise. Batlhanka ba ga Jehofa ba tla tshela ka bosakhutleng ba itekanetse e bile ba itumetse.