Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 40

Go Ikwatlhaya ga Mmatota go Kaya Eng?

Go Ikwatlhaya ga Mmatota go Kaya Eng?

“Ke tlile go biletsa . . . baleofi kwa boikwatlhaong.”—LUKE 5:32.

PINA 36 A re Diseng Dipelo Tsa Rona

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. Ahabe le Manase ba ne ba farologane ka eng, mme re tla tlotla ka dipotso dife?

A RE tlotleng ka dikgosi tse pedi tse di ileng tsa tshela bogologolo. E nngwe e ne e busa ditso tse di lesome tsa Iseraele, mme e nngwe yone e ne e busa ditso tse pedi tsa Juda. Le fa ba ne ba tshela ka dinako tse di farologaneng, ba dirile dilo tse dintsi tse di tshwanang. Boobabedi ba ne ba tlhanogela Jehofa ba bo ba dira gore batho ba gagwe ba leofe. Banna bano ba babedi ba ne ba obamela medingwana e bile e ne e le babolai. Le fa go ntse jalo, go na le sengwe se ba neng ba farologane ka sone. Mongwe wa bone o ile a dira dilo tse di bosula go fitlha a swa, mme yo mongwe ene o ile a ikwatlhaya a bo a itshwarelwa dilo tse di bosula tse a neng a di dirile. E ne e le bomang?

2 Leina la yo mongwe e ne e le Ahabe, kgosi ya Iseraele mme la yo mongwe e ne e le Manase, kgosi ya Juda. Se banna bano ba babedi ba neng ba farologane ka sone se ka re ruta go le gontsi ka kgang ya botlhokwa, e leng go ikwatlhaya. (Dit. 17:30; Bar. 3:23) Go ikwatlhaya go kaya eng? Mme re ka bontsha jang gore re a ikwatlhaya? Re tlhoka go itse seo ka gonne re batla gore Jehofa a re itshwarele fa re dirile boleo. Gore re bone dikarabo tsa dipotso tseo re tla sekaseka tsela e dikgosi tseno tse pedi di neng di tshela ka yone, mme re bone gore re ka ithuta eng mo go seo. Go tswa foo, re tla tlotla ka se Jesu a neng a se ruta ka go ikwatlhaya.

SE RE SE ITHUTANG KA BOTSHELO JWA GA KGOSI AHABE

3. Ahabe e ne e le kgosi e e ntseng jang?

3 Ahabe e ne e le kgosi ya bosupa ya bogosi jwa ditso di le lesome tsa Iseraele. O ne a nyetse Jesebele morwadia kgosi ya kwa Sidona, naga e e humileng e e neng e le kwa bokone jwa Iseraele. Lenyalo la bone le ka tswa le ile la dira gore Baiseraele ba hume. Le fa go ntse jalo, le ile la dira gore ba leofele Jehofa le go feta. Jesebele o ne a obamela Baale, ka jalo o ne a tlhotlheletsa Ahabe gore a rotloetse kobamelo eo e e ferosang sebete, e e neng e akaretsa go gweba ka mmele kwa tempeleng le go dira ditlhabelo ka bana. Fa Jesebele e ne e le kgosigadi, matshelo a baporofeti botlhe ba ga Jehofa a ne a le mo kotsing. O ne a bolaya ba le bantsi ba bone. (1 Dikg. 18:13) Ahabe “o ne a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa go gaisa botlhe ba ba nnileng teng pele ga gagwe.” (1 Dikg. 16:30) Jehofa o ne a bona se Ahabe le Jesebele ba neng ba se dira. Ka jalo, o ne a utlwela batho ba Gagwe botlhoko, a bo a romela moporofeti Elija kwa go bone go ba tlhagisa gore ba tlogele ditsela tsa bone mme ba mo direle, pele go nna thari. Le fa go ntse jalo, Ahabe le Jesebele ba ne ba gana go reetsa.

