Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 41

Thusa Batho ba o Ithutang le Bone Gore ba Kolobediwe—Karolo ya Ntlha

Thusa Batho ba o Ithutang le Bone Gore ba Kolobediwe—Karolo ya Ntlha

“Lo bonadiwa lo le lekwalo la ga Keresete le le kwadilweng ke rona re le badiredi.”—2 BAKOR. 3:3.

PINA 78 ‘Go Ruta Lefoko la Modimo’

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

Phuthego e itumela tota fa motho yo o ithutang Baebele a kolobediwa! (Bona serapa 1)

1. 2 Bakorintha 3:1-3 e re thusa jang go bona gore go ithuta le motho a bo a kolobediwa ke mpho e e tswang kwa go Jehofa? (Bona setshwantsho sa khabara.)

O IKUTLWA jang fa o bona mongwe wa phuthego ya lona a kolobediwa? Ga go pelaelo gore o itumela fela thata! (Math. 28:19) Mme fa e le gore ke wena o ithutang Baebele le motho yoo, o itumela le go feta! (1 Bathes. 2:19, 20) Fa motho yo o ithutang Baebele le ene a kolobediwa, seno se bontsha gore wena le botlhe mo phuthegong ya lona, lo dirile ka natla go mo thusa. E re ka lo ile lwa dira ka natla jalo, re ka re motho yoo, ke ‘lokwalo le le lo buelelang’ lotlhe mo phuthegong.—Bala 2 Bakorintha 3:1-3.

2. (a) Re tshwanetse go akanya ka potso efe mme ka ntlha yang? (b) Thuto ya Baebele ke eng? (Bona ntlha e e kwa tlase.)

2 Mo dingwageng di le nnê tse di fetileng, Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba bega dithuto tsa Baebele * di ka nna 10 000 000 kgwedi le kgwedi. Mo go tsone dingwaga tseo tse nnê, go ntse go kolobediwa batho ba ka nna 280 000 ngwaga le ngwaga. Re ka thusa jang batho ba le bantsi ba re ithutang le bone gore ba kolobediwe? Jehofa o sa ntse a neile batho tshono ya gore ba tle mo phuthegong ya gagwe, ke gone ka moo re tshwanetseng go dira ka natla go ba thusa gore ba dire diphetogo ba bo ba kolobediwe. Nako e ile!—1 Bakor. 7:29a; 1 Pet. 4:7.

3. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 E re ka go le botlhokwa gore re dire batho barutwa, Setlhopha se se Laolang se ile sa botsa diofisi tsa makala gore ke eng se re ka se dirang go thusa batho ba re ithutang Baebele le bone gore ba dire diphetogo ba bo ba kolobediwa. Mo setlhogong seno le se se latelang, re tla tlotla ka dikakantsho tsa babulatsela, barongwa le balebedi ba potologo tse di re ka di dirisang go thusa batho gore ba kolobediwe. * (Dia. 11:14; 15:22) Ba tlhalosa gore fa re ithuta Baebele le motho, re tshwanetse go dira eng gore re kgone go mo thusa. Gape ba tlhalosa gore motho yo o ithutang Baebele ene o tshwanetse go dira eng gore a kgone go gatela pele. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dilo di le tlhano tse di ka thusang motho yo o ithutang gore a kgone go dira diphetogo a bo a kolobediwa.

ITHUTENG BEKE LE BEKE

Botsa motho yo o ithutang le ene gore a lo ka kgona go dula mo fatshe gore lo kgone go tlotla mo go oketsegileng (Bona serapa 4-6)

