Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Lefoko la Modimo wa Rona le Nna ka Bosakhutleng’

‘Lefoko la Modimo wa Rona le Nna ka Bosakhutleng’

“Bojang jo botala bo omeletse, sethunya se swabile; mme fa e le lefoko la Modimo wa rona, le tla nna ka bosakhutleng.”—ISA. 40:8.

PINA: 116, 115

1, 2. (a) Botshelo bo ka bo bo ntse jang fa Baebele e ka bo e seyo? (b) Ke eng se se ka dirang gore re solegelwe molemo ke Baebele?

AKANYA fela gore botshelo jwa gago bo ka bo bo ntse jang fa Baebele e ka bo e seyo. O ka bo o se na kgakololo e o ka ikanyang ya kafa o tshwanetseng go tshela ka gone. O ka bo o se na kwa o ka bonang dikarabo tse di kgotsofatsang ka Modimo, botshelo le isagwe. Mo godimo ga moo, o ne o se kitla o itse tsela e Jehofa a ileng a dirisana le batho ka yone mo nakong e e fetileng.

2 Se se itumedisang ke gore maemo ga a nna jalo. Jehofa o re neile Lefoko la gagwe e leng Baebele. Mme o re tlhomamisetsa gore molaetsa wa Baebele o tla nnela ruri. Moaposetoloi Petere o ne a nopola Isaia 40:8. Temana eno ga e bue ka Baebele ka boyone, le fa go ntse jalo, ka tsela nngwe mafoko ano a bua ka molaetsa wa yone. (Bala 1 Petere 1:24, 25.) Re ka solegelwa molemo ke Baebele fa e le gore e gone ka puo e re e tlhaloganyang sentle. Batho ba ba ratang Lefoko la Modimo ga ba bolo go itse gore seno ke boammaaruri. Le fa gone go ne go se motlhofo, batho ba ba boifang Modimo ba ne ba dira ka natla mo dingwageng tse di fetileng go ranola le go anamisa Dikwalo. Maikaelelo a bone a ne a dumalana le thato ya Modimo e leng gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.”—1 Tim. 2:3, 4.

3. Re tlile go sekaseka eng mo setlhogong seno? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

3 Mo setlhogong seno, re tlile go sekaseka dikai tsa kafa Lefoko la Modimo le ileng la falola (1) go fetoga ga puo, (2) diphetogo mo pusong tse di dirileng gore go buiwe puo e e tla dirisiwang ke batho botlhe, le (3) go ganediwa ga thanolo ya Baebele. Re tla solegelwa molemo jang ke go sekaseka dintlha tseno? Seno se tla dira gore re rate Lefoko la Modimo le go feta. Gape se tla dira gore re rate Mokwadi wa Baebele yo o ileng a re e naya gore re solegelwe molemo.—Mik. 4:2; Bar. 15:4.

GO FETOGA GA PUO

4. (a) Puo e fetoga jang fa nako e ntse e ya? (b) Ke eng se se bontshang gore Modimo ga a tlhaole batho ba puo epe, mme seo se dira gore o ikutlwe jang?

4 Fa nako e ntse e ya, puo e a fetoga. Mafoko le dipolelwana tse di rileng di ka nna le bokao jo bo farologaneng. Gongwe o ka akanya kafa puo e o e buang e fetogileng ka gone. Go diregile se se tshwanang ka Sehebera le Segerika, e leng dipuo tse bontsi jwa dibuka tsa Baebele di kwadilweng ka tsone. Sehebera le Segerika se se buiwang gompieno se farologane thata le se se neng se buiwa mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele. Ka jalo, batho ba ba batlang go tlhaloganya Lefoko la Modimo ba tshwanetse go bala thanolo ya lone, tota le batho ba ba itseng Sehebera le Segerika se se buiwang gompieno. Batho bangwe ba akanya gore ba tshwanetse go ithuta Sehebera le Segerika se se neng se buiwa bogologolo gore ba kgone go bala Baebele ka puo e e kwadilweng ka yone kwa tshimologong. Le fa go ntse jalo, seo se ka se ba tswele mosola go le kalo. * Se se itumedisang ke gore, Baebele yotlhe kgotsa dikarolo dingwe tsa yone di setse di ranoletswe mo dipuong di ka nna 3 000. Eleruri, Jehofa o batla gore batho ba ‘setšhaba sengwe le sengwe le lotso le teme’ ba solegelwe molemo ke go ithuta Lefoko la gagwe. (Bala Tshenolo 14:6.) Go gopola seno go dira gore re atamalane thata le Rraarona yo o lorato le yo o se nang tlhaolele.—Dit. 10:34.