4. Jehofa o ne a re o tlile go otlhaya Ahabe jang, mme Ahabe o ne a itshwara jang?

4 Nako ya gore Jehofa a tseye kgato e ne ya goroga. O ne a roma Elija gore a ye go bolelela Ahabe le Jesebele tsela e a neng a tla ba otlhaya ka yone. Lelapa la bone lotlhe le ne le tlile go bolawa. Mafoko a ga Elija a ne a utlwisa Ahabe botlhoko thata! Se se gakgamatsang ke gore monna yono yo o mabela o ne a ‘ikokobetsa.’—1 Dikg. 21:19-29.

Kgosi Ahabe o ne a bontsha gore ga a a ikwatlhaya ka tsela ya mmatota ka gonne o ne a latlhela moporofeti wa Modimo mo kgolegelong (Bona serapa 5-6) *

5-6. Re itse jang gore Ahabe ga a a ka a ikwatlhaya ka tsela ya mmatota?

5 Le fa Ahabe a ile a ikokobetsa ka nako eo, se a neng a se dira moragonyana se ne sa bontsha gore o ne a sa ikwatlhaya ka tsela ya mmatota. Ga a ka a leka go tlosa kobamelo ya ga Baale mo bogosing jwa gagwe. E bile ga a a ka a leka go rotloetsa setšhaba gore se obamele Jehofa. Dilo tse dingwe tse Ahabe a neng a di dira di ne di bontsha gore o ne a sa ikwatlhaya.

6 Nako nngwe Ahabe o ne a kopa Kgosi Jehoshafate yo o neng a busa kwa Juda gore a tsamaye le ene fa a ya go lwantsha Basiria. Jehoshafate e ne e le kgosi e e molemo e e neng e ikanya Jehofa, ka jalo o ne a kopa Ahabe gore ba botse moporofeti wa ga Jehofa gore ba dire eng pele ba ya ntweng. Kwa tshimologong, Ahabe o ne a sa rate kakantsho eo, o ne a re: “Go sa ntse go na le monna yo mongwe yo re ka mo kopang gore a re boletse mo go Jehofa; mme gone, ke mo tlhoile ka gonne ga a ke a porofeta dilo tse di molemo ka nna, o porofeta dilo tse di bosula fela.” Mme gone, ba ne ba botsa moporofeti Mikaia. Ahabe o ne a nepile, monna yoo wa Modimo o ne a porofeta dilo tse di bosula tse di neng di tla diragalela Ahabe. Le fa go ntse jalo, Ahabe yo o bosula ga a a ka a ikwatlhaya, go na le moo o ne a laela gore moporofeti wa Modimo a latlhelwe mo kgolegelong. (1 Dikg. 22:7-9, 23, 27) Le fa Ahabe a ile a latlhela Mikaia mo kgolegelong, ga a a ka a dira gore boporofeti joo bo se ka jwa diragala. Ahabe o ne a bolawa mo ntweng eo.—1 Dikg. 22:34-38.

7. Fa Ahabe a sena go swa, Jehofa o ne a mo tlhalosa jang?

7 Morago ga loso lwa ga Ahabe, Jehofa o ne a tlhalosa gore o ne a mo leba jang. Fa Kgosi Jehoshafate yo o siameng a ne a boa kwa ntweng, Jehofa o ne a romela moporofeti Jehu kwa go ene gore a mmolelele gore a ka bo a sa thusa Ahabe. Moporofeti wa ga Jehofa o ne a re: “A o tshwanetse go thusa batho ba ba bosula, e bile a o tshwanetse go rata ba ba tlhoileng Jehofa?” (2 Ditir. 19:1, 2) Akanya ka seno: Fa e le gore Ahabe o ne a ikwatlhaile tota, moporofeti wa Modimo a ka bo a sa mo tlhalosa e le monna yo o bosula yo o tlhoileng Jehofa. Go bonala sentle gore le fa Ahabe a ne a swabisitswe ke se a ileng a se dira, ga a a ka a ikwatlhaya ka tsela ya mmatota.

8. Re ithuta eng ka go ikwatlhaya mo go se Ahabe a se dirileng?

8 Re ithuta eng mo go se Ahabe a se dirileng? Fa Elija a ne a mmolelela gore lelapa la gagwe le ne le tlile go fedisiwa, Ahabe o ne a ikokobeditse kwa tshimologong. Seo e ne e le selo se se siameng. Mme se a neng a se dira moragonyana, se ne se bontsha gore o ne a sa ikwatlhaya ka tsela ya mmatota. Ka jalo, go ikwatlhaya ga se fela go bua ka molomo re re re a ikwatlhaya. A re bone sekai se sengwe se se re bontshang gore go ikwatlhaya ga mmatota go kaya eng.

