Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

Ke Nnile le Tshiamelo ya go Dira Mmogo le Banna ba ba Ratang Modimo

Ke Nnile le Tshiamelo ya go Dira Mmogo le Banna ba ba Ratang Modimo

KA BO1930, batsadi ba me e bong James le Jessie Sinclair, ba ne ba fudugela kwa toropong nngwe e e bidiwang Bronx e e kwa New York City. Tsala nngwe ya bone e ne e le Willie Sneddon yo le ene a neng a tswa kwa Scotland. Ba ne ba rata go tlotla ka malapa a bone. Seno se diragetse ke ise ke tsholwe.

Mmê o ne a bolelela Willie gore pele ga Ntwa e Kgolo, rremogolo le malome ba ne ba nwela mo Lewatleng la Bokone fa mokoro wa bone o ne o thula bomo e e neng e le ka fa tlase ga metsi. Willie o ne a raya mmê a re: “Rraago o kwa diheleng!” * Willie e ne e le Mosupi wa ga Jehofa mme mmê o ne a gakgamadiwa ke go utlwa se a neng a se bua.

Willie le Liz Sneddon

Se Willie a neng a se buile se ne sa utlwisa mmê botlhoko ka gonne o ne a itse gore rremogolo e ne e le motho yo o siameng. Gape Willie o ne a raya mmê a re: “A o ne o itse gore Jesu le ene o ne a ya diheleng?” Mmê o ne a gopola thuto nngwe ya kereke ya gagwe e e neng e bua gore Jesu o ne a ya diheleng mme morago a tsosiwa mo letsatsing la boraro. Ka jalo o ne a ipotsa jaana, ‘fa e le gore dihele ke lefelo le le tukang le go tlhokofadiwang batho ba ba bosula kwa go lone, ke eng fa Jesu a ne a ile koo?’ Seno se ne sa dira gore mmê a kgatlhegele go ithuta boammaaruri. O ne a simolola go kopanela kwa Phuthegong ya Bronx mme o ne a kolobediwa ka 1940.

Ke na le mmê, mme moragonyana ke na le rre

Ka nako eo, batsadi ba Bakeresete ba ne ba sa nke ba kgothalediwa gore ba ithute Baebele le bana ba bone. Fa ke ne ke sa le monnye e bile ke ithuta go tsamaya, rre o ne a sala le nna mo gae fa mmê a ile kwa dipokanong le kwa bodireding ka mafelobeke. Morago ga dingwaga di le mmalwa, nna le rre re ne ra simolola go ya dipokanong le mmê. Mmê o ne a tlhagafetse mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo e bile o ne a ithuta Baebele le batho ba le mmalwa ba ba kgatlhegang. Tota e bile, go ne go na le nako e a neng a ithuta Baebele le ba bangwe e le setlhopha ka gonne magae a bone a ne a bapile. Ke ne ke tsamaya le ene fa dikolo di tswetswe. Seno se ne sa dira gore ke ithute go le go ntsi ka Baebele le kafa nka rutang ba bangwe ka se e se buang.

Ka maswabi, fa ke ne ke le monnye ke ne ke sa kgatlhegele boammaaruri go le kalo. Le fa go ntse jalo, fa ke ne ke le dingwaga di le 12, ke ne ka nna mmoledi wa Bogosi mme ka nna le seabe mo bodireding ka metlha. Fa ke le dingwaga di le 16, ke ne ka ineela mo go Jehofa mme ka kolobediwa ka July 24, 1954 kwa kopanong ya kwa Toronto kwa Canada.

GO DIRELA KWA BETHELE

Kwa phuthegong ya rona, bakaulengwe bangwe ba ne ba direla kwa Bethele mme ba bangwe ba ne ba kile ba direla gone. Ba ne ba ntlhotlheletsa tota. Ke ne ke kgatlhiwa ke bokgoni jwa bone jwa go bua le tsela e ba neng ba tlhalosa dithuto tsa Baebele ka yone. Le fa gone barutabana ba me ba ne ba batla gore ke ye yunibesithing, mokgele wa me e ne e le go direla kwa Bethele. Ka jalo, ke ne ka tlatsa foromo ya Bethele kwa kopanong eo ya kwa Toronto. Ka 1955, ke ne ka tlatsa foromo e nngwe gape kwa kopanong e e neng e tshwaretswe kwa Yankee Stadium kwa New York City. Go ise go ye kae, fa ke ne ke na le dingwaga di le 17, ke ne ka kopiwa go ya go direla kwa Bethele ya kwa Brooklyn ka September 19, 1955. Mo letsatsing la bobedi kwa Bethele, ke ne ka simolola go direla kwa lefapheng le go dirwang dikgatiso kwa go lone kwa 117 Adams Street. Ke ne ke bereka ka motšhini o o neng o kokoanya dipampiri mme o di baakanyetsa gore motšhini o mongwe o di kopanye gore e nne dibuka.

