Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Lefoko la Modimo . . . le Naya Maatla”

“Lefoko la Modimo . . . le Naya Maatla”

“Lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla.”—BAHEB. 4:12.

PINA: 114, 113

1. Ke eng fa re dumela gore Lefoko la Modimo le naya maatla? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

RONA batlhanka ba ga Jehofa, re dumela ka botlalo gore Lefoko la Modimo “le a tshela e bile le naya maatla.” (Baheb. 4:12) Bontsi jwa rona re na le maitemogelo a a bontshang gore Baebele e na le maatla a go fetola matshelo. Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe e kile ya bo e le magodu, ba tshwakgotswe ke diokobatsi kgotsa ba dira boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. Ba bangwe ba ne ba atlegile mo tsamaisong eno mme ba ne ba utlwa e kete go tlhaela sengwe. (Mor. 2:3-11) Gangwe le gape batho ba ba neng ba se na tsholofelo ba ile ba nna le tshono ya go bona botshelo ka ntlha ya maatla a magolo a Baebele. O ka tswa o ile wa itumelela go bala maitemogelo a bangwe ba bone a a gatisitsweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo mo motseletseleng wa ditlhogo tsa “Baebele e Fetola Matshelo a Batho.” Mo godimo ga moo, o ka tswa o lemogile gore tota le fa Bakeresete ba sena go amogela boammaaruri, ba tswelela ba nonotsha tumelo ya bone ba dirisa Baebele.

2. Lefoko la Modimo le ile la itshupa jang gore le naya maatla mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

2 A re tshwanetse go gakgamala fa re utlwa gore batho bangwe gompieno ba ile ba dira diphetogo tse dikgolo fa ba sena go ithuta Lefoko la Modimo? Legoka! Maitemogelo a bone a re gopotsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ba neng ba na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong. (Bala 1 Bakorintha 6:9-11.) Fa Paulo a sena go bua ka batho ba ba se kitlang ba rua Bogosi Jwa Modimo, o ne a re: “Bangwe ba lona ba ne ba ntse jalo.” Mme gone, ba ile ba fetoga ka ntlha ya Dikwalo le thuso ya moya o o boitshepo wa Modimo. Tota le fa ba sena go ithuta boammaaruri, bangwe ba bone ba ne ba tshwanelwa ke go fenya makoa mangwe a a neng a ka senya kamano ya bone le Modimo. Baebele e bua ka Mokeresete mongwe yo o tloditsweng wa mo lekgolong la ntlha la dingwaga yo o ileng a tlosiwa mo phuthegong; mme moragonyana o ne a busediwa. (1 Bakor. 5:1-5; 2 Bakor. 2:5-8) Ruri go a kgothatsa go sekaseka mathata a badumedimmogo le rona ba ileng ba lebana le one le a ba ileng ba kgona go a fenya ka gonne ba thusiwa ke Lefoko la Modimo.

3. Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?

3 E re ka Lefoko la Modimo le le maatla e bile re na le lone, go tla bo go le molemo gore re le dirise ka botlalo. (2 Tim. 2:15) Mo setlhogong seno, re tla sekaseka kafa re ka dirang ka gone gore Lefoko la Modimo le nne le maatla (1) mo botshelong jwa rona, (2) fa re le mo bodireding, le (3) fa re ruta mo seraleng. Dintlha tseno di tla re thusa gore re bontshe gore re rata Rraarona yo o kwa legodimong yo o re rutang gore re solegelwe molemo.—Isa. 48:17.

MO BOTSHELONG JWA RONA

4. (a) Re tlhoka go dira eng gore Lefoko la Modimo le re thuse? (b) Ke eng se wena o se dirang gore o nne le nako ya go ithuta Baebele?

4 Fa re batla gore Lefoko la Modimo le re thuse, re tshwanetse go le bala ka metlha mme fa go kgonega, re dire jalo letsatsi le letsatsi. (Josh. 1:8) Gone bontsi jwa rona re makgabe a dipapetla. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go letla sepe gore se kgoreletse thulaganyo ya rona ya go ithuta Baebele, tota le maikarabelo a botlhokwa a re nang le one. (Bala Baefeso 5:15, 16.) Bontsi jwa batho ba ga Jehofa ba ile ba rulaganya nako ya go bala Baebele letsatsi le letsatsi e ka ne e le mo mosong, motshegare kgotsa maitseboa. Ba ikutlwa fela jaaka mopesalema yo o neng a kwala jaana: “A bo ke rata molao wa gago jang ne! Ke tlhatlhanya ka one letsatsi lotlhe.”—Pes. 119:97.

5, 6. (a) Ke eng fa go tlhatlhanya go le botlhokwa? (b) Re ka tlhatlhanya jang? (c) O solegetswe molemo jang ke go bala le go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo?

