Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Solegelwa Molemo ke Kaelo ya ga Jehofa Gompieno

Solegelwa Molemo ke Kaelo ya ga Jehofa Gompieno

TSHWETSO E E BOTLHALE KWA POLAND

“KE KOLOBEDITSWE ke le dingwaga di le 15 mme morago ga dikgwedi di le thataro ke ne ka nna mmulatsela yo o thusang. Morago ga ngwaga, ke ne ka tsenya kopo ya go nna mmulatsela wa ka metlha. Fa ke aloga kwa sekolong se segolwane, ke ne ka kopa go ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolo ya baboledi ba Bogosi gone. Ke ne ke batla go fudugela kwa lefelong le sele le le kgakala le legae la rona mme ke tlogele mmèmogolo yo ke neng ke nna le ene yo e neng e se Mosupi wa ga Jehofa. Ke ne ka swaba nko go feta molomo fa molebedi wa potologo a mpolelela gore ke tla bereka tshimo ya kwa toropong e ke tsholetsweng kwa go yone. Ke ne ka leka go fitlha tsela e ke neng ke ikutlwa ka yone. E re ka ke ne ke kgobegile marapo, ke ne ka ya go akanya ka se a neng a mpoleletse sone. Ke ne ka bolelela kgaitsadi yo ke neng ke bereka le ene mo tshimong jaana: ‘Ke akanya gore ke itshwere jaaka Jona. Mme kwa bofelong Jona o ne a ya kwa Ninife. Ka jalo, le nna ke tla ya go direla kwa ke abetsweng go direla gone.’

“Ke ntse ke le mmulatsela dingwaga di le nnè mo toropong eno mme ke a bona gore go ne go le botlhale go reetsa kaelo eo. Bothata e ne e le tsela e ke neng ke leba dilo ka yone. Gone jaanong ke itumetse fela thata. Kgwedi nngwe, ke ne ka tshwara dithuto tsa Baebele di le 24. Ka ntlha ya thuso ya ga Jehofa, ke ne ka bo ka kgona go ithuta Baebele le mmèmogolo yo pele a neng a sa dumalane le se ke se dumelang.”

DIPHELELO TSE DI MOLEMO KWA FIJI

Moithuti mongwe wa Baebele kwa Fiji o ne a tshwanelwa ke go tlhopha gore a o tla ya kwa kopanong ya Basupi kgotsa gore a o tla tsamaya le monna wa gagwe go ya go keteka letsatsi la matsalo la mongwe wa losika. Monna wa gagwe o ne a mo letla go ya kwa kopanong. O ne a bolelela monna wa gagwe gore o tla tla kwa go bone fa kopano e fela. Le fa go ntse jalo, fa a boela kwa lapeng go tswa kwa kopanong, o ne a akanya gore go botoka gore a se ka a ipaya mo boemong jo bo ka senyang kamano ya gagwe le Modimo, ka jalo, ga a ka a ya kwa moketeng oo.

Go ntse go le jalo, monna wa gagwe o ne a bolelela ba losika lwa gagwe gore mosadi wa gagwe o tla tla fa a tswa kwa “kopanong ya Basupi,” mme ba ne ba mo raya ba re, “A ka se tle; Basupi ba ga Jehofa ga ba keteke malatsi a botsalo!” *

Ka ntlha ya seo, monna wa gagwe o ne a nna motlotlo tota ka mosadi wa gagwe ka go bo a ile a emela se a se dumelang le go sireletsa segakolodi sa gagwe. Moragonyana, boikanyegi jwa gagwe bo ne jwa dira gore a nne le tshono ya go rerela monna wa gagwe le batho ba bangwe. Go ne ga nna le diphelelo dife? Monna wa gagwe o ne a dumela go ithuta Baebele a bo a simolola go ya dipokanong le mosadi wa gagwe.

^ ser. 7 Bona setlhogo se se reng, “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa December 15, 2001.