SE RE SE ITHUTANG KA BOTSHELO JWA GA KGOSI MANASE

9. Manase e ne e le kgosi e e ntseng jang?

9 Dingwaga di le 200 moragonyana, Manase o ne a nna kgosi ya Juda. A ka tswa a ile a dira maleo a a masisi go feta a Ahabe a a dirileng. Baebele e a re: “O ne a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa ka selekanyo se segolo, gore a mo kgopise.” (2 Ditir. 33:1-9) Manase o ne a agela medimo ya maaka dibeso, a bo a tsenya setshwantsho se se betlilweng sa kota e e boitshepo mo tempeleng ya ga Jehofa. Gongwe kota eo e ne e emela kobamelo ya tlhakanelodikobo. O ne a dira maselamose, a dirisa boitseanape e bile a dira ditiro tsa boloi. Gape “o ne a tsholola madi a a se nang molato ka selekanyo se segolo thata.” O ne a bolaya batho ba le bantsi tota a bo a “fisa bomorwawe mo molelong,” gore a ntshetse medimo ya maaka ditlhabelo.—2 Dikg. 21:6, 7, 10, 11, 16.

10. Jehofa o ne a otlhaya Manase jang, mme Manase o ne a itshwara jang?

10 Manase ga a a ka a reetsa kgakololo e e tswang kwa baporofeting ba ga Jehofa jaaka Ahabe. Ka jalo, “Jehofa o ne a letla balaodi ba masole a kgosi ya Asiria gore ba . . . tlhasele [Juda], mme ba ne ba tshwara Manase ka dihuku, ba mmofa ka dikeetane tse pedi tsa kopore ba bo ba mo isa kwa Babelona.” Fa Manase a ne a le kwa kgolegelong kwa Babelona, o ne a akanya thata ka se a neng a se dirile. O ne “a nna a ikokobetsa thata fa pele ga Modimo wa borraagwemogolo.” Ga a a ka a dira seo fela. “O ne a kopa Jehofa, Modimo wa gagwe gore a mo utlwele botlhoko.” Tota e bile, Manase “o ne a nna a mo rapela.” Monna yoo yo o bosula o ne a ntse a fetoga. O ne a simolola go leba Jehofa e le “Modimo wa gagwe” mme a mo rapela a sa kgaotse.—2 Ditir. 33:10-13.

Kgosi Manase o ne a bontsha gore ruri o a ikwatlhaya ka gonne o ne a lwantsha kobamelo ya maaka (Bona serapa 11) *

11. Go ya ka 2 Ditiragalo 33:15, 16, Manase o ne a bontsha jang gore ruri o a ikwatlhaya?

11 Fa nako e ntse e ya, Jehofa o ne a araba dithapelo tsa ga Manase. Dilo tse Manase a neng a di rapelela di ne di bontsha Jehofa gore o fetogile. Jehofa o ne a mo reetsa fa a ne a mo kopa gore a mo itshwarele a bo a mo letla gore e nne kgosi gape. Manase o ne a dira sotlhe se a se kgonang go bontsha gore ruri o a ikwatlhaya. O ne a fetola tsela e a neng a tshela ka yone, e leng se Ahabe a paletsweng ke go se dira. O ne a lwantsha kobamelo ya maaka a bo a rotloetsa batho gore ba obamele Jehofa. (Bala 2 Ditiragalo 33:15, 16.) Manase o ne a tlhoka go nna pelokgale le go nna le tumelo gore a dire jalo, ka gonne pele ga a ikwatlhaya o ne a feditse dingwaga di le dintsi a sa tlhomele ba lelapa la gagwe, batlotlegi ba gagwe le batho ba a neng a ba busa sekao se se molemo. Le fa go ntse jalo, fa Manase a tsofetse o ne a leka go baakanya mathata otlhe a a neng a a bakile. Go ka direga gore o ne a thusa setlogolo sa gagwe e bong Josia gore a tlotle Jehofa, mme moragonyana Josia o ne a nna kgosi e e molemo.—2 Dikg. 22:1, 2.

