Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bakeresete ba ba Godileng—Jehofa o Anaanela Boikanyegi Jwa Lona

Bakeresete ba ba Godileng—Jehofa o Anaanela Boikanyegi Jwa Lona

GO RALALA lefatshe, bagolwane ba anaanela ditshiamelo tse ba nang le tsone mo phuthegong ya Modimo. Eleruri rotlhe re solegelwa molemo ke tiro ya bone! Le fa go ntse jalo, bosheng jaana go ile ga dirwa phetogo. Bagolwane ba ba godileng ba ile ba kopiwa gore ba neye bagolwane ba basha maikarabelo mangwe a bone. Jang?

Thulaganyo e e neng ya dirwa ke gore balebedi ba potologo le bakaulengwe ba ba tshwarang dikolo tsa puso ya Modimo ba tlogele dikabelo tseo fa ba tshwara dingwaga di le 70. Gape bagolwane ba ba nang le dingwaga di le 80 ba ne ba tshwanelwa ke go naya bagolwane ba basha maikarabelo a bone a a jaaka go nna morulaganyi mo Komiting ya Lekala kgotsa go nna morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane. Bagolwane bano ba ba godileng ba ile ba tsibogela jang phetogo eo? Ba ile ba bontsha gore ba ikanyega mo go Jehofa le mo phuthegong ya gagwe!

Mokaulengwe yo o bidiwang Ken yo o ileng a direla e le morulaganyi mo Komiting ya Lekala dingwaga di ka nna 49, a re: “Ke ne ke dumalana le tshwetso eo. Tota e bile, ka letsatsi le ke neng ka utlwa ka tshwetso eno, ke ne ke sa tswa go rapela Jehofa ke mo kopa gore go nne le mokaulengwe yo mosha yo a ka direlang e le morulaganyi.” Ken o ikutlwa fela jaaka bakaulengwe ba bangwe ba ba godileng. Le fa go ntse jalo, e re ka ba ne ba itumelela go direla bakaulengwe ba bone, kwa tshimologong ba ne ba swabile.

Mokaulengwe Esperandio yo o ileng a direla e le morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane a re: “Ke ne ke utlwile botlhoko. Le fa go ntse jalo, ke ne ke lwala, ka jalo, ke ne ke tlhoka nako e e oketsegileng ya go ikoka.” Esperandio o sa ntse a direla Jehofa ka boikanyegi le go thusa ba bangwe mo phuthegong.

Gotweng ka balebedi ba potologo ba ba nang le nako e e telele ba direla mme ba ile ba tlogela kabelo ya bone? Allan yo o ileng a direla e le molebedi wa potologo dingwaga di le 38, a re: “Fa ke utlwa ka tshwetso eno, ke ne ka kgobega marapo.” Le fa go ntse jalo, o ne a itse mosola wa go thapisa bakaulengwe ba bangwe mme o sa ntse a direla ka boikanyegi.

Mokaulengwe Russell yo o ileng a direla e le molebedi yo o etang le motlhatlheledi wa dikolo tsa phuthego dingwaga di le 40, a re kwa tshimologong ene le mosadi wa gagwe ba ne ba swabile. A re: “Re ne re anaanela tshiamelo ya rona thata e bile re tsaya gore re sa ntse re ka kgona go tswelela re direla.” Mokaulengwe Russell le mosadi wa gagwe ba dirisa maitemogelo a bone go thusa ba bangwe mo phuthegong ya bone, mme ka ntlha ya seo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba itumelela go direla le bone.

Le fa o ise o nne le maikutlo a a tshwanang le a bakaulengwe ba re sa tswang go bua ka bone, pego e e mo go Samuele wa bobedi e ka go thusa go tlhaloganya tsela e ba ikutlwang ka yone.

MONNA YO O BOINGOTLO

Akanya ka nako ya fa morwa Kgosi Dafide e bong Abesalome a ne a tsuologa. Dafide o ne a tshaba kwa Jerusalema mme a ya kwa Mahanaime e e kwa botlhaba jwa Noka ya Joredane. Fa a le koo, ene le batho ba ba neng ba na le ene ba ne ba tlhoka dilo dingwe tsa botlhokwa. A o gopola se se neng sa direga?

Banna ba bararo mo lefelong leo ba ne ba ba tlisetsa malao, dijo le dilwana tse dingwe. Barisilai e ne e le mongwe wa bone. (2 Sam. 17:27-29) Fa botsuolodi jwa ga Abesalome bo sena go thibelwa, Dafide o ne a kgona go boela kwa Jerusalema mme Barisilai o ne a mo tseisa tsela go fitlha kwa Joredane. Dafide o ne a mo kopa gore a ye le ene kwa Jerusalema. O ne a mmolelela gore o tla mo naya dijo le fa gone Barisilai e ne e le ‘monna yo o humileng thata’ mme a se kitla a tlhoka dijo tseo. (2 Sam. 19:31-33) Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a rata dinonofo tsa ga Barisilai le dikakantsho tsa gagwe. E ne e tla nna tshiamelo go nna le go direla mo ntlong ya segosi!

Barisilai o ne a bontsha gore o boingotlo ka go mmolelela gore o na le dingwaga di le 80. Go tswa foo o ne a re: “A nka lemoga molemo le bosula?” O ne a raya jang? E re ka Barisilai a ne a godile, o tshwanetse a bo a ne a le botlhale. O ne a sa ntse a ka kgona go ntsha kgakololo e e molemo jaaka “banna ba bagolwane” ba ile ba gakolola Kgosi Rehoboame. (1 Dikg. 12:6, 7; Pes. 92:12-14; Dia. 16:31) Ka jalo, mafoko a Barisilai a neng a a bua malebana le go lemoga molemo le bosula a tshwanetse a bo a ne a kaya makoa a a neng a na le one ka ntlha ya bogodi. O ne a tlhalosa gore botsofe bo ne bo setse bo amile ditemosi tsa gagwe tsa tatso le go utlwa. (Mor. 12:4, 5) Ka jalo, Barisilai o ne a kgothaletsa Dafide gore a ye Jerusalema le monna yo mosha e bong Kimahame yo go ka diregang gore e ne e le morwa Barisilai.—2 Sam. 19:35-40.

