Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“A Diatla Tsa Gago Di se Ka Tsa Repa”

“A Diatla Tsa Gago Di se Ka Tsa Repa”

“A diatla tsa gago di se ka tsa repa.”—SEFA. 3:16.

PINA: 81, 32

1, 2. (a) Batho ba le bantsi ba lebana le mathata afe, mme go nna le diphelelo dife? (b) Lefoko la Modimo le re solofetsa eng mo go Isaia 41:10, 13?

KGAITSADI mongwe yo e leng mmulatsela wa ka metlha e bile a nyetswe ke mogolwane, a re: “Le fa gone ke na le thulaganyo e e molemo ya go direla Modimo, ke na le dingwaga di le dintsi ke lwantshana le bothata jwa go tlhobaela. Bothata jono bo dira gore ke se ka ka kgona go robala sentle, ke lwale, ke se ka ka dirisana sentle le ba bangwe mme ka dinako tse dingwe ke na le go ikutlwa e kete nka re lefatshe fatoga ke tsene.”

2 A o tlhaloganya tsela e kgaitsadi yono a ikutlwang ka yone? Ka maswabi, lefatshe leno le le boikepo la ga Satane le a re gatelela mme seno se ka dira gore re tlhobaele e bile re ikutlwe re imetswe. Seno se ka tshwana le motho yo o lekang go taboga mme a rwele merwalo e e bokete. (Dia. 12:25) Ke eng se se ka dirang gore o ikutlwe jalo? Gongwe o sa tswa go tlhokafalelwa ke mongwe yo o mo ratang, o a lwala, o leka go tlamela lelapa la gago mo maemong ano a a thata a ikonomi kgotsa o a ganediwa. Maemo ano a ka dira gore o tshwenyege thata mo maikutlong mme seno se ka dira gore o felelwe ke maatla. E bile seno se ka nna sa dira gore o felelwe ke boitumelo. Mme gone, o ka tlhomamisega gore Modimo o iketleeleditse go go thusa.—Bala Isaia 41:10, 13.

3, 4. (a) Baebele e dirisa lefoko “diatla” go tlhalosa eng? (b) Ke eng se se ka dirang gore diatla tsa rona di repe?

3 Gantsi Baebele e tshwantsha dikarolo tsa mmele le dinonofo kgotsa ditiro tse di farologaneng. Ka sekai, Baebele e bua ka seatla makgetlo a le mantsi. Go nonotsha diatla tsa mongwe go ka kaya go mo kgothatsa, go mo nonotsha le go mo tlhotlheletsa go tsaya kgato. (1 Sam. 23:16; Esera 1:6) Go ka kaya go leba dilo ka tsela e e siameng le go nna le tsholofelo ya gore dilo di tla siama mo isagweng.

4 Ka dinako dingwe mafoko a a reng, go repisa diatla, a dirisiwa go tlhalosa motho yo o kgobegileng marapo, yo o swabisitsweng kgotsa yo o se nang tsholofelo. (2 Ditir. 15:7; Baheb. 12:12) Go tlwaelegile gore motho yo o ntseng jalo a itlhoboge. Fa o lebane le maemo a a dirang gore o tshwenyege mo maikutlong kgotsa a a dirang gore o ikutlwe o lapile e bile o hutsafetse kgotsa a a dirang gore o se ka wa tlhola o direla Modimo ka tlhagafalo, o ka bona kae kgothatso e o e tlhokang? Ke eng se se ka go thusang gore o itshoke le gore o itumele?

“SEATLA SA GA JEHOFA GA SE A KHUTSHWAFALA THATA MO SE KA SE KANG SA BOLOKA”

5. (a) Fa mathata a tlhaga, ke eng se re sa tshwanelang go se dira, mme re ka akanya ka eng? (b) Re tlile go tlotla ka eng?

5 Bala Sefania 3:16, 17. Ga re a tshwanela go boifa le go kgobega marapo, e leng sengwe se se tshwanang le go repisa diatla ka gonne Rraarona yo o lorato e bong Jehofa, o re bolelela gore re ‘latlhele tlhobaelo yotlhe ya rona mo go ene.’ (1 Pet. 5:7) Re ka akanya ka se Modimo a neng a se bolelela Baiseraele, gore ‘seatla sa gagwe se segolo ga se a khutshwafala thata mo se ka se kang sa boloka’ batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. (Isa. 59:1) Re tla tlotla ka dikai tse tharo tsa mo Baebeleng tse di bontshang kafa Jehofa a batlang e bile a kgonang ka gone go nonotsha batho ba gagwe gore ba dire thato ya gagwe le fa ba le mo maemong a go ka lebegang a le thata. Ela tlhoko kafa dikai tseno di ka go kgothatsang ka gone.

