Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa bokhutlo bo ntse bo atamela, re tshwanetse go tlhagisa batho

Dikatlholo Tsa Modimo—A ka Metlha o Ntsha Tlhagiso Go sa Le Gale?

Dikatlholo Tsa Modimo—A ka Metlha o Ntsha Tlhagiso Go sa Le Gale?

MOTHO yo o kgonang go bolelela maemo a bosa pele o lemoga gore go tlile go nna le pula ya matlakadibe mo lefelong lengwe le le nang le batho ba bantsi. E re ka a tshwenyegile ka bone, o dira sotlhe se a ka se kgonang go ba tlhagisa.

Ka tsela e e tshwanang, gompieno Jehofa o tlhagisa batho ka sengwe se se tla diregang mo nakong e e tlang, se se kotsi go feta pula ya matlakadibe. O ba tlhagisa jang? Mme re itse jang gore o fa batho nako e e lekaneng ya gore ba tseye kgato? Gore re bone dikarabo, mma re simolole ka go bona gore Jehofa o ile a tlhagisa batho jang mo nakong e e fetileng.

JEHOFA O ILE A BA TLHAGISA GO SA LE GALE

Mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele, gangwe le gape Jehofa o ile a tlhagisa batho ka se a neng a tla se dira fa ba sa ikobele ditaelo tsa gagwe. (Jer. 30:23) O ne a ba tlhagisa go sa le gale e bile a ba bolelela gore ba tshwanetse go dira eng gore ba mo ikobele. (2 Dikg. 17:12-15; Neh. 9:29, 30) Go le gantsi o ne a dirisa batlhanka ba gagwe go thusa batho bao gore ba itse gore ba tshwanetse go dira eng le go ba thusa go tlhaloganya gore ba tshwanetse go tsaya kgato ka bonako.—Amos. 3:7.

Noa ke mongwe wa batho ba Jehofa a ileng a ba dirisa go tlhagisa batho. O ne a fetsa dingwaga di le dintsi a bolelela batho ba ba bosula ba a neng a tshela le bone gore go tlile go nna le Morwalela. (Gen. 6:9-13, 17) Gape o ile a ba bolelela se ba tshwanetseng go se dira gore ba bolokwe. Noa o ne a fetsa nako e ntsi a rerela batho mo e leng gore moragonyana, o ne a bidiwa “moreri wa tshiamo.”—2 Pet. 2:5.

Le fa gone Noa a ile a tsaya matsapa go rerela batho, ga ba a ka ba mo reetsa. Ba ne ba se na tumelo. Ka jalo, ba ile ba swa fa Morwalela o ne “o tla o bo o ba gogola botlhe.” (Math. 24:39; Baheb. 11:7) Ka nako eo, ba ne ba ka se ka ba re Modimo ga a ba tlhagisa.

Ka dinako tse dingwe, Jehofa o ne a sa neye batho nako e ntsi pele a tsaya kgato. Mme gone, o ne a netefatsa gore nako e a ba e neileng e lekane gore ba kgone go tsaya kgato. Ka sekai, o ile a tlhagisa batho ba kwa Egepeto pele a tlisa Dipetso Tse di Lesome. Gape fa Jehofa a ne a tlisa petso ya bosupa, o ile a romela Moshe le Arone gore ba tlhagise Faro le batho ba gagwe gore go tlile go nna le sefako se segolo. E re ka sefako seo se ne se tla wa letsatsi le le latelang, a mme gone Jehofa o ne a ba neile nako e e lekaneng ya gore ba tseye kgato? Baebele ya re: “Mongwe le mongwe yo o neng a boifa lefoko la ga Jehofa mo batlhankeng ba ga Faro o ne a dira gore batlhanka ba gagwe le diruiwa tsa gagwe di tshabele mo teng ga matlo, mme le fa e le mang yo o neng a se ka a dira gore pelo ya gagwe e ele tlhoko lefoko la ga Jehofa o ne a tlogela batlhanka ba gagwe le diruiwa tsa gagwe kwa nageng.” (Ekes. 9:18-21) E re ka bangwe ba ile ba kgona go tsaya kgato, seno se bontsha gore Jehofa o ne a ba neile nako e e lekaneng.

Mo godimo ga moo, pele Jehofa a tlisa petso ya bolesome, o ile a tlhagisa Faro le batho ba gagwe. Mme gone, ga ba a ka ba reetsa. (Ekes. 4:22, 23) Ka jalo, bana ba bone ba maitibolo ba ile ba swa. Ruri seno se ne se utlwisa botlhoko! (Ekes. 11:4-10; 12:29) Mme gone, a ba ka bo ba ile ba kgona go dira sengwe? Ee. Moshe o ile a bolelela Baiseraele se se neng se tlile go direga e bile o ile a ba bolelela gore ba tshwanetse go dira eng gore petso eo e se ka ya ba ama. (Ekes. 12:21-28) Ke batho ba le kae ba ba ile ba dira jaaka Moshe a ne a ba laetse? Go ya ka dipego dingwe, batho ba le dimilione di le tharo, go akaretsa Baiseraele, batho e neng e se Baiseraele le Baegepeto ba ile ba sirelediwa mme ba tswa kwa Egepeto.—Ekes. 12:38.

Dikai tseno di re thusa go bona gore ka metlha Jehofa o ne a netefatsa gore batho ba na le nako e e lekaneng ya go reetsa tlhagiso ya gagwe. (Dute. 32:4) Ke eng fa a ne a dira jalo? Moaposetoloi Petere o ne a re Jehofa “ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.” (2 Pet. 3:9) Jehofa o rata batho. Ka jalo, o ne a batla gore ba ikwatlhaye le gore ba fetoge pele a tsaya kgato.—Isa. 48:17, 18; Bar. 2:4.

REETSA TLHAGISO YA GA JEHOFA

Le gompieno Jehofa o tlhagisa batho botlhe mo lefatsheng mme ba tshwanetse go mo reetsa. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ile a bolelela pele gore lefatshe leno la ga Satane le tlile go senngwa ka nako ya “pitlagano e kgolo.” (Math. 24:21) O ile a tlhalosetsa balatedi ba gagwe gore go tla diragala eng fa nako eo e ntse e atamela. Dilo tse Jesu a neng a bua ka tsone di a direga gompieno.—Math. 24:3-12; Luke 21:10-13.

E re ka bokhutlo bo ntse bo atamela, Jehofa o kgothaletsa batho gore ba mo direle e bile ba mo ikobele. O batla gore batho ba ba mo reetsang ba itumelele botshelo gone jaanong le gore mo nakong e e tlang, ba tshelele ruri. (2 Pet. 3:13) Jehofa o batla gore batho ba dumele ditsholofetso tsa gagwe. Ka jalo, o ba rerela molaetsa o o tla ba bolokang. Molaetsa oo ke ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi’ mme Jesu o ne a re di tla rerwa “mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.” (Math. 24:14) Batlhanka ba Modimo ba rera molaetsa ono mo dinageng di feta 240. Jehofa o batla gore batho ba reetse tlhagiso ya gagwe gore ba bolokwe.—Sefa. 1:14, 15; 2:2, 3.

Ka jalo, potso ya botlhokwa ga se gore a Jehofa o naya batho nako e e lekaneng pele a tsaya kgato. Re setse re bone gore ka metlha o dira jalo. Go na le moo, potso ke gore, a batho ba tla reetsa tlhagiso ya ga Jehofa go sa ntse go na le nako? E kete re ka dira sotlhe se re ka se kgonang go thusa batho gore ba bolokwe.