Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 43

Ineele mo go Jehofa ka Pelo Yotlhe

Ineele mo go Jehofa ka Pelo Yotlhe

“Jehofa ke Modimo yo o batlang boineelo jo bo feletseng.”—NAH. 1:2.

PINA 51 Re Ineetse mo Modimong!

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Ke eng fa re tshwanetse go obamela Jehofa a le nosi?

RE TSHWANETSE go obamela Jehofa a le nosi ka gonne ke ene a re bopileng. (Tshen. 4:11) Gone ke boammaaruri gore re rata Jehofa e bile re a mo tlotla. Le fa go ntse jalo, fa re se kelotlhoko, go na le dilo dingwe tse di ka dirang gore re se ka ra ineela mo go Jehofa ka pelo yotlhe. Re raya jang? Mma re simolole pele ka go bona gore go ineela mo go Jehofa ka pelo yotlhe kgotsa go obamela ene fela go kayang.

2. Go ya ka Ekesodo 34:14, re tla dirang fa e le gore re ineetse mo go Jehofa ka pelo yotlhe?

2 Go ya ka Baebele, fa motho a ineetse mo Modimong, seo se raya gore o mo rata ka pelo yotlhe. Fa re ineetse mo go Jehofa ka pelo yotlhe, re tla obamela ene fela. Seo se raya gore ga go na sepe kgotsa ope yo o ka nnang botlhokwa mo go rona go feta Jehofa.—Bala Ekesodo 34:14.

3. Ke eng fa re rata Jehofa?

3 Ke eng fa re rata Jehofa? Ke ka gonne re ithutile dilo di le dintsi ka ene e bile re rata dinonofo tsa gagwe tse di kgatlhang. Re itse dilo tse a di ratang le tse a di tlhoileng, mme le rona re ikutlwa fela jaaka ene. Re a itse gore Jehofa o batla gore re tshele jang mme re leka ka natla go tshela ka melao ya gagwe. Gape re itumelela gore o re letla gore re nne ditsala tsa gagwe. (Pes. 25:14) Sengwe le sengwe se re se ithutang ka Jehofa, se dira gore re mo rate le go feta.—Jak. 4:8.

4. (a) Satane o dira eng go leka go dira gore re se ka ra ineela mo go Jehofa ka pelo yotlhe? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

4 Satane ke ene a laolang lefatshe leno e bile o dirisa dilo tse di mo lefatsheng go leka go re raela. (Baef. 2:1-3; 1 Joh. 5:19) O batla gore re rate dilo tseo thata gore re se ka ra ineela ka pelo yotlhe mo go Jehofa. Mma re tlotle ka ditsela di le pedi tse Satane a ka di dirisang. Sa ntlha, o batla gore re rate madi le dikhumo. Sa bobedi, o batla gore re itlose bodutu ka dilo tse di sa siamang.

O SE KA WA RATA MADI

5. Ke eng fa re sa tshwanela go rata madi?

5 Ke boammaaruri gore rotlhe re tlhoka dijo, diaparo le lefelo le re ka nnang mo go lone. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra rata madi. Batho ba le bantsi gompieno ba ‘rata madi’ e bile ba rata go reka. (2 Tim. 3:2) Jesu o ne a itse gore balatedi ba gagwe le bone ba ka nna ba wela mo seraing seno. O ne a re: “Ga go ope yo o ka nnang motlhanka wa beng ba babedi; gonne o tla tlhoa yo mongwe mme a rate yo mongwe, kgotsa o tla ngaparela yo mongwe mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa nna batlhanka ba Modimo le ba Dikhumo.” (Math. 6:24) Fa motho a re o ineetse mo go Jehofa, mme a dirisa nako e ntsi a leka go dira madi, tota o a bo a leka go direla beng ba babedi. Motho yo o ntseng jalo, ga a ineela mo go Jehofa ka pelo yotlhe.

