Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 42

Thusa Batho ba o Ithutang le Bone Gore ba Kolobediwe—Karolo ya Bobedi

Thusa Batho ba o Ithutang le Bone Gore ba Kolobediwe—Karolo ya Bobedi

“Nna o itlhokometse e bile o tlhokometse go ruta ga gago.” —1 TIM. 4:16.

PINA 77 Lesedi mo Lefatsheng le le Lefifi

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Re itse jang gore tiro ya go dira barutwa e ka boloka matshelo a batho?

TIRO ya go dira barutwa e botlhokwa ka gonne e ka boloka matshelo a batho. Re itse jang? Fa Jesu a ne a ntsha taelo e e mo go Mathaio 28:19, 20, o ne a re: “Tsamayang . . . lo dire . . . , barutwa, lo ba kolobetse.” Goreng go le botlhokwa gore motho a kolobediwe? Re tshwanetse go kolobediwa fa e le gore re batla go tshelela ruri. Motho yo o batlang go kolobediwa o tshwanetse go dumela gore a ka kgona go tshelela ruri fela ka gonne Jesu o ile a re swela a bo a tsosiwa. Ke gone ka moo moaposetoloi Petere a ileng a bolelela Bakeresete a re: “[Kolobetso] jaanong [e] a lo boloka . . . ka tsogo ya ga Jesu Keresete.” (1 Pet. 3:21) Ka jalo, fa motho a kolobediwa, o nna le tsholofelo ya gore a ka tshelela ruri.

2. 2 Timotheo 4:1, 2 ya re re tshwanetse go nna barutisi ba ba ntseng jang?

2 Gore re kgone go dira barutwa, re tshwanetse go nna ditswerere mo tirong ya go ruta. (Bala 2 Timotheo 4:1, 2.) Ka ntlha yang? Ka gonne Jesu o ile a re: “Tsamayang, . . . lo dire . . . , barutwa, lo ba kolobetse.” Moaposetoloi Paulo o ile a re re nne re dire tiro eno ‘gonne ka go dira seno re tla ipoloka re bo re boloka ba ba re reetsang.’ Gape o ile a re: “Nna o . . . tlhokometse go ruta ga gago.” (1 Tim. 4:16) Gore batho e nne barutwa, re tshwanetse go ba ruta. Ka jalo, re tshwanetse go nna ditswerere mo go ruteng.

3. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Re ithuta Baebele le batho ba le bantsi mo lefatsheng lotlhe. Mme jaaka re ithutile mo setlhogong se se fetileng, re batla go itse gore re ka thusa jang bontsi jwa batho bao gore ba kolobediwe. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dilo tse dingwe gape tse tlhano tse re tshwanetseng go dira gore re thuse batho ba re ithutang le bone gore ba kolobediwe.

DIRISA BAEBELE FA O RUTA

Kopa mmoledi yo o nang le maitemogelo gore a go thuse go dirisa Baebele sentle fa o ruta (Bona serapa 4-6) *

4. Goreng re sa tshwanela go bua thata fa re ithuta Baebele le motho? (Bona ntlha e e kwa tlase.)

4 Re rata dilo tse re ithutileng tsone mo Lefokong la Modimo. Ka jalo, re ka nna ra raelesega go bua thata ka tsone. Mme gone, le fa o ka tswa o tshwere Thuto ya Tora ya Tebelo, Thuto ya Baebele ya Phuthego kgotsa o ithuta Baebele le motho, ga o a tshwanela go bua thata. Rotlhe re batla go dirisa Baebele sentle fa re ruta, mme gone ga re a tshwanela go leka go tlhalosa sengwe le sengwe se re se itseng ka temana kgotsa ka setlhogo sengwe se se rileng. * (Joh. 16:12) Akanya ka dilo tse o neng o di itse fa o ne o kolobediwa o bo o di bapisa le tse o di itseng gone jaanong. Fa o ne o kolobediwa, gongwe o ne o itse fela dithuto tsa konokono tse Mokeresete a tlhokang go di itse. (Baheb. 6:1) Go go tsere dingwaga di le dintsi gore o nne le kitso e o nang le yone gone jaanong. Ka jalo, o se ka wa leka go ruta motho sengwe le sengwe se o se itseng ka letsatsi le le lengwe fela.

5. (a) Go ya ka 1 Bathesalonika 2:13, re batla gore motho yo re ithutang Baebele le ene a itse eng? (b) Re ka thusa jang motho yo re ithutang le ene gore a tlhalose se a se ithutileng?

