Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 44

A Bana ba Gago ba Tla Direla Jehofa fa ba Setse ba Godile?

A Bana ba Gago ba Tla Direla Jehofa fa ba Setse ba Godile?

“Jesu a tswelela a gatela pele mo botlhaleng le mo kgolong ya mmele le mo kamogelong ya Modimo le batho.”—LUKE 2:52.

PINA 134 Bana ke Boswa jo bo Tswang Kwa Modimong

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Tshwetso e e molemo e rotlhe re ka e dirang ke efe?

GANTSI ditshwetso tse batsadi ba di dirang di ama bana ba bone. Fa batsadi ba sa dire ditshwetso tse di siameng, ba ka bakela bana ba bone mathata. Mme fa ba dira tse di siameng, ba ka thusa bana ba bone gore ba itumelele botshelo. Mme gone, bana le bone ba tshwanetse go itirela ditshwetso. Tshwetso e rotlhe re ka e dirang mo botshelong, ke go direla Jehofa.—Pes. 73:28.

2. Jesu le batsadi ba gagwe ba ile ba dira ditshwetso dife tse di siameng?

2 Josefa le Marea ba ne ba batla gore bana ba bone ba direle Jehofa. Ditshwetso tse ba neng ba di dira di ne di bontsha gore ga go na sepe se se botlhokwa thata mo go bone go feta go direla Jehofa. (Luke 2:40, 41, 52) Jesu le ene o ile a dira ditshwetso tse di siameng tse di neng di mo thusa gore a kgone go dira thato ya ga Jehofa. (Math. 4:1-10) Jesu o ile a nna motho yo o bonolo, yo o ikanyegang le yo o pelokgale. Batsadi botlhe ba ba ratang Jehofa ba ka itumelela go nna le ngwana yo o ntseng jalo.

3. Re tla tlotla ka dipotso dife mo setlhogong seno?

3 Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dipotso tseno: Jehofa o ile a direla Jesu ditshwetso dife tse di siameng? Batsadi ba ka ithuta eng mo ditshwetsong tse Josefa le Marea ba ileng ba di dira? Mme basha ba ka ithuta eng mo ditshwetsong tse Jesu a ileng a di dira?

ITHUTE MO GO JEHOFA

4. Jehofa o ile a direla Morwawe tshwetso efe e e molemo?

4 Jehofa o ile a tlhophela Jesu batsadi ba ba molemo tota. (Math. 1:18-23; Luke 1:26-38) Se Marea a ileng a se bua se bontsha gore o ne a rata Jehofa le Lefoko la gagwe. (Luke 1:46-55) Ka metlha Josefa o ne a ikobela ditaelo tsa ga Jehofa. Seno se bontsha gore o ne a rata Modimo e bile a batla go mo itumedisa.—Math. 1:24.

5-6. Jehofa ga a ka a sireletsa Jesu mo go eng?

5 Jehofa ga a ka a tlhophela Jesu batsadi ba ba humileng. Setlhabelo se Josefa le Marea ba ileng ba se ntsha fa Jesu a sena go tsholwa, se bontsha gore ba ne ba humanegile. (Luke 2:24) Gongwe Josefa o ne a na le kgwebonyana e nnye ya go betla gaufi le ntlo ya gagwe. Ba ka tswa ba ne ba se na madi a mantsi ka gonne lelapa la bone le ne la gola. Ba ile ba feleletsa ba na le bana ba le supa.—Math. 13:55, 56.

6 Jehofa o ile a sireletsa Jesu mo dilong dingwe tse di rileng, mme gone, o ne a sa mo sireletse mo go sengwe le sengwe. (Math. 2:13-15) Ka sekai, bangwe ba losika lwa ga Jesu ba ne ba sa dumele mo go ene. Jesu o tshwanetse a bo a ile a utlwa botlhoko tota fa kwa tshimologong bangwe mo lelapeng ba ne ba sa dumele gore ke ene Mesia. (Mar. 3:21; Joh. 7:5) Gape Josefa o tshwanetse a bo a ile a swa Jesu a sa ntse a le mosha, mme ga go pelaelo gore seo se ile sa utlwisa Jesu botlhoko tota. Fa Josefa a sena go swa, gongwe Jesu ke ene a ileng a tshwanelwa ke go tlhokomela kgwebo ya ga rraagwe e re ka e ne e le ene leitibolo. (Mar. 6:3) Fa Jesu a setse a godile, ke ene a neng a tshwanetse go tlhamela ba lelapa la gagwe. O ne a dira ka natla gore a kgone go ba tlamela. Ka jalo, o ne a itse gore go bereka ka natla go utlwala jang.