Bakeresete ba kwa Laodikia ba ne ba iteba jaana . . . mme Jehofa le Jesu ba ne ba ba leba jaana (Bona serapa 6)

6. Re ithuta eng mo go se Jesu a ileng a se raya Bakeresete ba kwa Laodikia?

6 Go ela kwa bofelong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga, batho ba kwa phuthegong ya Laodikia ba ne ba tlhola ba ikgantsha ba re: “Ke humile e bile ke bapetse dikhumo mme ga ke tlhoke sepe gotlhelele.” Mme mo go Jehofa le Jesu batho bao ba ne ba ‘hutsafatsa, ba tlhomola pelo, ba humanegile, ba foufetse e bile ba sa ikatega.’ Jesu o ne a sa ba kgalemele ka gonne ba humile, go na le moo, o ne a ba kgalemela ka gonne ba ne ba rata madi thata, mme seo se ne se senya botsala jwa bone le Jehofa. (Tshen. 3:14-17) Fa re lemoga gore re simolola go rata madi, re tshwanetse go ikgalemela ka bonako. (1 Tim. 6:7, 8) Fa re sa dire jalo, Jehofa ga a kitla a re amogela ka gonne re tla bo re sa ineela mo go ene ka pelo yotlhe. Baebele ya re “o [batla] boineelo jo bo feletseng.” (Dute. 4:24) Ke eng se se ka dirang gore re simolole go rata madi thata?

7-9. O ithuta eng mo go se se diragaletseng mogolwane mongwe yo o bidiwang David?

7 Akanya ka mogolwane mongwe yo o bidiwang David yo o nnang kwa United States. A re o ne a dira ka natla kwa tirong ya gagwe ya boitshediso. David o ile a tlhatlosiwa kwa tirong e bile o ne a amogela madi a mantsi. Mo godimo ga moo, mo nageng ya bone o ne a itsege e le mankge mo tirong e a neng a e dira. A re: “Ka nako eo, ke ne ke akanya gore dilo tseo di bontsha gore Jehofa o a ntshegofatsa.” A mme go ne go ntse jalo?

8 David o ne a simolola go lemoga gore tiro ya gagwe e koafatsa botsala jwa gagwe le Jehofa. A re: “Ke ne ke nna ke akantse fela ka dilo tsa kwa tirong, tota le fa ke le kwa dipokanong kgotsa ke le kwa bodireding. Ke ne ke amogela madi a mantsi, mme gone, ke ne ke nna fela ke sa itumela e bile nna le mosadi wa me re ne ra simolola go nna le mathata mo lenyalong la rona.”

9 David o ne a lemoga gore o tlhoka go dira diphetogo. A re: “Ke ne ka ititaya sehuba gore ke tlile go baakanya seemo.” David o ne a kopa mothapi wa gagwe gore a mo fokoletse tiro. Mme gone, ga a ka a dumela, go na le moo, o ile a mo koba. David o ile a dirang? A re: “Letsatsi le le latelang, ke ne ka tlatsa foromo ya go nna mmulatsela yo o thusang.” David le mosadi wa gagwe ba ne ba simolola go itshedisa ka go dira tiro ya go phepafatsa. Moragonyana, David o ne a nna mmulatsela wa ka metlha mme fa nako e ntse e ya, mosadi wa gagwe le ene o ne a nna mmulatsela wa ka metlha. Ba dira tiro e batho ba le bantsi ba e tseelang kwa tlase, mme seo se ga se ba tshwenye. Le fa gone ba amogela madi a mannye, a ba lekane. Ba batla go direla Jehofa ka bojotlhe, mme ba lemogile gore Jehofa o segofatsa batho ba ba dirang jalo.—Math. 6:31-33.

10. Ke eng fa re tshwanetse go nna kelotlhoko?

10 Le fa re ka tswa re na le madi kgotsa re se na one, re tshwanetse go ikela tlhoko. Ke eng fa re tshwanetse go nna kelotlhoko? Fa re se kelotlhoko, re ka nna ra simolola go rata madi. Mo godimo ga moo, fa re se kelotlhoko, tiro ya rona ya boitshediso e ka nna botlhokwa thata mo go rona go feta tirelo ya ga Jehofa. O ka lemoga jang gore o rata tiro ya gago ya boitshediso thata? O ka nna wa ipotsa jaana: ‘A ke nna fela ke akantse ka tiro ya me ya boitshediso fa ke le kwa dipokanong kgotsa kwa bodireding? A ke nna fela ke ipotsa gore a ke tla nna le madi a a lekaneng fa ke setse ke godile? A nna le mosadi wa me kgotsa monna wa me re nna fela re lwa ka ntlha ya madi? A nka dira tiro ya boitshediso e batho ba le bantsi ba e tseelang kwa tlase fa e le gore e tla nthusa go direla Jehofa mo go oketsegileng?’ (1 Tim. 6:9-12) Fa re akanya ka dipotso tseno, ga re a tshwanela go lebala gore Jehofa o a re rata le gore o re solofetsa jaana: “Ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.” Ke gone ka moo, moaposetoloi Paulo a ileng a re: “A mokgwa wa lona wa botshelo e se ka ya nna wa go rata madi.”—Baheb. 13:5, 6.