5 Re batla gore motho yo re ithutang le ene a itse gore dilo tse a ithutang tsone di tswa mo Baebeleng. (Bala 1 Bathesalonika 2:13.) Re ka dira seo jang? Mo kgothaletse gore a tlhalose dilo tse a di ithutang. Ka sekai, fa lo sena go bala temana, go na le gore o e tlhalose, mo kope gore e nne ene a tlhalosang gore o ithuta eng mo temaneng eo. Mo thuse go bona gore se Baebele e se buang se mo ama jang. Mmotse dipotso tse di tla mo thusang gore a tlhalose gore o ikutlwa jang ka se Baebele e se buang. (Luke 10:25-28) Ka sekai, mmotse go re: “Temana eno e go ruta eng ka Jehofa? Dilo tse o ithutileng tsone mo Baebeleng di ka go thusa jang? O ikutlwa jang ka se o se ithutang?” (Dia. 20:5) Selo sa botlhokwa ga se gore motho yo o ithutang le ene a itse dilo tse dintsintsi, go na le moo, sa botlhokwa ke gore a dirise se a se ithutileng.

6. Goreng go le botlhokwa gore ka dinako dingwe o nne o tsamaya le mmoledi yo o nang le maitemogelo?

6 Fa o ya go tshwara dithuto tsa Baebele, a o a tle o tsamaye le baboledi ba ba nang le maitemogelo? Fa o tsamaile le motho yo o nang le maitemogelo kwa thutong ya gago, mmotse gore o akanya eng ka tsela e o rutang ka yone le tsela e o dirisang Baebele ka yone. Fa o batla go tokafatsa tsela e o rutang ka yone, o tshwanetse go nna boikokobetso. (Bapisa Ditiro 18:24-26.) Go tswa foo, botsa mmoledi yoo gore a o akanya gore motho yo o ithutang le ene o tlhaloganya se a se ithutang. Fa go ka direga gore go fete beke kgotsa tse pedi o seyo, o ka nna wa kopa mmoledi yoo gore a go tshwarele thuto ya Baebele. Seno se tla dira gore go se ka ga feta nako e e telele motho yoo a sa ithute e bile seno se tla mo thusa go lemoga gore thuto eno e botlhokwa. O se ka wa akanya gore motho yoo ke thuto ya gago o le nosi e bile ga go na ope yo o tshwanetseng go ithuta le ene. Sa botlhokwa ke gore o mo thuse gore a tswelele a ithuta.

BONTSHA GORE O DUMELA SE O SE RUTANG

Tlotlela motho yo o ithutang le ene ka batho bangwe ba Baebele e ileng ya ba thusa gore ba fetole matshelo a bone. Seno se tla mo thusa go bona gore a ka dirisa jang se a se ithutang (Bona serapa 7-9) *

7. Ke eng se se ka thusang motho yo o ithutang Baebele gore a dumele dilo tse a di ithutang?

7 Motho yo o ithutang le ene o tshwanetse go bona gore o dumela se o se rutang e bile o a se rata. (1 Bathes. 1:5) Seo se ka nna sa dira gore le ene a dumele dilo tse a di ithutang. Gongwe o ka nna wa mmolelela gore wena Baebele e go thusitse jang. Seno se ka mo thusa go lemoga gore le ene Baebele e ka mo thusa.

8. Ke eng gape se o ka se dirang go thusa motho yo o ithutang Baebele le ene, mme ke eng fa o tshwanetse go dira jalo?

8 Bolelela motho yo o ithutang le ene ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ileng ba lebana le mathata a a tshwanang le a gagwe ba bo ba kgona go feta mo go one. Fa o ya kwa go ene, o ka nna wa tsamaya le mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo a ka kgonang go mo thusa ka bothata bongwe jo a nang le jone. Kgotsa gongwe o ka batla maitemogelo mangwe mo jw.org mo setlhogong se se reng “Baebele e Fetola Matshelo.” * Ditlhogo le dibidio tseo di ka mo thusa go bona gore Baebele e ka fetola botshelo jwa gagwe.

9. O ka kgothaletsa jang motho yo o ithutang le ene gore a tlotlele ba lelapa le ditsala tsa gagwe se a se ithutang?

9 Fa e le gore motho yo o ithutang le ene o mo lenyalong, a monna kgotsa mosadi wa gagwe le ene o a ithuta? Fa go sa nna jalo, o ka nna wa mo kopa gore a nne gone fa lo ithuta. Kgothaletsa motho yo o ithutang le ene gore a tlotlele ba lelapa la gagwe le ditsala tsa gagwe dilo tse a di ithutang. (Joh. 1:40-45) O ka dira seo jang? O ka nna wa mmotsa go re: “O ka tlhalosetsa jang ba lelapa la gago ntlha eno?” kgotsa “O ka dirisa temana efe go tlhalosetsa tsala ya gago ntlha eno?” Fa o dira jalo, o tla bo o mo thusa gore a itse go ruta. Mme fa a setse a tshwanelega, a ka nna a simolola go ya tshimong. O ka nna wa mmotsa gore a go na le mongwe yo a mo itseng yo a ka ratang go ithuta Baebele. Fa e le gore o teng, kopana le motho yoo mme o kope go ithuta Baebele le ene. Mmontshe Bidio ya Thuto ya Baebele e Tshwarwa Jang? *