5. Ke eng se se neng se dira gore King James Version e tlhomologe?

5 Dipuo tse Baebele e ranoletsweng mo go tsone, le tsone di a fetoga fa nako e ntse e ya. Thanolo ya Baebele e e neng e tlhaloganngwa motlhofo kwa tshimologong, e ka nna ya se ka ya tlhola e tlhaloganyesega moragonyana. Akanya ka thanolo nngwe ya Baebele ya Seesemane e e bidiwang King James Version. Thanolo eno e ne ya gololwa ka ngwaga wa 1611. E ne ya nna nngwe ya Dibaebele tsa Seesemane tse di rategang thata, mme e ne e tlile go nna le tlhotlheletso e e kgolo mo puong ya Seesemane. * Mme gone, e ne e sa dirise leina la Modimo thata. E ne e dirisa leina “Jehofa” mo ditemaneng di le mmalwa fela, mme e ne e dirisa lefoko “MORENA” ka ditlhaka tse dikgolo mo ditemaneng tse dingwe mo Dikwalong Tsa Sehebera tse leina la Modimo le neng le tlhagelela mo go tsone. Moragonyana dikhopi tse dingwe tsa Baebele eno di ne tsa gatisiwa di na le lefoko “MORENA” ka ditlhaka tse dikgolo mo ditemaneng dingwe tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Seo se raya gore baranodi ba Baebele eno ya King James Version ba ne ba itse kwa leina la Modimo le neng le kwadilwe gone mo Tesetamenteng e Ntšha.

6. Ke eng fa re rata Thanolo ya Lefatshe le Lesha?

6 Le fa go ntse jalo, morago ga dingwaga di le dintsi, mafoko a le mantsi a King James Version a ne a sa tlhole a dirisiwa. Go ntse jalo le ka dithanolo tse dingwe tsa bogologolo tsa Baebele ka dipuo tse dingwe. Ka jalo, ruri re lesego go bo re na le Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e e dirisang puo ya segompieno. Baebele eno e gatisitswe e feletse gape go gatisitswe dikarolo dingwe tsa yone ka dipuo di feta 150, ka jalo, bontsi jwa batho gompieno ba ka kgona go nna le yone. Puo ya yone e e tlhaloganyesegang sentle e dira gore se re se balang mo Baebeleng se re fitlhelele pelo. (Pes. 119:97) Se se kgatlhang ke gore, Thanolo ya Lefatshe le Lesha e buseditse leina la Modimo fa le tshwanetseng go tlhagelela gone mo Baebeleng.

PUO E E BUIWANG KE BATHO BA LE BANTSI

7, 8. (a) Ke eng fa Bajuda ba le bantsi mo lekgolong la boraro la dingwaga B.C.E. ba ne ba sa tlhaloganye Dikwalo Tsa Sehebera? (b) Septuagint ya Segerika ke eng?

7 Ka dinako dingwe, diphetogo mo pusong di ile tsa ama puo e e buiwang ke batho ba le bantsi. Modimo o ile a tlhomamisa jang gore diphetogo tseno ga di dire gore batho ba se ka ba kgona go tlhaloganya Lefoko la gagwe? Se se diragetseng mo nakong e e fetileng se re thusa go bona karabo ya potso eno. Dibuka tsa ntlha tsa Baebele tse 39 di ne tsa kwalwa ke Baiseraele kgotsa Bajuda. E ne e le bone batho ba kwa tshimologong ba neng ba “neilwe ditaelo tse di boitshepo tsa Modimo.” (Bar. 3:1, 2) Le fa go ntse jalo, mo lekgolong la boraro la dingwaga B.C.E., * Bajuda ba le bantsi ba ne ba sa tlhole ba tlhaloganya Sehebera. Ka ntlha yang? Ka gonne Alexander yo Mogolo o ne a atolositse Mmusomogolo wa Gerika fa a ne a fenya dinaga tse dingwe. (Dan. 8:5-7, 20, 21) Fa mmusomogolo oo o ntse o gola, Segerika e ne ya nna puo e e buiwang ke batho ba le bantsi ba ba busiwang ke puso eo, go akaretsa Bajuda ba ba neng ba nna kwa mafelong a a farologaneng. Le fa go ntse jalo, fa Bajuda ba le bantsi ba ne ba simolola go bua Segerika, bontsi jwa bone ba ne ba sa tlhole ba tlhaloganya Dikwalo Tsa Sehebera sentle. Bothata jono bo ne jwa rarabololwa jang?

