Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“O Nne Pelokgale . . . Mme o Dire”

“O Nne Pelokgale . . . Mme o Dire”

“O nne pelokgale o nonofe mme o dire. O se ka wa boifa le fa e le go tshoga, gonne Jehofa . . . o na le wena.”—1 DITIR. 28:20.

PINA: 60, 29

1, 2. (a) Solomone o ne a newa kabelo efe ya botlhokwa? (b) Ke eng fa Dafide a ne a tshwenyegile ka Solomone?

SOLOMONE o ne a laelwa gore a okamele tiro e e botlhokwa thata, e leng tiro ya go aga tempele ya kwa Jerusalema. Tempele eo e ne e tshwanetse “go nna kgolo go gaisa mme e farologane le mafatshe otlhe ka bontle.” Sa botlhokwa le go feta, tempele eo e ne e tlile go nna “ntlo ya ga Jehofa Modimo wa boammaaruri.” Jehofa o ne a laela gore Solomone e nne ene a okamelang tiro eo.—1 Ditir. 22:1, 5, 9-11.

2 Kgosi Dafide o ne a tlhomamisegile gore Modimo o ne a tla ema Solomone nokeng, mme gone, Solomone o ne a le ‘mmotlana e bile a se na maitemogelo.’ A o ne a tla nna le bopelokgale jwa go dira tiro eno? A go nna mosha le go tlhoka maitemogelo go ne go tla mo thibela go dira tiro eno? Gore Solomone a atlege, o ne a tlhoka gore a nne pelokgale mme a dire.

3. Solomone o ile a ithuta eng ka go nna pelokgale mo go rraagwe?

3 Ga go pelaelo gore Solomone o ne a ithuta go nna pelokgale mo go rraagwe. Fa Dafide a sa ntse a le mosha, o ne a lwa le diphologolo tsa naga tse di neng di tlhasela dinku tsa ga rraagwe. (1 Sam. 17:34, 35) Gape o ne a bontsha gore o sebete fa a ne a lwa le mokaloba yo e neng e le lesole le le thapisitsweng e bong Goliathe. E re ka Modimo a ne a mo thusa, Dafide o ne a kgona go bolaya Goliathe a dirisa leje.—1 Sam. 17:45, 49, 50.

4. Ke eng fa Solomone a ne a tlhoka go nna pelokgale?

4 Eleruri go ne go tshwanela gore Dafide a kgothaletse Solomone gore a nne pelokgale mme a age tempele. (Bala 1 Ditiragalo 28:20.) Fa Solomone e ka bo e ne e le legatlapa, o ne a ka tshoga a bo a sa dire sepe mme go dira jalo go ne go tla nna maswe go feta go palelwa ke go aga tempele.

5. Ke eng fa re tlhoka go nna pelokgale?

5 Le rona re tlhoka gore Jehofa a re thuse go nna pelokgale le gore re kgone go dira tiro e a re e abetseng. Ka jalo, mma re sekaseke dikao tsa batho bangwe ba bogologolo ba ba neng ba le pelokgale. Gape re tla bona kafa re ka bontshang ka gone gore re pelokgale mme re dire tiro e Jehofa a re e neileng.

BATHO BA BA NENG BA LE PELOKGALE

6. Ke eng se se go kgatlhang ka tsela e Josefa a neng a le pelokgale ka yone?

6 Akanya kafa Josefa a neng a le pelokgale ka teng fa a ne a gana go tlhakanela dikobo le mosadi wa ga Potifaro. A ka tswa a ne a itse gore fa a ka gana go dira jalo, o tla di gama a sa di tlhapela. Le fa go ntse jalo, ga a ka a ineela, go na le moo, o ne a sia.—Gen. 39:10, 12.

7. Rahabe o ne a bontsha jang gore o pelokgale? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

7 Rahabe le ene o ne a le pelokgale. Fa ditlhola tsa kwa Iseraele di ne di ya kwa lelapeng la gagwe, o ne a ka nna a tshoga a bo a ba koba. Ga a ka a dira jalo, go na le moo, o ne a ikanya Jehofa, a bo a fitlha banna bao le go ba sireletsa. (Josh. 2:4, 5, 9, 12-16) Rahabe o ne a dumela gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri, e bile o ne a tlhomamisegile gore o ne a tlile go thusa Baiseraele gore ba gape motse wa Jeriko. Ga a ka a letla gore go boifa batho, tota le e leng kgosi ya Jeriko le banna ba yone, go mo thibele go thusa banna bao. O ne a tsaya kgato e e neng ya dira gore ene le ba lelapa la gagwe ba bolokwe.—Josh. 6:22, 23.

