Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Joseph F. Rutherford a na le bakaulengwe ba bangwe kwa Yuropa

1920—Dingwaga di le Lekgolo Tse Di Fetileng

1920—Dingwaga di le Lekgolo Tse Di Fetileng

KWA masimologong a 1920 batho ba ga Jehofa ba ne ba ikemiseditse go dira tiro ya go rera. Ka one ngwaga oo temana ya bone ya ngwaga e ne e re “MORENA ke nonofo ya me le pina ya me.”—Pes. 118:14, King James Version.

Jehofa o ile a nonotsha batlhanka bao ba ga- gwe. Mo ngwageng oo, palo ya babulatsela e ile ya oketsega go tswa go 225 go ya go 350. Gape mo go one ngwaga oo, e ne e le lekgetlho la ntlha baboledi ba feta 8 000 ba romela dipego tsa bone tsa tshimo kwa ntlokgolo. Jehofa o ile a ba segofatsa fela thata.

BA DIRA TIRO YA GO RERA KA MATLHAGATLHAGA

Ka, March 21, 1920, Joseph F Rutherford yo e neng e le ene a rulaganyang tiro ya Baithuti ba Baebele ka nako eo, o ne a neela puo ya setlhogo se se reng, “Dimilione Tse di Tshelang Gone Jaanong ga di Kitla di Swa.” Baithuti ba Baebele ba ile ba dira ka natla, ba laletsa batho gore ba tle go reetsa puo eo. Ba ile ba hira holo e e kgolo go di gaisa tsotlhe kwa New York City e bile ba ile ba tsamaisa ditaletso di ka nna 320 000.

Papatso ya koranta ya puo ya setlhogo se se reng “Dimilione Tse di Tshelang Gone Jaanong ga di Kitla di Swa”

Go ne ga tla batho ba le bantsi tota go feta kafa Baithuti ba Baebele ba neng ba lebeletse ka gone. Holo e ne e tletse ka batho ba feta 5 000, mme ba bangwe ba ka nna 7 000 ba ne ba tlhaelwa ke ditulo. Makasine wa Tora ya Tebelo o ne wa re pokano eo “e ne e le nngwe ya dipokano tse di atlegileng go di gaisa tsotlhe tse Baithuti ba Baebele ba kileng ba nna le tsone.”

Baithuti ba Baebele ba ne ba simolola go itsege ka go rera molaetsa o o reng “Dimilione Tse di Tshelang Gone Jaanong ga di Kitla di Swa.” Ka nako eo, ba ne ba sa itse gore molaetsa wa Bogosi o tshwanetse go rerwa mo lefatsheng lotlhe. Mme gone, ba ne ba tlhagafetse tota mo tirong ya go rera. Ida Olmstead yo o neng a simolola go ya dipokanong ka 1902, o ne a re: “Re ne re itse gore Modimo o tlile go direla batho dilo tse dintle mo nakong e e tlang. Ka jalo, re ne re bolelela mongwe le mongwe yo re kopanang le ene dikgang tseo tse di molemo.”

TIRO YA GO PRINTA

Bakaulengwe ba ne ba batla gore batho ba ga Jehofa ba nne ba na le dikgatiso. Ka jalo, ba ne ba simolola go di printa ka bobone kwa Bethele. Ba ne ba reka motšhine wa go printa ba bo ba o isa kwa kagong nngwe e ba neng ba e hirile kwa Brooklyn gaufi le Bethele.

Leo Pelle le Walter Kessler ba ne ba simolola go direla kwa Bethele ka January 1920. Walter o ne a re: “Fa re fitlha kwa Bethele, molebedi wa lefapha la go printa o ne a re raya a re: ‘Re sa ntse re na le nako e ntsinyana pele ga dijo tsa motshegare, a re tsweleleng ka tiro.’ O ne a re kopa gore re tle ka mabokose a dibuka a a neng a le mo phaposing e e kwa tlase.”

Leo o ile a tlhalosa se se neng sa direga mo letsatsing le le latelang. A re: “Re ne ra kopiwa gore re tlhatswe mabota. A ne a le leswe tota. Mme gone, re ne re sa ngongorege ka gonne re ne re direla Jehofa.”

Motšhine o o neng o dirisiwa go printa makasine wa Tora ya Tebelo

Morago ga dibeke di le mmalwa fela, bakaulengwe ba ne ba setse ba printa makasine wa Tora ya Tebelo. Ba ile ba printa dikhopi di le 60 000 tsa makasine wa Tora ya Tebelo wa February 1, 1920. Gape ka yone nako eo, go ne go tsenngwa motšhine o mongwe wa go printa o o neng o bidiwa Battleship kwa phaposing e e kwa tlase. Ba ne ba simolola go printa le makasine wa The Golden Age. Ba ile ba simolola ka go printa wa April 14, 1920. Eleruri, go ne go bonala gore Jehofa o segofatsa tiro ya bone.

