Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 41

Re Direla Modimo yo o “Kutlwelobotlhoko”

Re Direla Modimo yo o “Kutlwelobotlhoko”

“Jehofa o molemo mo ditsheding tsotlhe, mme kutlwelobotlhoko ya gagwe e bonala mo dilong tsotlhe tse a di dirileng.”—PES. 145:9.

PINA 44 Thapelo ya Motho yo o Tlhokang Kgothatso

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. O akanya eng fa go buiwa ka motho yo o kutlwelobotlhoko?

FA GO buiwa ka motho yo o kutlwelobotlhoko, o ka nna wa akanya ka motho yo o botsalano, yo o lorato, yo o pelotlhomogi le yo o pelotshweu. Gape o ka nna wa akanya ka setshwantsho sa ga Jesu sa Mosamarea yo o molemo. Monna yoo yo e neng e se Mojuda, o ne a bontsha Mojuda yo o neng a tlhasetswe ke dinokwane gore o “mo utlwela botlhoko.” E re ka Mojuda a ne a gobetse, Mosamarea yoo o ne a mmontsha gore o “mo tlhomogela pelo” ka go rulaganya gore a tlhokomelwe. (Luke 10:29-37) Setshwantsho seno se re ruta ka kutlwelobotlhoko, e leng nonofo e e kgatlhang e Modimo wa rona a nang le yone. Modimo o re utlwela botlhoko ka gonne o a re rata, e bile o re bontsha kutlwelobotlhoko ka ditsela tse dintsi letsatsi le letsatsi.

2. Tsela e nngwe e re ka bontshang ka yone gore re kutlwelobotlhoko ke efe?

2 Go na le tsela e nngwe e motho a ka bontshang ka yone gore o kutlwelobotlhoko. Motho yo o kutlwelobotlhoko a ka nna a dira tshwetso ya gore a se ka a otlhaya motho yo o tshwanelwang ke go otlhaiwa. Jehofa o re bontshitse kutlwelobotlhoko ka tsela eo. Mopesalema o ne a re: “Ga a dirisana le rona go ya ka maleo a rona.” (Pes. 103:10) Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe, Jehofa a ka nna a otlhaya motho yo o dirileng boleo.

3. Re tlile go sekaseka dipotso dife?

3 Mo setlhogong seno, re tlile go araba dipotso tseno tse tharo: Ke eng fa Jehofa a re utlwela botlhoko? A go a kgonega gore o otlhaye motho mme gone o le kutlwelobotlhoko? Mme ke eng se se ka re thusang gore re nne kutlwelobotlhoko? A re boneng tsela e Lefoko la Modimo le arabang dipotso tseno ka yone.

LEBAKA LA GO BO JEHOFA A RE UTLWELA BOTLHOKO

4. Ke eng fa Jehofa a re utlwela botlhoko?

4 Jehofa o rata go utlwela batho botlhoko. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala gore Modimo o “kutlwelobotlhoko.” Fa Paulo a ne a kwala mafoko ano, o ne a bua ka kutlwelobotlhoko e Modimo a e bontshang batlhanka ba gagwe ba ba tloditsweng ka go ba naya tsholofelo ya go tshela kwa legodimong. (Baef. 2:4-7) Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a kutlwelobotlhoko fela mo batlhankeng ba gagwe ba ba tloditsweng. Mopesalema Dafide o ne a kwala jaana: “Jehofa o molemo mo ditsheding tsotlhe, mme kutlwelobotlhoko ya gagwe e bonala mo dilong tsotlhe tse a di dirileng.” (Pes. 145:9) E re ka Jehofa a rata batho, o ba utlwela botlhoko fa a bona go tshwanela gore a dire jalo.

5. Jesu o itsile jang gore Jehofa o kutlwelobotlhoko?

5 Jesu o ne a itse tsela e Jehofa a ratang go bontsha kutlwelobotlhoko ka yone. Ene le Rraagwe ba feditse lobaka lo loleele ba le mmogo kwa legodimong pele Jesu a tla mo lefatsheng. (Diane 8:30, 31) Jesu o ne a bona ka makgetlo a le mantsi fa Rraagwe a ne a bontsha batho ba ba nang le boleo kutlwelobotlhoko. (Pes. 78:37-42) Gantsi fa Jesu a ne a ruta, o ne a bua ka nonofo eno e e kgatlhang ya ga Rraagwe.

