Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 41

Tswelela o Ikanyega ka Nako ya “Pitlagano e Kgolo”

Tswelela o Ikanyega ka Nako ya “Pitlagano e Kgolo”

“Ratang Jehofa, lona lotlhe batho ba gagwe ba ba ikanyegang. Jehofa o dibela ba ba ikanyegang.”—PES. 31:23.

PINA 129 Re Tla Tswelela re Itshoka

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. (a) Go ise go ye kae, babusi ba lefatshe ba tla goeletsa eng? (b) Re tla tlotla ka dipotso dife tsa botlhokwa?

AKANYA ka se se tla diregang fa babusi ba lefatshe ba sena go goeletsa gore ba fitlheletse “kagiso le polokesego.” Ba ka nna ba ikgantsha ba re ba dirile gore go nne le kagiso mo lefatsheng. Ba ka nna ba batla gore re akanye gore ba ka kgona go rarabolola mathata otlhe a batho. Mme boammaaruri ke gore, ba ka se kgone go thibela se se tla diregang morago ga moo. Ke eng fa re rialo? Baebele ya re fa ba sena go goeletsa kagiso le polokesego, “tshenyego ya tshoganyetso e tla ba wela ka ponyo ya leitlho, . . . mme ga ba kitla ba falola ka gope.”—1 Bathes. 5:3.

2 Mma jaanong re tlotle ka dipotso tseno tsa botlhokwa: Go tla diregang ka nako ya “pitlagano e kgolo”? Jehofa o tla batla gore re direng? Mme re ka ipaakanya jang gore re kgone go ikanyega mo go Jehofa ka nako eo?—Math. 24:21.

GO TLA DIREGANG KA NAKO YA “PITLAGANO E KGOLO”?

3. Go ya ka Tshenolo 17:5, 15-18, Modimo o tlile go fedisa “Babelona o Mogolo” jang?

3 Bala Tshenolo 17:5, 15-18. “Babelona o Mogolo” o tlile go senngwa! Jaaka re setse re bone, babusi ba lefatshe ga ba kitla ba kgona go thibela se se tla bong se direga ka nako eo. Ka ntlha yang? Ka gonne Modimo o tla ‘go tsenya mo dipelong tsa bone gore ba diragatse kakanyo ya gagwe.’ Kakanyo efe? Go senya madumedi otlhe a maaka go akaretsa a a ipitsang a Bokeresete. * Modimo o tla tsenya kakanyo ya gagwe mo dipelong tsa “dinaka tse di lesome” tsa “[sebatana] se se mmala wa bohibidu jo bo letlhololo.” Dinaka tse di lesome ke dipuso tsotlhe tse di tshegetsang sebatana. Sebatana seo ke lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. (Tshen. 17:3, 11-13; 18:8) Fa dipuso di tlhasela bodumedi jwa maaka, pitlagano e kgolo e tla bo e simolola. Tiragalo eo e tlile go tshosa batho mo lefatsheng lotlhe.

4. (a) Babusi ba lefatshe ba ka nna ba re ke eng fa ba tlhasela bodumedi jwa maaka? (b) Go bonala batho ba ba neng ba tsena dikereke ba ba tlile go dirang?

4 Ga re itse gore babusi ba lefatshe ba tla re ke eng fa ba tlhasela Babelona o Mogolo. Gongwe ba ka nna ba re bodumedi bo dira gore go se ka ga nna le kagiso mo lefatsheng le gore bodumedi bo rata go nna bo itshunya nko mo dikgannyeng tsa puso. Kgotsa ba ka nna ba re dikereke di ja batho ntsoma. (Tshen. 18:3, 7) Fa babusi ba lefatshe ba nyeletsa bodumedi jwa maaka, ga go lebege ba tlile go nyeletsa batho botlhe ba ba leng mo go jone. Go na le moo, ba tlile go nyeletsa mekgatlho yotlhe ya bodumedi. Fa mekgatlho ya bodumedi kgotsa dikereke di sena go senngwa, batho ba tlile go lemoga gore baruti ba ntse ba ba aketsa mme ga ba kitla ba batla go utlwa sepe ka dikereke tseo.