Fa ke le 17, ke ne ka simolola go direla kwa Bethele ya kwa Brooklyn

Morago ga kgwedi ke direla kwa lefapheng leo, ke ne ka abelwa go direla kwa Lefapheng la Dimakasine ka gonne ke ne ke itse go thaepa. Ka dinako tseo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba dirisa khomputara go thaepa diaterese tsa batho ba ba neng ba tsenya kopo ya go romelelwa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Morago ga dikgwedi di le mmalwa, ke ne ke direla kwa Lefapheng la go Romela Dikgatiso. Molebedi wa lefapha leo e bong Klaus Jensen, o ne a mpotsa gore a nka rata go tsamaya le mokaulengwe yo o neng a isa mabokose a dikgatiso ka lori kwa boemakepeng. Gape go ne go na le dikgetsi tsa dimakasine tse di neng di tshwanetse go isiwa kwa posong gore di romelwe kwa diphuthegong tsotlhe mo United States. Mokaulengwe Jensen o ne a re tiro eo e ne e tla nthusa. Ke ne ke le mosesane tota ke le dikilogerama di le 57. Tiro eo ya go isa dikgatiso kwa boemakepeng le kwa posong e ne ya nthusa go tiisa mmele wa me. Ruri Mokaulengwe Jensen o ne a itse gore tiro eo e ne e tla nthusa!

Lefapha la Dimakasine le ne le kwala dikopo tsa dimakasine tse di neng di dirwa ke diphuthego. Ka jalo, tiro eo e ne ya dira gore ke itse gore dimakasine tsa rona di gatisiwa ka dipuo dife kwa Brooklyn di bo di romelwa kwa mafelong a mangwe. E ne e le la ntlha ke utlwa ka bontsi jwa dipuo tseo mme ke ne ke itumelela go itse gore dimakasine di le dintsi di ne di romelwa kwa mafelong a a kgakala thata. Le fa ka nako eo ke ne ke sa itse, ke ne ke tla nna le tshiamelo ya go etela mafelo a dipuo tseo di buiwang kwa go one.

Ke na le Robert Wallen, Charles Molohan, le Don Adams

Ka 1961, ke ne ka abelwa go direla kwa Ofising ya Diakhaonto e molebedi wa yone e neng e le Grant Suiter. Morago ga dingwaga di le mmalwa, ke ne ka bilediwa kwa ofising ya ga Mokaulengwe Nathan Knorr yo o neng a eteletse pele tiro ya lefatshe lotlhe. Mokaulengwe Knorr o ne a ntlhalosetsa gore mokaulengwe yo o neng a direla mo ofising ya gagwe o ne a ya kwa Sekolong sa Bodiredi sa Bogosi mme morago ga moo o ne a tla ya go direla kwa Lefapheng la Tirelo. Ke ne ka abelwa go dira tiro e mokaulengwe yoo a neng a e dira mme ke ne ke dira mmogo le Don Adams. Se se kgatlhang ke gore, Don ke ene a neng a tsaya foromo ya me ya Bethele kwa kopanong ka 1955. Bakaulengwe ba bangwe ba ba neng ba direla mo ofising eo e ne e le Robert Wallen le Charles Molohan. Re ne ra bereka mmogo dingwaga di feta 50. Ruri go ne go itumedisa go dira mmogo le banna bao ba ba ratang Modimo!—Pes. 133:1.

Fa ke ne ke simolola go etela lekala la kwa Venezuela ka 1970

Go simologa ka 1970, ke ne ka abelwa go etela diofisi tsa makala tsa Watch Tower Society dibeke di le mmalwa mo ngwageng. Seno se ne se akaretsa go etela magae a Bethele le barongwa, go ba kgothatsa ka Lefoko la Modimo le go sekaseka dipego tsa diofisi tsa makala. Go ne go itumedisa tota go kopana le bakaulengwe bangwe ba ba neng ba tswa kwa Sekolong sa Gileade mme ba sa ntse ba direla kwa mafelong a ba abetsweng kwa go one! Ke nnile le tshiamelo ya go etela dinaga di feta 90 ke dira tiro eo.

Ke ile ka itumelela go etela bakaulengwe mo dinageng di le 90!

MOLEKANE YO O IKANYEGANG

Maloko otlhe a Bethele ya kwa Brooklyn a ne a abetswe go kopanela le diphuthego tse di farologaneng mo New York City. Ke ne ke abetswe go kopanela kwa phuthegong e e kwa Bronx. Phuthego ya ntlha mo toropong eo e ne ya gola e bo e kgaoganngwa. Phuthego eo ya ntlha, e ne ya simolola go bidiwa Upper Bronx mme ke ne ke kopanela kwa go yone.

Ka bo1960, lelapa la Basupi ba ba buang Se-Latvia ba ba ileng ba ithuta boammaaruri kwa borwa jwa toropo ya Bronx, ba ne ba fudugela mo phuthegong ya rona. Morwadiabone wa leitibolo e bong, Livija, o ne a nna mmulatsela wa ka metlha fa a sena go fetsa kwa sekolong se segolwane. Morago ga dikgwedi di le mmalwa, o ne a fudugela kwa Massachusetts go ya go direla kwa go nang le tlhokego ya baboledi ba Bogosi gone. Ke ne ka simolola go mo kwalela ke mmolelela ka dilo tse di diregang mo phuthegong ya rona, mme le ene o ne a mpolelela maitemogelo a gagwe a a molemo mo bodireding kwa Boston.