Rre ga a a ka a tlontlolola morwawe yo o neng a latlhegile mme o ne a mo amogela mo lelapeng (Bona serapa 6) *

6. Ke setshwantsho sefe se Jesu a neng a se dirisa go re thusa go tlhaloganya kutlwelobotlhoko ya ga Rraagwe?

6 Mo setlhogong se se fetileng, Jesu o ne a dirisa setshwantsho sa morwa yo o latlhegileng go re thusa go tlhaloganya kafa Jehofa a ratang go re bontsha kutlwelobotlhoko ka gone. Morwa yono o ne a tswa mo lelapeng la ga rraagwe a bo a “dirisa [dilo tsa gagwe tsotlhe] botlhaswa ka go tshela botshelo jwa botlhapelwa.” (Luke 15:13) Moragonyana o ne a bontsha gore o ikwatlhaile ka go tlogela boitsholo jo bo sa siamang, a ikokobetsa a bo a boela gae. Rraagwe o ne a tla itshwara jang? Lekawana leno ga le a ka la tshwanelwa ke go leta lobaka lo loleele go bona seo. Jesu o ne a re: “Fa [morwa yono] a sa ntse a le kgakala thata, rraagwe o ne a mmona mme a tlhomoga pelo, o ne a mo tabogela, a mo tlamparela a bo a mo suna.” Rraagwe ga a a ka a mo tlontlolola. Go na le moo, o ne a mo utlwela botlhoko, a mo itshwarela a bo a mo amogela mo lelapeng. Morwa yono yo o latlhegileng o ne a leofile thata, le fa go ntse jalo rraagwe o ne a mo itshwarela ka gonne o ne a ikwatlhaile. Rre yo o kutlwelobotlhoko yo go buiwang ka ene mo setshwantshong seno o emela Jehofa. Jesu o dirisitse setshwantsho seno se se amang pelo go bontsha gore Jehofa o ikemiseditse go itshwarela baleofi ba ba ikwatlhayang.—Luke 15:17-24.

7. Tsela e Jehofa a bontshang kutlwelobotlhoko ka yone e bontsha jang gore o botlhale?

7 Jehofa o kutlwelobotlhoko ka gonne o na le botlhale jo bo sa lekaneng le jwa ga ope. Ka metlha ditshwetso tse Jehofa a di dirang di solegela popo ya gagwe molemo. Baebele e a re “botlhale jo bo tswang kwa godimo” bo ‘kutlwelobotlhoko thata e bile bo na le maungo a a molemo.’ (Jak. 3:17) Fela jaaka motsadi yo o lorato, Jehofa o a itse gore bana ba gagwe ba tla solegelwa molemo fa a ba utlwela botlhoko. (Pes. 103:13; Isa. 49:15) E re ka Jehofa a utlwela batho ba gagwe botlhoko, ba na le tsholofelo ka bokamoso, tota le fa ba na le boleo. Jehofa o botlhale thata, ka jalo ka metlha o utlwela batho botlhoko fa a bona go tlhokega gore a dire jalo. Mme gape, Jehofa o a itse gore ke leng mo a sa tshwanelang go bontsha kutlwelobotlhoko. Botlhale jwa gagwe bo dira gore a se ka a utlwela motho botlhoko fa e le gore go dira jalo go tla bo go rotloetsa boitsholo jo bo sa siamang.

8. Ka dinako dingwe go ka tlhokega gore go tsewe kgato efe, mme ka ntlha yang?

8 A re re motlhanka wa Modimo o itlhophela go tshela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang ka boomo. Re tshwanetse go dira eng? Jehofa o ne a raya Paulo a re a bolelele phuthego gore e “tlogele go dirisana” le motho yoo. (1 Bakor. 5:11) Baleofi ba ba sa ikwatlhayeng ba a kgaolwa. Seo se a tlhokega e le go sireletsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ikanyegang le go bontsha gore melao ya ga Jehofa ya boitsholo e tseelwa kwa godimo. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka akanya gore fa mongwe a kgaolwa, Modimo ga a mmontshe kutlwelobotlhoko. A mme go ntse jalo? A re boneng.