MO THUSE GORE A NNE LE DITSALA MO PHUTHEGONG

Thusa motho yo o ithutang le ene gore a nne le ditsala mo phuthegong (Bona serapa 10-11) *

10. Re ka etsa jang sekao sa ga Paulo jaaka go tlhalosiwa mo go 1 Bathesalonika 2:7, 8?

10 Re tshwanetse go rata batho ba re ithutang Baebele le bone. Ga re a tshwanela go lebala gore kamoso batho bao, e tla bo e le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. (Bala 1 Bathesalonika 2:7, 8.) Ga go motlhofo gore ba tlogele ditsala tsa bone e bile ba dire diphetogo. Ka jalo, re tlhoka go ba thusa gore ba nne le ditsala mo phuthegong. Fa o ithuta le motho, nna tsala ya gagwe mme o nne o mo etele e seng fela fa lo ya go ithuta. Fa o nna o mo founela, o mo romelela melaetsa e bile o mo etela, o tla lemoga gore o a mo rata.

11. Goreng re batla gore batho ba re ithutang le bone ba nne le ditsala mo phuthegong?

11 Go na le seane se se reng: “Ngwana sejo o a tlhakanelwa.” Ka tsela e e tshwanang, re ka re: “Gore motho e nne morutwa, o thusiwa ke batho botlhe mo phuthegong.” Ke gone ka moo go leng botlhokwa gore fa re ithuta Baebele le motho, re mo itsise bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong. Ba tla mo thusa gore a atamalane le Jehofa. Gape bakaulengwe le bokgaitsadi ba tla mo thusa fa a lebane le mathata. Re batla gore batho ba re ithutang le bone ba ikutlwe e le karolo ya lelapa la ga Jehofa e bile re batla gore ba rate bakaulengwe le bokgaitsadi. Seno se tla dira gore go nne motlhofo gore ba tlogele ditsala tsa bone tse di sa direleng Jehofa. (Dia. 13:20) Fa ditsala tsa gagwe di mo tlhanogela, o tla bo a setse a na le ditsala mo phuthegong.—Mar. 10:29, 30; 1 Pet. 4:4.

TLHALOSA BOTLHOKWA JWA GO INEELA MO GO JEHOFA LE GO KOLOBEDIWA

Fa motho a ntse a ithuta Baebele o tla dira diphetogo tse di tla mo thusang go kolobediwa! (Bona serapa 12-13)

12. Goreng re tshwanetse go nna re tlhalosetsa motho yo re ithutang le ene botlhokwa jwa go ineela mo go Jehofa le go kolobediwa?

12 Nna o tlhalosetsa motho yo o ithutang le ene gore ke eng fa go le botlhokwa gore re ineele mo go Jehofa re bo re kolobediwa. O se ka wa lebala gore lebaka la go bo re ithuta le batho ke ka gonne re batla go ba thusa gore ba ineele mo go Jehofa ba bo ba kolobediwa. Fa re setse re na le dikgwedi di le mmalwa re ithuta le motho e bile a setse a tla dipokanong, motho yoo o tshwanetse go tlhaloganya gore lebaka la go bo re ithuta le ene ke gore re batla go mo thusa gore e nne Mosupi wa ga Jehofa.

13. Motho yo o ithutang Baebele o tshwanetse go dira eng gore a kolobediwe?

13 Go na le dilo di le mmalwa tse motho yo o ithutang Baebele a tshwanetseng go di dira gore a kgone go kolobediwa. Sa ntlha, o simolola ka go itse Jehofa, go mo rata le go nna le tumelo mo go Ene. (Joh. 3:16; 17:3) Go tswa foo, o nna tsala ya ga Jehofa a bo a nna le ditsala mo phuthegong. (Baheb. 10:24, 25; Jak. 4:8) O ikwatlhaela dilo tse di sa siamang tse a neng a di dira a bo a tlogela go di dira. (Dit. 3:19) Gape o simolola go bolelela ba bangwe dilo tse a di dumelang. (2 Bakor. 4:13) Go tswa foo, o ineela mo go Jehofa a bo a kolobediwa. (1 Pet. 3:21; 4:2) Fa letsatsi leo le goroga, rotlhe re a itumela. Fa motho yo o ithutang le ene a simolola go dira diphetogo, nna o mo akgola e bile o mo kgothaletse gore a tshware fela jalo.

