Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Itumela ba ba Direlang “Modimo yo o Itumetseng”

Go Itumela ba ba Direlang “Modimo yo o Itumetseng”

“Go itumela setšhaba se Modimo wa sone e leng Jehofa!”—PES. 144:15.

PINA: 44, 125

1. Ke eng fa Basupi ba ga Jehofa ba itumetse? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

BASUPI BA GA JEHOFA ke batho ba ba itumetseng. Fa ba kopane kwa dipokanong, kwa dikopanong le kwa dikokoanong tse di farologaneng ba a tlotla e bile ba itumetse. Ke eng fa ba itumetse thata jalo? Lebaka la konokono ke gore ba itse “Modimo yo o itumetseng” e bong Jehofa, ba a mo direla e bile ba leka go mo etsa. (1 Tim. 1:11; Pes. 16:11) E re ka Modimo e le Motswedi wa boitumelo, o batla gore le rona re itumele e bile o re naya mabaka a le mantsi a a ka dirang gore re itumele.—Dute. 12:7; Mor. 3:12, 13.

2, 3. (a) Boitumelo ke eng? (b) Ke eng fa go se motlhofo go itumela?

2 Gotweng ka wena? A o itumetse? A o ka kgona go itumela le go feta? Go itumela go kaya go ikutlwa ka tsela e e siameng, go kgotsofalela botshelo kgotsa go ipela. Baebele e tlhalosa gore batho ba ba segofadiwang ke Jehofa ke bone fela ba ka bonang boitumelo jwa mmatota. Le fa go ntse jalo, mo lefatsheng leno go itumela ga go motlhofo. Ka ntlha yang?

3 Dilo tse di ngomolang pelo tse di jaaka fa mongwe yo re mo ratang a tlhokafala kgotsa a tlosiwa mo phuthegong kgotsa tlhalo kgotsa go latlhegelwa ke tiro, di ka dira gore re se ka ra itumela. Mathata a lelapa le go se nne le puisano e e siameng mo lapeng le gone go ka re hutsafatsa. Go sotlwa ke badirimmogo kgotsa bana ba re tsenang sekolo le bone, go bogisiwa ka ntlha ya se re se dumelang kgotsa go tsenngwa mo kgolegelong le gone go ka re amoga boitumelo. Go ntse jalo le ka botsogo jo bo bokoa, go lwala kgotsa kgatelelo ya maikutlo. Le fa go ntse jalo, Jesu Keresete yo e leng “Mothati yo o itumetseng le yo o esi,” o ne a rata go gomotsa batho le go ba itumedisa. (1 Tim. 6:15; Math. 11:28-30) Mo Therong ya kwa Thabeng, Jesu o ne a bua ka dinonofo tse di ka dirang gore re itumele le fa re lebana le mathata mo lefatsheng leno le le laolwang ke Satane.

GO NNA LE KAMANO E E MOLEMO LE JEHOFA GO TLA DIRA GORE RE ITUMELE

4, 5. Ke eng se re ka se dirang gore re itumele le gore re tswelele re itumetse?

4 Selo sa ntlha se Jesu a ileng a bua ka sone se botlhokwa thata. O ne a re: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng, e re ka bogosi jwa magodimo e le jwa bone.” (Math. 5:3) Re bontsha jang gore re tshwenyegile ka se re se tlhokang semoyeng? Re dira jalo ka go ithuta Baebele, go ikobela ditaelo tsa Modimo le go dira gore go obamela Modimo wa rona yo o itumetseng e nne selo sa botlhokwa mo go rona. Fa re dira jalo, re tla itumela le go feta. Gape tumelo ya rona mo ditsholofetsong tsa Modimo e tla nonofa. Mo godimo ga moo, re tla kgothadiwa ke “tsholofelo e e itumedisang” e Lefoko la Modimo le e nayang baobamedi ba boammaaruri.—Tito 2:13.

5 Go nonotsha kamano ya rona le Jehofa go botlhokwa gore re tswelele re itumetse. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ka metlha ipeleng mo Moreneng [Jehofa]. Ke tla boa gape ke re, Ipeleng!” (Bafil. 4:4) Gore re nne le kamano e e molemo le Jehofa, re tlhoka botlhale jo bo tswang kwa go ene. Baebele ya re: “Go itumela motho yo o boneng botlhale, le motho yo o nnang le temogo. Ke setlhare sa botshelo mo go ba ba bo tshwarang, mme ba ba bo ngangatlelang ba tla bidiwa ba ba itumetseng.”—Dia. 3:13, 18.