12. Sekao sa ga Manase se re ruta eng ka go ikwatlhaya?

12 Re ithuta eng mo go se Manase a se dirileng? Ga a a ka a ikokobetsa fela. O ne a rapela a kopa Jehofa gore a mo utlwele botlhoko. E bile o ne a fetola tsela e a neng a tshela ka yone. O ne a leka ka natla go baakanya mathata otlhe a a neng a a bakile a bo a dira sotlhe se a ka se kgonang go direla Jehofa le go thusa ba bangwe gore le bone ba mo direle. Sekao sa ga Manase se thusa batho ba ba dirileng maleo a a masisi thata gore ba nne le tsholofelo. Re kgona go bona gore Jehofa Modimo, “o ikemiseditse go itshwarela.” (Pes. 86:5) Jehofa o itshwarela batho ba ba bontshang gore ruri ba a ikwatlhaya.

13. Dira sekai se se re thusang go tlhaloganya thuto ya botlhokwa ka go ikwatlhaya.

13 Manase ga a a ka a swabela maleo a gagwe fela. Se a se dirileng se re ruta thuto ya botlhokwa ka go ikwatlhaya. Akanya ka sekai seno: A re re o ya kwa beikhareng gore o ye go reka dikuku. Mme go na le gore motho yo o go rekisetsang a go neye dikuku, o go naya lee. A o tla itumela? Nnyaa le e seng! A go tla thusa fa motho yoo a ka go bolelela gore mae a botlhokwa thata fa o baka dikuku? Nnyaa, go ne go ka se thuse! Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o batla gore batho ba ba leofileng ba ikwatlhaye. Go molemo fa moleofi a swabela se a se dirileng. Go swaba go bontsha gore motho o a ikwatlhaya, mme gone ga go felele foo. Ke eng se sengwe se a tlhokang go se dira? Re tla ithuta go le gontsi ka seo mo setshwantshong sa ga Jesu se se amang pelo.

GO BONA BOIKWATLHAO JWA MMATOTA

Fa morwa yo o latlhegileng a sena go itharabologelwa, o ne a tsaya loeto lo loleele a boela gae (Bona serapa 14-15) *

14. Mo setshwantshong sa ga Jesu, morwa yo o latlhegileng o ne a bontsha jang gore o simolola go ikwatlhaya?

14 Jesu o ne a bua ka setshwantsho se se kgothatsang sa morwa yo o latlhegileng se se mo go Luke 15:11-32. Morwa yono ga a a ka a reetsa rraagwe, mme o ne a tswa mo lelapeng a bo a ya go nna kwa “nageng e e kgakala.” Fa a le koo, o ne a tshela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang le jwa botlhapelwa. Mme fa botshelo bo simolola go nna thata, o ne a simolola go akanya ka ditshwetso tse a di dirileng. O ne a lemoga gore botshelo bo ne bo le botoka fa a ne a sa ntse a nna kwa gagabo. Jesu a re morwa yoo o ne a “itharabologelwa.” Mme o ne a dira tshwetso ya go boela gae gore a ye go kopa rraagwe maitshwarelo. Go ne go le botlhokwa gore morwa yono a lemoge gore o dirile ditshwetso tse dintsi tse di sa siamang. Mme seo se ne se sa lekana. O ne a tshwanetse go fetola tsela e a neng a tshela ka yone.

15. Morwa yo o latlhegileng yo go buiwang ka ene mo setshwantshong sa ga Jesu o ne a dira eng go bontsha gore ruri o a ikwatlhaya?

