Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Nako Mang?

Ke Nako Mang?

O DIRA eng fa o batla go itse gore ke nako mang? Ga go pelaelo gore o lebelela tshupanako. Fa mongwe a go botsa gore ke nako mang, o ne o ka mo araba jang? Go na le ditsela tse di farologaneng tsa go bala nako. Re raya jang?

Mma re re nako ke ura e le nngwe le metsotso e le 30 morago ga sethoboloko. O ka nna wa re ke half past 1. Kwa mafelong a mangwe, ba ka nna ba re ke “half 2” mo go rayang gore ke metsotso e le 30 pele ga ura ya bobedi.

O ka tswa o ipotsa gore batho ba motlha wa go kwalwa ga Baebele ba ne ba bala nako jang. Ba ne ba dirisa ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, dikwalo tsa Sehebera di bua ka “phakela” “sethoboloko” le “maitseboa.” (Gen. 8:11; 19:27; 43:16; 1 Dikg. 18:26) Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe di bua nako e e tlhomameng.

Ka nako ya go kwalwa ga Baebele, go ne go na le balebeledi ba ba neng ba bereka bosigo. Dingwaga di le dintsi pele Jesu a tsholwa, Baiseraele ba ile ba kgaoganya bosigo go nna dikarolo di le tharo tse di neng di bidiwa ditebelo, go ya ka dinako tse balebeledi ba neng ba bereka ka tsone. (Pes. 63:6) Baatlhodi 7:19 e bua ka “tebelo ya gare ya bosigo.” Ka motlha wa ga Jesu, Bajuda ba ne ba dirisa mokgwa wa Bagerika le Baroma wa go kgaoganya bosigo go nna dikarolo di le nnê.

Dibuka tsa Diefangele di bua ka ditebelo tseno makgetlo a le mmalwa. Ka sekai, fa Jesu a ne a tsamaya mo godimo ga metsi a ya kwa balateding ba gagwe, e ne e le ka “tebelo ya bonè ya bosigo.” (Math. 14:25) Fa Jesu a ne a bolelela balatedi ba gagwe setshwantsho sengwe o ne a re: “Fa mong wa ntlo a ne a itsile gore legodu le tla ka tebelo efe, [a] ka bo a ne a nna a tsogile mme a se ka a letlelela gore go thubiwe mo ntlong ya gagwe.”—Math. 24:43.

Jesu o ne a bua ka ditebelo tseno tsotlhe fa a ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Jalo nnang lo disitse, gonne ga lo itse gore mong wa ntlo o tla leng, e ka ne e le maitseboa kgotsa bosigogare kgotsa fa mokoko o lela kgotsa go sa le phakela.” (Mar. 13:35) Tebelo ya ntlha e e bidiwang “maitseboa,” e ne e simolola fa letsatsi le sena go phirima go fitlha ka ura ya borobongwe bosigo. Ya bobedi e e bidiwang “bosigogare” e ne e simolola mo e ka nnang ka ura ya borobongwe go fitlha ka 12 bosigo. Tebelo ya boraro e e bidiwang “fa mokoko o lela” kgotsa pele letsatsi le tlhaba, e ne e simolola bosigogare go fitlha ka ura ya boraro mo mosong. Go ka direga gore mokoko o ile wa lela ka yone nako eo mo bosigong jwa fa Jesu a ne a tshwerwe. (Mar. 14:72) Tebelo ya bonê e e bidiwang “phakela” yone e ne e simolola mo e ka nnang ka ura ya boraro mo mosong go fitlha letsatsi le tlhaba.

Ka jalo, le fa gone batho ba motlha wa go kwalwa ga Baebele ba ne ba se na ditshupanako, ba ne ba na le tsela nngwe ya go itse gore ke nako mang.