Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Femela Dikgang Tse di Molemo fa Pele ga Balaodi ba Bagolo

Go Femela Dikgang Tse di Molemo fa Pele ga Balaodi ba Bagolo

“MONNA yono ke sejana se se tlhophilweng mo go nna gore a sikarele leina la me kwa ditšhabeng mmogo le kwa dikgosing.” (Dit. 9:15) Morena Jesu o ne a bua jalo ka monna wa Mojuda yo o neng a sokologa go nna Mokeresete e bong moaposetoloi Paulo.

Mongwe wa ‘dikgosi’ tseo e ne e le Mmusimogolo wa Roma e bong Nero. O ne o ka ikutlwa jang fa o ne o ka tshwanelwa ke go femela tumelo ya gago fa pele ga molaodi mongwe? Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba kgothalediwa go etsa Paulo. (1 Bakor. 11:1) Re ka dira seo ka go etsa tsela e Paulo a neng a iphemela ka yone fa a ne a sekisiwa.

Kwa nageng ya Iseraele go ne go latelwa Molao wa ga Moshe e bile e ne e le molao wa boitsholo o Bajuda botlhe ba neng ba o latela. Morago ga Pentekosete ya 33 C.E., baobamedi ba boammaaruri ba ne ba sa patelesege go ikobela Molao wa ga Moshe. (Dit. 15:28, 29; Bagal. 4:9-11) Le fa go ntse jalo, Paulo le Bakeresete ba bangwe ba ne ba sa nyatse Molao oo; ba ne ba kgona go rera mo metseng ya Bajuda ba sa kgorelediwe ke sepe. (1 Bakor. 9:20) Tota e bile, mo makgetlong mangwe Paulo o ne a ya kwa disinagogeng, kwa a neng a ka rerela batho ba ba itseng ka Modimo wa ga Aborahame le kwa a neng a ka bontsha batho mabaka a dirisa Dikwalo Tsa Sehebera.—Dit. 9:19, 20; 13:5, 14-16; 14:1; 17:1, 2.

Baaposetoloi ba ne ba rulaganya gore tiro ya go rera e dirwe pele kwa Jerusalema. Ba ne ba ruta ka metlha kwa tempeleng. (Dit. 1:4; 2:46; 5:20) Mo lekgetlong lengwe, Paulo o ne a ya kwa Jerusalema mme moragonyana o ne a tsenngwa mo kgolegelong. Seo e ne e le tshimologo ya kgang ya molao e e neng ya dira gore a ye kwa Roma.

PAULO LE MOLAO WA KWA ROMA

Balaodi ba kwa Roma ba ne ba leba jang dikgang tse Paulo a neng a di rera? Gore re kgone go araba potso eo, a re bone kafa Baroma ba neng ba leba madumedi ka gone. Ba ne ba sa pateletse batho ba merafe e e farologaneng ba ba mo nageng eo gore ba tlogele madumedi a bone, ntle le fa seo se ka kgoreletsa ditiro tsa Naga eo kgotsa sa dira gore batho ba itshware ka tsela e e sa siamang.

Bajuda ba ne ba na le ditshwanelo tse dintsi kwa Roma. Buka nngwe e e buang ka Madumedi a Bokeresete ya re: “Bajuda ba ne ba tseelwa kwa godimo mo pusong ya Roma. . . . Ba ne ba kgona go dira ditiro tsa bone tsa bodumedi ba gololesegile e bile ba ne ba sa tlhoke go obamela medimo ya kwa Roma. Ba ne ba kgona go dira dilo go ya ka melao ya bone.” Gape ba ne ba sa tlhoke go tsenela bosole. * Paulo o ne a ka dirisa molao wa Roma o o neng o sireletsa Bajuda go femela tumelo ya Bokeresete fa pele ga balaodi ba kwa Roma.