5. Jehofa o re solofeditse gore o tla dirang ka nako ya pitlagano e kgolo, mme ka ntlha yang?

5 Baebele ga e tlhalose gore go senngwa ga Babelona o Mogolo go tla tsaya nako e kae, mme gone re a itse gore ga e kitla e nna nako e e telele thata. (Tshen. 18:10, 21) Jehofa o re solofeditse gore o tla “khutshwafatsa malatsi ao” gore batho ba gagwe “ba a ba tlhophileng” ba se ka ba senngwa le gore bodumedi jwa boammaaruri le jone bo se ka jwa senngwa. (Mar. 13:19, 20) Mme gone, Jehofa o tla batla gore re direng ka nako ya pitlagano e kgolo?

TSWELELA O DIRELA JEHOFA

6. Fa re sena go kgaogana le bodumedi jwa maaka, re tshwanetse go dira eng?

6 Jaaka re ithutile mo setlhogong se se fetileng, Jehofa o batla gore batlhanka ba gagwe ba kgaogane gotlhelele le bodumedi jwa maaka. Mme ga se gone gotlhe. Gape re tshwanetse go direla Jehofa ka tsela e a e amogelang. Mma re bone gore re ka dira seo jang.

Ga re a tshwanela go tlogela go kopana mmogo le fa go ka nna thata jang (Bona serapa 7) *

7. (a) Re ka bontsha jang gore re emela melao ya ga Jehofa e e siameng ya boitsholo? (b) Go ya ka Bahebera 10:24 le 25, ke eng fa re tshwanetse go kopana mmogo, mme ke eng fa seo se le botlhokwa thata gone jaanong?

7 Sa ntlha, re tshwanetse go emela melao ya ga Jehofa e e siameng ya boitsholo. Ka jalo, ga re dumalane le tsela e batho ba ba sa obameleng Jehofa ba tshelang ka yone. Ka sekai, ga re dumalane le boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo go akaretsa go nyalana ga batho ba bong jo bo tshwanang. (Math. 19:4, 5; Bar. 1:26, 27) Sa bobedi, re tshwanetse go kopana mmogo gore re obamele Jehofa. Re kopana mmogo kwa Diholong Tsa Bogosi mme fa go sa kgonege, re kopana kwa malapeng a rona kgotsa kwa lefelong le re ka se bonweng kwa go lone. Le fa maemo a ka nna thata jang, re tshwanetse go nna re kopana mmogo e bile re tshwanetse go dira jalo “le go feta e re ka [re] bona letsatsi le atamela.”—Bala Bahebera 10:24, 25.

8. Molaetsa wa rona o ka nna wa fetoga jang ka nako ya pitlagano e kgolo?

8 Ka nako ya pitlagano e kgolo, molaetsa wa rona o ka nna wa fetoga. Gone jaanong, re rera ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo e bile re leka go dira batho barutwa. Mme ka nako eo, re tla bo re rera molaetsa o batho ba sa o rateng. Tota e bile, Baebele e tshwantsha molaetsa oo le sefako se segolo. (Tshen. 16:21) Gongwe re tla bo re bolelela batho gore bokhutlo bo setse bo gorogile. Go ise go ye kae, Jehofa o tla re thusa go tlhaloganya gore molaetsa oo ke ofe le gore re tlile go rera jang. A re tlile go dirisa ditsela tse re ntseng re di dirisa tsa go rera, kgotsa re tlile go dirisa ditsela tse dingwe? Ga re itse. Sa bothokwa ke gore, go bonala re tlile go bolelela batho molaetsa wa ga Jehofa wa katlholo.—Esek. 2:3-5.

9. Ka nako ya pitlagano e kgolo, molaetsa wa rona o ka nna wa dira gore babusi ba lefatshe ba direng mme re itse eng?

9 Go ka direga gore molaetsa wa rona o tlile go dira gore babusi ba lefatshe ba batle go re didimatsa. Fela jaaka re ikaegile ka Jehofa gore a re thuse gone jaanong mo bodireding, le ka nako eo re tlile go tlhoka thuso ya gagwe. Re a itse gore Jehofa o tlile go re thusa gore re diragatse thato ya gagwe.—Mik. 3:8.