GO BAAKANYETSA BOKAMOSO

Kgang ya dingwaga e re buileng ka yone kwa tshimologong e tsamaisana le tsela e Barisilai a neng a ikutlwa ka yone. Le fa go ntse jalo, mo nakong ya rona go ile ga sekasekwa dilo di le mmalwa, e seng fela maemo le bokgoni jwa motho a le mongwe jaaka go diragetse ka Barisilai. Go ne go tlhokega gore go sekasekiwe gore ke eng se se ka solegelang bagolwane botlhe molemo.

Bakaulengwe bano ba ba godileng e bile ba le boingotlo, ba ne ba lemoga gore phuthego ya ga Jehofa e tla gola fa maikarabelo a ba ntseng ba a dira a ka newa bakaulengwe ba basha. Gantsi bakaulengwe ba ba godileng ke bone ba ba thapisang ba basha fela jaaka Barisilai a ile a thapisa morwawe le jaaka Paulo a ile a thapisa Timotheo. (1 Bakor. 4:17; Bafil. 2:20-22) Bakaulengwe bao ba basha ba itshupa gore ke “dimpho [tse e leng] banna” le gore ba “[aga] mmele wa ga Keresete.”—Baef. 4:8-12; bapisa Dipalo 11:16, 17, 29.

DITSELA TSE DINGWE TSA GO THUSA MO PHUTHEGONG

Bakaulengwe ba le bantsi ba ba ileng ba tlogela maikarabelo a ba neng ba na le one ba ile ba nna le tshono ya go thusa ka ditsela tse dingwe mo phuthegong.

Marco yo e neng e le molebedi yo o etang dingwaga di le 19, a re: “Gone jaanong ke kgona go thusa balekane ba e seng Basupi ba bokgaitsadi ba ba mo phuthegong ya rona.”

Geraldo yo e neng e le molebedi yo o etang dingwaga di le 28, a re: “Mekgele ya rona e mesha ke go thusa ba ba tsidifetseng le go tshwara dithuto tsa Baebele tse di oketsegileng.” A re gone jaanong ene le mosadi wa gagwe ba tshwara dithuto tsa Baebele di le 15 e bile batho ba le mmalwa ba ba neng ba tsidifetse ba simolola go tla dipokanong.

Allan yo re buileng ka ene pelenyana a re: “Gone jaanong re na le tshono ya go dira ka natla mo tirong ya go rera. Re itumelela go rera phatlalatsa, go rera kwa mafelong a kgwebo le go rerela baagelani ba rona mme ba le babedi ba bone ba simolotse go tla dipokanong.”

Fa o le mokaulengwe yo o nang le maikarabelo mo phuthegong e bile o neilwe kabelo e ntšha, go na le tsela e nngwe gape e o ka thusang ka yone mo phuthegong ya Modimo. O ka thusa bakaulengwe ba basha ka maitemogelo a o nang le one. Russell yo re buileng ka ene pelenyana a re: “Gompieno Jehofa o thapisa le go dirisa basha ba ba matlhagatlhaga. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba itumelela tsela e ba rutang le go tlhokomela phuthego ka yone.”—Bona lebokoso le le reng “ Thusa Bakaulengwe ba Basha go Nna le Bokgoni.”

JEHOFA O ANAANELA BOIKANYEGI JWA LONA

Fa e le gore gone jaanong o na le kabelo e e farologaneng, tswelela o leba dilo sentle. Tiro ya gago e thusitse batho ba le bantsi, mme o sa ntse o ka kgona go tswelela o thusa batho ba bangwe. Bakeresetemmogo le wena ba ne ba go rata mo nakong e e fetileng mme le gone jaanong ba sa ntse ba go rata.

Mme sa botlhokwa le go feta ke gore Jehofa o anaanela tiro ya gago. Ga a kitla a ‘lebala tiro ya gago le lorato lo o le bontshitseng leina la gagwe, ka o diretse baitshepi e bile o tswelela o ba direla.’ (Baheb. 6:10) Temana eno e bontsha gore Jehofa ga a lebe fela ditiro tsa rona tsa nako e e fetileng. Jehofa o go tsaya o le botlhokwa thata mo a se kitlang a lebala ditiro tsa gago tsa mo nakong e e fetileng le gore o tswelela o leka go mo itumedisa!

Mme gotweng fa kabelo ya gago e ise e fetoge? Kgang eno le wena e a go ama. Ka tsela efe?

Fa o itse mokaulengwe yo o godileng yo gone jaanong a nang le kabelo e e farologaneng, o ka solegelwa molemo ke maitemogelo a gagwe. Kopa kgakololo ya gagwe. Mo kope gore a go neye dikakantsho. Mme ela tlhoko gore gone jaanong o dirisa jang maitemogelo a gagwe mo kabelong e ntšha.

Go sa kgathalesege gore o Mokeresete yo o godileng yo o nang le kabelo e e farologaneng kgotsa o mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o ka ithutang mo Mokereseteng yo o godileng, gopola gore Jehofa o anaanela boikanyegi jwa batho ba ba nang le lobaka ba mo direla le ba ba tswelelang ba mo direla.