4. Re tshwanetse go lemoga eng ka go dirisa nako e e khutshwane re ithuta le motho fa kgorong?

4 Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba tshwara dithuto tsa Baebele tse di tsayang nako e e khutshwane thata. Ka dinako tse dingwe ba tshwara thuto eo mo kgorong e bile ga ba e tshware beke le beke. Le fa gone seno se ka dira gore motho a kgatlhegele go ithuta Baebele, re tlhoka go dira mo go oketsegileng. Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba leka go dira seno ka go romelela batho bao melaetsa kgotsa ka go ba founela gore ba tlotle le bone ka molaetsa wa Baebele. Go ka nna ga feta dikgwedi di le mmalwa ba ntse ba dira jalo mme gone ba sa tshware thuto ya Baebele e e rulagantsweng sentle le batho bao. Mme gone, nnete fela ke gore, fa motho a sa iphe nako e e lekaneng ya go ithuta Baebele, a ka se kgone go dira diphetogo mo botshelong jwa gagwe a bo a feleletsa a kolobeditswe.

5. Jesu o ile a re eng mo go Luke 14:27-33 se re ka se dirisang go thusa batho ba re ithutang le bone?

5 Jesu o ile a dirisa sekai sengwe go tlhalosa gore motho o tshwanetse go dira eng fa a batla go nna morutwa wa gagwe. O ile a dira sekai ka motho yo o batlang go aga tora le ka kgosi e e batlang go ya ntweng. Jesu o ile a re fa motho a batla go aga, o tshwanetse ‘nna fa fatshe pele a bo a bala ditshenyegelo’ go bona gore a o tla kgona go fetsa go aga. Gape o ne a re kgosi e tshwanetse go “nna fa fatshe pele e bo e batla kgakololo” go bona gore a masole a yone a tla kgona go fenya kwa ntweng. (Bala Luke 14:27-33.) Ka tsela e e tshwanang, Jesu o ne a itse gore fa motho a batla go nna morutwa wa gagwe, o tshwanetse go nna fa fatshe pele a akanyetse dilo tse a tla tlhokang go di dira. Ka jalo, fa re ithuta Baebele le motho, re tshwanetse go mo kgothaletsa gore re ithute beke le beke. Re ka dira seo jang?

6. Re ka thusa jang batho ba re ithutang le bone gore ba gatele pele?

6 Fa e le gore lo ithuta lo eme fa kgorong, simolola ka go oketsa nako e lo e dirisang fa lo ithuta. Go na le gore lo tlotle ka temana e le nngwe fela, gongwe lo ka tlotla ka tse pedi. Fa o sena go dira jalo makgetlo a le mmalwa, o ka mmotsa gore a ga go na kwa lo ka obang mangole gone gore lo kgone go tlotla mo go oketsegileng. Tsela e a arabang ka yone e tla go thusa go bona gore a o tsaya thuto e le botlhokwa kgotsa nnaya. Go mo thusa gore a kgone go gatela pele ka bonako, o ka nna wa mmotsa gore a lo ka kgona go ithuta gabedi mo bekeng. Mme gone, ga se kgang fela ya go ithuta gangwe kgotsa gabedi mo bekeng. Go na le dilo dingwe gape tse lo tshwanetseng go di dira gore o kgone go mo thusa.

BAAKANYETSANG

Baakanyetsa, mme o bontshe motho yo o ithutang le ene gore a ka baakanyetsa jang (Bona serapa 7-9)

7. O ka baakanyetsa jang thuto ya Baebele?

7 Fa o ithuta Baebele le motho, o tshwanetse go baakanyetsa nako le nako pele ga o ya go ithuta le ene. Simolola ka go bala se lo a go ithutang sone o bo o bale le ditemana tse di tlhagelelang. Leka go tlhaloganya gore dintlha tsa botlhokwa ke dife mo go se lo tla se ithutang. Ipotse gore setlhogo, ditlhogwana, dipotso le ditemana tse go kwadilweng go twe lo di bale di ka mo thusa jang go tlhaloganya se lo se ithutang. Gape leka go bona gore ke dibidio dife tse di ka mo thusang. Fa o ntse o baakanyetsa, akanya ka motho yo o ithutang le ene mme o leke go bona gore o tlile go mo tlhalosetsa jang se lo se ithutang ka tsela e e motlhofo gore a kgone go se tlhaloganya le go se dirisa.—Neh. 8:8; Dia. 15:28a.