6. Ke eng gape se re tshwanetseng go se dira gore re nne re itumetse?

6 Le fa go ntse jalo, gore re tswelele re itumetse, go botlhokwa gore re se ka ra bala Baebele fela, mme gape, re dirise se re se ithutang mo go yone. Jesu o ne a tlhalosa kafa seno se leng botlhokwa ka gone, fa a ne a re: “Fa lo itse dilo tseno, lo a itumela fa lo di dira.” (Joh. 13:17; bala Jakobe 1:25.) Seno ke sone se se tla dirang gore re kgotsofatse keletso ya rona ya go direla Modimo le go tswelela re itumetse. Mme gone, re ka kgona jang go nna re itumetse fa go na le dilo tse dintsi jaana tse di re amogang boitumelo? Mma re sekaseke dilo tse dingwe tse Jesu a ileng a di bua mo Therong ya kwa Thabeng.

DINONOFO TSE DI DIRANG GORE RE ITUMELE

7. Go ka kgonega jang gore batho ba ba hutsafetseng ba itumele?

7 “Go itumela ba ba hutsafetseng, e re ka ba tla gomodiwa.” (Math. 5:4) Bangwe ba ka tswa ba ipotsa jaana, ‘Go ka kgonega jang gore motho yo o hutsafetseng a itumele?’ Jesu o ne a sa bue ka botlhe ba ba hutsafetseng. Tota le batho ba ba bosula ba hutsafadiwa ke mathata a a leng gone ‘mo metlheng eno ya bofelo e go leng boima go lebana le yone.’ (2 Tim. 3:1) Le fa go ntse jalo, ba ikakanyetsa fela ba le nosi mme ga ba akanye ka Jehofa, ka jalo, seo ga se kitla se dira gore ba itumele. Jesu o ne a bua ka batho ba ba tshwenyegang ka kamano ya bone le Modimo e bile ba utlwisiwa botlhoko ke gore batho ba le bantsi ba gana Modimo e bile ga ba tshele ka tsela e a e amogelang. Ba a itse gore ke baleofi e bile ba bona mathata a a nnileng gone ka ntlha ya diphoso tsa batho. Jehofa o bona batho ba ba ntseng jalo; o ba gomotsa ka Lefoko la gagwe e bile o dira gore ba itumelele botshelo.—Bala Esekiele 5:11; 9:4.

8. Tlhalosa kafa go nna bonolo go ka dirang gore motho a itumele ka gone.

8 “Go itumela ba ba bonolo, e re ka ba tla rua lefatshe.” (Math. 5:5) Go nna bonolo go ka dira jang gore batho ba itumele? Fa batho ba sena go ithuta boammaaruri, ba a fetoga. Mo nakong e e fetileng, ba ka tswa ba ne ba le bogale, e le borrantwadumela e bile ba le dikgoka. Mme gone jaanong ba apere “botho jo bosha” e bile ba bontsha “lorato lwa bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele.” (Bakol. 3:9-12) Ka ntlha ya seo, ba na le kagiso, ba na le kamano e e molemo le ba bangwe e bile ba itumetse. Mo godimo ga moo, Baebele ya re batho bano “ba tla rua lefatshe.”—Pes. 37:8-10, 29.

9. (a) Jesu o ne a raya jang fa a ne a re ba ba bonolo “ba tla rua lefatshe”? (b) Ke eng fa batho “ba ba tshwerweng ke tlala e bile ba nyoretswe tshiamo” ba ka itumela?

9 Jesu o ne a raya jang fa a ne a re “ba ba bonolo . . . ba tla rua lefatshe”? Batlodiwa ba tla rua lefatshe fa ba le busa e le dikgosi le baperesiti. (Tshen. 20:6) Dimilione tsa batho ba bangwe ba ba se nang tsholofelo ya go tshela kwa legodimong, ba tla rua lefatshe ka go nna le tshono ya go tshelela ruri mo go lone ba itekanetse e bile go tla bo go na le kagiso le boitumelo. Bano ke bone ba Baebele e reng ba itumetse ka gonne ‘ba tshwerwe ke tlala e bile ba nyoretswe tshiamo.’ (Math. 5:6) Tlala ya bone le lenyora la bone la tshiamo di tla kgotsofadiwa mo lefatsheng le lesha. (2 Pet. 3:13) Fa Modimo a sena go fedisa bosula jotlhe, batho ba ba siameng ba tla itumela mme ga ba kitla ba tlhola ba hutsafadiwa ke dilo tse di bosula tse di dirwang ke batho ba ba bosula.—Pes. 37:17.

10. Go nna kutlwelobotlhoko go kaya eng?

10 “Go itumela ba ba kutlwelobotlhoko, e re ka ba tla bontshiwa kutlwelobotlhoko.” (Math. 5:7) Lediri la Sehebera le le amanngwang le lefoko kutlwelobotlhoko, le kaya “go nna le maikutlo a lorato; . . . go nna pelotlhomogi.” Ka tsela e e tshwanang, lediri la Segerika le lone le akaretsa go tlhomogela motho yo mongwe pelo. Le fa go ntse jalo, kutlwelobotlhoko ga se boikutlo fela. Baebele e ruta gore kutlwelobotlhoko e akaretsa go dira sengwe se se ka thusang motho yo mongwe.