Baganetsi ba ga Paulo ba ne ba leka go dira gore batho le balaodi ba puso ba nne kgatlhanong le ene. (Dit. 13:50; 14:2, 19; 18:12, 13) Akanya ka tiragalo nngwe. Bagolwane ba Bakeresete ba phuthego ya kwa Jerusalema ba ne ba utlwa magatwe a a anamisiwang ke Bajuda a gore Paulo o rerela batho gore “ba tlhanogele Moshe.” Magatwe ao a ne a ka dira gore Bakeresete ba Bajuda ba ba neng ba sa tswa go sokologa, ba tseye gore Paulo ga a tlotle dithulaganyo tsa Modimo. Gape Sanehederine e ne e ka bolela gore Bakeresete ke batho ba ba tlhanogetseng bodumedi jwa Bajuda. Fa seo se ne se ka direga, Bajuda ba ba neng ba ikamanya le Bakeresete ba ne ba ka otlhaiwa. Ba ne ba ka thibelwa go dirisana le batho ba bangwe le go rera mo tempeleng kgotsa mo disinagogeng. Ka jalo, bagolwane ba phuthego ba ne ba bolelela Paulo gore a supe gore magatwe ao ga se boammaaruri ka go ya kwa tempeleng le go dira sengwe se Modimo a sa mo laelang gore a se dire mme gone se se phoso.—Dit. 21:18-27.

Paulo o ne a dira jalo mme o ne a bulegelwa ke ditshono tsa go ‘sireletsa le go tlhomamisa dikgang tse di molemo semolao.’ (Bafil. 1:7) Kwa tempeleng, Bajuda ba ne ba baka dikhuduego e bile ba batla go bolaya Paulo. Molaodi wa masole wa kwa Roma o ne a tsenya Paulo mo kgolegelong. Fa Paulo a ne a tloga a itewa, o ne a senola gore ke moagi wa Roma. Seo se ne sa dira gore a isiwe kwa Kaesarea, lefelo le mo go lone Baroma ba neng ba laola Judea. Fa a le koo, o ne a tla nna le ditshono tse dintsi tsa go neela bosupi ka bopelokgale fa pele ga balaodi. Seo se tshwanetse sa bo se ile sa dira gore batho ba le bantsi ba itse ka tumelo ya Bokeresete.

Ditiro kgaolo 24 e tlhalosa tsheko ya ga Paulo fa pele ga molaodi wa kwa Roma e bong Felise, yo a neng a setse a utlwile dilo tse Bakeresete ba di dumelang. Bajuda ba ne ba latofatsa Paulo ka gore o tlodile molao wa Roma ka ditsela di ka nna tharo. Ba ne ba re o tlhotlheletsa Bajuda go tsuologela taolo; gore o eteletse pele lekoko le le kotsi le gore o leka go itshepolola tempele, e ka nako eo e neng e sireleditswe ke Roma. (Dit. 24:5, 6) Ditatofatso tseo di ne di ka dira gore a bolawe.

Gompieno go botlhokwa gore Bakeresete ba sekaseke tsela e Paulo a ileng a lebana le ditatofatso tseo ka gone. O ne a nna a ritibetse e bile a tlotla balaodi. Paulo o ne a nopola Molao le Baporofeti a bo a bolela gore o na le tshwanelo ya go obamela ‘Modimo wa borraagwemogologolwane.’ Go ya ka molao wa kwa Roma, eo e ne e le tshwanelo e Bajuda ba neng ba na le yone. (Dit. 24:14) Fa nako e ntse e ya, Paulo o ne a kgona go iphemela le go tlhalosa se a se dumelang fa pele ga molaodi yo mongwe e bong Porekio Feseto le fa pele ga ga Kgosi Herode Ageripa.

Kwa bofelong, Paulo o ne a bua jaana gore a nne le tsheko e e siameng: “Ke ikuela kwa go Kaesara!”—ka nako eo Kaesara e ne e le ene molaodi yo o maatla go gaisa.—Dit. 25:11.