8. Bakolosa 1:9, 10 e go ruta eng?

8 Fa o baakanyetsa, bua le Jehofa mme o mo kope gore a thuse motho yo o ithutang le ene. Gape mo kope gore a go thuse go dirisa Baebele ka tsela e e tla amang motho yoo pelo. (Bala Bakolosa 1:9, 10.) Akanyetsa gore ke dilo dife tse go ka nnang thata gore motho yo o ithutang le ene a di tlhaloganye kgotsa tse go ka nnang thata gore a di dumele. Nna o gopotse gore boikaelelo jwa gago ke go mo thusa gore a dire diphetogo a bo a kolobediwa.

9. O ka ruta jang motho yo o ithutang le ene go baakanyetsa? Tlhalosa.

9 Fa re ithuta Baebele le motho ka metlha, gongwe a ka nna a simolola go lebogela dilo tsotlhe tse Jehofa le Jesu ba mo diretseng tsone a bo a eletsa go ithuta mo go oketsegileng. (Math. 5:3, 6) Gore Baebele e kgone go motho yo o ithutang Baebele le ene go dira diphetogo, o tshwanetse go tlhoma mogopolo fa lo ithuta. Gore a kgone go tlhoma mogopolo, mo kgothaletse gore a baakanyetse ka go bala a le nosi le go akanya ka gore a ka dirisa jang dilo tse a di ithutang. O ka mo thusa jang gore a itse go baakanyetsa? Baakanyetsa le ene mme o mmontshe gore o tshwanetse go dira eng fa a baakanyetsa a le nosi. * Mmontshe gore a ka bona karabo jang, o bo o mo rute gore go thalela mafoko a konokono go ka mo thusa gore a gopole karabo. Go tswa foo, mo kope gore a arabele ka mafoko a gagwe. Fa a arabela ka mafoko a gagwe, o tla kgona go lemoga gore a o tlhalogantse se a neng a se bala. Go na le sengwe gape se o tshwanetseng go mo kgothaletsa gore a se dire.

MO RUTE GORE A BUISANE LE JEHOFA LETSATSI LE LETSATSI

Ruta motho yo o ithutang le ene gore a ka buisana jang le Jehofa (Bona serapa 10-11)

10. Goreng motho yo o ithutang a tshwanetse go bala Baebele letsatsi le letsatsi, mme o tshwanetse go dira eng gore Baebele e kgone go mo thusa?

10 Go na le sengwe se motho yo o ithutang le ene a tshwanetseng go se dira letsatsi le letsatsi gore a kgone go dira diphetogo. O tshwanetse go buisana le Jehofa. Jang? Ka go mo reetsa le go bua le ene. O reetsa Modimo fa a bala Baebele letsatsi le letsatsi. (Josh. 1:8; Pes. 1:1-3) Mmontshe gore a ka dirisa jang “Thulaganyo ya Mmalo wa Baebele”e e mo jw.org. * Gore Baebele e kgone go mo thusa, mo kgothaletse gore a akanye ka gore se a se balang, se mo ruta eng ka Jehofa le gore a ka se dirisa jang mo botshelong jwa gagwe.—Dit. 17:11; Jak. 1:25.

11. Ke eng se se ka thusang motho yo o ithutang Baebele gore a itse go rapela, mme ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore a rapele ka metlha?