“Re ne re sa ngongorege ka gonne re ne re direla Jehofa”

“A RE NNENG MMOGO KA KAGISO”

Batho ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba ne ba itumelela go mo direla le go kopana mmogo. Mme gone, ka dinako tsa mathata tse di neng tsa simolola ka 1917 go fitlha ka 1919, Baithuti bangwe ba Baebele ba ne ba tlogela phuthego ya ga Jehofa. Ba ne ba ka thusiwa jang?

Makasine wa Tora ya Tebelo wa April 1, 1920 o ne o na le setlhogo se se reng, “A re Nneng Mmogo ka Kagiso.” Setlhogo seo se ne sa re: “Re tlhomamisegile gore botlhe ba ba batlang go ikobela Jehofa ba tla lebala diphoso tse ba di dirileng mo nakong e e fetileng e bile ba tla boa ba kopanela gape le batho ba ga Jehofa gore ba dire tiro ya gagwe.”

Setlhogo seo se ile sa ama batho ba le bantsi. Ka sekai, se ile sa thusa banyalani bangwe go lemoga gore ba sentse nako e ntsi mo ngwageng o o fetileng ba dutse fela fa batho ba bangwe bone ba ne ba dira ka natla mo tirong ya go rera. Ka jalo, ba ne ba ikemiseditse gore le bone ba tlile go dira ka natla mo tirong ya go rera. Batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba emetswe ke tiro ya go rera e e seng kana ka sepe.

BA TSAMAISA BUKA YA THE FINISHED MYSTERY

Ka June 21, 1920, Baithuti ba Baebele ba ne ba simolola letsholo la go tsamaisa buka ya The Finished Mystery e e neng e le bolumo ya bosupa ya buka ya Studies in the Scriptures. Fa puso e ne e thibela buka eo ka 1918, go ne go sa ntse go na le dikhopi tsa yone di le dintsi.

Baboledi botlhe ba ne ba kopiwa gore ba nne le seabe mo letsholong leo. Bulletin ya June, 1920 e ne ya re: “Batho botlhe ba ba kolobeditsweng, ba ba ka kgonang go tsenya letsogo mo letsholong leno, re kopa gore ba dire jalo.” Bakaulengwe ba ile ba dirisa mafoko mangwe mo go Bafilipi 3:13 a a reng, “selo sengwe se ke tla se dirang,” (King James Version) go kgothaletsa baboledi gore ba nne le seabe mo letsholong leo. Ba ne ba ba kgothaletsa gore moono wa bone e nne: ‘Selo se le sengwe se ke tla se dirang, ke go tsamaisa buka ya The Finished Mystery.’ Edmund Hooper o ile a tlhalosa gore fa ba ne ba tsamaisa buka ya The Finished Mystery, e ne e le lekgetlho la ntlha bontsi jwa bone ba rera ka ntlo le ntlo. O ne a re: “Re ne ra simolola go tlhaloganya gore go rera go kaya eng.” Tiro eo e ne e tloga e dirwa mo lefatsheng lotlhe.

BA RULAGANYA TIRO YA GO RERA KWA YUROPA

E re ka bakaulengwe ba ne ba sa kgone go ikgolaganya le Baithuti ba Baebele ba kwa dinageng tse dingwe ka ntlha ya Ntwa ya Lefatshe ya Ntlha, Mokaulengwe Rutherford o ne a batla go kgothatsa bakaulengwe bao le go rulaganya gore tiro ya go rera e boe e dirwe kwa dinageng tseo. Ka jalo, ka August 12, 1920, Mokaulengwe Rutherford le bakaulengwe ba bangwe ba ile ba tsaya loeto ba etela England le dinaga tse dingwe.

Mokaulengwe Rutherford a le kwa Egypt

Fa Mokaulengwe Rutherford a ne a etetse kwa Boritane, Baithuti ba Baebele ba koo ba ile ba nna le dikopano di le tharo e bile ba ile ba nna le dipokano tse di kgethegileng di le 12. Palo ya batho ba ba ileng ba nna teng kwa dipokanong tseo e ne e ka nna 50 000. Makasine wa Tora ya Tebelo o ne wa re: “Ketelo eo e ile ya kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi fela thata. Ba ne ba kopana mmogo e bile ba ne ba bereka mmogo mo bodireding. Ba ne ba itumetse tota!” Fa Mokaulengwe Rutherford a ne a le kwa Paris, o ile a neela puo ya setlhogo se se reng “Dimilione Tse di Tshelang Gone Jaanong ga di Kitla di Swa.” Fa puo eo e ne e simolola, holo e ne e tletse thi! Morago ga puo, batho ba le 300 ba ile ba kopa tshedimosetso e e oketsegileng.