Batsadi, thusang bana ba lona gore ba ipaakanyetse mathata a botshelo ka go ba ruta go dirisa kaelo e e mo Baebeleng (Bona serapa 7) *

7. (a) Banyalani ba ba batlang go nna le bana ba tshwanetse go ipotsa dipotso dife? (b)  Diane 2:1-6 e ka thusa batsadi jang fa ba ntse ba godisa bana?

7 Fa e le gore o mo lenyalong mme wena le molekane wa gago lo batla go nna le bana, ipotseng go re: ‘A re batho ba ba boikokobetso, ba ba ratang Jehofa le Lefoko la gagwe? A Jehofa a ka re tlhopha gore re tlhokomele ngwana yo a sa kgoneng go itirela sepe?’ (Pes. 127:3, 4) Fa e le gore o setse o na le bana, ipotse go re: ‘A ke ruta bongwanake gore go dira ka natla go botlhokwa?’ (Mor. 3:12, 13) ‘A ke dira sotlhe se nka se kgonang go ba sireletsa mo dilong tse di bosula tsa lefatshe leno la ga Satane?’ (Dia. 22:3) Gone ke boammaaruri gore o ka se kgone go sireletsa bana ba gago mo go sengwe le sengwe. Mme gone, o ka ba thusa go ipaakanyetsa mathata a botshelo ka go ba ruta gore ba ka dirisa jang kgakololo e e mo Baebeleng. (Bala Diane 2:1-6.) Ka sekai, fa mongwe wa losika a tlogela go direla Jehofa, dirisa Baebele go thusa bana ba gago go tlhaloganya gore ke eng fa re tshwanetse go ikanyega mo go Jehofa. (Pes. 31:23) Kgotsa fa mongwe yo lo mo ratang a tlhokafala, balela bana ba gago ditemana tse di tla ba gomotsang le tse di tla ba kgothatsang.—2 Bakor. 1:3, 4; 2 Tim. 3:16.

ITHUTE MO GO JOSEFA LE MAREA

8. Go ya ka Duteronome 6:6 le 7, Josefa le Marea ba ne ba tshwanetse go dira eng?

8 Josefa le Marea ba ile ba kgona go thusa Jesu gore e nne motho yo Jehofa a mo ratang ka gonne ba ne ba ikobela molao o Jehofa a neng a o neile batsadi. (Bala Duteronome 6:6, 7.) Josefa le Marea ba ne ba rata Jehofa fela thata mme selo sa botlhokwa mo go bone e ne e le go thusa bana ba bone gore le bone ba rate Jehofa.

9. Josefa le Marea ba ile ba dira ditshwetso dife?

9 Josefa le Marea ba ile ba dira tshwetso ya go obamela Jehofa ka metlha le bana ba bone. Ba ne ba ya kwa sinagogeng e e neng e le kwa Nasaretha beke le beke e bile ngwaga le ngwaga ba ne ba ya go keteka Tlolaganyo kwa Jerusalema. (Luke 2:41; 4:16) Gongwe fa ba ne ba le mo tseleng ba ya kwa Jerusalema, ba ne ba tlhola ba ruta Jesu le bomonnawe ka se se ileng sa diragalela batho ba ga Jehofa mo nakong e e fetileng. Gape ba ka tswa ba ne ba dirisa nako eo go etela mafelo mangwe a go buiwang ka one mo dikwalong. Gongwe fa bana ba ga Josefa le Marea ba ntse ba oketsega, go ile ga nna thata gore ba tswelele ba dira dilo tseno. Mme Jehofa o ile a ba segofatsa ka gonne ba ne ba tsaya matsapa. E re ka selo sa botlhokwa thata mo go bone e ne e le go obamela Jehofa, botlhe mo lelapeng ba ne ba tswelela ba ikanyega mo go Jehofa.

10. Batsadi ba ka ithuta eng mo go Josefa le Marea?

10 Batsadi ba ka ithuta eng mo go Josefa le Marea? Selo sa botlhokwa ke gore o bontshe bana ba gago gore o rata Jehofa ka pelo yotlhe ya gago. O se ka wa lebala gore selo tlhwatlhwakgolo se o ka se direlang bana ba gago, ke go ba thusa gore ba rate Jehofa. Mme se sengwe sa botlhokwa thata ke gore o ba rute go ba bala Baebele ka metlha, go rapela, go ya dipokanong le go ya bodireding. (1 Tim. 6:6) Gone o tshwanetse go rekela bana ba gago dilo tse ba di tlhokang. (1 Tim. 5:8) Mme gone, o se ka wa lebala gore dilo tseo ga se tsone tse di tla thusang bana ba gago go falola fa lefatshe leno la ga Satane le senngwa e bile ga se tsone di tla ba thusang gore ba tsene mo lefatsheng le lesha. Ba tla kgona go tsena mo lefatsheng le lesha fa fela ba atamalane le Jehofa.—Esek. 7:19; 1 Tim. 4:8.

