Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tswelelang lo Ratana e Bile lo Kgothatsana

Tswelelang lo Ratana e Bile lo Kgothatsana

‘Lorato lo a aga.’—1 BAKOR. 8:1.

PINA: 109, 121

1. Jesu o ne a bua ka kgang efe ya botlhokwa mo bosigong jwa pele a bolawa?

MO BOSIGONG jwa bofelo jwa ga Jesu, o ile a bua ka lorato makgetlo a ka nna 30 fa a ne a na le barutwa ba gagwe. O ne a re barutwa ba gagwe ba tshwanetse go ‘ratana.’ (Joh. 15:12, 17) Tsela e ba ratanang ka yone e ne e tshwanetse go bontsha gore ke balatedi ba gagwe ba boammaaruri. (Joh. 13:34, 35) Lono ga se lorato fela lo lo sa reng sepe. Fano Jesu o ne a bua ka nonofo e e molemo tota e leng lorato lwa go intsha setlhabelo. O ile a re: “Ga go na ope yo o nang le lorato lo logolo go feta lono, gore motho a neele moya wa gagwe mo boemong jwa ditsala tsa gagwe. Lo ditsala tsa me fa lo dira se ke se lo laolelang.”—Joh. 15:13, 14.

2. (a) Batho ba Modimo ba itsege ka eng? (b) Re tla araba dipotso dife mo setlhogong seno?

2 Batho ba Modimo gompieno ba itsege ka lorato lwa mmatota le kutlwano. (1 Joh. 3:10, 11) Batho ba ga Jehofa ba a ratana go sa kgathalasege naga ya bone, lotso, puo kgotsa tsela e ba godisitsweng ka yone. Le fa go ntse jalo, re ka nna ra ipotsa jaana: ‘Ke eng fa go le botlhokwa go ratana gone jaanong? Jehofa le Jesu ba re kgothatsa jang? Re ka etsa Keresete jang ka go rata ba bangwe le go ba “aga”?’—1 Bakor. 8:1.

GORENG RE TSHWANETSE GO BONTSHA LORATO GONE JAANONG?

3. ‘Metlha ya bofelo’ e ama batho jang?

3 “Mo metlheng [eno] ya bofelo,” botshelo bo tletse ‘matshwenyego le dilo tse di utlwisang botlhoko’ mme ka ntlha ya seo, batho ba le bantsi ba ngomogile pelo. (Pes. 90:10; 2 Tim. 3:1-5) Ke ka moo bangwe ba bone ba batlang go itlhoboga. Dipalopalo di bontsha gore ngwaga le ngwaga batho ba ka nna 800 000 ba a ipolaya. Ka maswabi, tota le Bakeresete bangwe ba ile ba ikutlwa ka tsela eo ba bo ba ipolaya.

4. Ke batho bafe ba mo Baebeleng ba ba neng ba batla go swa?

4 Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, batlhanka bangwe ba ba ikanyegang ba Modimo ba ne ba imetswe ke mathata mo ba neng ba batla go swa. Ka sekai, Jobe yo o neng a le mo kutlobotlhokong o ne a re: ‘Ke ganne botshelo; ga ke batle go tshela ka bosakhutleng.’ (Jobe 7:16; 14:13) Jona o ne a swabisitswe ke kabelo ya gagwe mo a neng a re: “Mme jaanong, tlhe Jehofa, tsweetswee, tsaya moya wa me mo go nna, gonne go swa ga me go botoka go na le go tshela ga me.” (Jona 4:3) Gape moporofeti yo o ikanyegang e bong Elija o ne a tshwenyegile thata jaana mo a neng a kopa gore a swe. O ne a re: “Go lekane! Jaanong tlhe Jehofa, tsaya moya wa me.” (1 Dikg. 19:4) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a rata batlhanka bao ba gagwe e bile o ne a batla gore ba tshele. Ga a ka a ba kgala ka gonne ba ne ba ikutlwa jalo. Go na le moo, o ile a ba thusa gore ba batle go tswelela ba tshela le gore ba mo direle ka boikanyegi.