Ke na le Livija

Morago ga dingwaga di le mmalwa, Livija o ne a nna mmulatsela yo o kgethegileng. E re ka a ne a batla go dira mo go oketsegileng mo tirelong ya ga Jehofa, o ne a tlatsa foromo ya Bethele mme o ne a bidiwa ka 1971. Go ne go lebega e kete Jehofa o mpula matlho! Re ne ra nyalana ka October 27, 1973 mme Mokaulengwe Knorr o ne a neela puo ya rona ya lenyalo. Diane 18:22 ya re: ‘Motho yo o boneng mosadi yo o molemo, o bone selo se se molemo, e bile o amogelwa ke Jehofa.’ Nna le Livija re nnile le tshiamelo ya go direla mmogo mo Bethele dingwaga di feta 40. Mme re sa ntse re kopanela mo phuthegong e e kwa Bronx.

GO DIRA MMOGO LE BOMORWARRAAGWE KERESETE

E ne e le tshiamelo go direla le Mokaulengwe Knorr. O ne a tlhagafetse mo tirong ya ga Jehofa e bile a anaanela tiro e barongwa ba neng ba e dira mo lefatsheng lotlhe. Bontsi jwa bone e ne e le Basupi ba ntlha kwa dinageng tse ba neng ba abetswe kwa go tsone. Go ne go utlwisa botlhoko go bona Mokaulengwe Knorr a gateletswe ke bolwetse jwa kankere ka 1976. Nako nngwe fa a ne a lwala thata mo a neng a nna fela mo bolaong, o ne a nkopa gore ke mmalele dikgatiso dingwe tse di neng di ise di gatisiwe. O ne a nkopa gore ke bitse Frederick Franz gore le ene a tle go reetsa fa ke ntse ke bala. Moragonyana ke ne ka lemoga gore e re ka Mokaulengwe Fred-erick Franz a ne a sa tlhole a bona sentle, Mokaulengwe Knorr o ne a tlhola a mmalela dikgatiso.

Fa re ne re etetse kwa Togo re na le Daniel le Marina Sydlik ka 1977

Mokaulengwe Knorr o ne a tlhokafala ka 1977, mme ba ba neng ba mo itse e bile ba mo rata, ba ne ba gomodiwa ke go itse gore o tlhokafetse a ikanyega. (Tshen. 2:10) Morago ga moo, Mokaulengwe Franz o ne a etelela pele mo tirong ya rona.

Ka nako eo, ke ne ke le mokwaledi wa ga Milton Henschel yo o neng a kile a bereka le Mokaulengwe Knorr dingwaga di le dintsi. Mokaulengwe Henschel o ne a mpolelela gore jaanong boikarabelo jwa me jo bogolo mo Bethele e ne e tla nna go thusa Mokaulengwe Franz ka sengwe le sengwe se a se tlhokang. Ka metlha ke ne ke mmalela dikgatiso pele di gatisiwa. Mokaulengwe Franz o ne a kgona go tshwarelela dilo ka tlhogo e bile o ne a tlhoma mogopolo mo go se se balwang. Ke ne ka itumelela go mo thusa go fitlha a tlhokafala ka December 1992!

124 Columbia Heights, kwa ke berekileng dingwaga di le dintsi gone

Dingwaga di le 61 tse ke di feditseng mo Bethele di fetile ka bonako. Batsadi ba me ba tlhokafetse ba ikanyega mo go Jehofa mme ke lebile pele go ba bona mo lefatsheng le lesha. (Joh. 5:28, 29) Ga go na sepe mo lefatsheng leno se re ka se bapisang le tshiamelo e e molemo ya go dira mmogo le banna le basadi ba ba ikanyegang go thusa batho ba Modimo mo lefatsheng lotlhe. Eleruri mo dingwageng tsotlhe tse re di feditseng mo tirelong ya nako e e tletseng, “boipelo jwa ga Jehofa [e ntse e le] kago ya [rona] e e thata.”—Neh. 8:10.

Tiro ya go rera ka Bogosi e tla nna e ntse e tswelela e bile ga e a ikaega ka motho ope mo phuthegong ya Jehofa. E ne e le tshiamelo go dira mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ikanyegang mo dingwageng tse di fetileng. Bontsi jwa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ke ileng ka dira mmogo le bone ba tlhokafetse. Mme ke lebogela go bo ke ile ka dira mmogo le bone mo tirelong ya ga Jehofa.

^ ser. 5 Mafoko a a mo Baebeleng e leng Sheole le Hadese a kaya lebitla le le tlwaelegileng. Le fa go ntse jalo, dithanolo tse dingwe tsa Baebele di ranola mafoko ano e le “dihele.”