11 Kgothaletsa motho yo o ithutang le ene gore a bue le Jehofa letsatsi le letsatsi. Pele ga lo simolola go ithuta, rapela, mme o dire jalo le fa lo fetsa go ithuta. Fa o rapela, bua le Jehofa go tswa pelong ka motho yo o ithutang le ene. Fa a ntse a go reeditse o rapela, le ene o tla ithuta go rapela go tswa pelong. Gape o tla lemoga gore o tshwanetse go rapela Jehofa Modimo a dirisa leina la ga Jesu Keresete. (Math. 6:9; Joh. 15:16) Go bala Baebele letsatsi le letsatsi (go reetsa Jehofa) le go rapela (go bua le Jehofa) go tla mo thusa gore a atamalane le ene. (Jak. 4:8) Gape go dira jalo go ka mo thusa go dira diphetogo a bo a kolobediwa. Ke eng se sengwe gape se se ka mo thusang?

MO THUSE GO NNA TSALA YA GA JEHOFA

12. O ka thusa jang motho yo o ithutang le ene gore a nne tsala ya ga Jehofa?

12 Fa re ithuta le motho, re batla gore a ithute ka Jehofa. Mme gone, dilo tse a di ithutang di tshwanetse go mo ama pelo gore a kgone go di dirisa. Jesu o ne a ruta batho dilo di le dintsi mme ba ne ba rata go mo reetsa. Mme gone, batho e ne e nna balatedi ba gagwe ka gonne se a neng a se ruta se ne se ba ama pelo. (Luke 24:15, 27, 32) Motho yo o ithutang Baebele le ene o tshwanetse go itse gore Jehofa ke Motho wa mmatota le gore Jehofa a ka kgona go nna Rraagwe, Modimo wa gagwe le Tsala ya gagwe. (Pes. 25:4, 5) Fa lo ithuta, mo thuse gore a itse botho jwa ga Jehofa. (Ekes. 34:5, 6; 1 Pet. 5:6, 7) Dira jalo nako le nako fa lo ithuta. Mo thuse go lemoga gore Jehofa o lorato, o pelonomi e bile o kutlwelobotlhoko. Jesu o ne a re taelo ya ntlha ke gore “o rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe.” (Math. 22:37, 38) Thusa motho yo o ithutang le ene gore a rate Jehofa ka pelo yotlhe.

13. O ka thusa jang motho yo o ithutang le ene gore a itse botho jwa ga Jehofa?

13 Fa o tlotla le ene, mo tlhalosetse gore ke eng fa o rata Jehofa. Seno se ka mo thusa go lemoga gore le ene o tlhoka go nna tsala ya ga Jehofa e bile o tshwanetse go mo rata. (Pes. 73:28) Ka sekai, fa lo ntse lo bala, go bo go nna le ntlha nngwe e e go amang pelo e e tlhalosang gore Jehofa o lorato, o tshiamiso, e bile o na le maatla, mo tlotlele gore seno ke sengwe sa dilo tse dintsi di dirang gore o rate Jehofa fela thata. Go na le sengwe gape se motho yo o ithutang Baebele a tshwanetseng go se dira gore a kgone go dira diphetogo a bo a kolobediwa.

MO KGOTHALETSE GO YA DIPOKANONG

Kgothaletsa motho yo o ithutang le ene gore a ye dipokanong! (Bona serapa 14-15)

14. Bahebera 10:24, 25 ya re go ya dipokanong go ka thusa jang motho yo o ithutang Baebele?

14 Rotlhe re batla gore batho ba re ithutang Baebele le bone ba kolobediwe. Tsela nngwe e re ka ba thusang ka yone, ke go ba kgothaletsa gore ba tle dipokanong. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba re fa motho a simolola go ithuta Baebele a bo a simolola go tla dipokanong ka yone nako eo, seo se mo thusa gore a kgone go dira diphetogo ka bonako. (Pes. 111:1) Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba tlhalosetsa batho ba ba ithutang le bone gore go na le dilo di le dintsi tse ba ka di ithutang kwa dipokanong, tse go sa buiweng ka tsone mo bukeng e ba e ithutang. Bala Bahebera 10:24, 25 le motho yo o ithutang le ene, mme o mo tlhalosetse gore go ya dipokanong go tla mo thusa jang. Mmontshe bidio ya Go Dirwang kwa Holong ya Bogosi? * Mo thuse go lemoga gore go botlhokwa gore a ye dipokanong beke le beke.