A GO KGAOLA MOTHO GO BONTSHA KUTLWELOBOTLHOKO?

Fa nku e lwala e kgaoganngwa le letsomane, mme modisa o sa ntse a e tlhokomela (Bona serapa 9-11)

9-10. Go ya ka Bahebera 12:5, 6, goreng re ka re go kgaola molefi yo o sa ikwatlhayeng ke go bontsha kutlwelobotlhoko? Dira setshwantsho.

9 Fa re le kwa dipokanong mme re utlwa kitsiso ya gore mongwe yo re mo itseng e bile re mo rata, “ga e tlhole e le Mosupi wa ga Jehofa” re utlwa botlhoko thata. Re ka nna ra ipotsa gore a go ne go tshwanela gore motho yoo a kgaolwe. A go kgaola motho ke go bontsha kutlwelobotlhoko? Ee. Fa mongwe a tlhoka kotlhao, go tla bo go le botlhale e bile go bontsha lorato le kutlwelobotlhoko fa re mo otlhaya. (Diane 13:24) A thulaganyo ya go kgaola e ka thusa moleofi yo o sa ikwatlhayeng gore a fetoge? Ee, e ka mo thusa. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba ileng ba dira boleo jo bo masisi, ba ne ba re go kgaolwa go ne ga ba thusa gore ba lemoge tsela e boleo jwa bone bo leng masisi ka yone, ba ikwatlhaye, ba fetole boitsholo jwa bone mme ba boele kwa go Jehofa.—Bala Bahebera 12:5, 6.

10 Akanya ka setshwantsho seno. Modisa o lemoga gore nngwe ya dinku tsa gagwe e a lwala. O a itse gore e le gore a e alafe mo bolwetseng joo o tshwanetse go e kgaoganya le letsomane. Mme gone, e re ka dinku di rata go nna mmogo, fa o di kgaoganya di a tlhonya. A seno se raya gore fa modisa a kgaoganya nku eo le dinku tse dingwe o setlhogo? Nnyaa, le e seng. O a itse gore fa a ka tlogela nku e e lwalang e na le dinku tse dingwe, bolwetse joo bo tla anama. Fa a kgaoganya nku e e lwalang le dinku tse dingwe, o sireletsa letsomane lotlhe.—Bapisa Lefitiko 13:3, 4.

11. (a) Motho yo o kgaotsweng o tshwana jang le nku e e lwalang? (b) Ke dilo dife tse di ka thusang batho ba ba kgaotsweng?

11 Re ka tshwantsha Mokeresete yo o kgaotsweng le nku eo e e lwalang. Re ka re o a lwala ka gonne kamano ya gagwe le Jehofa e senyegile. (Jak. 5:14) Fela jaaka batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jo bo tshelanwang ba ka tshwaetsa ba bangwe, motho yo o sentseng kamano ya gagwe le Jehofa a ka tlhotlheletsa ba bangwe gore ba dire dilo tse di sa siamang. Ka jalo, mo maemong mangwe, go a tlhokega gore moleofi a kgaolwe. Fa Jehofa a otlhaya motho ka tsela eno, o bontsha gore o rata batho ba gagwe ba ba ikanyegang, e bile o thusa moleofi gore a lemoge gore boleo jo a bo dirileng bo masisi le gore a ikwatlhaye. Fa motho a kgaotswe, a ka kgona go ya dipokanong gore a bone kaelo e e tswang mo Lefokong la Modimo e e tla nonotshang tumelo ya gagwe. Gape a ka kgona go bona dikgatiso gore a di bale le go ithuta e bile a ka kgona go leba dithulaganyo tsa JW Broadcasting®. Fa bagolwane ba lemoga gore o dira diphetogo, ba tla nna ba mo gakolola gore ba mo thuse go baakanya kamano ya gagwe le Jehofa gore a kgone go boela mo phuthegong. *