NNA KELOTLHOKO FA O TLHOPHA BOITLOSOBODUTU

11. Boitlosobodutu bo ka ama motho jang?

11 Jehofa o batla gore re itumelele botshelo, mme go itlosa bodutu go dira gore re itumele. Tota e bile, Baebele ya re ‘ga go na sepe se se botoka fa e se gore [motho] a je mme eleruri a nwe le go bona molemo ka ntlha ya tiro ya gagwe ya bonatla.’ (Mor. 2:24) Le fa go ntse jalo, boitlosobodutu bo le bontsi gompieno ga bo a siama. Bo ka dira gore motho a simolole go akanya gore dilo tse Modimo a di tlhoileng di itshiametse fela.

O ja mo tafoleng ya ga mang? (Bona serapa 11-14) *

12. Go ya ka 1 Bakorintha 10:21 le 22, ke eng fa re tshwanetse go nna kelotlhoko fa re tlhopha boitlosobodutu?

12 Re batla go ineela ka pelo yotlhe mo go Jehofa, ka jalo, ga re ka ke ra ja mo “tafoleng ya ga Jehofa” le mo “tafoleng ya madimona.” (Bala 1 Bakorintha 10:21, 22.) Go le gantsi fa o ja le motho, seo se bontsha gore lo ditsala. Fa re tlhopha boitlosobodutu jo bo nang le thubakanyo, bodimona, boitsholo jo bo sa siamang kgotsa sepe fela se Jehofa a se tlhoileng, tota re a bo re ja dijo tse di apeilweng ke baba ba Modimo. Fa re dira jalo, re ipakela mathata e bile re senya botsala jwa rona le Jehofa.

13-14. Go ya ka Jakobe 1:14 le 15, ke eng fa re tshwanetse go nna kelotlhoko fa re tlhopha boitlosobodutu? Naya sekai.

13 Boitlosobodutu bo tshwana jang le dijo? Ke rona re itlhophelang gore re ja eng. Mme fa re setse re jele, ga re ka ke ra tlhopha gore dilo tse re di jeleng di tla ama mmele wa rona jang. Dijo tse di nang le dikotla di thusa mmele wa rona, mme tse di se nang dikotla tsone di dira gore re lwale. Gone ke boammaaruri gore gongwe ga re kitla re lwala ka nako eo, mme fa nako e ntse e ya re tla bona ditlamorago tsa seo.

14 Ka tsela e e tshwanang, ke rona re itlhophelang gore re itlosa bodutu ka eng. Mme gone, re tshwanetse go itse gore dilo tse re itlosang bodutu ka tsone di ama tsela e re ikutlwang le e re akanyang ka yone. Boitlosobodutu jo bo siameng bo a re lapolosa, mme jo bo sa siamang bo re tlhotlheletsa ka tsela e e sa siamang. (Bala Jakobe 1:14, 15.) Gone ke boammaaruri gore go ka feta nako o sa lemoge sepe, mme fa nako e ntse e ya o tla bona ditlamorago tsa teng. Ke gone ka moo Baebele e reng: “Lo se ka lwa tsietsega: Modimo ga se yo o ka sotliwang. Gonne le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape; ka gonne yo o jalelang nama ya gagwe o tla roba go bola mo nameng ya gagwe.” (Bagal. 6:7, 8) Ka jalo, go botlhokwa gore re se ka ra itlosa bodutu ka sepe fela se Jehofa a se tlhoileng.—Pes. 97:10.

15. Jehofa o re diretse thulaganyo efe e e itumedisang?

15 Batho ba le bantsi ba ga Jehofa ba rata JW Broadcasting®. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Marilyn a re: “JW Broadcasting e nthusitse gore ke nne motho yo o itumetseng e bile ke kgona go lebelela sengwe le sengwe mo go yone ka gonne ga e na sepe se se sa siamang. Fa ke jewa ke bodutu kgotsa ke kgobegile marapo, ke tsena mo JW Broadcasting ke bo ke lebelela puo nngwe e e kgothatsang kgotsa Kobamelo ya mo Mosong. Go dira jalo go nthusa gore ke atamalane le Jehofa e bile go dira gore ke rate phuthego ya gagwe. JW Broadcasting e fetotse botshelo jwa me.” A le wena JW Broadcasting e a go thusa? JW Broadcasting e na le thulaganyo ya kgwedi le kgwedi, gape e na le dikgatiso tse di rekotilweng, dibidio le dipina tse di monate.