5. Ke eng fa re tshwanetse go rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona gone jaanong?

5 Le fa gone Bakeresetemmogo le rona ba sa batle go ipolaya, bontsi jwa bone ba lebana le dilo tse di ngomolang pelo mme ba tlhoka go kgothadiwa. Bangwe ba a bogisiwa e bile ba a sotlwa. Ba bangwe ba a kgalwa kgotsa ba senngwa maina kwa tirong. Ba bangwe ba lapile ka gonne ba bereka diura tse dintsi kgotsa ba dira tiro e e ba ngomolang pelo. Ba bangwe bone ba lebana le mathata a lelapa a a ba fetsang maatla a a jaaka go ganediwa ke molekane yo e seng Mosupi. Ka ntlha ya mathata ano le a mangwe, bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba lapile e bile ba kgobegile marapo. Ke mang a ka ba thusang gore ba tswelele ba itshokile?

LORATO LWA GA JEHOFA LO A RE KGOTHATSA

6. Jehofa o kgothatsa batlhanka ba gagwe jang?

6 Jehofa o kgothatsa batlhanka ba gagwe ka go ba tlhomamisetsa gore o a ba rata. Baiseraele ba ba ikanyegang batshwanetse ba bo ba ile ba kgothala tota fa Jehofa a ne a ba raya a re: “O ntse o le tlhwatlhwakgolo mo matlhong a me, o ile wa tsewa o le yo o tlotlegang, mme ke go ratile. . . . O se ka wa boifa, gonne ke na le wena.” (Isa. 43:4, 5) Tlhomamisega gore Jehofa o rata batlhanka ba gagwe botlhe fela thata. * Baebele e solofetsa batlhanka ba Modimo jaana: “Jaaka Yo o leng thata, o tla boloka. O tla itumela ka ntlha ya gago ka boipelo.”—Sefa. 3:16, 17.

7. Lorato lwa ga Jehofa lo tshwana jang le lwa mmê yo o anyisang? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

7 Jehofa o solofetsa batho ba gagwe gore o tla ba ema nokeng le go ba gomotsa go sa kgathalasege mathata a ba lebanang le one. Baebele ya re: “Ruri lo tla anya. Lo tla tsholwa mo letlhakoreng, mme lo tla fariwa mo mangoleng. Jaaka motho yo mmaagwe a nnang a mo gomotsa, le nna ke tla nna ke lo gomotsa jalo.” (Isa. 66:12, 13) Akanya kafa lesea le ikutlwang le sireletsegile ka gone fa mmaalone a le kukile e bile a le tshamekisa. Jehofa o dirisa setshwantsho seno go re bontsha gore o re rata thata. Le ka motlha o se ka wa belaela gore Jehofa o go tsaya o le botlhokwa.—Jer. 31:3.

8, 9. Lorato lwa ga Jesu lo ka re nonotsha jang?

8 Gape re a itse gore Modimo o a re rata ka gonne Baebele ya re “o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Joh. 3:16) Jesu le ene o ile a bontsha gore o a re rata ka go re swela! Lorato loo lwa gagwe lo a re nonotsha! Lefoko la Modimo la re tota le “pitlagano kgotsa matshwenyego” ga di ka ke tsa re “[kgaoganya] le lorato lwa ga Keresete.”—Bar. 8:35, 38, 39.

9 Fa re lebana le dikgwetlho tse di dirang gore re lape, re kgobege marapo kgotsa re se ka ra tlhola re itumelela go direla Jehofa, lorato lwa ga Keresete lo ka re naya nonofo ya go itshoka. (Bala 2 Bakorintha 5:14, 15.) Lorato lwa gagwe lo ka re fa maatla le go re thusa gore re se ka ra itlhoboga le fa re lebane le mathata a a jaaka masetlapelo, go bogisiwa, go swabisiwa kgotsa ditlhobaelo.

RE TSHWANETSE GO RATA BAKERESETEMMOGO LE RONA

Go ithuta ka sekao sa ga Jesu go ka go tlhotlheletsa (Bona serapa 10 le 11)

10, 11. Ke mang a tshwanetseng go kgothatsa Bakeresete ba ba kgobegileng marapo? Tlhalosa.

10 Gape Jehofa o dirisa phuthego ya Bokeresete go re kgothatsa. Rotlhe re ka bontsha gore le rona re rata Jehofa ka go rata le go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. (1 Joh. 4:19-21) Moaposetoloi Paulo o ile a rotloetsa Bakeresete jaana: “Nnang lo gomotsane lo bo lo agane, fela jaaka tota e bile lo dira.” (1 Bathes. 5:11) Bagolwane ga se bone fela ba tshwanetseng go dira jalo. Rotlhe re ka etsa Jehofa le Jesu ka go kgothatsa le go gomotsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona.—Bala Baroma 15:1, 2.