TSHEKO YA GA PAULO KWA KGOTLATSHEKELONG YA GA KAESARA

Moragonyana moengele o ne a raya Paulo a re: “O tshwanetse go ema fa pele ga ga Kaesara.” (Dit. 27:24) Kwa tshimologong, Mmusimogolo wa Roma e bong Nero, o ne a re ga a kitla a atlhola dikgetsi tsotlhe ka boene. Mo dingwageng tsa ntlha tse robedi tsa puso ya gagwe, gantsi o ne a abela ba bangwe tiro ya go atlhola. Buka nngwe e e buang ka botshelo jwa ga moaposetoloi Paulo ya re fa Nero a dira tshwetso ya go atlhola kgetsi ka boene, o ne a e reetsa a le kwa ntlong ya gagwe ya segosi a na le bagakolodi ba ba neng ba na le maitemogelo le tlhotlheletso e e kgolo.

Baebele ga e tlhalose gore a Nero o ne a reetsa kgetsi ya ga Paulo ka boene a bo a e atlhola kgotsa gore o ne a tlhoma mongwe go reetsa kgetsi ya ga Paulo a bo a e begela Nero. Le fa boemo e ka tswa e ne e le bofe, Paulo o ne a tlhalosa gore o obamela Modimo wa Bajuda le gore o kgothaletsa batho botlhe go tlotla balaodibagolo ba puso. (Bar. 13:1-7; Tito 3:1, 2) Go lebega Paulo a ile a kgona go iphemela ka katlego ka gonne kgotlatshekelo ya ga Kaesara ga e a ka ya mmona molato.—Bafil. 2:24; File. 22.

TIRO YA RONA YA GO FEMELA DIKGANG TSE DI MOLEMO

Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana: “Lo tla gogelwa fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, gore e nne bosupi mo go bone le mo ditšhabeng.” (Math. 10:18) Ke tshiamelo e kgolo go emela Jesu ka tsela eno. Maiteko a rona a go femela dikgang tse di molemo a ka dira gore re fenye dikgetsi tsa semolao. Ke boammaaruri gore ditshwetso tsa batho ba ba nang le boleo, ga di ‘tlhomamise dikgang tse di molemo semolao’ ka tsela e e feletseng. Bogosi Jwa Modimo ke jone fela jo bo tla gololang batho mo kgatelelong le mo tshiamololong go ya go ile.—Mor. 8:9; Jer. 10:23.

Le fa go ntse jalo, gompieno leina la Modimo le ka galalediwa fa Bakeresete ba femela se ba se dumelang. Fela jaaka Paulo, re tshwanetse go leka go nna re ritibetse, re le pelontle e bile re bue ka tsela e e bontshang gore re tlhatswegile pelo. Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe gore ga ba tlhoke go ‘ipaakanya go sa le pele kafa ba ka iphemelang ka gone, ka gonne o tla ba naya molomo le botlhale, tse baganetsi ba bone botlhe ba le mmogo ba se kitlang ba kgona go emelelana le tsone kgotsa go di ganetsa.’—Luke 21:14, 15; 2 Tim. 3:12; 1 Pet. 3:15.

Fa Bakeresete ba femela se ba se dumelang fa pele ga dikgosi, balaodibagolo ba puso le mo balaoding ba bangwe, ba ka kgona go rerela batho ba go leng thata go ba fitlhelela ka molaetsa wa Baebele. Ditshwetso dingwe tse di molemo tse di dirilweng kwa dikgotlatshekelong di ne tsa tokafatsa melao, mme seo se ne sa sireletsa ditshwanelo tsa batho tsa go bua le tsa go itlhophela bodumedi. Go sa kgathalesege gore dikgetsi tseo di felela jang, bopelokgale jo batlhanka ba Modimo ba bo bontshang fa ba lekwa bo itumedisa Modimo.

Leina la Modimo le a galalediwa fa re femela se re se dumelang

^ ser. 8 Mokwadi mongwe e bong James Parkes, a re: “Bajuda . . . ba ne ba na le tshwanelo ya go dira ditiro tsa bone tsa bodumedi. Ba ne ba sa newa ditshwanelo tseno ka gonne ba kgethegile, Baroma ba ne ba ba neile tsone ka gonne ba ne ba latela tlwaelo ya bone ya go letla batho ba ba mo dikarolong tse di farologaneng tsa mmusomogolo wa bone gore ba itirele ditshwetso.”