12. Bagolwane ba ka dira eng go bontsha gore ba rata moleofi yo o sa ikwatlhayeng le gore ba mo utlwela botlhoko?

12 Ga re a tshwanela go lebala gore baleofi ba ba sa ikwatlhayeng ke bone fela ba ba kgaolwang. E re ka bagolwane ba itse gore go kgaola motho ke kgang e e masisi, ga ba itlhaganelele go dira jalo. Ba a itse gore Jehofa o otlhaya “ka selekanyo se se tshwanetseng,” ka jalo le bone ba batla go dira se se tshwanang. (Jer. 30:11) Ba rata bakaulengwe ba bone e bile ga ba batle go dira sepe se se ka senyang kamano e bakaulengwe ba bone ba nang le yone le Jehofa. Ka jalo, ka dinako dingwe go kgaola motho ka lobaka lo lo rileng ke go mmontsha lorato le kutlwelobotlhoko.

13. Goreng Mokeresete mongwe kwa Korintha a ne a tshwanetse go kgaolwa?

13 Akanya ka se moaposetoloi Paulo a neng a re se dirwe ka moleofi yo o neng a sa ikwatlhaye. Mokeresete mongwe kwa Korintha o ne a tlhakanela dikobo le mosadi wa ga rraagwe. Seo se ne se ferosa sebete tota! Paulo o ne a itse molao ono o Jehofa a neng a o boleletse setšhaba sa Iseraele: “Monna yo o tlhakanelang dikobo le mosadi wa ga rraagwe o tlhabisitse rraagwe ditlhong. Boobabedi ba tshwanetse go bolawa.” (Lefi. 20:11) Gone ke boammaaruri gore Paulo o ne a ka se bolelele phuthego gore e bolaye monna yoo. Mme o ne a laela Bakorintha bao gore ba mo kgaole. Batho bangwe mo phuthegong ba ne ba setse ba kgatlhiwa ke boitsholo jo bo sa siamang jwa monna yoo, e bile ba bangwe ba ne ba akanya gore ga se boleo jo bo masisi.—1 Bakor. 5:1, 2, 13.

14. Paulo o ne a bontsha jang monna wa kwa Korintha yo o neng a kgaotswe kutlwelobotlhoko, mme ka ntlha yang? (2 Bakorintha 2:5-8, 11)

14 Nako nngwe morago ga moo, Paulo o ne a utlwa gore monna yoo o ne a dirile diphetogo tse dikgolo le gore ruri o ne a ikwatlhaya. Le fa monna yoo a ne a dirile gore phuthego e kgobiwe, Paulo o ne a bolelela bagolwane gore o ne a sa batle go mo galefela thata. O ne a ba raya a re ba ‘mo itshwarele ka pelo yotlhe le go mo gomotsa.’ Paulo o tlhalosa lebaka la go bo a ne a re ba dire jalo, a re: “Gore a se ka a fekeediwa ke go utlwa botlhoko jo bo feteletseng.” Paulo o ne a bontsha monna yoo yo o ikwatlhaileng gore o mo tlhomogela pelo. Moaposetoloi yono o ne a sa batle gore monna yoo a fekeediwe ke kutlobotlhoko ka ntlha ya se a se dirileng mme a kgaotse go kopa maitshwarelo.—Bala 2 Bakorintha 2:5-8, 11.

15. Bagolwane ba ka bontsha jang gore ga ba letlelele sengwe le sengwe mme gone ba le kutlwelobotlhoko?

15 Fela jaaka Jehofa, bagolwane le bone ba rata go bontsha ba bangwe kutlwelobotlhoko. Ba otlhaya moleofi fa go tlhokega mme fa go kgonega, ba nna kutlwelobotlhoko fa go na le lebaka le le utlwalang la go dira jalo. Fa bagolwane ba sa otlhaye moleofi, ba tla bo ba se kutlwelobotlhoko, go na le moo ba tla bo ba rotloetsa boitsholo jo bo sa siamang. Mme gone, a bagolwane ke bone fela ba ba tshwanetseng go bontsha kutlwelobotlhoko?