11 Bakeresete bangwe mo phuthegong ba ba nang le bolwetse jwa go tshwenyega mo maikutlong ba ka nna ba tlhoka go bona ngaka kgotsa go tsaya kalafi nngwe. (Luke 5:31) Bagolwane le Bakeresete ba bangwe mo phuthegong ba a itse gore ga se dingaka. Le fa go ntse jalo, ba na le tiro ya botlhokwa e ba tshwanetseng go e dira, e leng go ‘bua ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo, go tshegetsa ba ba bokoa le go nna pelotelele mo go botlhe.’ (1 Bathes. 5:14) Bakeresete botlhe ba tshwanetse go leka go tlhaloganya tsela e Bakeresete ba ba kgobegileng marapo ba ikutlwang ka yone, go nna pelotelele le bone le go ba gomotsa. A o tlwaetse go kgothatsa ba bangwe le go ba gomotsa? Fa o itse gore o ka dira seo jang, go tla nna le diphelelo tse di molemo.

12. Naya sekai sa mongwe yo o ileng a kgothadiwa ke Bakeresetemmogo le ene.

12 Lorato lwa rona lo ka kgothatsa jang ba ba utlwileng botlhoko? Kgaitsadi mongwe wa kwa Yuropa a re: “Ka dinako dingwe ke a tle ke akanye go ipolaya. Le fa go ntse jalo, go na le batho ba le bantsi ba ba nkemang nokeng. Phuthego e ke leng mo go yone e nthusitse. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba a nthata e bile ba nna ba nkgothatsa. Le fa gone e le ba le mmalwa fela ba ba itseng gore ke na le bolwetse jwa go tshwenyega mo maikutlong, phuthego yotlhe e nna e nkema nokeng ka metlha. Banyalani bangwe ba itshupile e le batsadi ba me ba mo phuthegong. Ba a ntlhokomela e bile ba a nthusa nako nngwe le nngwe fa ke ba tlhoka.” Gone ga re ka ke ra kgona go thusa ka ditsela tse di tshwanang. Le fa go ntse jalo, rotlhe re ka kgona go ema bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona nokeng. *

RE KA KGOTHATSA BA BANGWE JANG?

13. Re tshwanetse go dira eng fa re batla go kgothatsa ba bangwe?

13 Reetsa ka kelotlhoko. (Jak. 1:19) Fa o reetsa, seo se bontsha gore o rata Mokeresetemmogo le wena. O ka nna wa botsa dipotso ka botlhale gore o leke go tlhaloganya gore o ikutlwa jang. Seno se ka go thusa gore o kgone go mo kgothatsa. Tebego ya gago ya sefatlhego e tshwanetse go bontsha gore o amega ka ene le gore o a mo rata. Fa motho yoo a batla go go bolelela dilo di le dintsi, nna pelotelele mme o se ka wa mo tsena ganong. Fa o mo reetsa ka bopelotelele, o tla kgona go tlhaloganya sentle gore o ikutlwa jang. Seno se tla dira gore mokaulengwe kgotsa kgaitsadi wa gago a go tshepe le gore a go reetse fa o mo kgothatsa. Fa o bontsha gore o amega ka ene, o tla gomotsega.

14. Ke eng fa re tshwanetse go tila go tshwayatshwaya ba bangwe diphoso?

14 Tila go tshwayatshwaya ba bangwe diphoso. Fa re tshwaya batho ba ba kgobegileng marapo phoso go ka ba okeletsa mathata e bile matsapa a rona a go ba kgothatsa a ka itaya sefololetse. Baebele ya re: “Go na le yo o buang a sa akanye jaaka e kete ka ditlhabo tsa tšhaka, mme loleme lwa ba ba botlhale ke phodiso.” (Dia. 12:18) Le fa gone re ka se ka ra kgoba ba bangwe ka mafoko ka boomo fela, fa re bua re sa akanye, seo se ka ba utlwisa botlhoko. Gore re kgone go kgothatsa bakaulengwe ba rona, re tshwanetse go ba tlhomamisetsa gore re tlhaloganya maemo a ba leng mo go one.—Math. 7:12.

