Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

1921—Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng

1921—Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng

MAKASINE wa Tora ya Tebelo wa Seesemane wa January 1, 1921 o ne wa botsa Baithuti ba Baebele potso eno: “Ke tiro efe e re ka lebang pele go e dira monongwaga?” Go tswa foo, o ne wa araba potso eo ka go nopola Isaia 61:1, 2, e e neng e ba gopotsa ka tiro ya bone ya go rera. Ditemana tseo tsa re: “Jehofa o ne a ntlotsa gore ke bolelele ba ba pelonolo dikgang tse di molemo . . . , ke itsise ka ngwaga wa fa Jehofa a tla bo a amogela batho le ka letsatsi la pusoloso la Modimo wa rona.”

BARERI BA BA PELOKGALE

Gore Baithuti ba Baebele ba kgone go rera, ba ne ba tlhoka go nna pelokgale. Ba ne ba tla tshwanelwa ke go bolelela ba ba pelonolo “dikgang tse di molemo” le go bolelela ba ba bosula “letsatsi la pusoloso.”

Mokaulengwe J. H. Hoskin yo a neng a nna kwa Canada o ne a rera ka bopelokgale le fa a ne a ganediwa. Ka 1921, o ne a kopana le moruti wa Methodist. Mokaulengwe Hoskin o ne a simolola motlotlo wa bone jaana: “Re tshwanetse go nna le metlotlo e e monate ya Baebele. Tota le fa re sa dumalane ka dilo dingwe, re sa ntse re ka fetsa motlotlo wa rona ka kagiso mme re tswelele re le ditsala.” Seo ga se a ka sa direga. Mokaulengwe Hoskin o ne a re: “Re ne ra tlotla metsotso e sekaenyana fela mme moruti yoo o ne a itaaganya lebati thata jaana mo ke neng ke akanya gore galase ya lone e tla thubega.”

Moruti yoo o ne a goa a re: “Goreng o sa ye go rerela baheitane?” Mokaulengwe Hoskin o ne a itshwara, a bo a buela mo pelong a re: ‘Ke ne ke ithaya ke re ke bua le mongwe wa bone!’

Mo letsatsing le le latelang, fa moruti yoo a rera kwa kerekeng ya gagwe, o ne a bua dilo tse di seng boammaaruri ka Mokaulengwe Hoskin. Mokaulengwe Hoskin a re: “Moruti yoo o ne a bolelela batho gore ke moaki yo o ba gaisang botlhe mo motseng e bile ke tshwanetse go bolawa.” Le fa go ntse jalo, seo ga se a ka sa thibela Mokaulengwe Hoskin gore a tswelele a rera le go bua le batho ba bangwe ba bantsi. O ne a re: “Ruri ke ne ke itumelela go rera, e bile batho bangwe ba ne ba ithaopela go nnaya dilo tse ke neng ke di tlhoka, ba ne ba re, ‘Re a itse gore o dira tiro ya Modimo!’”

GO ITHUTA O LE NOSI LE THUTO YA LELAPA

Gore Baithuti ba Baebele ba thuse batho go tlhaloganya Baebele botoka ba ne ba gatisa dipotso tsa Baebele le dikarabo tsa tsone mo makasineng wa The Golden Age o gone jaanong o bidiwang Tsogang! Makasine oo o ne o na le dipotso tsa Baebele tsa basha tse batsadi ba neng ba ka di dirisa go tlotla le bana ba bone. Batsadi ba ne ba tshwanetse go botsa bana ba bone dipotso tseo ba bo ba ba thusa go bona dikarabo tsa tsone mo Baebeleng. Dipotso tse di jaaka, “Baebele e na le dibuka tse kae?,” di ne di ba ruta dilo tse di sa raraanang ka Baebele. Mme tse di jaaka, “A Mokeresete mongwe le mongwe wa boammaaruri o tshwanetse go lebelela gore a bogisiwe ka tsela nngwe?,” di ne di thusa basha gore ba rere ba le pelokgale.

Gape go ne go na le dipotso tse di neng di diretswe batho ba ba neng ba setse ba na le kitso ka Baebele mme dikarabo di ne di bonwa mo bukeng ya Studies in the Scriptures. Batho ba le bantsi ba ne ba solegelwa molemo ke dithulaganyo tseo. Le fa go ntse jalo, makasine wa The Golden Age wa December 21, 1921, o ne wa itsise gore dithulaganyo tseno tsotlhe di ne di tla emisiwa. Goreng go ne go dirwa phetogo eo?

BUKA E NTŠHA!

Buka ya The Harp of God

Karata e e bontshang moithuti fa a tla balang gone

Dikarata tsa dipotso

Bakaulengwe ba ba eteletseng pele ba ne ba lemoga gore batho ba tshwanetse go ithuta Baebele ka tsela e e rulaganeng sentle. Ka jalo, ka November 1921 go ne ga gololwa buka ya The Harp of God. Batho ba ba kgatlhegang ba ba neng ba amogela buka eno, ba ne ba simolola go ithuta ba le nosi. Thuto eno e ne e ba ruta gore Modimo o ikaeletse go naya batho botshelo jo bo sa khutleng. Ba ne ba ithuta jang?

Fa motho a amogela buka, o ne a fitlhela go tsentswe karata e nnye e e neng e mmolelela gore a bale ditsebe dife mo bukeng eo. Mo bekeng e e latelang, o ne a romelelwa karata e e nang le dipotso di le mmalwa malebana le se a se badileng. Kwa bofelong jwa karata eo, go ne go kwadilwe gore o tshwanetse go bala fa kae mo bekeng e e latelang.

Beke le beke, ka dibeke di le 12, phuthego e e gaufi e ne e romelela mothuti yoo karata. Gantsi dikarata tseo di ne di romelwa ke bagodi le ba bangwe mo phuthegong ba ba neng ba sa kgone go rera ka ntlo le ntlo. Ka sekai, Anna K. Gardner wa kwa Millvale, Pennsylvania, U.S.A., o ne a re: “Fa buka ya The Harp of God e sena go gololwa, nkgonne yo o neng a sa kgone go tsamaya e bong Thayle, o ne a na le tiro e ntsi ya go romela dikarata tsa dipotso beke le beke.” Fa motho a sena go fetsa buka eo, mongwe mo phuthegong o ne a mo etela gore a mo thuse go tlhaloganya Baebele botoka.

Thayle Gardner a le mo wheelchair

TIRO E E LARILENG KWA PELE

Fa ngwaga o fela, Mokaulengwe J. F. Rutherford o ile a romelela diphuthego tsotlhe makwalo. Mo go one o ne a re: “Monongwaga tiro ya go rera ka Bogosi e fitlheletse batho ba le bantsi thata go feta mo dingwageng tse di fetileng.” Go tswa foo, o ne a re: “Go sa ntse go na le tiro e ntsi e e tshwanetseng go dirwa. Kgothaletsang ba bangwe gore le bone ba nne le seabe mo tirong eno e e kgatlhang.” Go bonala sentle gore Baithuti ba Baebele ba ne ba dira se a neng a re ba se dire. Ka 1922, ba ne ba rera ka Bogosi ba le pelokgale go feta pele.