15 Morwa yo o latlhegileng o ne a bontsha gore ruri o ikwatlhaela se a se dirileng. O ne a tsaya loeto lo loleele a boela gae. Go tswa foo, o ne a raya rraagwe a re: “Rra, ke leofetse Modimo e bile ke go leofetse. Ga ke tlhole ke tshwanelega go bidiwa morwao.” (Luke 15:21) Se morwa yoo a neng a se bua se ne se bontsha gore ruri o a ikwatlhaya le gore o batla go baakanya kamano ya gagwe le Jehofa. Gape o ne a lemoga gore se a neng a se dirile se utlwisitse rraagwe botlhoko. O ne a batla go dira sotlhe se a ka se kgonang gore rraagwe a mo amogele, e bile o ne a ikemiseditse go nna mongwe wa batho ba ba mmerekelang. (Luke 15:19) Setshwantsho seno ga se tlhamane fela e e kgothatsang. Se ka thusa bagolwane fa ba batla go bona gore a motho yo o dirileng boleo jo bo masisi ruri o a ikwatlhaya.

16. Ke eng fa go le thata gore bagolwane ba kgone go lemoga gore motho yo o dirileng boleo ruri o a ikwatlhaya?

16 Ga go motlhofo gore bagolwane ba itse gore a motho yo o dirileng boleo jo bo masisi ruri o a ikwatlhaya. Goreng? Bagolwane ga ba kgone go bona se se mo pelong, ka jalo ba leka go batla bosupi jo bo bontshang gore mokaulengwe wa bone ruri o ithutile go tlhoa boleo jo a bo dirileng. Ka dinako dingwe motho a ka tswa a dirile boleo jo bo maswe thata jaana mo bagolwane ba ka nnang ba se ka ba tlhatswega pelo gore tota o a ikwatlhaya.

17. (a) Ke sekai sefe se se bontshang gore le fa motho a re o swabela se a se dirileng, seo ga se reye gore ruri o a ikwatlhaya? (b) Jaaka go tlhalositswe mo go 2 Bakorintha 7:11, motho yo ruri a ikwatlhayang o tshwanetse go dira eng?

17 Akanya ka sekai seno. Mokaulengwe o feditse dingwaga di le dintsi a dira boaka. Mme go na le gore a kope thuso, o fitlha boitsholo joo jo bo maswe gore mosadi wa gagwe, ditsala le bagolwane ba se ka ba itse ka jone. Fa nako e ntse e ya, bagolwane ba utlwela ka boleo joo. Ba ya kwa go ene mme ba mmolelela gore ba na le bosupi jwa gore o dirile boaka, o a dumela mme go lebega e kete o a ikwatlhaya. A mme gone o a ikwatlhaya? Bagolwane ba ba sekasekang kgetsi eo ga ba kitla ba reetsa fela fa a ba bolelela gore o a ikwatlhaya. Monna yono ga a dira boleo gangwe fela ka ntlha ya go bo a dirile tshwetso e e sa siamang, go na le moo o feditse dingwaga tse dintsi a ntse a dira boleo jo bo masisi. Kana e bile, ga se ene a boleletseng bagolwane ka boleo joo, go na le moo ba boleletswe ke motho yo mongwe. Ka jalo, bagolwane ba tshwanetse go bona bosupi jwa gore tota moleofi yono o fetotse tsela e a akanyang ka yone, e a ikutlwang ka yone le e a itshwarang ka yone. (Bala 2 Bakorintha 7:11.) Go ka nna ga tsaya lobaka lo loleele gore monna yono a dire diphetogo le gore a bontshe gore ruri o a ikwatlhaya. A ka nna a bo a tshwanelwa ke go tlosiwa mo phuthegong ka lobaka lo lo rileng.—1 Bakor. 5:11-13; 6:9, 10.

18. Motho yo o kgaotsweng a ka bontsha jang gore o a ikwatlhaya, mme seo se ka felela ka eng?

18 Motho yo o kgaotsweng o bontsha gore o a ikwatlhaya fa a tla dipokanong ka metlha e bile a reetsa kgakololo ya bagolwane ya gore a rapele le go bala Lefoko la Modimo ka metlha. Gape o tla leka ka natla go tila dilo tse di ka mo raelang gore a leofe gape. Fa a dira sotlhe se a ka se kgonang go baakanya kamano ya gagwe le Jehofa, a ka tlhomamisega gore Jehofa o tla mo itshwarela le gore bagolwane ba tla mmusetsa mo phuthegong. Bagolwane ba a itse gore maemo ga a tshwane, ka jalo ba sekaseka kgetsi nngwe le nngwe ka kelotlhoko go bona gore a motho o ikwatlhaya ka tsela ya mmatota, mme ba leka ka natla gore ba se ka ba atlhola ka tsela e e setlhogo.