IPAAKANYETSE GO TLHASELWA GA BATHO BA MODIMO

10. Go ya ka Luke 21:25-28, batho ba le bantsi ba tlile go ikutlwa jang ka nako ya pitlagano e kgolo?

10 Bala Luke 21:25-28. Ka nako ya pitlagano e kgolo, batho ba tlile go gakgamala tota fa ba bona dilo tse ba neng ba akanya gore di tla nnela ruri di nyelela. Ka nako eo ya mathata, ba tla bo ba ‘tlaletswe’ e bile ba tshaba gore ba tlile go bolawa. (Sefa. 1:14, 15) Boammaaruri ke gore batho ba ga Jehofa le bone ba tlile go lebana le dikgwetlho ka gonne ga re karolo ya lefatshe. Go tla bo go le thata. Tota e bile, go ka nna ga direga gore ka nako eo re tlhoke dilo dingwe tsa botlhokwa.

11. (a) Ke eng fa Basupi ba ga Jehofa ba tlile go tlhoiwa? (b) Ke eng fa re sa tshwanela go tshaba pitlagano e kgolo?

11 Batho ba ba neng ba le mo bodumeding jwa maaka ba tlile go galefa tota fa ba lemoga gore Basupi bone ba sa ntse ba obamela Jehofa. Ga go pelaelo gore ba tla tsosa khuduego, segolobogolo mo Internet. E re ka re tla bo re sa ntse re obamela Jehofa, Satane le babusi ba lefatshe ba tlile go re tlhoa. Babusi ba lefatshe ba tla galefisiwa ke gore ga ba a kgona go fedisa bodumedi mo lefatsheng. Ka jalo, ba tlile go kopana. Fa ba kopane jalo, Baebele e ba bitsa Gogo wa Magogo. * Go tswa foo, ba tla tlhasela batho ba ga Jehofa. (Esek. 38:2, 14-16) E re ka re sa itse gore go tlile go diregang ka nako eo, go ka nna motlhofo gore re simolole go tshwenyega. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go tshoga. Jehofa o tla re naya ditaelo tse di tla re bolokang. (Pes. 34:19) Re tla ‘ema re tlhamaletse re bo re tsholetsa ditlhogo,’ ka gonne re tla bo re itse gore “kgololo ya [rona] e a atamela.” *

12. “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o ntse a re thusa jang go ipaakanyetsa se se larileng kwa pele?

12 “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o ntse a re baakanyetsa se se larileng kwa pele ka nako ya pitlagano e kgolo. (Math. 24:45) O ntse a dira jalo ka ditsela di le dintsi. Mma re tlole ka sekai se le sengwe. Dikopano tsa rona tsa tikologo tsa 2016-2018. Dikopano tseno di ne di re kgothaletsa gore re nne le dinonofo tse di tla re thusang fa bokhutlo bo ntse bo atamela.

TSWELELA O IKANYEGA, O ITSHOKILE E BILE O LE PELOKGALE

Ipaakanyetse go falola “pitlagano e kgolo” (Bona serapa 13-16) *

13. Ke eng se se tla re thusang go ikanyega mo go Jehofa mme ke eng fa go le botlhokwa gore re ikanyege mo go ene gone jaanong?

13 Boikanyegi: Setlhogo sa kopano ya tikologo ya 2016 se ne se re “Tswelela o Ikanyega mo go Jehofa!” Kwa kopanong eo, re ile ra ithuta gore fa re atamalane thata le Jehofa, re tla kgona go ikanyega mo go ene. Gape re ile ra ithuta gore go rapela go tswa pelong le go bala Baebele ka metlha, ke gone go tla re thusang gore re atamalane le Jehofa. Fa re dira dilo tseno, re tla kgona go itshokela le mathata a a boima tota. Fa bokhutlo bo ntse bo atamela, go tlile go nna thata le go feta gore re nne re ikanyega mo go Jehofa. (2 Pet. 3:3, 4) Batho ba tla tswelela ba re sotla e re ka re sa itshunye nko mo dipolotiking. Ka jalo, fa re batla go ikanyega ka pitlagano e kgolo, re tshwanetse go tswelela re ikanyega gone jaanong.

14. (a) Go tla nna le phetogo efe fa pitlagano e kgolo e ntse e tsweletse? (b) Ke eng fa go tla bo go le botlhokwa gore re ikanyege ka nako eo?