KE ENG SE SE KA RE THUSANG GORE RE BONTSHE KUTLWELOBOTLHOKO?

16. Go ya ka Diane 21:13, Jehofa o tla dira eng fa batho ba sa bontshe ba bangwe kutlwelobotlhoko?

16 Bakeresete botlhe ba leka go nna kutlwelobotlhoko jaaka Jehofa. Goreng? Ka gonne Jehofa ga a kitla a reetsa batho ba ba sa utlweleng ba bangwe botlhoko. (Bala Diane 21:13.) Ga go na ope wa rona yo o batlang gore Jehofa a se ka a reetsa dithapelo tsa gagwe, ka jalo re leka ka natla go nna kutlwelobotlhoko. Ga re itlhokomolose Mokeresete ka rona fa a utlwile botlhoko, go na le moo re ikemisetsa go reetsa “selelo sa yo o tlhokang.” Mme gape re leka ka natla go dirisa se re se ithutang mo temaneng eno: “Motho yo o seng kutlwelobotlhoko, ga a kitla a utlwelwa botlhoko fa a atlholwa.” (Jak. 2:13) Fa re le boikokobetso mme re gakologelwa gore re tlhoka go bontshiwa kutlwelobotlhoko, le rona re tla bontsha ba bangwe kutlwelobotlhoko. Re batla go bontsha kutlwelobotlhoko thata fa moleofi yo o ikwatlhayang a busediwa mo phuthegong.

17. Kgosi Dafide o ne a bontsha jang gore o kutlwelobotlhoko?

17 Baebele e na le dikai tse di bontshang kafa re ka nnang kutlwelobotlhoko ka gone le go tila go nna setlhogo. Ka sekai, akanya ka Kgosi Dafide. Gantsi o ne a utlwela batho botlhoko. Le fa Saulo a ne a batla go mmolaya, Dafide o ne a bontsha kgosi eno e Modimo a e tloditseng kutlwelobotlhoko, e bile ga a ka a leka go ipusolosetsa kgotsa go mo utlwisa botlhoko.—1 Sam. 24:9-12, 18, 19.

18-19. Ke makgetlo afe a mabedi a Dafide a sa bontshang kutlwelobotlhoko mo go one?

18 Le fa go ntse jalo, ga se ka metlha Dafide a neng a utlwela batho botlhoko. Ka sekai, fa monna yo o bogale e bong Nabale a ne a tlhapatsa Dafide e bile a gana go naya ene le banna ba gagwe dijo, Dafide o ne a galefa fela thata mme a swetsa ka gore a bolaye Nabale le banna botlhe ba ntlo ya gagwe. Mme e re ka mosadi wa ga Nabale e bong Abigaile a ne a le pelonomi, o ne a potlaka a bo a naya Dafide dijo, mme seo se ne sa dira gore Dafide a se ka a bolaya Nabale le banna ba gagwe.—1 Sam. 25:9-22, 32-35.

19 Nako nngwe moporofeti Nathane o ne a bolelela Dafide ka monna mongwe yo o humileng yo o neng a tseela mohumanegi nku ya gagwe e a neng a e rata. Dafide o ne a galefa fela thata a bo a re: “Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang, monna yo o dirileng seno o tshwanelwa ke go swa!” (2 Sam. 12:1-6) Dafide o ne a itse Molao wa ga Moshe o o neng o re fa legodu le ne le utswile nku e le nngwe le ne le tshwanetse go e duela ka dinku di le nnê. (Ekes. 22:1) E ne e le bosetlhogo go bo Dafide a ne a re legodu leo le bolawe. Nathane o ne a dirisa setshwantsho seo go thusa Dafide go tlhaloganya tsela e maleo a a a dirileng a leng masisi ka yone. Mme Jehofa o ne a utlwela Dafide botlhoko thata. Ga a a ka a mo otlhaya setlhogo jaaka Dafide a ne a tla otlhaya motho yo o utswileng nku, yo o mo setshwantshong sa ga Nathane.—2 Sam. 12:7-13.