15. Re ka dira eng gore re kgothaletse motho yo re ithutang le ene gore a ye dipokanong ka metlha?

15 O ka dira eng fa e le gore motho yo o ithutang le ene ga a ise a ye dipokanong kgotsa o ya sewelo? Mo tlotlele sengwe se se kgatlhang se o se ithutileng kwa dipokanong. Fa a lemoga gore o rata dipokano, gongwe le ene a ka nna a batla go ya. Mo neye makasine wa Tora ya Tebelo kgotsa Bukana ya Botshelo le Bodiredi e e dirisiwang kwa dipokanong. Mmontshe se re tlileng go tlotla ka sone kwa dipokanong, o bo o mmotsa gore ke eng se a utlwang se kgatlha mo dilong tse o mmontshitseng tsone. Se a tla se utlwang le se a tla se bonang, se tla bo se farologane thata le se a tlholang a se bona kwa dikerekeng. (1 Bakor. 14:24, 25) Fa a le kwa dipokanong, o tla kopana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tla mo thusang go dira diphetogo.

16. Re ka thusa jang batho ba re ithutang le bone gore ba kolobediwe, mme re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

16 Re ka thusa jang batho ba re ithutang le bone gore ba kolobediwe? Re ka thusa motho yo re ithutang le ene go lemoga gore go ithuta go botlhokwa ka go mo kgothaletsa gore re ithute beke le beke le gore a baakanyetse. Gape re tshwanetse go mo kgothaletsa gore a buisane le Jehofa letsatsi le letsatsi le gore a atamalane le ene. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go mo kgothaletsa gore a ye dipokanong. (Bona lebokose le le mo tsebe 12, la setlhogo se se reng “ Ke Eng Se se Ka Thusang Motho yo o Ithutang Baebele Gore a Kolobediwe.”) Mo setlhogong se se latelang, re tlile go tlotla ka dilo tse dingwe tse tlhano tse re ka di dirang go thusa batho ba re ithutang le bone gore ba kolobediwe.

PINA 76 A ga O Itumelele go Rera?

^ ser. 5 Go ruta motho ke go mo thusa gore a fetole tsela e a akanyang ka yone, e a ikutlwang ka yone le e a dirang dilo ka yone. Temana ya ngwaga ya 2020 e e tswang mo go Mathaio 28:19, e re gopotsa botlhokwa jwa go ithuta Baebele le batho le go ba thusa gore ba kolobediwe. Mo setlhogong seno le se se latelang, re tla bona gore ke eng se se ka re thusang go tokafatsa tsela e re dirang tiro eno ka yone.

^ ser. 2 TLHALOSO: Fa o tlotla le motho ka metlha o dirisa Baebele, o a bo o tshwere thuto ya Baebele. Fa o sena go bontsha motho gore thuto ya Baebele e tshwarwa jang o bo o ithuta le ene makgetlo a le mabedi morago ga moo e bile go bonala gore lo tla nna lo ithuta, o ka bega thuto eo.

^ ser. 3 Gape re tla tlotla ka dikakantsho tse di tlhagang mo Tirelong ya Rona ya Bogosi ya July 2004 go ya go May 2005 tse di tswang mo setlhogong se se reng, “Go Tshwara Dithuto Tsa Baebele Tse di Gatelang Pele.”

^ ser. 9 Lebelela bidio ya metsotso e le nnê ya setlhogo se se reng “Ruta Baithuti go Baakanyetsa.” Mo JW Library®, ya kwa MEDIA > OUR MEETINGS AND MINISTRY > IMPROVING OUR SKILLS.

^ ser. 10 Ya kwa DIKGATISO > DIBUKA LE DIBUKANA.

^ ser. 14 Mo JW Library®, ya kwa MEDIA > OUR MEETINGS AND MINISTRY > TOOLS FOR THE MINISTRY.