14 Ka nako ya pitlagano e kgolo, go tlile go nna le phetogo nngwe. Fa pitlagano e kgolo e ntse e tsweletse, go tla tla nako ya gore batlodiwa botlhe ba phuthelwe kwa legodimong. Ba tla bo ba na le Jesu fa a lwa le baba ba Modimo ka ntwa ya Haramagedona. (Math. 24:31; Tshen. 2:26, 27) Seno se raya gore, fa batlodiwa botlhe ba le kwa legodimong, go tla bo go sa tlhole go na le Setlhopha se se Laolang mo lefatsheng. Mme gone, seno ga se reye gore go tla bo go sa tlhole go na le thulaganyo mo phuthegong. Bakaulengwe ba ba tshwanelegang ba dinku tse dingwe ba tla etelela batho ba Modimo pele. Re tlile go tshwanelwa ke gore re ba ikobele. Fa re dira jalo, re tla bo re bontsha gore re ikanyega mo go Jehofa. Mo godimo ga moo, fa re ba ikobela, re tla bolokwa.

15. Ke eng se se tla re thusang go itshoka, mme ke eng fa go le botlhokwa gore re nne re itshokile gone jaanong?

15 Boitshoko: Setlhogo sa kopano ya tikologo ya 2017 se ne se re: “O se ka wa Ineela!” Kopano eo e ne ya re thusa go bona gore go botlhokwa gore re tswelele re itshokile fa re lebane le diteko. Re ile ra ithuta gore ga re itshoke ka gonne re itse gore mathata a rona a tla fela, go na le moo, re itshoka ka gonne re ikaegile ka Jehofa. (Bar. 12:12) Re tshwanetse go nna re gopotse gore Jesu o ne a re: “Yo o itshokileng go ya bokhutlong ke ene yo o tla bolokwang.” (Math. 24:13) Seno se raya gore re tshwanetse go nna re itshokile le fa re ka lebana le mathata a a boima jang. Fa re nna re itshokela diteko gone jaanong, tumelo ya rona e tla nonofa.

16. Ke eng se se ka re thusang go nna pelokgale mme ke eng se re tshwanetseng go se dira gone jaanong?

16 Bopelokgale: Setlhogo sa kopano ya tikologo ya 2018 se ne se re: “Nna Pelokgale!” Kopano eo e re thusitse go bona gore go nna pelokgale ga go a ikaega ka bokgoni bongwe jo re nang le jone. Fela jaaka re tshwanetse go ikaega ka Jehofa gore re kgone go itshoka, re tshwanetse go ikaega ka ene gore re nne pelokgale. Ke eng se se ka re thusang go ikaega ka Jehofa? Ke go bala Baebele letsatsi le letsatsi le go akanya ka tsela e Jehofa a ileng a sireletsa batho ba gagwe ka yone mo nakong e e fetileng. (Pes. 68:20; 2 Pet. 2:9) Fa dipuso di re tlhasela ka nako ya pitlagano e kgolo, re tlile go tlhoka go nna pelokgale le go tshepa gore Jehofa o tla re sireletsa. (Pes. 112:7, 8; Baheb. 13:6) Fa re ikaega ka Jehofa gone jaanong, seno se tla re thusa gore re nne pelokgale fa Gogo a re tlhasela. *

JEHOFA O TLILE GO RE BOLOKA!

Go ise go ye kae, Jesu le masole a gagwe a kwa legodimong ba tla nyeletsa baba ba Modimo ka ntwa ya Haramagedona! (Bona serapa 17)

17. Ke eng fa re sa tshwanela go boifa Haramagedona? (Bona setshwantsho sa khabara.)

17 Jaaka re ithutile mo setlhogong se se fetileng, bontsi jwa rona re tshetse botshelo jwa rona jotlhe mo metlheng ya bofelo. Mme gape re na le tsholofelo ya gore re tlile go falola pitlagano e kgolo. Lefatshe leno la ga Satane le tlile go senngwa ka ntwa ya Haramagedona. Mme gone, ga re tlhoke go boifa sepe. Ka ntlha yang? Ka gonne eno ke ntwa ya ga Jehofa e bile ga re kitla re tlhoka go lwa. (Dia. 1:33; Esek. 38:18-20; Seka. 14:3) Ka nako e Jehofa a e tlhomileng, Jesu Keresete o tla etelela pele sesole sa kwa legodimong. Jesu Keresete mmogo le batlodiwa le baengele ba le bantsintsi ba tlile go bolotsa ntwa kgatlhanong le Satane, madimona a gagwe le masole a gagwe a mo lefatsheng.—Dan. 12:1; Tshen. 6:2; 17:14.