NNA O LEKA GO BONA GORE A O DIRA DIPHETOGO

14. Ke eng se se ka go thusang go bona gore a motho yo o ithutang le ene o dira diphetogo?

14 Re tlhoka go nna pelotelele fa re thusa motho yo re ithutang le ene gore a tshwanelegele go kolobediwa. Mme gone, re tlhoka go itse gore a mme gone motho yoo o batla go direla Jehofa. Ka sekai, a go na le dilo dingwe tse a di dirang tse di bontshang gore o leka go ikobela ditaelo tsa ga Jesu? Kgotsa a o kgatlhiwa fela ke go ithuta Baebele?

15. Ke eng se se ka go thusang go bona gore a motho yo o ithutang le ene o batla go kolobediwa?

15 Nna o leka go bona gore a motho yo o ithutang le ene o dira diphetogo. Ka sekai, a o kgona go tlhalosa gore o ikutlwa jang ka Jehofa? A o a rapela? (Pes. 116:1, 2) A o rata go bala Baebele? (Pes. 119:97) A o ya dipokanong? (Pes. 22:22) A go na le diphetogo tse a di dirileng tse di bontshang gore o dirisa se a se ithutang? (Pes. 119:112) A o tlotlela ba lelapa le ditsala tsa gagwe ka se a se ithutang? (Pes. 9:1) Sa botlhokwa le go feta, a o batla go nna Mosupi wa ga Jehofa? (Pes. 40:8) Fa motho yo o ithutang le ene a sa dire diphetogo dipe fela, bua le ene mme o leke go bona gore matsapa di a tsaya kae. Fa o bua le ene, nna bonolo mme gone o sa potapote. *

16. Ke eng se se ka go thusang go lemoga gore ga go tlhokege gore o tswelele o ithuta Baebele le mongwe?

16 Fa o ithuta le motho, nna o ipotse gore a go a tlhokega gore o tswelele o ithuta le ene. Ipotse go re: ‘A motho yono o a baakanyetsa? A o ya dipokanong? A o sa ntse a dira dilo dingwe tse Jehofa a di tlhoileng? A o sa ntse a tsena kereke?’ Fa e le gore ga a dire diphetogo, go tswelela o ithuta le ene go tla bo go tshwana le go leka go ruta motho go thuma mme gone a gana go tsena mo metsing. Fa e le gore motho yo o ithutang le ene ga se gore o rata dilo tse a di ithutang e bile ga a batle go dira diphetogo, goreng o tshwanetse go tswelela o ithuta le ene?

17. Go ya ka 1 Timotheo 4:16, re tshwanetse go dira eng?

17 Re tshwanetse go diragatsa maikarabelo a rona a go dira barutwa e bile re tshwanetse go thusa batho ba re ithutang le bone gore ba kolobediwe. Ka jalo, re tshwanetse go dirisa Baebele fa re ruta e bile re tshwanetse go bontsha gore re dumela se re se rutang. Gape re tshwanetse go thusa batho ba re ithutang le bone gore ba nne le ditsala mo phuthegong. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go tlhalosetsa motho yo re ithutang le ene gore go botlhokwa gore re ineele mo go Jehofa re bo re kolobediwa. Go tswa foo, re bo re leka go bona gore a o dira diphetogo. (Bona lebokose le le mo tsebe 13, la setlhogo se se reng “ Re ka Thusa Jang Batho ba re Ithutang le Bone Gore ba Kolobediwe?”) Re itumelela go nna le seabe mo tirong eno e e bolokang matshelo! Ka jalo, a re direng sotlhe se re ka se kgonang go thusa batho ba re ithutang le bone gore ba kolobediwe!

PINA 79 Ba Rute go Nitama

^ ser. 5 Fa re ithuta Baebele le batho, re ba thusa go itse gore Jehofa o batla gore ba akanye jang, ba ikutlwe jang le gore ba itshware jang. Setlhogo seno se tla re thusa go tokafatsa tsela e re rutang ka yone.

^ ser. 4 Bona setlhogo se se reng “Se Dire Jaana fa o Tshwere Thuto ya Baebele” mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi ya September 2016.

^ ser. 8 Ya kwa KA GA RONA > MAITEMOGELO.

^ ser. 9 Mo JW Library®, ya kwa MEDIA > OUR MEETINGS AND MINISTRY > TOOLS FOR THE MINISTRY.

^ ser. 15 Bona setlhogo se se reng “Go Rata Jehofa go Tla go Tlhotlheletsa Gore o Kolobediwe” le se se reng “A o Siametse go Kolobediwa?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa March 2020.

^ ser. 77 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Kgaitsadi mongwe o thusa yo mongwe gore a ka dira jang gore a se ka a bua thata fa a tshwere thuto ya Baebele.

^ ser. 79 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Motho yo o ithutang Baebele o ithuta gore ke eng se se ka mo thusang go nna mosadi yo o molemo. Moragonyana, o tlotlela monna wa gagwe dilo tse a di ithutileng.

^ ser. 81 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: O etetse ditsala dingwe tsa gagwe tsa kwa phuthegong a na le monna wa gagwe.