Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 42

Jehofa o Tla re Thusa go Diragatsa Thato ya Gagwe

Jehofa o Tla re Thusa go Diragatsa Thato ya Gagwe

‘Modimo ke ene yo o dirang mo teng ga lona, . . . gore lo rate lo bo lo nne le maatla a go dira.’—BAFIL. 2:13.

PINA 104 Mpho ya Modimo ya Moya o o Boitshepo

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Jehofa a ka dira eng gore a diragatse boikaelelo jwa gagwe?

JEHOFA o kgona go nna sengwe le sengwe fela se se tlhokegang gore a kgone go diragatsa boikaelelo jwa gagwe. Ka sekai, o kile a nna Morutisi, Mogomotsi le moreri wa dikgang tse di molemo, fa re umaka di le mmalwa fela. (Isa. 48:17; 2 Bakor. 7:6; Bagal. 3:8) Mme gone, gantsi o dirisa batho go diragatsa boikaelelo jwa gagwe. (Math. 24:14; 28:19, 20; 2 Bakor. 1:3, 4) Go ya ka baithuti bangwe, dintlha tseno di tlhalosa bokao jwa leina la Modimo. Ka jalo, le rona Jehofa a ka re naya botlhale le maatla a re a tlhokang gore re kgone go diragatsa thato ya gagwe.

2. (a) Ke eng fa ba bangwe ba ka tswa ba ipotsa gore a mme Jehofa o a ba dirisa? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

2 Rotlhe re batla gore Jehofa a re dirise go diragatsa thato ya gagwe, mme gone, ba bangwe ba ipotsa gore a mme Jehofa o a ba dirisa. Ka ntlha yang? Ba akanya gore ba ka se kgone go direla Jehofa go le kalo ka ntlha ya dingwaga, maemo kgotsa bokgoni jwa bone. Ba bangwe bone ba akanya gore se ba se direlang Jehofa se lekane mme ga ba tlhoke go dira mo go oketsegileng. Mo setlhogong seno, re tla bona gore Jehofa a ka re thusa jang go diragatsa boikaelelo jwa gagwe. Gape re tla bona gore Jehofa o ile a thusa jang batlhanka ba gagwe ba bogologolo go diragatsa boikaelelo jwa gagwe. Go tswa foo, re tla bona gore rona re ka dira eng gore Jehofa a re dirise.

JEHOFA O RE THUSA JANG?

3. Go ya ka Bafilipi 2:13, Jehofa a ka re thusa jang gore re nne le keletso ya go mo direla?

3 Bala Bafilipi 2:13. * Jehofa a ka re thusa gore re nne le keletso ya go mo direla. A ka dira seo jang? Ka sekai, gongwe re ka nna ra utlwa gore mongwe mo phuthegong o tlhoka thuso kgotsa gore go na le sengwe se se tlhokang go dirwa mo phuthegong. Kgotsa bagolwane ba ka nna ba bala lekwalo le le tswang kwa ofising ya lekala le le tlhalosang gore go na le tlhokego golo gongwe. Seno se ka nna sa dira gore re ipotse gore re ka thusa jang. Kgotsa gongwe re kopilwe gore re dire kabelo nngwe e e thata, mme re ipotsa gore a re tla kgona go e dira sentle. Kgotsa fa re sena go bala ditemana dingwe mo Baebeleng, re ka nna ra ipotsa gore, re ka dirisa jang se re se ithutileng go thusa ba bangwe. Jehofa a ka se re pateletse go mo direla. Mme fa a bona gore re akanyetsa go mo direla, o tla re thusa.

4. Jehofa a ka re naya jang maatla a go mo direla?

4 Gape Jehofa a ka re naya maatla a go mo direla. (Isa. 40:29) Jang? A ka dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go tokafatsa bokgoni jo re setseng re na le jone. (Ekes. 35:30-35) Gape Jehofa a ka dirisa phuthego ya gagwe go re ruta go dira ditiro dingwe tse di rileng. Fa o sa itse gore tiro nngwe e dirwa jang, kopa ba bangwe gore ba go thuse. Gape o ka rapela Jehofa o mo kopa gore a go neye “maatla a a fetang a a tlwaelegileng.” (2 Bakor. 4:7; Luke 11:13) Baebele e na le dipego di le dintsi tsa banna le basadi ba Jehofa a ileng a ba thusa gore ba mo direle. O ne a ba naya maatla le keletso ya gore ba mo direle. Leka go bona gore Jehofa a ka go thusa jang gore le wena o dire dilo tse ba ileng ba di dira.

