Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Mathudi a tempele ya ga Solomone a ne a le bogodimo jo bokae?

Mathudi a ne a le fa kgorong ya Boitshepo kwa tempeleng. Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e e gatisitsweng pele ga 2023, e a re: “Mathudi a a fa pele a ne a le boleele jwa dimetara di le 9, a lekana le bophara jwa ntlo mme bogodimo jwa one e le 120.” (2 Ditir. 3:4) Dithanolo tse dingwe le tsone tsa re mathudi a ne a le bogodimo jwa “dikubita di le 120.” Mo go rayang gore a ne a le bogodimo jwa dimetara di le 53!

Mme gone, Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Seesemane e e gatisitsweng ka 2023, e tlhalosa mathudi a tempele ya ga Solomone jaana: “Bogodimo jwa one e ne e le dikubita di le 20,” kgotsa mo e ka nnang dimetara di le 9. a A re tlotleng ka mabaka a le mmalwa a a dirileng gore go dirwe phetogo eo.

Mo go 1 Dikgosi 6:3 ga go buiwe gore mathudi a ne a le bogodimo jo bokae. Mo temaneng eo, Jeremia o bua ka boleele le boteng jwa mathudi, e seng ka bogodimo jwa one. Go tswa foo, mo kgaolong e e latelang, o tlhalosa dilo tse dingwe tse di neng di le mo tempeleng, go akaretsa sekotlele se segolo se se bidiwang Lewatle, dikolotsana tse di lesome tsa kopore le dipilara tse pedi tsa kopore tse di neng di le kwantle ga mathudi. (1 Dikg. 7:15-37) Fa e le gore bogodimo jwa mathudi bo ne bo feta dimetara di le 50, e bile mathudi ao a feta tempele, goreng Jeremia a sa umaka kgang eo? Tota e bile, dingwaga di le dintsi moragonyana, bakwadi ba Bajuda ba ile ba tlhalosa gore mathudi a ne a sa fete tempele ya ga Solomone.

Baithuti bangwe ba re dipota tsa tempele di ne di ka se kgone go tshegetsa mathudi a bogodimo jwa dikubita di ka nna 120. Dikago tsa bogologolo tse di neng di dirilwe ka maje le ditene, jaaka dikgoro tsa tempele ya kwa Egepeto, di ne di le dikima kwa tlase di bo di nna ditshesane kwa godimo. Mme go ne go sa nna jalo ka tempele ya ga Solomone. Baithuti bangwe ba re dipota tsa yone di ne di sa fete dikubita di le 6, kgotsa dimetara di le 2,7 ka bokima. Moithuti mongwe wa dipolane e bong Theodor Busink a re: “Bokima jwa dipota tsa [kgoro ya tempele], bo dira gore re lemoge gore mathudi a ne a ka se ka a nna bogodimo jwa dikubita di le 120.”

Go ka tswa go ile ga dirwa phoso fa go ne go kwalolola 2 Ditiragalo 3:4. Le fa mengwe ya mekwalo ya seatla ya bogologolo e umaka dikubita di le “120” mo temaneng eno, mekwalo e mengwe e e ka ikanngwang e e jaaka Codex Alexandrinus e e nang le dingwaga di feta 1 500, le Codex Ambrosianus e e nang le dingwaga di feta 1 400 e umaka “dikubita di le 120.” Goreng mokwalolodi a ka tswa a ile a dira phoso fa a ne a kwala “dikubita di le 120”? Lebaka ke gore ka Sehebera, lefoko “lekgolo” le batlile le tshwana le lefoko “dikubita.” Ka jalo, mokwalolodi a ka tswa a ile a kwala “lekgolo” go na le go kwala “dikubita.”

Boammaaruri ke gore, le fa re leka go tlhaloganya dintlha tseno le go tlhalosa tempele ya ga Solomone sentle, re batla go tlhoma mogopolo thata mo go se tempele eo e se emelang. E emela tempele ya tshwantshetso. Re leboga Jehofa fela thata go bo a letla batlhanka ba gagwe botlhe gore ba mo obamele mo go yone.​—Baheb. 9:11-14; Tshen. 3:12; 7:9-17.

a Ntlha e e kwa tlase e tlhalosa gore “mekwalo mengwe ya seatla ya bogologolo e a re ‘120,’ mme e mengwe le dithanolo dingwe tsa re ‘dikubita di le 20.’”