6, 7. Ke dithuto dife tsa botlhokwa tse re ka di ithutang mo phenyong ya Baiseraele?

6 Fela fa Baiseraele ba sena go gololwa ka kgakgamatso mo bokgobeng kwa Egepeto, Baamaleke ba ne ba ba tlhasela. Joshua o ne a ikobela taelo ya ga Moshe ka go etelela pele Baiseraele go ya ntweng. Moshe o ne a tsamaya le Arone le Hure go ya kwa thabeng e e neng e le fa gaufi e mo go yone ba neng ba kgona go bona sengwe le sengwe se se diregang mo ntweng. A seno se raya gore banna bano e ne e le magatlapa? Le e seng!

7 Moshe o ne a dira sengwe se se neng sa ba thusa go fenya ntwa. Moshe o ne a nna a tsholeditse diatla tsa gagwe le thobane ya Modimo wa boammaaruri. Fa Moshe a ne a nna a tsholeditse diatla, Jehofa o ne a nonotsha Baiseraele gore ba kgone go kgemetha Baamaleke. Le fa go ntse jalo, fa diatla tsa ga Moshe di ne di lapa mme di simolola go repa, Baamaleke ba ne ba simolola go kgemetha Baiseraele. Arone le Hure ba ne ba tsaya kgato ka bonako mme “ba ne ba tsaya leje ba bo ba le baya kafa tlase ga gagwe, mme a nna mo go lone; mme Arone le Hure ba tshegetsa diatla tsa gagwe, mongwe kafa letlhakoreng leno yo mongwe kafa letlhakoreng lele, mo diatla tsa gagwe di neng tsa nna fela di sa tshikinyege go fitlha letsatsi le phirima.” Modimo o ne a thusa Baiseraele go fenya ntwa eo.—Ekes. 17:8-13.

8. (a) Asa o ne a tsiboga jang fa Baethiopia ba ne ba tshosetsa Juda? (b) Re ka etsa jang tsela e Asa a neng a ikanya Modimo ka yone?

8 Gape Jehofa o ne a bontsha gore seatla sa gagwe ga se a khutshwafala ka nako ya ga Kgosi Asa. Baebele e bua ka dintwa di le dintsi. E tlhalosa gore ga go na mophato ope wa sesole o o neng o feta wa ga Sera wa Moethiopia. O ne a na le masole a a thapisitsweng a le 1 000 000. Palo ya masole a Ethiopia e ne e feta palo ya masole a Iseraele gabedi. Go ne go ka nna motlhofo gore Asa a tlhobaele e bile a tshoge mme a repise diatla. Ga a ka a dira jalo, go na le moo, o ne a kopa Jehofa gore a mo thuse. E re ka masole a ga Asa a ne a le mannye ka palo, go ne go bonala go ka se kgonege gore ba fenye, le fa go ntse jalo, “mo Modimong dilo tsotlhe di a kgonega.” (Math. 19:26) Modimo o ne a bontsha gore o na le maatla a magolo mme “a fenya Baethiopia fa pele ga ga Asa,” yo ‘pelo ya gagwe e neng ya itshupa e feletse mo go Jehofa malatsi otlhe.’—2 Ditir. 14:8-13; 1 Dikg. 15:14.

9. (a) Nehemia ga a ka a letla eng se mo thibela go aga dipota tsa Jerusalema? (b) Modimo o ne a araba jang thapelo ya ga Nehemia?

9 Akanya kafa Nehemia a neng a ikutlwa ka teng fa a ne a ya kwa Jerusalema. Motse o ne o sa sireletsega go le kalo e bile Bajuda ba ne ba kgobegile marapo thata. E re ka Bajuda ba ne ba tshosediwa ke baba ba bone, seno se ne sa dira gore ba repise diatla mme ba emise go aga dipota tsa Jerusalema. A Nehemia le ene o ne a letla maemo ao gore a mo kgobe marapo? Nnyaa! Fela jaaka Moshe, Asa le batlhanka ba bangwe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa, Nehemia le ene o ne a setse a itlwaeditse go ikaega ka Jehofa ka thapelo. Le mo lekgetlong leno, Nehemia o ne a ikanya Jehofa. Bajuda ba ne ba tsaya gore maemo a bone a ne a le boima thata, le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a araba kopo ya ga Nehemia. Modimo o ne a dirisa ‘maatla a gagwe a magolo le seatla sa gagwe se se nonofileng’ go nonotsha diatla tse di bokoa tsa Bajuda. (Bala Nehemia 1:10; 2:17-20; 6:9.) A o dumela gore Jehofa o dirisa ‘maatla a gagwe a magolo le seatla sa gagwe se se nonofileng’ go nonotsha batlhanka ba gagwe gompieno?