11. Setshwantsho sa Mosamarea yo o molemo se re ruta eng?

11 Bala Luke 10:30-37. Setshwantsho sa ga Jesu sa Mosamarea yo o molemo se bontsha sentle gore go nna kutlwelobotlhoko go kaya eng. E re ka Mosamarea a ne a le pelotlhomogi e bile a le kutlwelobotlhoko, o ile a tsaya kgato gore a thuse monna yo o neng a gobetse. Fa Jesu a sena go bua ka setshwantsho seo, o ne a re: “Tsamaya mme le wena o dire fela jalo.” Ka jalo, re ka ipotsa jaana: ‘A le nna ke dira se se tshwanang? A ke dira se Mosamarea yo o pelotlhomogi a ileng a se dira? A nka kgona go bontsha kutlwelobotlhoko ka tsela e e oketsegileng le go direla batho ba ba bogang dilo tse di molemo? Ka sekai, a nka thusa Bakeresete ba ba godileng, batlholagadi le bana ba ba mo phuthegong ba batsadi ba bone e seng Basupi? A nka tsaya matsapa go “[bua] ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo”?’—1 Bathes. 5:14; Jak. 1:27.

Leka go thusa ba bangwe mme o bone kafa seo se tla dirang gore o itumele ka gone (Bona serapa 12)

12. Go nna kutlwelobotlhoko go ka dira jang gore re itumele?

12 Mme gone, go nna kutlwelobotlhoko go ka dira jang gore re itumele? Fa re utlwela batho ba bangwe botlhoko, re nna le boitumelo jwa go aba. Mo godimo ga moo, re a itse gore re itumedisa Jehofa. (Dit. 20:35; bala Bahebera 13:16.) Kgosi Dafide o ne a bua jaana ka motho yo o akanyetsang ba bangwe: “Jehofa o tla mo disa le go mmoloka a tshela. O tla bolelwa e le yo o itumetseng mo lefatsheng.” (Pes. 41:1, 2) Fa re utlwela batho ba bangwe botlhoko le go ba tlhomogela pelo, seo se tla dira gore Jehofa a re utlwele botlhoko mme re tla tshelela ruri re itumetse.—Jak. 2:13.

LEBAKA LA GO BO “BA BA ITSHEKILENG MO PELONG” BA ITUMETSE

13, 14. Ke eng fa batho “ba ba itshekileng mo pelong” ba itumetse?

13 “Go itumela ba ba itshekileng mo pelong, e re ka ba tla bona Modimo.” (Math. 5:8) Gore re nne le dipelo tse di itshekileng, re tshwanetse go nna le dikakanyo le dikeletso tse di phepa. Dikakanyo tsa rona di tshwanetse go nna phepa fa re batla gore Jehofa a amogele kobamelo ya rona.—Bala 2 Bakorintha 4:2; 1 Tim. 1:5.

14 Batho ba ba itshekileng mo pelong ba ka itumelela kamano e e molemo le Jehofa, ka gonne o ne a re: “Go itumela ba ba tlhatswang diaparo tsa bone.” (Tshen. 22:14) Ba ‘tlhatswa diaparo tsa bone’ ka tsela efe? Bakeresete ba ba tloditsweng ‘ba tlhatswa diaparo tsa bone’ ka gonne ba phepa mo matlhong a ga Jehofa mme o tla dira gore ba tshelele ruri ba itumetse kwa legodimong. Ba boidiidi jo bogolo ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng le bone ba ka tsewa e le basiami ka go nna ditsala tsa Modimo. Tota le gone jaanong ‘ba tlhatswa diaparo tsa bone tse di telele le go di sweufatsa mo mading a Kwana.’—Tshen. 7:9, 13, 14.

15, 16. Batho ba ba itshekileng mo pelong ba ka “bona Modimo” jang?

15 Batho ba ba itshekileng mo pelong ba ka “bona Modimo” jang fa tota go se na “motho yo o ka [bonang Modimo] a bo a sala a tshela”? (Ekes. 33:20) Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “bona” le ka kaya “go bona ka leitlho la mogopolo, go tlhaloganya, go itse.” Batho ba ba bonang Modimo ka “matlho a dipelo” tsa bone ke batho ba ba setseng ba mo itse e bile ba rata dinonofo tsa gagwe. (Baef. 1:18) Jesu o ne a bontsha botho jwa Modimo, ka jalo, o ne a ka kgona go re: “Yo o mponeng o bone le Rara.”—Joh. 14:7-9.