Go a itumedisa go bona batsadi ba thusa bana ba bone gore ba atamalane le Jehofa (Bona serapa 11) *

11. (a) Kgakololo e e mo go 1 Timotheo 6:17-19 e ka thusa jang batsadi go dira ditshwetso tse di molemo? (b) Ke mekgele efe e lo ka ipeelang yone mo lapeng, mme Jehofa o tla lo segofatsa jang? (Bona lebokoso le le reng “ O Tla Ipeela Mekgele Efe?”)

11 Eleruri go ama pelo go bona batsadi ba le bantsi ba thusa bana ba bone gore ba atamalane le Jehofa. Ka metlha ba direla Jehofa ba na le bana ba bone. Ba ya dipokanong le dikopanong le bone e bile ba tsamaya le bone mo bodireding. Ba bangwe ba ya go rera kwa tshimong e e sa dirweng ka metlha le bana ba bone. Ba bangwe bone ba etela Bethele kgotsa ba dira le bana ba bone mo diporojekeng tsa go aga. Fa ba dira dilo tseno ba dirisa madi a bone mme ka dinako tse dingwe ga go motlhofo. Mme gone, Jehofa o a ba segofaletsa ka ntlha ya matsapa a ba a tsayang. (Bala 1 Timotheo 6:17-19.) Bana ba ba godiseditsweng mo malapeng a a ntseng jalo, go le gantsi ba tswelela ba dira dilo tseno fa ba gola e bile ba itumelela gore batsadi ba bone ba ile ba ba godisa ka tsela eno. *Dia. 10:22.

ITHUTE MO GO JESU

12. Ke eng se Jesu a neng a tshwanetse go se dira fa a setse a godile?

12 Rraagwe Jesu e bong Jehofa ka metlha o dira ditshwetso tse di siameng mme le batsadi ba gagwe ba mo lefatsheng le bone ba ile ba dira ditshwetso tse di siameng. Mme gone, fa Jesu a setse a godile, o ne a tshwanelwa ke go itirela ditshwetso. (Bagal. 6:5) Le ene o ne a kgona go itlhophela gore o batla go dira eng fela jaaka rona. O ne a ka nna a tlhopha go itirela maratwaepelo go na le go dira se Jehofa a se batlang. Mme gone, ga a ka a dira jalo, go na le moo, o ile a dira se Jehofa a se batlang. (Joh. 8:29) Se Jesu a ileng a se dira se ka thusa basha jang gompieno?

Basha, lo se ka lwa gana kaelo ya batsadi ba lona (Bona serapa 13) *

13. Jesu o ile a dira eng fa a sale monnye?

13 Jesu o ne a ikobela batsadi ba gagwe go tloga fela a sale monnye. O ne a sa tseye gore o itse dilo di le dintsi go ba feta. Go na le moo, o ne “a tswelela a le mo taolong ya bone.” (Luke 2:51) Jesu e ne e le ene leitibolo mo lapeng. Seo se raya gore go ne go na le dilo dingwe tse a neng a tshwanetse go di dira. O tshwanetse a bo a ile a dira sotlhe se a neng a ka se kgona gore a kgone go dira dilo tseo. O ile a ithuta tiro ya go betla gore a kgone go thusa Josefa go tlamela lelapa.

14. Re itse jang gore Jesu o ne a ithuta Lefoko la Modimo ka metlha?

14 Batsadi ba ga Jesu ba ka tswa ba ile ba mmolelela gore go tlile jang gore a tsholwe le gore batho ba Modimo a neng a ba romile ba ile ba reng ka ene. (Luke 2:8-19, 25-38) Mme gone, Jesu le ene o ile a tsaya matsapa go ithuta Dikwalo. Re itse jang gore Jesu o ne a ithuta Lefoko la Modimo ka metlha? Baebele ya re fa e sa ntse e le mosimanyana, barutisi ba kwa Jerusalema “ba ne ba gakgamadiwa ke tlhaloganyo ya gagwe le dikarabo tsa gagwe.” (Luke 2:46, 47) Fa a na le dingwaga di le 12, o ne a setse a tlhomamisegile gore Jehofa ke Rraagwe.—Luke 2:42, 43, 49.

15. Jesu o ile a bontsha jang gore o batla go dira thato ya ga Rraagwe?

15 Fa Jesu a sena go itse gore Jehofa o batla gore a dire eng, o ile a tlhopha go mo ikobela. (Joh. 6:38) Jesu o ne a itse gore batho ba le bantsi ba tlile go mo tlhoa, mme seo se ne se mo tshwenya. Le fa go ntse jalo, o ne a tswelela a ikobela Jehofa. Fa a ne a kolobediwa ka 29 C.E., selo sa botlhokwa thata mo go ene e ne ele go dira thato ya ga Jehofa. (Baheb. 10:5-7) Le fa a ne a tloga a swa mo koteng ya tlhokofatso, o ne a tswelela a ikemiseditse go dira thato ya ga Rraagwe.—Joh. 19:30.

