Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Re itse jang gore Baiseraele ba ne ba tsaya mmino o le botlhokwa?

BAISERAELE ba ne ba rata mmino. Gantsi Baebele e bua ka batho ba ba neng ba tshameka diletswa tsa mmino e bile ba opela dipina. Tota e bile, dibuka dingwe mo Baebeleng ke dipina. Ka sekai, Dipesalema, Sefela sa Difela le Dikhutsafalo, di ne di kwaletswe gore di opelwe. Buka nngwe e e buang ka botshelo jwa motlha wa go kwalwa ga Baebele e a re se Baebele e se buang, se bontsha gore Baiseraele ba ne ba tshameka dipina fa ba ntse ba tsweletse ka ditiro tsa bone.

Go ne go tshamekiwa mmino letsatsi le letsatsi. Baiseraele ba ne ba tshameka diletswa tsa mmino e bile ba opela go bontsha gore ba ikutlwa jang. (Isa. 30:29) Basadi ba ne ba letsa meropana, ba opela dipina tse di monate, e bile ba bina fa go na le meletlo mengwe e e jaaka fa go tlhomiwa kgosi, fa masole a fentse le fa go ne go obamelwa Jehofa. (Baatlh. 11:34; 1 Sam. 18:6, 7; 1 Dikg. 1:39, 40) Gape Baiseraele ba ne ba opela dipina tse di neng di bontsha gore ba hutsafetse fa mongwe a tlhokafetse. (2 Ditir. 35:25) Fela jaaka buka ya McClintock and Strong’s Cyclopedia e bua, go bonala sentle gore Baiseraele ba ne ba rata mmino.

Go ne go tshamekiwa mmino kwa ntlong ya segosi. Dikgosi tsa Iseraele di ne di rata mmino. Kgosi Saulo o ile a kopa Dafide gore a tle kwa ntlong ya gagwe ya segosi gore a mo leletse harepa. (1 Sam. 16:18, 23) Moragonyana fa Dafide e nna kgosi, o ile a dira diletswa tsa mmino, a tlhama dipina tse di monate a bo a rulaganya gore go nne le baopedi ba ba opelang le diletswa kwa tempeleng. (2 Ditir. 7:6; Amose 6:5) Kgosi Solomone o ne a na le baopedi ba banna le ba basadi kwa ntlong ya gagwe ya segosi.​—Mor. 2:8.

Go ne go tshamekiwa mmino fa go obamelwa Jehofa. Sa botlhokwa le go feta, Baiseraele ba ne ba tshameka mmino fa ba obamela Jehofa. Tota e bile, banna ba le 4 000 ba ne ba tshameka diletswa tsa mmino kwa tempeleng kwa Jerusalema. (1 Ditir. 23:5) Ba ne ba letsa disemebala, diletswa tsa megala, diharepa le diterompeta. (2 Ditir. 5:12) Mme banna bano ba e neng e le ditswerere, e ne e se bone fela ba ba neng ba baka Jehofa ka mmino. Baiseraele ba le bantsi ba ne ba opela Dipina Tsa fa go Tlhatlogelwa Kwa Motseng fa ba ne ba ya kwa meletlong ya ngwaga le ngwaga kwa Jerusalema. (Pes. 120–134) Go ya ka mekwalo ya Sejuda, Baiseraele ba ne ba opela dipesalema dingwe tse di bidiwang Dipesalema Tsa Halel a ka nako ya dijo tsa Tlolaganyo.

Mmino o sa ntse o le botlhokwa mo bathong ba ga Jehofa. (Jak. 5:13) Re opela mmogo gore re bake Jehofa. (Baef. 5:19) Re ikutlwa re atamalane le bakaulengwe le bokgaitsadi fa re opelela Jehofa mmogo. (Bakol. 3:16) Go opela le go reetsa mmino o o buang ka Jehofa, go a re kgothatsa e bile go re thusa gore re itshokele mathata. (Dit. 16:25) Mmino o re thusa go bontsha Jehofa gore re dumela mo go ene e bile re a mo rata.

a Bajuda ba ne ba re Dipesalema 113 go ya go 118 ke Dipesalema Tsa Halel. Ba ne ba opela Dipesalema tseno go baka Jehofa.