JEHOFA O TLA NONOTSHA DIATLA TSA GAGO

10, 11. (a) Satane o leka jang go dira gore re repise diatla? (b) Jehofa o dirisa eng go re nonotsha? (c) O solegetswe molemo jang ke thuto le thapiso e re e newang?

10 Re a itse gore le ka motlha Diabolo ga a kitla a tlogela go leka go re thibela go obamela Modimo. O dirisa maaka e bile o dirisa dipuso, baeteledipele ba bodumedi le batlhanogi go re tshosetsa. Tota o ikaeletse eng? O batla gore re goge dinao mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Le fa go ntse jalo, Jehofa a ka kgona go re nonotsha ka moya wa gagwe o o boitshepo e bile o iketleeleditse go dira jalo. (1 Ditir. 29:12) Gore re kgone go emelana le dikgwetlho dipe fela tsa ga Satane le lefatshe leno le le boikepo, go botlhokwa gore re nne re kope moya oo. (Pes. 18:39; 1 Bakor. 10:13) Gape re lebogela gore re na le Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng ka moya o o boitshepo. Gape, akanya ka dithuto tse di theilweng mo Baebeleng tse re di amogelang kgwedi le kgwedi tse di re thusang go nna le kamano e e molemo le Jehofa. Mafoko a a mo go Sekarea 8:9, 13 (e bale) a ne a buiwa fa go ne go agiwa tempele kwa Jerusalema mme mafoko ao a a re ama le gompieno.

11 Gape re nonotshiwa ke go rutiwa kwa dipokanong tsa Bokeresete, kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo le kwa dikolong tsa Puso ya Modimo. Thuto eo e ka re tlhotlheletsa ka tsela e e siameng, e ka re thusa go ipeela mekgele ya go tokafatsa tsela e re direlang Modimo ka yone le gore re diragatse maikarabelo a rona a mantsi a Bokeresete. (Pes. 119:32) A o nna o lebile pele go solegelwa molemo ke thuto eo?

12. Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re nne re na le kamano e e molemo le Modimo?

12 Jehofa o ne a thusa Baiseraele go fenya Baamaleke le Baethiopia mme o ne a naya Nehemia le Bajuda maatla a go wetsa tiro ya go aga. Ka tsela e e tshwanang, le rona Modimo a ka re nonotsha gore re kgone go emelana le kganetso le go tlhobaela mme seno se ka re thusa gore re tswelele re dira tiro ya go rera. (1 Pet. 5:10) Ga re a lebelela gore Jehofa a re direle dikgakgamatso. Go na le moo, le rona re tshwanetse go dira maiteko. Seno se akaretsa go bala Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi, go baakanyetsa dipokano le go nna gone kwa go tsone beke le beke, go fepa megopolo le dipelo tsa rona ka go ithuta re le nosi le ba malapa a rona le ka go rapela Jehofa ka metlha. A re se ka ra letla sepe se re kgoreletsa go solegelwa molemo ke dithulaganyo tse Jehofa a re diretseng tsone go re nonotsha le go re kgothatsa. Fa o lemoga gore o repisitse diatla mo go direng nngwe ya dilo tseno, kopa Modimo gore a go thuse. Mme o tla bona kafa moya wa gagwe ‘o dirang ka teng mo go wena, gore o rate o bo o dire.’ (Bafil. 2:13) Mme gone, o ka dira eng go nonotsha diatla tsa ba bangwe?

NONOTSHA DIATLA TSE DI REPANG

13, 14. (a) Mokaulengwe mongwe o ne a nonotshiwa jang fa a sena go tlhokafalelwa ke mosadi wa gagwe? (b) Re ka nonotsha ba bangwe ka ditsela dife?

13 Jehofa o re neile bakaulengwe ba le bantsi ba ba amegang ka rona ba ba ka re kgothatsang. Gopola gore moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Tlhamalatsang diatla tse di lepeletseng le mangole a a koafaditsweng, mme nnang lo direle dinao tsa lona ditselana tse di tlhamaletseng.” (Baheb. 12:12, 13) Bakaulengwe ba le bantsi mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ile ba nonotshiwa ka tsela eo. Le gompieno go sa ntse go ntse jalo. Mokaulengwe mongwe o ne a bua jaana morago ga go tlhokafalelwa ke mosadi wa gagwe le go lebana le maemo a mangwe a a botlhoko: “Ke ne ka ithuta gore ga re kgone go itlhophela diteko, e bile ga re itlhophele gore di tle leng kgotsa gore di tle ga kae. Go rapela le go ithuta ke le nosi go nthusitse gore ke kgone go emelana le mathata. Mme go engwa nokeng ke bakaulengwe le bokgaitsadi go nkgomoditse fela thata. Ke ithutile botlhokwa jwa go nna le kamano e e gaufi le Jehofa pele ga mathata a tla.”