Papatso ya puo e e neng e tla neelwang kwa London kwa Holong ya Royal Albert

Dibeke tse di latelang morago ga moo, bakaulengwe bangwe ba ile ba etela kwa Athens, Cairo, le Jerusalem. E re ka go ne go na le batho ba ba neng ba kgatlhegela molaetsa wa Bogosi kwa mafelong ao, Mokaulengwe Rutherford o ile a rulaganya gore go nne le lefelo le dikgatiso di gorogelang kwa go lone kwa toropong ya Ramallah e e gaufi le Jerusalem. Go tswa foo o ile a boela kwa Yuropa a bo a tlhoma ofisi ya lekala gone. Gape o ile a rulaganya gore dikgatiso di printiwe le kwa ofising eo.

TSHIAMOLOLO E A SENOLWA

Ka September 1920, Baithuti ba Baebele ba ile ba golola kgatiso e e kgethegileng ya makasine wa The Golden Age. Makasine oo o ile wa senola tsela e Baithuti ba Baebele ba neng ba bogisiwa ka yone ka 1918. Bakaulengwe ba ba neng ba bereka kwa lefapheng la go printa ba ne ba bereka bosigo le motshegare. Ba ile ba printa dikhopi tsa makasine oo di feta dimilione di le nne.

Setshwantsho sa ga Emma Martin

Makasine oo o ile wa thusa batho gore ba itse se se neng sa diragalela Emma Martin. Kgaitsadi Martin e ne e le mmulatsela kwa California. Ka March 17, 1918, Kgaitsadi Martin le Mokaulengwe, Edward Hamm, Julius Sonnenburg le mokaulengwe Stevens ba ne ba ya kwa pokanong e nnye ya Baithuti ba Baebele.

Go ne go na le monna mongwe kwa pokanong eo, mme gone, o ne a sa ela go ithuta ka Baebele. Moragonyana monna yoo o ne a re: “Badiredipuso bangwe ke bone ba neng ba nkopile gore ke ye kwa pokanong eo. Ba ne ba batla gore ke ba tlele ka bosupi bongwe jo ba neng ba ka bo dirisa kgatlhanong le Baithuti ba Baebele.” O ile a bona se a neng a se batla, e leng buka ya The Finished Mystery. Morago ga malatsi a le mmalwa, Kgaitsadi Martin le bakaulengwe bao ba bararo ba ile ba tshwarwa. Go ne ga twe ba tlodile molao wa puso ka go tsamaisa buka e e neng e thibetswe.

Batlhanka bao ba ga Jehofa ba ile ba bonwa molato ba bo ba atlholelwa dingwaga di le tharo kwa kgolegelong. Le fa gone ba ile ba leka go ikuela kwa kgotlatshekelong, ga ba a ka ba atlega. Ka jalo, ka May 17, 1920, ba ne ba isiwa kgolegelong. Mme gone, go ise go ye kae, dilo di ne tsa fetoga.

Ka June 20, 1920, Mokaulengwe Rutherford o ile a tlotla ka se se ileng sa ba diragalela kwa kopanong e e neng e tshwaretswe kwa California. Batho ba ba neng ba le kwa kopanong ba ile ba gakgamadiwa ke se se neng se diragaletse batlhanka bao ba ga Jehofa. Ka jalo, ba ile ba kwalela moporesidente wa United States lekwalo. Mo lekwalong leo, ba ile ba tlhalosa gore badiredipuso ba ile ba dirisa maemo a bone ka tsela e e sa siamang go logela Kgaitsadi Martin le ditsala tsa gagwe leano la boferefere gore ba ba ise kgolegelong.

Letsatsi le le latelang, Moporesidente Woodrow Wilson o ile a tsholola kgetsi ya ga Kgaitsadi Martin le ya bakaulengwe ba ba neng ba tshwerwe le ene mme ba ile ba gololwa.

Kwa bokhutlong jwa 1920, bakaulengwe ba ile ba lemoga gore go ne go diregile dilo di le dintsi tse di itumedisang mo ngwageng oo. Tiro e e neng e dirwa kwa ntlokgolo e ne ya tswelela e gola e bile bakaulengwe ba ne ba tlhagafetse mo tirong ya go rera, ba bolelela batho gore Bogosi Jwa Modimo, ke jone fela bo tla fedisang mathata a batho. (Math. 24:14) Mo ngwageng o o latelang ka 1921, tiro eo e ile ya gola le go feta.