18. (a) Jehofa o re solofetsa eng? (b) Tshenolo 7:9, 13-17 e re tlhomamisetsa eng?

18 Jehofa o re solofetsa jaana: “Sebetsa le fa e ka nna sefe se se tla bopiwang kgatlhanong le wena ga se kitla se atlega.” (Isa. 54:17) “Boidiidi jo bogolo” jwa batlhanka ba ga Jehofa bo tlile go ‘tswa mo pitlaganong e kgolo’ bo tshela. Ba tla tswelela ba mo direla. (Bala Tshenolo 7:9, 13-17.) Baebele e re tlhomamisetsa gore re tla bolokwa. Ya re “Jehofa o dibela [kgotsa o sireletsa] ba ba ikanyegang.” (Pes. 31:23) Batlhanka ba ga Jehofa ba tlile go itumela tota fa ba bona a galaletsa leina la gagwe le le boitshepo.—Esek. 38:23.

19. Re tla bo re tshela jang kwa lefatsheng le lesha?

19 Akanya fela gore 2 Timotheo 3:2-5 e ne e tla reng fa e bua ka batho ba ba tshelang mo lefatsheng le lesha ba ba sa tlhotlhelediweng ke Satane. (Bona lebokoso le le reng, “ Batho ba Lefatshe le Lesha.”) Mokaulengwe George Gangas, * yo e neng e le leloko la Setlhopha se se Laolang o ne a re: “Botshelo bo tlile go nna monate tota fa batho botlhe ba direla Jehofa. Go ise go ya kae, re tla bo re tshela mo lefatsheng le lesha re sa swe. Re tlile go tshelela ruri!” Eleruri eo ke tsholofelo e e itumedisang tota!

PINA 122 Nitamang, lo sa Tshikinyege!

^ ser. 5 Re a itse gore go ise go ye kae, go tlile go nna le “pitlagano e kgolo.” Go tlile go diregang ka batlhanka ba ga Jehofa ka nako eo? Jehofa o tlile go batla gore re direng? Re tshwanetse go nna le dinonofo dife tse di tla re thusang go nna re ikanyega mo go Jehofa? Mma re tlotle ka dipotso tseno.

^ ser. 3 TLHALOSO: Madumedi a a ipitsang a Bokeresete ke a a sa ruteng batho go tshela ka melao ya ga Jehofa mme gone ba ipitsa balatedi ba ga Keresete.

^ ser. 11 TLHALOSO: Lefoko Gogo wa Magogo (kgotsa Gogo) le kaya dipuso tsa lefatshe fa di kopane gore di tlhasele batho ba ga Jehofa ka nako ya pitlagano e kgolo.

^ ser. 11 Go bona tshedimotsetso e e oketsegileng ka dilo tse di tla diregang pela ga ntwa ya Haramagedona, bona kgaolo 21 mo bukeng ya Bogosi Jwa Modimo bo a Busa! Go bona tshedimosetso e e oketsegile ka Gogo wa Magogo le gore Jehofa o tlile go sireletsa batho ba gagwe jang ka ntwa ya Haramagedona, bona makasine wa Tora ya Tebelo wa July 15, 2013 tsebe 3-8, le wa July 15 2015, tsebe 14-19.

^ ser. 16 Kopano ya tikologo ya 2019 e e nang le setlhogo se se reng “Lorato Ga lo Ke lo Fela!” e re tlhomamisetsa gore Jehofa o tla re sireletsa ka gonne o a re rata.—1 Bakor. 13:8.

^ ser. 19 Bona setlhogo se se reng “Ditiro Tsa Gagwe di mo Setse Morago” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa December 1, 1994.

^ ser. 65 SETSHWANTSHO: Setlhopha se se nnye sa Basupi ba ga Jehofa se tshwaretse dipokano mo sekgweng ka nako ya pitlagano e kgolo.

^ ser. 67 SETSHWANTSHO: Batlhanka ba ga Jehofa ba tla falola pitlagano e kgolo.