16-17. Ke eng fa re sa tshwanela go fetsa nako e ntsi re itlosa bodutu, mme re ka dira seo jang?

16 Re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re itlosa bodutu ka eng, mme gape, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re dirisa nako e kae re itlosa bodutu. Fa re se kelotlhoko, re ka nna ra fetsa nako e ntsi re itlosa bodutu, go na le go e dirisetsa go direla Jehofa. Batho ba le bantsi ba fetsa nako e ntsi ba itlosa bodutu. Kgaitsadi mongwe yo o nang le dingwaga di le 18 yo o bidiwang Abigail a re: “Go lebelela thelebishene go nthusa gore ke lapologelwe. Mme gone, fa ke sa ikele tlhoko ke kgona go fetsa diura di le dintsi ke e lebile.” Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Samuel ene a re: “Ke rata go leba dibidio tse dikhutshwane mo Internet. Ka dinako tse dingwe, ke simolola ka go lebelela e le nngwe fela, mme fa ke bula matlho, go setse go fetile diura di le tharo kgotsa di le nnê.”

17 Ke eng se se ka go thusang gore o se ka wa dirisa nako e ntsi thata o itlosa bodutu? Sa ntlha, leka go bona gore o dirisa nako e kae o itlosa bodutu. Gongwe o ka simolola ka go kwala gore mo bekeng o dirisa nako e e kae o lebile thelebishene, o le mo Internet kgotsa o tshameka metshameko mo founong ya gago. Fa o lemoga gore o dirisa nako e ntsi thata mo dilong tseno, leka go fokotsa. Simolola pele ka go dira dilo tsa botlhokwa. Go tswa foo, ke gone o ka itlosang bodutu. Gape, kopa Jehofa gore a go thuse. Fa o dira jalo, o tla nna le nako ya kobamelo ya lelapa, ya go ithuta Baebele o le nosi, ya go ya dipokanong le ya go ya bodireding. Fa o simolola pele ka go dira dilo tsa botlhokwa, ga o kitla o ikutlwa molato fa o itlosa bodutu.

TSWELELA O INEETSE MO GO JEHOFA KA PELO YOTLHE

18-19. Re ka bontsha jang gore re ineetse mo go Jehofa ka pelo yotlhe?

18 Fa moaposetoloi Petere a sena go tlhalosa gore lefatshe leno la ga Satane le tlile go senngwa re bo re tshela mo lefatsheng le lesha, o ne a re: “Baratwa, e re ka lo letetse dilo tseno, dirang bojotlhe jwa lona gore kwa bofelong a lo fitlhele lo se na selabe lo se na molato e bile lo le mo kagisong.” (2 Pet. 3:14) Fa re tshela e bile re obamela Jehofa ka tsela e a e batlang, re tla bo re bontsha gore re ineetse mo go ene ka pelo yotlhe.

19 Satane o tla nna a leka go re tlhotlheletsa gore re rate dilo tsa lefatshe leno go feta Jehofa. (Luke 4:13) Mme gone, le fa a ka leka go dira eng, Jehofa o tla nna a tla pele mo matshelong a rona. Re tla tswelela re ineetse mo go Jehofa ka pelo yotlhe!

PINA 30 Rre, Modimo Wa me Le Tsala ya Me

^ ser. 5 Re rata go direla Jehofa. Mme gone, a re obamela ene fela? Ditshwetso tse re di dirang ke tsone tse di tla re thusang go bona karabo ya potso eno. Mma re tlotle ka dilo di le pedi tse di tla re thusang go bona gore a re ineetse mo go Jehofa ka pelo yotlhe.

^ ser. 53 SETSHWANTSHO: Ga re ka ke ra ja dijo tse di apeetsweng mo kitšhineng e e leswe. Ka jalo, ga re a tshwanela go lebelela boitlosobodutu jo bo nang le thubakanyo, bodimona le boitsholo jo bo sa siamang.