Kgosi Dafide ga a a ka a utlwela monna yo o mo setshwantshong sa ga Nathane botlhoko (Bona serapa 19-20) *

20. Re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Dafide?

20 Ela tlhoko gore fa Dafide a ne a galefile, o ne a swetsa ka gore Nabale le banna botlhe ba gagwe ba tshwanetse go bolawa. Mme moragonyana Dafide o ne a re monna yo o humileng yo o mo setshwantshong sa ga Nathane o ne a tshwanetse go bolawa. E re ka Dafide e ne e le motho yo o pelonomi, ke eng fa mo lekgetlong leno a ne a atlhola legodu leo setlhogo jaana? Akanya ka se se neng se diragala mo botshelong jwa ga Dafide ka nako eo. Dafide o ne a na le segakolodi se se molato. Go atlhola batho ba bangwe setlhogo go bontsha gore kamano e motho a nang le yone le Jehofa e bokoa. Jesu o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe jaana: “Tlogelang go atlhola gore lo tle lo se ka lwa atlholwa; gonne lo tla atlholwa ka katlholo e lo atlholang ka yone.” (Math. 7:1, 2) Ka jalo, re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang go tila go nna setlhogo mme re nne “kutlwelobotlhoko” jaaka Modimo wa rona.

21-22. Re ka bontsha kutlwelobotlhoko ka ditsela dife?

21 Kutlwelobotlhoko ga se go tlhomogela batho ba bangwe pelo fela. Tota e bile, e akaretsa go thusa batho ba bangwe ka go ba direla dilo. Ka jalo, rotlhe re tshwanetse go batla ditshono tsa go thusa batho ba ba tlhokang thuso, e ka tswa e le mo lelapeng la rona, mo phuthegong kgotsa mo motseng. Ga go pelaelo gore go na le batho ba bantsi ba ba tlhokang go bontshiwa kutlwelobotlhoko! A go na le mongwe yo o tlhokang go gomodiwa? A re ka mo thusa, gongwe ka go mo direla dijo kgotsa dilo dingwe? A Mokeresete mongwe yo o buseditsweng mo phuthegong o tlhoka tsala e e lorato e e ka mo gomotsang? A re ka bolelela batho ba bangwe molaetsa o o gomotsang wa dikgang tse di molemo? Eno ke nngwe ya ditsela tse re ka bontshang ka tsone gore re utlwela mongwe le mongwe yo re kopanang le ene botlhoko.—Jobe 29:12, 13; Bar. 10:14, 15; Jak. 1:27.

22 Fa re lemoga gore batho ba tlhoka go thusiwa ka dilo tseno, re tla bona gore re na le ditshono tse dintsi tse re ka ba bontshang ka tsone gore re ba utlwela botlhoko. Fa re le kutlwelobotlhoko, re dira gore Rraarona yo o kwa legodimong a itumele ka gonne ke Modimo yo o “kutlwelobotlhoko”!

PINA 43 Thapelo ya go Leboga

^ ser. 5 Kutlwelobotlhoko ke nngwe ya dinonofo tse di kgatlhang tsa ga Jehofa, mme mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go leka ka natla go nna le yone. Mo setlhogong seno, re tlile go bona gore ke ka ntlha yang fa Jehofa a le kutlwelobotlhoko, goreng re ka re o otlhaya ka kutlwelobotlhoko, le gore re ka bontsha jang nonofo eno e e kgatlhang.

^ ser. 11 Fa o batla go bona gore motho yo o buseditsweng a ka nonotsha kamano ya gagwe jang le Modimo le gore bagolwane ba ka mo thusa jang, bona setlhogo se se mo makasineng ono se se reng, “Baakanya Kamano ya Gago le Jehofa.”

^ ser. 60 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Rre o mo marulelong a ntlo ya gagwe mme o bona morwawe yo o neng a latlhegile a boela gae, o ya go mo kgatlhantsha ka bonako gore a mo tlamparele.

^ ser. 64 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Kgosi Dafide o ne a na le segakolodi se se molato, ka jalo o ne a galefa thata fa a utlwa setshwantsho sa ga Nathane a bo a re monna yo o humileng o tshwanetse go swa.