JEHOFA O ILE A THUSA BANNA BANGWE GORE BA DIRE ENG?

5. Jehofa o ile a dirisa Moshe leng go golola Baiseraele, mme re ithuta eng mo go seno?

5 Jehofa o ile a thusa Moshe go golola Baiseraele kwa Egepeto. Mme gone, Jehofa o ile a dirisa Moshe leng? A ke fa Moshe a sena go “rutiwa ka botlhale jotlhe jwa Baegepeto”? (Dit. 7:22-25) Nnyaa, ga a ka a mo dirisa ka nako eo. Go na le moo, o ile a mo dirisa fa a sena go mo thusa gore e nne motho yo o boikokobetso le yo o bonolo. (Dit. 7:30, 34-36) Jehofa o ile a naya Moshe bopelokgale jwa go bua le kgosi e e maatla ya kwa Egepeto. (Ekes. 9:13-19) Re ithuta eng mo go seno? Jehofa o dirisa batho ba ba lekang go dira dilo jaaka ene e bile ba ikaega ka ene gore a ba nonotshe.—Bafil. 4:13.

6. Re ithuta eng mo tseleng e Jehofa a ileng a dirisa Barisilai ka yone?

6 Gape Jehofa o ile a dirisa Barisilai go thusa Kgosi Dafide. Dafide le batho ba a neng a tsamaya le bone ba ne ba tshaba ka gonne Abesalome o ne a batla go ba bolaya, ka jalo, ba ne ba ‘tshwerwe ke tlala, ba lapile e bile ba nyorilwe.’ Barisilai o ne a setse a tsofetse ka nako eo, mme gone, o ile a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing ka go thusa Dafide le banna ba a neng a tsamaya le bone. Ga a ka a akanya gore Jehofa a ka se tlhole a mo dirisa ka gonne a tsofetse. Go na le moo, o ne a dirisa se a nang le sone go thusa batlhanka ba ga Jehofa. (2 Sam. 17:27-29) Re ithuta eng? Le fa re ka tswa re na le dingwaga di le kae, Jehofa a ka re dirisa go thusa Bakeresetemmogo le rona ba ba mo lefelong la rona kgotsa ba ba nnang kwa dinageng tse dingwe. (Dia. 3:27, 28; 19:17) Le fa re ka se kgone go ba thusa ka tlhamalalo, re ka ntsha meneelo. Meneelo eo e dirisiwa go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tlhokang.—2 Bakor. 8:14, 15; 9:11.

7. Jehofa o ile a dirisa Simeone jang, mme ke eng fa seo se re kgothatsa?

7 Jehofa o ile a solofetsa monna mongwe yo o godileng wa kwa Jerusalema yo o bidiwang Simeone gore ga a na go swa a ise a bone Mesia. Tsholofetso eo e tshwanetse ya bo e ile ya kgothatsa Simeone fela thata e re ka a ne a sa bolo go letela Mesia. Simeone o ne a na le tumelo ya gore letsatsi lengwe o tla bona Mesia, ka jalo, o ne a tswelela a le pelotelele. Jehofa o ile a mo segofatsa ka ntlha ya seo. Letsatsi lengwe, o ne ‘a laolwa ke moya,’ ka jalo, o ile a ya kwa tempeleng. Fa a le kwa tempeleng, o ile a bona Jesu e sa ntse e le lesea, mme Jehofa o ile a mo dirisa go bolelela pele gore ngwana yoo e ne e tla nna Keresete. (Luke 2:25-35) Simeone a ka tswa a ile a swa pele ga Jesu a simolola bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng, mme gone, o ile a itumelela gore Jehofa o ile a mo dirisa go bolelela pele gore Jesu e ne e tla nna Mesia. Mo nakong e e tlang, o tlile go itumela le go feta! Mo lefatsheng le lesha, o tlile go itumela fa a bona puso ya ga Keresete e thusa batho botlhe mo lefatsheng. (Gen. 22:18) Le rona re a itumela fa Jehofa a re dirisa mo tirong ya gagwe.