16. Bana ba ka ithuta eng mo go Jesu?

16 Ikobele batsadi ba gago. Fela jaaka Josefa le Marea, batsadi ba gago le bone ba na le boleo. Mme gone, Jehofa ke ene a ba neileng maikarabelo a gore ba go tlhokomele le gore ba go kaele. Fa o ba tlotla e bile o ba ikobela, dilo di tla ‘go tsamaele sentle.’—Baef. 6:1-4.

17. Go ya ka Joshua 24:15, basha ba tshwanetse go itirela tshwetso efe?

17 Itlhophele gore o batla go direla mang. O tshwanetse go tsaya matsapa gore o ithute gore Jehofa ke mang, boikaelelo jwa gagwe ke eng le gore wena o ka dira jang thato ya gagwe. (Bar. 12:2) Go dira jalo go tla go thusa gore o kgone go dira tshwetso ya botlhokwa thata mo botshelong e leng go direla Jehofa. (Bala Joshua 24:15; Mor. 12:1) Fa o bala Baebele ka metlha, o tla rata Jehofa le go feta e bile tumelo ya gago e tla nonofa.

18. Ke tshwetso efe e nngwe e basha ba tshwanetseng go e dira, mme go tla felela jang?

18 Dira thato ya ga Jehofa. Batho ba lefatshe leno la ga Satane ba re o tla itumela fa o dirisa talente e o nang le yone gore o atlege mo botshelong. Mme gone, boammaaruri ke gore batho ba ba lelekisanang le dikhumo ba ‘itlhabaka ka ditlhabi tse dintsi.’ (1 Tim. 6:9, 10) Mme fa o ka tlhopha go reetsa Jehofa le go dira thato ya gagwe, o tla “dira ka botlhale” e bile o tla itumelela botshelo.—Josh. 1:8.

O TLA TLHOPHA GO DIRA ENG?

19. Batsadi ba tshwanetse go nna ba gopotse eng?

19 Batsadi, dirang sotlhe se lo ka se kgonang go thusa bana ba lona gore ba rate Jehofa. Ikaegeng ka ene, mme o tla lo thusa gore lo dire ditshwetso tse di molemo. (Dia. 3:5, 6) Lo se ka lwa lebala gore bana ba lona ba tla tlhotlhelediwa thata ke se lo se dirang, e seng se lo se buang. Ka jalo, dirang ditshwetso tse di tla thusang bana ba lona gore ba direle Jehofa.

20. Basha ba tla bona masego afe fa ba tlhopha go direla Jehofa?

20 Basha, batsadi ba lona ba ka lo thusa gore lo dire ditshwetso tse di siameng. Mme gone, ke wena o tshwanetseng itirela ditshwetso gore o itumedise Modimo. Ka jalo, etsa Jesu mme o tlhophe go direla Jehofa. Fa o dira jalo, o tla itumelela botshelo. (1 Tim. 4:16) Mme gape o tla bo itumelela le go feta mo nakong e e tlang.

PINA 133 Direla Jehofa o sa Ntse o le Mosha

^ ser. 5 Batsadi ba batla gore bana ba bone ba itumele le gore ba direle Jehofa fa ba setse ba godile. Ke dilo dife tse ba tshwanetseng go di dira go thusa bana ba bone gore ba direle Jehofa fa ba setse ba godile? Ke dilo dife tse basha ba tshwanetseng go di dira gore ba kgone go atlega mo botshelong? Setlhogo seno se tla re thusa go araba dipotso tseno.

^ ser. 11 Bona lebokoso le le reng “Ga ke Akanye Gore Nka Nna le Batsadi ba ba Botoka mo go Bone” mo makasineng wa Tsogang! Wa October 2011, ts. 20 le se se reng “Lekwalo le le Kgethegileng le ba Neng ba le Kwalela Batsadi ba Bone” mo makasineng wa Tsogang! wa March 8, 1999, ts. 10.

^ ser. 65 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Marea o ile a thusa Jesu gore a rate Jehofa a sa ntse a le monnye. Bommê le bone ba ka thusa bana ba bone gore ba rate Jehofa.

^ ser. 67 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Josefa o ne a rata go ya sinagogeng le ba lelapa la gagwe. Borre le bone ba tshwanetse go ya dipokanong le ba malapa a bone.

^ ser. 69 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Jesu o ile a ithuta go betla mo go rraagwe. Basha le bone ba ka ithuta tiro ya diatla mo go borraabone.