8 Mo bogareng jwa lekgolo la boraro la dingwaga B.C.E., dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Baebele tsa Sehebera di ne tsa ranolelwa mo Segerikeng. Go ranolwa ga dibuka tse dingwe tsa Dikwalo Tsa Sehebera go ne ga wediwa mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E. Thanolo eno yotlhe e ne ya bidiwa Septuagint ya Segerika. Septuagint ke thanolo ya ntlha e e itsegeng ya Dikwalo Tsa Sehebera.

9. (a) Septuagint le dithanolo tse dingwe tsa bogologolo di ne tsa ama babadi ba Lefoko la Modimo jang? (b) Ke karolo efe ya Dikwalo Tsa Sehebera e o e ratang thata?

9 Septuagint e ne ya thusa Bajuda ba le bantsi ba ba buang Segerika gore ba kgone go tlhaloganya Dikwalo Tsa Sehebera. Akanya fela gore ba ne ba itumetse jang fa ba ne ba bala Lefoko la Modimo ka puo e ba neng ba e tlhaloganya sentle! Fa nako e ntse e ya, dikarolo dingwe tsa Baebele di ne tsa ranolelwa mo dipuong tse di buiwang ke batho ba le bantsi jaaka Sesiria, Se-Goth le Selatine. Fa batho ba ntse ba ithuta Dikwalo Tse di Boitshepo ka puo e ba e tlhaloganyang sentle, ga go pelaelo gore ba ne ba nna le dikarolo dingwe tse ba di ratang thata, fela jaaka le rona gompieno. (Bala Pesalema 119:162-165.) Eleruri Lefoko la Modimo le ile la falola le fa gone go ne go na le diphetogo mo puong e e buiwang ke batho ba le bantsi.

GO RANOLWA GA BAEBELE GO A GANEDIWA

10. Ke eng fa bontsi jwa batho ba ne ba se na Dibaebele ka nako ya ga John Wycliffe?

10 Ka dinako dingwe, balaodi ba ne ba leka go thibela batho gore ba nne le Baebele. Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba ba boifang Modimo ga ba a ka ba ineela. Ka sekai, akanya ka moithuti wa bodumedi wa mo lekgolong la bo14 la dingwaga e bong John Wycliffe. O ne a dumela gore mongwe le mongwe o tshwanetse go solegelwa molemo ke Lefoko la Modimo. Le fa go ntse jalo, ka nako eo, batho ba maemo a a kwa tlase kwa Engelane ba ne ba se na Dibaebele. Ka ntlha yang? Lebaka lengwe ke gore, bontsi jwa batho ba ne ba se na madi a go reka Baebele, e re ka dikhopi tsa yone di ne di kwalololwa ka seatla e bile di ja madi a mantsi. Mo godimo ga moo, bontsi jwa batho ba ne ba sa itse go bala le go kwala. Gone ba ka tswa ba ne ba utlwile dipego dingwe tsa Baebele di balwa kwa kerekeng. Mme gone, ga go bonale ba ne ba tlhaloganya se ba neng ba se utlwa. Ka ntlha yang? Ka gonne Baebele e e neng e dirisiwa kwa dikerekeng (e e bidiwang Vulgate) e ne e kwadilwe ka Selatine. Le fa go ntse jalo, ka nako eo, Selatine e ne e le puo ya bogologolo e e neng e sa tlhole e dirisiwa. Ba ne ba tla tlhaloganya Lefoko la Modimo jang?—Dia. 2:1-5.

John Wycliffe le ba bangwe ba ne ba batla gore mongwe le mongwe a nne le Baebele. A le wena o batla jalo? (Bona serapa 11)

11. Baebele ya ga Wycliffe e ne ya nna le tlhotlheletso efe?

11 Ka 1382, go ne ga gololwa Baebele ya Seesemane e e neng ya itsege moragonyana e le Baebele ya ga Wycliffe. Balatedi ba ga Wycliffe ba ne ba e rata thata. E re ka balatedi bano ba ga Wycliffe ba ne ba batla go thusa batho ba maemo a a kwa tlase gore ba ithute Lefoko la Modimo, ba ne ba tsamaya ka maoto ba rera mo metseng e e farologaneng ya kwa Engelane. Gantsi ba ne ba balela batho ba ba kopanang le bone dikarolo dingwe tsa Baebele ya ga Wycliffe ba bo ba ba tlogelela dikhopi tsa yone tse di kwalolotsweng ka seatla. Matsapa a bone a ne a nna le diphelelo tse di molemo tota ka gonne batho ba ne ba kgatlhegela go bala Lefoko la Modimo.

12. Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba tsibogela jang tiro ya ga Wycliffe le balatedi ba gagwe?

12 Baeteledipele ba dikereke ba ne ba dira eng? Ba ne ba simolola go tlhoa Wycliffe, Baebele ya gagwe le balatedi ba gagwe. Baeteledipele bano ba ne ba bogisa balatedi ba gagwe e bile ba ne ba batla dikhopi tse dintsi tsa Baebele ya ga Wycliffe mme ba di senya. Tota le fa Wycliffe a sena go tlhokafala, o ne a atlholwa e le motlhanogi. Gone ga go kgonege go otlhaya motho yo o setseng a tlhokafetse. Le fa go ntse jalo, baeteledipele ba bodumedi ba ne ba epolola marapo a ga Wycliffe mme ba a ja ka molelo ba bo ba tshololela molora wa one mo nokeng ya Swift. Mme gone, batho ba ne ba batla go bala le go tlhaloganya Lefoko la Modimo, mme go ne go se sepe se se ka ba thibang. Mo dingwageng tse di neng tsa latela morago ga moo, batho ba le bantsi kwa Yuropa le kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe ba ne ba simolola go ranola le go anamisa Baebele gore batho ba maemo a a kwa tlase ba tle ba solegelwe molemo ke go e bala.

‘YO O GO RUTANG GORE O SOLEGELWE MOLEMO’

13. Re tlhomamisegile ka eng, mme seno se nonotsha tumelo ya rona jang?

13 Bakeresete ga ba a tshwanela go akanya gore Modimo ke ene a tlhotlheleditseng tiro ya go ranola Septuagint, Baebele ya ga Wycliffe, King James Version kgotsa thanolo epe e nngwe ya Baebele. Le fa go ntse jalo, fa re sekaseka hisitori ya dithanolo tseno gammogo le tse dingwe tse di gatisitsweng, di supela boammaaruri jwa seno: Fela jaaka Jehofa a solofeditse, Lefoko la gagwe le nnela ruri. A seno ga se dire gore o dumele gore ditsholofetso tse dingwe tsa ga Jehofa le tsone di tla direga?—Josh. 23:14.

14. Lefoko la Modimo le dira jang gore re mo rate le go feta?

14 Go sekaseka kafa Baebele e falotseng ka gone go nonotsha tumelo ya rona e bile go dira gore re rate Jehofa le go feta. * Ke eng fa a re neile Lefoko la gagwe? E bile ke eng fa a re tlhomamiseditse gore le tla nnela ruri? Ka gonne o a re rata e bile o batla gore le re solegele molemo. (Bala Isaia 48:17, 18.) Ka jalo, go a tshwanela gore le rona re rate Jehofa le go ikobela ditaelo tsa gagwe.—1 Joh. 4:19; 5:3.

15. Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?

15 Ruri go a utlwala go swetsa ka go re, e re ka re rata Lefoko la Modimo, re batla gore le re solegele molemo ka botlalo. Re ka dira eng gore re solegelwe molemo ka botlalo ke go bala Baebele? Ke eng se se ka re thusang gore re tlhome mogopolo mo Baebeleng fa re rera? Bakaulengwe ba ba rutang phuthego mo seraleng ba ka dira eng go tlhomamisa gore sotlhe se ba se rutang se theilwe mo Baebeleng? Re tla sekaseka dikarabo tsa dipotso tseno mo setlhogong se se latelang.

^ ser. 4 Bona setlhogo se se reng, “A o Tlhoka go Ithuta Sehebera le Segerika?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa November 1, 2009.

^ ser. 5 Maele a le mmalwa a Seesemane a tserwe mo Baebeleng ya King James Version.

^ ser. 7 B.C.E. e kaya pele Keresete a tla mo lefatsheng.

^ ser. 14 Bona lebokose le le reng, “ Ya go Iponela!