8. Bopelokgale jwa ga Jesu bo ne jwa thusa baaposetoloi ba gagwe jang?

8 Baaposetoloi ba ba ikanyegang ba ga Jesu ba ne ba tlhoma sekao se se molemo sa bopelokgale. Ba ne ba bone tsela e Jesu a neng a le pelokgale ka yone. (Math. 8:28-32; Joh. 2:13-17; 18:3-5) Sekao sa gagwe se ne sa ba thusa go nna pelokgale. Le fa Basadukae ba ne ba ba ganetsa, ga ba a ka ba tlogela go ruta batho ka Jesu.—Dit. 5:17, 18, 27-29.

9. Go ya ka 2 Timotheo 1:7 ke mang a ka re thusang go nna pelokgale?

9 Josefa, Rahabe, Jesu le baaposetoloi ba ne ba le pelokgale, mme seo se ne sa ba tlhotlheletsa gore ba dire dilo tse di molemo. Ga se gore ba ne ba itshepa thata. Go na le moo, ba ne ba ikaega ka Jehofa. Le rona re lebana le maemo a a tlhokang gore re nne pelokgale. Ga re a tshwanela go ikaega ka bokgoni jwa rona, go na le moo, re tshwanetse go ikaega ka Jehofa. (Bala 2 Timotheo 1:7.) Mma re bone kafa re ka bontshang bopelokgale ka gone mo lelapeng le mo phuthegong.

MAEMO A A TLHOKANG GORE RE NNE PELOKGALE

10. Ke eng fa basha ba Bakeresete ba tshwanetse go nna pelokgale?

10 Basha ba Bakeresete ba lebana le maemo a a tlhokang gore ba nne pelokgale gore ba kgone go direla Jehofa. Ba ka etsa sekao sa ga Solomone yo o ileng a bontsha bopelokgale ka go aga tempele. Le fa basha ba tshwanetse go kaelwa ke batsadi, go na le ditshwetso dingwe tsa botlhokwa tse ba tshwanetseng go di itirela. (Dia. 27:11) Ba tshwanetse go nna pelokgale gore ba kgone go dira ditswetso tse di siameng malebana le ditsala, boitlosobodutu, boitshwaro le kolobetso. Seno se botlhokwa ka gonne fa ba dira jalo, ba tla bo ba gana go dira thato ya ga Satane.

11, 12. (a) Moshe o ne a tlhoma jang sekao se se molemo sa bopelokgale? (b) Basha ba ka etsa sekao sa ga Moshe jang?

11 Tshwetso nngwe ya botlhokwa e basha ba tshwanetseng go e dira e amana le mekgele e ba ipeelang yone. Kwa dinageng dingwe, basha ba mo kgatelelong ya go ipeela mekgele ya go ya yunibesithing le go batla tiro ya maemo a a kwa godimo. Kwa dinageng tse di humanegileng, basha ba ka nna mo kgatelelong ya go batla go thusa ba malapa a bone ka madi. Fa e le gore o mo maemong ano, akanya ka sekao sa ga Moshe. E re ka a ne a godisitswe ke morwadia Faro, a ka bo a ile a batla go nna le maemo kgotsa go huma. Ga go pelaelo gore ba lelapa la ga Faro, barutisi le bagakolodi ba ne ba mo tlhotlheletsa gore a gagamalele dilo tseno. Moshe ga a ka a dira jalo, go na le moo, o ne a emela kobamelo ya boammaaruri. O ne a tlogela botshelo jwa manobonobo jwa kwa Egepeto mme a ikaega ka Jehofa. (Baheb. 11:24-26) Jehofa o ne a mo segofatsa, mme o tla mo segofatsa gape mo nakong e e tlang.

12 Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o tla segofatsa basha ba ba ipeelang mekgele mo tirelong ya gagwe e bile ba dira gore dilo tsa Bogosi di tle pele mo matshelong a bone. O tla ba thusa go tlhokomela ba malapa a bone. Mosha mongwe yo o neng a tshela ka lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Timotheo, o ne a tlhoma mogopolo mo tirelong ya ga Jehofa, le wena o ka kgona. *Bala Bafilipi 2:19-22.

A o ikemiseditse go bontsha bopelokgale mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa gago? (Bona serapa 13-17)

13. Bopelokgale bo thusitse kgaitsadi mongwe jang gore a fitlhelele mekgele ya gagwe?

13 Kgaitsadi mongwe wa kwa Alabama, U.S.A. o ne a tlhoka go nna pelokgale gore a kgone go ipeela mekgele mo tirelong ya ga Jehofa. O ne a kwala jaana: “Fa ke ntse ke gola, ke ne ke le ditlhong tota. Ke ne ke sa kgone go bua le batho kwa Holong ya Bogosi, ka jalo, go bua le batho ba ke sa ba itseng go ne go le boima le go feta.” Batsadi ba gagwe le Bakeresete bangwe mo phuthegong ya bone ba ne ba mo thusa gore a kgone go nna mmulatsela. A re: “Lefatshe la ga Satane le dira gore batho ba akanye gore go ya yunibesithing, go tuma, go nna le madi le dithoto tse dintsi ke mekgele e e siameng. Mme gantsi go thata go fitlhelela mekgele eo e bile e ngomola batho pelo le go ba opisa tlhogo. Go direla Jehofa go dirile gore ke itumele e bile ke kgotsofale.”

14. Batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go bontsha bopelokgale mo maemong afe?

14 Batsadi ba Bakeresete le bone ba tlhoka bopelokgale. Ka sekai, gangwe le gape mothapi wa gago a ka nna a go kopa gore o bereke diura tse di oketsegileng mo maitseboeng le mafelobeke, mme eo ke nako e o e beetseng kobamelo ya lelapa, bodiredi le dipokano. O tshwanetse go nna pelokgale gore o gane go dira jalo, le go tlhomela bana ba gago sekao se se molemo. Gongwe batsadi bangwe mo phuthegong ya lona ba letlelela bana ba bone go dira dilo dingwe tse o sa batleng ngwana wa gago a di dira. Batsadi bao ba ka nna ba go botsa gore ke eng fa o sa letle ngwana wa gago a dira dilo tseo. A o tla nna pelokgale ka go ba tlhalosetsa mabaka a gago mme o dira jalo ka botlhale?

15. Pesalema 37:25 le Bahebera 13:5 di ka thusa batsadi jang?

15 Batsadi ba ka bontsha gore ba pelokgale ka go thusa bana ba bone gore ba ipeele mekgele mo tirelong ya ga Jehofa le go ba thusa gore ba e fitlhelele. Ka sekai, batsadi bangwe ba ka tshaba go kgothaletsa bana ba bone gore e nne babulatsela, ba direle kwa go nang le tlhokego ya baboledi gone, ba tsenele tirelo ya Bethele kgotsa ba nne baithaopi mo diporojekeng tsa go aga. Ba ka nna ba bo ba tshaba gore bana ba bone ga ba kitla ba kgona go ba tlhokomela fa ba setse ba tsofetse. Le fa go ntse jalo, batsadi ba ba botlhale ba pelokgale e bile ba ikanya ditsholofetso tsa ga Jehofa. (Bala Pesalema 37:25; Bahebera 13:5.) Gape ba bontsha gore ba pelokgale e bile ba ikaega ka Jehofa fa ba thusa bana ba bone gore le bone ba dire se se tshwanang.—1 Sam. 1:27, 28; 2 Tim. 3:14, 15.

16. Batsadi bangwe ba ile ba thusa bana ba bone go fitlhelela mekgele ya bone jang, mme seno se ile sa nna le diphelelo dife tse di molemo?

16 Banyalani bangwe ba kwa United States ba ne ba thusa bana ba bone gore ba ipeele mekgele mo tirelong ya ga Jehofa. Rre wa lelapa leo a re: “Pele bana ba rona ba tlhalefa, re ne re tlhola re ba bolelela gore go nna mmulatsela le go thusa mo phuthegong go monate tota. Gone jaanong, ba ipeetse mokgele oo. Go ipeela mekgele mo tirelong ya ga Jehofa le go e fitlhelela go thusa bana ba rona go emelana le lefatshe leno la ga Satane le gore ba tlhome mogopolo mo go Jehofa.” Mokaulengwe mongwe yo o nang le bana ba babedi a re: “Batsadi ba le bantsi ba dirisa nako le madi a mantsi ba thusa bana ba bone gore ba atlege mo dilong tse di jaaka metshameko, boitlosobodutu le thutego. Ka jalo, go tla bo go le botoka gore re dirise nako le madi go thusa bana ba rona gore ba fitlhelele mekgele e e tla ba thusang gore ba tswelele ba na le kamano e e molemo le Jehofa. Go thusa bana ba rona gore ba fitlhelele mekgele ya bone go dirile gore rona le bone re itumele fela thata.” O ka tlhomamisega gore Modimo o tla segofatsa batsadi ba ba thusang bana ba bone go fitlhelela mekgele ya bone mo tirelong ya gagwe.

GO BONTSHA BOPELOKGALE MO PHUTHEGONG

17. Re ka bontsha bopelokgale mo phuthegong ka ditsela dife?

17 Gape re tshwanetse go bontsha bopelokgale mo phuthegong. Ka sekai, bagolwane ba tlhoka bopelokgale fa ba rarabolola dikgang tsa boatlhodi kgotsa fa ba thusa Bakeresete ba ba nang le mathata a a masisi a botsogo. Bagolwane bangwe ba etela dikgolegelo go ya go ithuta le magolegwa a a kgatlhegelang molaetsa wa Bogosi. Gotweng ka bokgaitsadi ba ba sa nyalwang? Ba na le tshono ya go oketsa bodiredi jwa bone ka go nna babulatsela, go direla kwa go nang le tlhokego ya baboledi gone, go ithaopela go thusa mo diporojekeng tsa go aga le go tsenya kopo ya go ya kwa Sekolong sa Baboledi ba Bogosi. Mo godimo ga moo, bangwe ba lalediwa go ya kwa Sekolong sa Gileade.