5 Ga re a tshwanela go bala Baebele fela, mme gape re tshwanetse go tlhatlhanya ka se re se balang. (Pes. 1:1-3) Fa re dira jalo, re tla kgona go solegelwa molemo ke botlhale jwa yone jo bo sa felelweng ke nako. Go sa kgathalasege gore re bala Baebele e e gatisitsweng kgotsa e e mo sedirisiweng sa ileketeroniki, re tshwanetse go dira jalo ka maikaelelo a gore se re se balang se re fitlhelele pelo.

6 Re ka tlhatlhanya jang? Bangwe ba bona go le molemo gore ba eme go se kae fa ba sena go bala karolo nngwe ya Dikwalo ba bo ba ipotsa jaana: ‘Seno se nthuta eng ka Jehofa? Ke dirisa molaomotheo o o mo temaneng eno jang mo botshelong jwa me? Ke tlhoka go tokafatsa fa kae?’ Fa re ntse re rapela le go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo, re tla tlhotlheletsega go dirisa kgakololo ya lone ka botlalo. Eleruri re tla dira gore maatla a lone a re solegele molemo.—2 Bakor. 10:4, 5.

MO BODIREDING

7. Re tshwanetse go dirisa Lefoko la Modimo jang mo bodireding?

7 Re tshwanetse go dirisa Lefoko la Modimo jang mo bodireding? Selo sa ntlha se re tlhokang go se dira ke go le dirisa ka tsela e e oketsegileng fa re rera. Mokaulengwe mongwe o ne a tlhalosa kgang eno jaana: “A re re o rera ka ntlo le ntlo le Jehofa, a e ne e tla nna wena fela o buang kgotsa a o ne o tla dumela gore e nne ene a buang?” Se a neng a leka go se tlhalosa ke go re: Fa re bala Lefoko la Modimo ka tlhamalalo mo bodireding, re a bo re dira gore Jehofa e nne ene a buang le mong wa ntlo. Fa re tlhopha temana e e molemo, e ka nna ya thusa moreetsi thata go feta sepe se rona re ka se buang. (1 Bathes. 2:13) Ipotse jaana: ‘A ke dirisa tshono nngwe le nngwe gore ke bolelele mongwe molaetsa wa Lefoko la Modimo?’

8. Ke eng fa re sa tshwanela go bala ditemana tsa Baebele fela?

8 Mme gone, ga re a tshwanela go bala ditemana tsa Baebele fela. Ka ntlha yang? Ka gonne bontsi jwa batho ga ba tlhaloganye Baebele go le kalo. Go ne go ntse jalo mo lekgolong la ntlha la dingwaga mme le gompieno go jalo. (Bar. 10:2) Ka jalo, ga re a tshwanela go ipolelela gore motho o tla tlhaloganya temana fa re mmalela yone fela. Re tshwanetse go ipha nako ya go tlhomolola dintlha dingwe tsa temana, gongwe re ka dira jalo ka go boeletsa dintlha tsa konokono le go tlhalosa bokao jwa tsone. Fa re dira jalo, molaetsa wa Lefoko la Modimo o tla fitlhelela dipelo tsa bareetsi ba rona.—Bala Luke 24:32.

9. Re ka buelela ditemana jang ka tsela e e tla dirang gore batho ba tlotle Baebele? Naya sekai.

9 Gape go tla bo go le molemo gore re buelele ditemana ka tsela e e tla dirang gore batho ba tlotle Baebele. Ka sekai, re ka nna ra re: “A re bone gore Mmopi wa rona a reng ka kgang eno.” Fa re bua le mongwe yo e seng Mokeresete, re ka nna ra re: “Ela tlhoko gore Dikwalo Tse di Boitshepo di a reng.” Kgotsa fa re rerela motho yo o sa rateng bodumedi, re ka nna ra mmotsa jaana: “A o kile wa utlwa seane seno sa bogologolo?” Eleruri re tshwanetse go fetola puisano ya rona go ikaegile ka gore re bua le motho ofe.—1 Bakor. 9:22, 23.

10. (a) Tlhalosa maitemogelo a mokaulengwe mongwe a nnileng le one. (b) O lemogile jang gore Lefoko la Modimo le maatla mo bodireding?

10 Bakeresete ba le bantsi ba lemogile gore go dirisa Lefoko la Modimo mo bodireding go ka ama batho ba ba ba rerelang fela thata. Akanya ka sekai seno. Mokaulengwe mongwe o ne a boela kwa monneng mongwe yo o godileng yo o nang le dingwaga di le mmalwa a bala dimakasine tsa rona. Go na le gore mokaulengwe yono a buelele makasine wa bosheng wa Tora ya Tebelo, o ne a mmalela temana nngwe e e neng e le mo makasineng oo. O ne a mmalela 2 Bakorintha 1:3, 4, e e reng: ‘Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe, o re gomotsa mo pitlaganong yotlhe ya rona.’ Monna yoo o ile a rata se a neng a se utlwa mo a neng a kopa mokaulengwe gore a mmalele temana eo gape. Mo godimo ga moo, o ne a tlhalosa gore ene le mosadi wa gagwe ba ne ba tlhoka kgomotso mme o ne a simolola go kgatlhegela molaetsa wa Baebele. A le wena o a dumalana gore Lefoko la Modimo le maatla tota mo bodireding?—Dit. 19:20.