8. Jehofa a ka re dirisa jang jaaka a ile a dirisa Barenabase?

8 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, monna mongwe yo o pelontle yo o bidiwang Josefa, o ne a letla Jehofa gore a mo dirise. (Dit. 4:36, 37) Baaposetoloi ba ne ba mmitsa Barenabase, mo go kayang “Morwa Kgomotso.” Gongwe ba ne ba mmitsa jalo ka gonne o ne a itse go gomotsa batho. Ka sekai, fa Saulo e sena go nna Mokeresete, bontsi jwa bakaulengwe ba ne ba mo tshaba ka gonne o ne a bogisa Bakeresete mo nakong e e fetileng. Mme gone, Barenabase ene o ile a gomotsa Saulo e bile o ile a mo thusa. Ga go pelaelo gore Saulo o ile a lebogela seo fela thata. (Dit. 9:21, 26-28) Moragonyana fa bagolwane ba kwa Jerusalema ba ne ba batla go kgothatsa bakaulengwe ba kwa Antioka, ba ile ba romela Barenabase. Eo e ne e le tshwetso e e siameng. Baebele ya re Barenabase “a simolola go ba kgothatsa botlhe gore ba tswelele mo Moreneng ka boikaelelo jwa pelo yotlhe.” (Dit. 11:22-24) Le rona Jehofa a ka re thusa go gomotsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. Ka sekai, a ka re dirisa go gomotsa ba ba tlhokafaletsweng. Gape a ka re tlhotlheletsa gore re etele kgotsa re founele mongwe yo o lwalang kgotsa yo o kgobegileng marapo. A o tla letla gore Jehofa a go dirise jaaka a ile a dirisa Barenabase?—1 Bathes. 5:14.

9. Re ithuta eng mo go se Jehofa a ileng a se dira go thusa Vasily go nna mogolwane yo o molemo?

9 Jehofa o ile a thusa mogolwane mongwe yo o bidiwang Vasily go nna mogolwane yo o molemo. Vasily o ile a tlhomiwa go nna mogolwane a na le dingwaga di le 26, mme o ne a tshaba gore a ka se kgone go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi, segolobogolo ba ba neng ba lebane le mathata. Mme gone, bagolwane ba ile ba mo thusa. Gape o ile a thusiwa ke Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi. Vasily o ile a tsaya matsapa go tokafatsa tsela e a dirang kabelo ya gagwe ka yone. Ka sekai, o ile a dira lenaane la mekgele e a batlang go e fitlhelela. Fa a ntse a fitlhelela mekgele ya gagwe, ka bonya ka bonya, o ile a tlogela go inyatsa. A re: “Dilo tse di neng di ntshosa mo nakong e e fetileng, gone jaanong di a intumedisa. Fa Jehofa a nthusa gore ke bone temana e e ka kgothatsang mokaulengwe kgotsa kgaitsadi mo phuthegong, seo se intumedisa fela thata.” Bakaulengwe, fa lo dira ka natla fela jaaka Vasily e bile lo letla Jehofa gore a lo dirise, o tla lo thusa gore lo kgone go dira mo go oketsegileng mo phuthegong.

JEHOFA O ILE A THUSA BASADI BANGWE GO DIRA ENG?