18. Bokgaitsadi ba ba godileng ba ka bontsha bopelokgale jang?

18 Bokgaitsadi ba ba godileng ke dikao tse di molemo mo phuthegong. Re ba rata fela thata. Bangwe ba bone ga ba tlhole ba kgona go dira go le gontsi mo tirelong ya Modimo jaaka pele, mme gone, ba ka bontsha gore ba pelokgale le go dira ka natla. (Bala Tito 2:3-5.) Ka sekai, kgaitsadi yo o godileng o tlhoka go nna pelokgale fa a kopiwa gore a bue le kgaitsadi yo mosha ka tsela e e siameng e a tshwanetseng go apara ka yone. Gone a ka se mo omanye ka ntlha ya tsela e a aparang ka yone, go na le moo, a ka mo thusa go lemoga gore tsela e a aparang ka yone e ama ba bangwe jang. (1 Tim. 2:9, 10) Go bontsha lorato ka tsela eo go ka nna le diphelelo tse di molemo.

19. (a) Bakaulengwe ba ba kolobeditsweng ba ka nna pelokgale jang? (b) Bafilipi 2:13 le 4:13 e ka thusa bakaulengwe jang gore ba nne pelokgale?

19 Bakaulengwe ba ba kolobeditsweng ba tshwanetse go bontsha bopelokgale le go dira ka natla. Banna ba ba pelokgale ba ba iketleeleditseng go thusa mo phuthegong eleruri ke dikao tse di molemo. (1 Tim. 3:1) Le fa go ntse jalo, bangwe ba bone ba ka nna ba ikgogona go dira jalo. Gongwe mokaulengwe a ka tswa a ile a dira phoso mo nakong e e fetileng, mme gone jaanong o akanya gore ga a tshwanelege go nna motlhanka wa bodiredi kgotsa mogolwane. Bakaulengwe ba bangwe ba ka tswa ba akanya gore ga ba tshwanelege go dira kabelo nngwe e e rileng. Fa e le gore o ikutlwa jalo, Jehofa a ka go thusa gore o nne pelokgale. (Bala Bafilipi 2:13; 4:13.) Gopola gore nako nngwe Moshe le ene o ne a akanya gore ga a tshwanelege go dira kabelo e a neng a e neilwe. (Ekes. 3:11) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a mo thusa mme morago ga nako, Moshe o ne a kgona go diragatsa kabelo eo. Mokaulengwe yo o kolobeditsweng le ene a ka kgona go nna pelokgale ka go kopa Jehofa gore a mo thuse le ka go bala Baebele letsatsi le letsatsi. Go tlhatlhanya ka dipego tsa batho ba ba neng ba le pelokgale le gone go ka mo thusa. A ka kopa bagolwane gore ba mo thuse, gape a ka ithaopela go thusa ka tsela epe fela e e tlhokegang. Re kgothaletsa bakaulengwe botlhe ba ba kolobeditsweng gore ba nne pelokgale mme ba dire ka natla mo phuthegong.

“JEHOFA . . . O NA LE WENA”

20, 21. (a) Dafide o ne a tlhomamisetsa Solomone eng? (b) Re ka tlhomamisega ka eng?

20 Kgosi Dafide o ne a gopotsa Solomone gore Jehofa o ne a tla mo ema nokeng go fitlha a wetsa tiro ya go aga tempele. (1 Ditir. 28:20) Solomone o ne a nna a gopotse mafoko a ga rraagwe mme ga a ka a letla kgang ya gore ke mosha le gore ga a na maitemogelo e mo thibela go aga tempele. O ne a bontsha bopelokgale, a dira ka natla mme Jehofa o ne a mo thusa go aga tempele eo e e kgolo mo dingwageng di le supa le halofo.

21 Fela jaaka Jehofa a ile a thusa Solomone, le rona a ka re thusa gore re nne pelokgale le gore re dire tiro e a re neileng yone mo lelapeng le mo phuthegong. (Isa. 41:10, 13) Fa re bontsha bopelokgale mo tirong ya ga Jehofa, re ka tlhomamisega gore o tla re segofatsa gone jaanong le mo nakong e e tlang. Ka jalo, ‘nna pelokgale mme o dire.’

^ ser. 12 Go na le dikakantsho tsa kafa o ka ipeelang mekgele ka gone mo tirelong ya ga Jehofa mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa July 15, 2004, mo setlhogong se se reng, “Dirisa Mekgele ya Semoya go Galaletsa Mmopi wa Gago.”