16 Mo godimo ga moo, baobamedi ba boammaaruri ba ka “bona Modimo” ka go ela tlhoko tsela e a ba thusang ka yone mo botshelong. (Jobe 42:5) Gape ba tlhoma “matlho a dipelo” tsa bone mo ditsholofetsong tse di itumedisang tse Modimo a di solofetsang batho ba ba tswelelang ba le phepa e bile ba mo direla ka boikanyegi. Batlodiwa bone ba tla bona Modimo ka tsela ya mmatota fa ba amogela tuelo ya bone ya kwa legodimong.—1 Joh. 3:2.

RE KA ITUMELA LE FA RE NA LE MATHATA

17. Go dira kagiso le batho ba bangwe go ka dira jang gore re itumele?

17 Gape Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba kagiso.” (Math. 5:9) Batho ba ba lekang ka natla gore go nne le kagiso, ba na le mabaka a a utlwalang a go itumela. Morutwa Jakobe o ne a re: “Peo ya leungo la tshiamo e jalwa mo maemong a a kagiso e jalelwa ba ba dirang kagiso.” (Jak. 3:18) Fa re sa utlwane le mongwe mo phuthegong kgotsa mo lelapeng, re ka kopa Modimo gore a re thuse go agisana le motho yoo. Jehofa o tla go naya moya o o boitshepo mme o tla go thusa gore o bontshe dinonofo tsa Bokeresete le gore o itumele. Jesu o ne a bontsha botlhokwa jwa go dira kagiso le batho ba bangwe fa a ne a re: “Fa, he, o tlisa mpho ya gago kwa sebesong mme o gakologelwa o le koo gore morwarraago o na le sengwe kgatlhanong le wena, tlogela mpho ya gago koo fa pele ga sebeso, mme o tsamaye; agisanya le morwarraago pele, go tswa foo, fa o boile, isa mpho ya gago tshupelo.”—Math. 5:23, 24.

18, 19. Ke eng fa Bakeresete ba ka itumela le fa gone ba bogisiwa?

18 “Go itumela lona fa batho ba lo kgoba ba bo ba lo bogisa e bile ba bua ka lona selo le fa e ka nna sepe fela se se boikepo ka ntlha ya me, e bile ba aka.” Jesu o ne a raya jang? O ne a re: “Ipeleng lo bo lo tlolake ka boipelo, e re ka maduo a lona a le magolo kwa magodimong; gonne ba ne ba bogisa baporofeti pele ga lona ka tsela eo.” (Math. 5:11, 12) Fa baaposetoloi ba sena go itewa le go laelwa gore ba tlogele go rera, ba ne “ba tswa fa pele ga Sanehederine ba tsamaya, ba ipela.” Gone ga se gore ba ne ba itumeletse go itewa. Go na le moo, ba ne ba itumetse “ka gonne ba ne ba kailwe ba tshwanela go tlontlololelwa leina la [ga Jesu].”—Dit. 5:41.

19 Gompieno le gone batho ba ga Jehofa ba itshoka ka boitumelo fa ba bogisediwa leina la ga Jesu kgotsa fa ba lebana le diteko tse di boima. (Bala Jakobe 1:2-4.) Fela jaaka baaposetoloi, ga re itumelele go bogisiwa. Mme gone, fa re tswelela re ikanyega mo Modimong fa re lebane le diteko, Jehofa a ka re thusa gore re itshoke ka bopelokgale. Ka sekai, ka August 1944, balaodi ba puso ya bobusaesi ba ne ba romela Henryk Dornik le morwarraagwe kwa kampeng ya pogiso. Le fa go ntse jalo, baganetsi ba bone ba ne ba re: “Go thata go ba pateletsa go dira sepe. Tumelo ya bone e dira gore ba itumele.” Mokaulengwe Dornik o ne a re: “Le fa gone ke ne ke sa batle go nna moswelatumelo, go itshokela pogiso ka bopelokgale le go tswelela ke ikanyega mo go Jehofa go ne go dira gore ke itumele. . . . Go rapela go ne ga dira gore ke atamalane le Jehofa mme o ne a nkema nokeng fela thata.”

20. Ke eng fa re itumelela go direla “Modimo yo o itumetseng”?

20 Fa “Modimo yo o itumetseng” a re amogela, re ka kgona go itumela le fa gone re bogisiwa ka ntlha ya se re se dumelang, re ganediwa kwa lapeng, re lwala kgotsa re tsofetse. (1 Tim. 1:11) Gape re itumedisiwa ke ditsholofetso tse di molemo tsa Modimo wa rona “yo a ka se kang a aka.” (Tito 1:2) Fa Jehofa a diragatsa ditsholofetso tseo, ga re kitla re tlhola re gopola mathata a re nang le one gone jaanong. Kwa Paradaiseng, masego a ga Jehofa a tla bo a le molemo thata go feta kafa re ka kgonang go akanya ka gone. Re tla itumela go ya go ile! Eleruri re “tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pes. 37:11.