15. Re ka dirisa eng go kgothatsa ba bangwe?

15 Dirisa Baebele go kgothatsa ba bangwe. (Bala Baroma 15:4, 5.) Baebele e tswa kwa ‘Modimong yo o fang boitshoko le kgomotso,’ ka jalo, e ka kgona go re kgothatsa fa re na le mathata. Mo godimo ga moo, re na le dikgatiso di le dintsi tse di theilweng mo Baebeleng. Re ka dirisa Watch Tower Publications Index le Kaedi ya go Dira Dipatlisiso ya Basupi ba ga Jehofa. Di ka re thusa go bona makwalo le dikgatiso tse di ka re thusang go lebana le mathata a rona le go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona.

16. Re tshwanetse go bontsha dinonofo dife fa re kgothatsa Mokeresete yo o kgobegileng marapo?

16 Nna bonolo le pelonomi. Seno se tla re thusa gore re kgone go kgothatsa ba bangwe. Jehofa ke “Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe,” e bile o bontsha batlhanka ba gagwe “bopelotlhomogi jo bo pelonomi.” (Bala 2 Bakorintha 1:3-6; Luke 1:78; Bar. 15:13) Paulo o ne a re tlhomela sekao se se molemo mo ntlheng eno, o ne a re: “Re ne ra nna bonolo mo gare ga lona, jaaka fa mmè yo o amusang a ngomaela bana ba gagwe. Jalo, e re ka re lo rata ka lorato lwa bopelonomi, re ne ra itumelela thata go lo naya, e seng fela dikgang tse di molemo tsa Modimo, mme gape le meya ya rona, ka gonne lo ne lo ratega mo go rona.” (1 Bathes. 2:7, 8) Fa re le bonolo e bile re le pelonomi jaaka Jehofa, re ka kgona go gomotsa Mokeresetemmogo le rona yo o rapelelang kgomotso.

17. Re ka kgona go kgothatsa bakaulengwe ba rona fa re ba leba ka tsela efe?

17 O se ka wa lebelela gore Bakeresetemmogo le wena ba se ka ba dira diphoso. Tswelela o leba Bakeresetemmogo le wena ka tsela e e siameng. Go tla bo go sa siama go lebelela gore Bakeresetemmogo le wena ba se ka ba dira diphoso, e bile fa o dira jalo, o tlile go kgobega marapo. (Mor. 7:21, 22) Gopola gore Jehofa ga a lebelela gore re dire dilo tse re ka se kgoneng go di dira. Fa re etsa sekao sa gagwe, re tla kgona go itshokela ba bangwe fa ba dira diphoso. (Baef. 4:2, 32) Ga re a tshwanela go dira gore ba ikutlwe e kete ba a palelwa, go na le moo, re tshwanetse go ba akgola. Go dira jalo go ka ba kgothatsa. Go akgola ba bangwe go ka ba kgothatsa le go dira gore ba nne le “lebaka la go itumela” fa ba ntse ba direla Modimo. Go tla bo go le botoka gore re dire jalo go na le go bapisa bakaulengwe ba rona le batho ba bangwe.—Bagal. 6:4.

18. Ke eng se se tshwanetseng go re tlhotlheletsa go rata ba bangwe le go ba kgothatsa?

18 Batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba botlhokwa tota mo go ene le mo go Jesu. (Bagal. 2:20) Re rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona thata. Go tla bo go le molemo gore re ba tlhokomele ka lorato. Fa re batla go ba kgothatsa, “a re lateleleng dilo tse di isang kagisong le dilo tse di bakang go agana.” (Bar. 14:19) Re lebile pele go nako e e tlang mo lefatsheng la Paradaise mo re se kitlang re tlhola re kgobega marapo! Go tla bo go se na bolwetse, dintwa, loso, pogiso, mathata a lelapa le dilo tse di swabisang. Fa Dingwaga Tse di Sekete di sena go khutla, batho botlhe ba tla bo ba itekanetse. Batho ba ba falolang teko ya bofelo ba tla amogelwa e le barwa ba ga Jehofa Modimo ba mo lefatsheng mme ba “nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.” (Bar. 8:21) A rotlhe re tsweleleng re ratana, re kgothatsana le go thusana gore re tle re bone masego ao a a itumedisang.

^ ser. 12 Go bona dikakantsho tse di buang ka kgang ya gore o ka fenya jang dikakanyo tsa go batla go ipolaya, bala setlhogo se se mo makasineng wa Tsogang! se se reng: “Ke Eng fa o Tshwanetse go Tswelela o Tshela?” (April 2014); “Fa o Ikutlwa O sa Tlhole o Batla go Tshela” (January 2012); le se se reng, “Life Is Worth Living” (October 22, 2001, ka Seesemane).