FA O RUTA MO SERALENG

11. Ke boikarabelo bofe jo bakaulengwe ba ba rutang mo seraleng ba nang le jone?

11 Rotlhe re itumelela go ya kwa dipokanong le kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo. Lebaka la botlhokwa la go bo re ya kwa go tsone, ke gore re obamele Jehofa. Gape re solegelwa molemo ke dithuto tsa Dikwalo tse re di amogelang. Ruri bakaulengwe ba ba rutang mo seraleng ba na le tshiamelo e e molemo tota! Mme gone, ba tshwanetse go gopola gore jono ke boikarabelo jwa botlhokwa. (Jak. 3:1) Ka jalo, ba tshwanetse go tlhomamisa gore se ba se rutang se tswa mo Lefokong la Modimo. Fa e le gore o abetswe go ruta mo seraleng, o ka dira jang gore Lefoko la Modimo le nne le maatla?

12. Sebui se ka tlhomamisa jang gore Baebele e nna moko wa puo?

12 Tlhomamisa gore Baebele e nna moko wa puo ya gago. (Joh. 7:16) Seo se raya eng? Ela tlhoko gore go se ka ga nna le sepe se se dirang gore batho ba se ka ba tlhoma mogopolo mo ditemaneng tsa Baebele tse o di dirisang, e ka ne e le maitemogelo, ditshwantsho kgotsa tsela e o neelang puo ka yone. Gape gopola gore go bala fela ditemana tsa Baebele ga go reye gore o a bo o ruta se se tswang mo Baebeleng. Tota e bile, go dirisa ditemana tse dintsi thata go ka dira gore go se ka ga nna le epe ya tsone e bareetsi ba gago ba e gopolang. Ka jalo, tlhopha ditemana tsa konokono ka kelotlhoko mme o iphe nako ya go di bala, go di tlhalosa, go dira ditshwantsho le go tlhalosa gore di ka dirisiwa jang mo botshelong. (Neh. 8:8) Fa puo e o e neelang e theilwe mo aotlelaeneng ya phuthego, ithute aotlelaene eo le ditemana tse di mo go yone. Leka go tlhaloganya tsela e diele tse di mo aotlelaeneng di amanang ka gone le ditemana tse di umakilweng. Go tswa foo, dirisa ditemana tse o di tlhophileng go ruta dintlha tse di mo aotlelaeneng. (O ka bona dikakantsho tse di molemo mo thuto 21 go ya go 23 ya buka ya, Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.) Mme sa botlhokwa le go feta, rapela Jehofa o mo kope gore a go thuse gore o rute se se mo Lefokong la gagwe ka tsela e e molemo.—Bala Esera 7:10; Diane 3:13, 14.

13. (a) Kgaitsadi mongwe o ile a thusiwa jang ke temana e a neng a e utlwa kwa dipokanong? (b) O solegetswe molemo jang ke ditemana tsa Baebele tse di dirisiwang mo dipokanong?

13 Kgaitsadi mongwe wa kwa Australia o ne a itumelela thata tsela e ditemana dingwe di neng di dirisiwa ka gone kwa dipokanong. Fa a le monnye o ne a diragalelwa ke dilo tse di utlwisang botlhoko, le fa go ntse jalo, o ne a amogela molaetsa wa Baebele a bo a ineela mo go Jehofa. Mme gone, go ne go le thata gore a dumele gore Jehofa o a mo rata. Mme fa nako e ntse e ya, o ne a dumela seo. Ke eng se se mo thusitseng? Dilo di ne tsa fetoga fa a ne a tlhatlhanya ka temana e e neng ya dirisiwa kwa dipokanong, go tswa foo, o ne a e amanya le ditemana tse dingwe tsa Baebele. * A le wena o kile wa itumelela tsela e temana nngwe e neng e dirisiwa ka gone kwa dipokanong kgotsa kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo?—Neh. 8:12.

14. Re ka bontsha jang gore re rata Lefoko la ga Jehofa?

14 Ruri re leboga go bo Jehofa a re neile Lefoko la gagwe e leng Baebele. Ga se fela gore o neile batho Lefoko la gagwe, mme gape, o diragaditse tsholofetso ya gagwe ya gore le tla nnela ruri. (1 Pet. 1:24, 25) Ka jalo, go tla bo go le molemo gore re bale Lefoko la Modimo ka metlha, re le dirise mo matshelong a rona e bile re le dirise go thusa batho ba bangwe. Fa re dira jalo, re tla bo re bontsha gore re rata mpho eno le gore re rata Mokwadi wa yone e bong Jehofa Modimo.

^ ser. 13 Bona lebokose le le reng, “ Phetogo ya Botlhokwa.”