19. Go ikwatlhaya ga mmatota go kaya eng? (Esekiele 33:14-16)

19 Re ithutile gore ga go a lekana gore motho yo o dirileng boleo jo bo masisi a bue fela gore o swabela boleo jo a bo dirileng. Mme o tshwanetse go fetola tsela e a akanyang ka yone, e a ikutlwang ka yone le e a dirang dilo ka yone gore go bonale gore ruri o a ikwatlhaya. O tshwanetse go tlogela go dira boitsholo joo jo bo sa siamang mme a ikobele melao ya ga Jehofa gape. (Bala Esekiele 33:14-16.) Selo sa botlhokwa se motho yo o dirileng boleo a tshwanetseng go lwela go se dira, ke go nna le kamano e e molemo le Jehofa gape.

THUSANG BALEOFI GORE BA IKWATLHAYE

20-21. Re ka thusa jang motho yo o dirileng boleo jo bo masisi?

20 Jesu o ne a tlhalosa karolo ya botlhokwa ya bodiredi jwa gagwe fa a ne a re: “Ke tletse go bitsa baleofi gore ba ikwatlhaye.” (Luke 5:32) Le rona re batla gore ba ikwatlhaye. Ka jalo, re tshwanetse go dira eng fa tsala ya rona e dirile boleo jo bo masisi?

21 Fa re sa bolelele bagolwane ka boleo jo tsala ya rona e bo dirileng, re tla bo re mo lomeletsa. Ga re ka ke ra kgona go fitlha boleo joo ka gonne Jehofa o lebile. (Diane 5:21, 22; 28:13) O ka thusa tsala ya gago ka go mo gopotsa gore bagolwane ba batla go mo thusa. Fa a gana go bolelela bagolwane ka boleo jo a bo dirileng, o tshwanetse go bolelela bagolwane ka kgang eo, mme seno se tla bontsha gore o batla go mo thusa. Seno se botlhokwa ka gonne fa bagolwane ba sa mo thuse e bile a sa ikwatlhaye, kamano ya gagwe le Jehofa e tla senyega.

22. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

22 Mme go tweng fa e le gore motho o dirile boleo ka lobaka lo loleele e bile bagolwane ba dira tshwetso ya gore a kgaolwe? A seno se raya gore ga ba mo utlwele botlhoko? Mo setlhogong se se latelang, re tlile go bona tsela e Jehofa a bontshang kutlwelobotlhoko ka yone fa a otlhaya baleofi le gore re ka mo etsa jang.

PINA 103 Badisa—Dimpho Tse di Molemo

^ ser. 5 Go ikwatlhaya ga mmatota ga se fela go kopa maitshwarelo ka ntlha ya boleo jo re bo dirileng. Setlhogo seno se tlile go re thusa go tlhaloganya gore go ikwatlhaya ga mmatota go kaya eng. Se tla tlotla ka botshelo jwa ga Kgosi Ahabe le jwa ga Kgosi Manase le ka morwa yo o latlhegileng yo go buiwang ka ene mo setshwantshong sa ga Jesu. Gape se tla bua ka dilo tse bagolwane ba tshwanetseng go di sekaseka fa ba dira tshwetso ya gore a mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o dirileng boleo jo bo masisi o ikwatlhaya ka tsela ya mmatota kgotsa nnyaa.

^ ser. 60 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Kgosi Ahabe o galefile e bile o laela batlhanka ba gagwe gore ba latlhele moporofeti wa ga Jehofa e bong Mikaia mo kgolegelong.

^ ser. 62 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Kgosi Manase o laela badiredi ba gagwe gore ba senye ditshwantsho tse a neng a di tsentse mo tempeleng.

^ ser. 64 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Morwa yo o latlhegileng o lapisitswe ke loeto lo loleele mme o a itumela fa a bona legae la gagabo a le kgakajana.