10. Abigaile o ile a dira eng, mme re ithuta eng mo go ene?

10 Dafide le banna ba ba neng ba tsamaya le ene ba ne ba tlhoka thuso ka gonne Kgosi Saulo o ne a batla go bolaya Dafide. Banna ba ba neng ba tsamaya le Dafide, ba ne ba kopa monna mongwe wa Moiseraele yo o humileng yo o bidiwang Nabale gore a ba fe dijo. Ba ne ba akanya gore Nabale o tla ba thusa ka gonne ba ne ba mo tlhokomeletse diruiwa kwa nageng. Mme Nabale o ile a gana go ba thusa. Dafide o ne a galefile tota, ka jalo, o ne a ikaeletse go bolaya Nabale le banna botlhe ba ntlo ya gagwe. (1 Sam. 25:3-13, 22) Mme gone, mosadi wa ga Nabale e bong Abigaile, o ne a le montle e bile a le botlhale. O ne a bontsha gore o pelokgale ka go kopa Dafide gore a se ka a itlisetsa molato wa madi ka go bolaya Nabale le banna botlhe ba ntlo ya gagwe. O ne a mo kopa gore a tlogelele kgang eo mo go Jehofa. Se Abigaile a ileng a se bua le se a ileng a se dira, se ne sa ama Dafide pelo. O ne a lemoga gore Abigaile o ne a romilwe ke Jehofa. (1 Sam. 25:23-28, 32-34) Abigaile o ne a na le dinonofo tse di molemo, ka jalo, Jehofa o ile a mo dirisa. Le gompieno, Jehofa a ka dirisa bokgaitsadi ba ba botlhale ba ba nang le temogo gore ba kgothatse ba malapa a bone le ba bangwe mo phuthegong.—Dia. 24:3; Tito 2:3-5.

11. Bomorwadia Shalume ba ile ba dira eng, mme ke bomang ba ba etsang sekao sa bone gompieno?

11 Dingwaga di le dintsi moragonyana, bomorwadia Shalume ba ne ba le mo bathong ba Jehofa a ileng a ba dirisa go aga dipota tsa Jerusalema sesha. (Neh. 2:20; 3:12) Le fa rrabone e ne e le kgosana, ba ne ba ikemiseditse go dira tiro eo e e thata le e e kotsi. (Neh. 4:15-18) Ba ne ba sa tshwane le banna ba Batekoa ba ba neng ba sa batle go nna le seabe mo tirong eo! (Neh. 3:5) Ga go pelaelo gore bomorwadia Shalume ba ne ba itumetse thata fa tiro eo e wediwa morago ga malatsi a le 52 fela. (Neh. 6:15) Le gompieno, bokgaitsadi ba le bantsi ba itumelela go thusa mo tirong ya go aga le go tlhokomela dikago tse di dirisediwang go obamela Jehofa. Re tlhoka bokgaitsadi bano ba ba nang le bokgoni, ba ba matlhagatlhaga, le ba ba ikanyegang gore tiro eno e kgone go atlega.

12. Jehofa a ka re dirisa jang jaaka a ile a dirisa Tabitha?

12 Jehofa o ne a thusa Tabitha go dira ‘ditiro tse di molemo le go aba dimpho tsa kutlwelobotlhoko.’ Tabitha o ne a thusa segolobogolo batlholagadi. (Dit. 9:36) E re ka a ne a le pelontle e bile a rata go thusa batho, batho ba le bantsi ba ne ba utlwile botlhoko tota fa a tlhokafala. Mme ba ne ba itumela tota fa moaposetoloi Petere a ne a mo tsosa. (Dit. 9:39-41) Re ithuta eng mo go Tabitha? Le fa re ka tswa re godile kgotsa re le basha, re le banna kgotsa re le basadi, rotlhe re ka dira sengwe go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona.—Baheb. 13:16.