Mongwe le mongwe mo phuthegong a ka kgona go kgothatsa ba bangwe (Bona serapa 14)

14 Ka nako ya ntwa, Arone le Hure ba ne ba tshegetsa diatla tsa ga Moshe. Le rona re ka batla ditsela tse re ka thusang ba bangwe ka tsone le go ba ema nokeng. Re ka thusa bomang? Re ka thusa bagodi, ba ba lwalang, ba ba ganediwang ke ba malapa a bone, ba ba jewang ke bodutu kgotsa ba ba tlhokafaletsweng ke mongwe yo ba mo ratang. Gape re ka thusa basha ba ba mo kgatelelong ya go dira dilo tse di sa siamang kgotsa ba ba mo kgatelelong ya go atlega mo tsamaisong eno ya dilo, e ka tswa e le malebana le dithuto, madi kgotsa tiro ya maemo a a kwa godimo. (1 Bathes. 3:1-3; 5:11, 14) Bontsha batho ba o kopanang le bone kwa Holong ya Bogosi, kwa bodireding, ba gantsi o jang le bone kgotsa ba o buang le bone mo founong gore o a ba kgatlhegela.

15. Mafoko a gago a a kgothatsang a ka ama ba bangwe jang?

15 Fa Asa a sena go fenya, moporofeti Asaria o ne a kgothatsa Asa le batho ba gagwe jaana: “Mme lona, nnang pelokgale mme lo se ka lwa letla diatla tsa lona tsa repa, ka gonne tiro ya lona e na le maduo.” (2 Ditir. 15:7) Seno se ne sa dira gore Asa a tseye kgato go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri. Ka tsela e e tshwanang, mafoko a gago a a kgothatsang a ka ama ba bangwe ka tsela e e molemo. O ka ba thusa go direla Jehofa mo go oketsegileng. (Dia. 15:23) Mme fa o le kwa dipokanong, nna o gopotse gore fa o tsholetsa letsogo o bo o akgela, dikarabo tsa gago di ka kgothatsa ba bangwe.

16. Fela jaaka Nehemia, bagolwane ba ka nonotsha jang baboledi mo phuthegong? Umaka dikai tsa kafa Bakeresetemmogo le wena ba ileng ba go thusa ka gone.

16 E re ka Jehofa a ne a thusa Nehemia le ba ba neng ba na le ene, ba ne ba nna le maatla a go aga dipota tsa Jerusalema. Ba ne ba wetsa tiro eo mo malatsing a le 52 fela! (Neh. 2:18; 6:15, 16) Nehemia e ne e se molebalebi wa tiro fela. Go na le moo, o ne a tsenya letsogo mo tirong eo. (Neh. 5:16) Fela jaaka Nehemia, bagolwane ba le bantsi le bone ba tsenya letsogo mo tirong ya aga mafelo a kobamelo kgotsa mo go phepafatseng le mo go tlhokomeleng Diholo Tsa Bogosi tsa mo mafelong a bone. Gape fa ba dira mmogo le baboledi mo bodireding e bile ba dira maeto a bodisa, ba a bo ba nonotsha ba ba bokoa le ba ba tlhobaelang.—Bala Isaia 35:3, 4.

“A DIATLA TSA GAGO DI SE KA TSA REPA”

17, 18. Fa re lebane le mathata kgotsa re tlhobaela, re ka tlhomamisega ka eng?

17 Go direla re le seoposengwe le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona go dira gore go nne le kutlwano mo phuthegong. Gape go dira gore re nne le ditsala tse di molemo e bile re thusana gore re nne le tumelo e e oketsegileng mo ditsholofetsong tsa mo isagweng tsa Bogosi Jwa Modimo. Fa re ntse re nonotsha ba bangwe, re ba thusa go lepalepana le maemo a a kgobang marapo le gore ba lebe dilo ka tsela e e siameng le go nna le tsholofelo ya gore dilo di tla siama mo isagweng. Mo godimo ga moo, go dira jalo go re thusa gore re nne re tlhomile mogopolo mo kobamelong ya rona le gore re itumelele melemo e Modimo a re solofeditseng yone. Eleruri fa re nonotsha ba bangwe, le rona re a nonofa.

18 Fa re bona kafa Jehofa a ileng a sireletsa le go nonotsha batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang mo nakong e e fetileng, seo se tshwanetse sa re tlhotlheletsa gore re mo ikanye le go feta. Ka jalo, fa o lebane le mathata e bile o gateletswe, “a diatla tsa gago di se ka tsa repa”! Go na le moo, rapela Jehofa o mo kope gore a go thuse mme o letle seatla sa gagwe se se maatla gore se go nonotshe le go go kaela kwa masegong a Bogosi.—Pes. 73:23, 24.