13. Jehofa o ile a dirisa jang kgaitsadi mongwe yo o ditlhong yo o bidiwang Ruth, mme kgaitsadi yoo a reng?

13 Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Ruth o ne a batla go nna morongwa. Mme gone, fa a sa ntse a le mosha, o ne a le ditlhong, ka jalo, o ne a itlhaganelela go fa batho dipampitshana fa a le mo bodireding jwa ntlo le ntlo. A re: “Ke ne ke itumelela go ya bodireding.” Le fa go ntse jalo, go ne go le thata gore a bue le batho ka Bogosi Jwa Modimo e re ka a ne a le ditlhong. Mme gone, fa a na le dingwaga di le 18, o ne a nna mmulatsela wa ka metlha. Ka 1946, o ile a ya kwa Gileade mme moragonyana a bo a ya go direla kwa Hawaii le kwa Japane. Jehofa o ile a mo dirisa go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi kwa dinageng tseo. Fa Ruth a sena go fetsa dingwaga di ka nna 80 a ntse a rera ka Bogosi Jwa Modimo, o ne a re: “Mo dingwageng tseno tsotlhe, Jehofa o ntse a ntshegeditse. O nthusitse gore ke se ka ka tlhola ke nna ditlhong. Ke dumela gore Jehofa o dirisa batho ba ba mo tshepang.”

LETLA JEHOFA GORE A GO DIRISE

14. Go ya ka Bakolosa 1:29, ke eng se re tshwanetseng go se dira fa re batla gore Jehofa a re dirise?

14 Go ralala dingwaga, Jehofa o ile a dirisa batlhanka ba gagwe ka ditsela tse di farologaneng. Wena o tla go dirisa jang? Tota go ikaegile ka gore o dira ka natla go le kana kang. (Bala Bakolosa 1:29.) Fa o letla Jehofa gore a go dirise, a ka go thusa gore o tlhagafale mo bodireding, o nne morutisi yo o molemo, o kgone go gomotsa ba bangwe, o nne le bokgoni bongwe jo bo rileng, o nne tsala e e siameng kgotsa o nne sepe fela se a se tlhokang gore a diragatse boikaelelo jwa gagwe.

15. Go ya ka 1 Timotheo 4:12 le 15, bakaulengwe ba basha ba tshwanetse go kopa Jehofa gore a ba thuse go dira eng?

15 Gotweng ka lona bakaulengwe ba basha? Phuthego ya ga Jehofa e tlhoka bakaulengwe ba le bantsi ba ba tlhaga ba ba ka nnang batlhanka ba bodiredi. Mo diphuthegong di le dintsi, palo ya bagolwane e feta ya batlhanka ba bodiredi. Fa e le gore o mokaulengwe yo mosha, a o iketleeleditse go dira mo go oketsegileng mo phuthegong? Ka dinako dingwe, bakaulengwe bangwe ba re: “Nna ke siame fela ke le mmoledi.” Fa e le gore le wena o ikutlwa jalo, kopa Jehofa gore a go thuse gore o eletse go nna motlhanka wa bodiredi. Gape mo kope gore a go thuse gore o dire sotlhe se o ka se kgonang mo tirelong ya gagwe. (Mor. 12:1) Re tlhoka thuso ya gago!—Bala 1 Timotheo 4:12, 15.

16. Re tshwanetse go kopa eng mo go Jehofa, mme ka ntlha yang?

16 Jehofa a ka dira gore o nne sengwe le sengwe fela se se tlhokegang gore o diragatse boikaelelo jwa gagwe. Ka jalo, mo kope gore a go thuse gore o nne le keletso ya go mo direla. Go tswa foo, mo kope gore a go fe maatla a o a tlhokang go dira tiro eo. Le fa o ka tswa o godile kgotsa o le mosha, dirisa nako ya gago, maatla a gago le dilo tse o nang le tsone go galaletsa Jehofa. (Mor. 9:10) Fa o kopiwa go dira sengwe mo tirong ya ga Jehofa, o se ka wa gana ka gonne o akanya gore o ka se kgone go se dira. Eleruri go a itumedisa go dira sepe fela se re ka se kgonang go galaletsa Jehofa!

PINA 127 Ke Tshwanetse go Nna Motho wa Mofuta Ofe?

^ ser. 5 A o eletsa go direla Jehofa mo go oketsegileng? A o a tle o ipotse gore a mme Jehofa o sa ntse a ka go dirisa? Kgotsa a o akanya gore se o se direlang Jehofa gone jaanong se lekane? Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka ditsela di le mmalwa tse Jehofa a ka di dirisang go re thusa gore re diragatse boikaelelo jwa gagwe.

^ ser. 3 Le fa Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, se a se kwadileng se ka thusa batlhanka botlhe ba ga Jehofa.