Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 39

“Bona! Boidiidi jo Bogolo”

“Bona! Boidiidi jo Bogolo”

“Bona! boidiidi jo bogolo, jo go seng motho ope yo o neng a kgona go bo bala, . . . [bo] eme fa pele ga setulo sa bogosi le fa pele ga Kwana.”—TSHEN. 7:9.

PINA 60 Seno se ka Boloka Matshelo a Bone

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Moaposetoloi Johane o ne a le mo seemong sefe go ela kwa bowelong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga?

GO ELA kwa bowelong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga, moaposetoloi Johane o ne a lebane le seemo se se thata. O ne a tsofetse e bile a tshwerwe kwa setlhakatlhakeng sa Patamose. Mo godimo ga moo, go ka direga gore e ne e le ene fela moaposetoloi yo o neng a sa ntse a tshela. (Tshen. 1:9) O ne a itse gore batlhanogi ba ruta dithuto tsa maaka e bile ba kgaoganya phuthego. Go ne go lebega e kete Bakeresete ba boammaruri ga ba kitla ba tlhola ba nna teng.—Jude 4; Tshen. 2:15, 20; 3:1, 17.

Moaposetoloi Johane o ne a bona “boidiidi jo bogolo” bo apere diaparo tse ditshweu bo tshwere ditlhare (Bona serapa 2)

2. Go ya ka Tshenolo 7:9-14, Johane o ile a bona ponatshegelo efe e e itumedisang? (Bona setshwantsho sa khabara.)

2 Le fa Johane a ne a le mo seemong se se thata, o ne a bona ponatshegelo e e itumedisang. Mo ponatshegelong eo, baengele ba laelwa gore ba ngangatlele diphefo tsa pitlagano e kgolo go fitlha setlhopha sengwe sa batlhanka ba Modimo se fetsa go tshwaiwa. (Tshen. 7:1-3) Setlhopha seo ke batho ba le 144 000 ba ba tla busang le Jesu kwa legodimong. (Luke 12:32; Tshen. 7:4) Go tswa foo, Johane o bona setlhopha se sengwe se se tona a bo a re: “Bona!” Johane o ne a gakgametse. O ile a bona “boidiidi jo bogolo, jo go seng motho ope yo o neng a kgona go bo bala, bo tswa mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi le fa pele ga Kwana.” (Bala Tshenolo 7:9-14.) Johane o tshwanetse a bo a ne itumeletse go itse gore mo nakong e e tlang, batho ba le bantsi ba tla obamela Jehofa ka tsela e a e batlang.

3. (a) Ke eng fa ponatshegelo ya ga Johane e tshwanetse go nonotsha tumelo ya rona? (b) Re tla ithuta eng mo setlhogong seno?

3 Ga go pelaelo gore ponatshegelo eo e ile ya nonotsha tumelo ya ga Johane. Mme boporofeti jo bo mo ponatshegelong eo bo tshwanetse go nonotsha tumelo ya rona le eleng go feta ka gonne re tshela mo nakong e bo diragadiwang ka yone. Gone jaanong batho ba le bantsi ba itumelela go direla Jehofa e bile ba na le tsholofelo ya go falola pitlagano e kgolo le go tshelela ruri mo lefatsheng. Mo setlhogong seno, re tlile go bona gore dingwaga di feta 80 tse di fetileng, Jehofa o ile a thusa jang batho ba gagwe go tlhaloganya gore setlhopha seno ke bomang. Gape re tla bona gore setlhopha seno (1) se na le batho ba le bantsi le gore (2) ba tswa mo ditsong tse di farologaneng. Go tlotla ka dintlha tseno go tla nonotsha tumelo ya botlhe ba ba batlang go nna karolo ya setlhopha seno.

BOIDIIDI JO BOGOLO BO TLA NNA KAE?

4. Dikereke di ruta eng, mme Baithuti ba Baebele ba ne ba farologana jang le tsone?

4 Dikereke ga di rute gore batho ba ba ratang Jehofa ba tla tshelela ruri mo lefatsheng. (2 Bakor. 4:3, 4) Go na le moo, bontsi jwa tsone di ruta gore fa batho ba ba siameng ba swa, ba ya legodimong. Mme Baithuti ba Baebele ba ba neng ba gatisa makasine wa Tora ya Tebelo ka dingwaga tsa bo1800, bone ba ne ba ruta se se farologaneng. Ba ne ba itse gore Jehofa o tla dira gore lefatshe lotlhe e nne Paradaise le gore batho ba ba siameng ba tla tshelela ruri mo lefatsheng, e seng kwa legodimong. Mme gone, go tsere lobaka gore ba tlhaloganye gore batho bao ke bomang.—Math. 6:10.

5. Baithuti ba Baebele ba ne ba itse eng ka 144 000?

5 Gape Baithuti ba Baebele ba ne ba itse gore Baebele ya re batho bangwe ba tla ‘rekwa mo lefatsheng’ gore ba ye go busa le Jesu kwa legodimong. (Tshen. 14:3) Batho bao e ne e tla nna Bakeresete ba ba ineetseng mo go Jehofa ba le 144 000 ba ba neng ba direla Jehofa ka boikanyegi fa ba sa ntse ba le mo lefatsheng. Mme gotweng ka boidiidi jo bogolo?

6. Baithuti ba Baebele ba ne ba akanya eng ka boidiidi jo bogolo?

6 Johane o ile a bona boidiidi jo bogolo bo “eme fa pele ga setulo sa bogosi le fa pele ga Kwana.” (Tshen. 7:9) Ponatshegelo eno ya ga Johane e ile ya dira gore Baithuti ba Baebele ba akanye gore boidiidi jo bogolo le jone bo tlile go tshela kwa legodimong. Mme gone, fa e le gore ba ba 144 000 ba ne ba tlile go tshela le ba boidiidi jo bogolo kwa legodimong, ditlhopha tseno tse pedi di ne di tla farologana jang? Baithuti ba Baebele ba ne ba akanya gore ba boidiidi jo bogolo ke Bakeresete ba ba neng ba sa ikanyege go le kalo mo Modimong fa ba sa ntse ba le mo lefatsheng. Gape ba ne ba akanya gore batho bangwe ba ba tsenang dikereke mme gone ba tshela ka melao ya Modimo le bone ke karolo ya boidiidi jo bogolo. Ka jalo, ba ne ba fetsa ka gore, le fa gone ba boidiidi jo bo bogolo ba ne ba rata Modimo, ba ne ba sa tshwanelege go busa le Jesu ka gonne ba ne ba sa mo rate ka pelo yotlhe. E re ka ba ne ba sa tshwanelege go busa le Jesu, ba ne ba se kitla ba nna mo ditulong tsa bogosi, go na le moo, ba ne ba tla ema fa pele ga setulo sa bogosi.

7. Baithuti ba Baebele ba ne ba akanya gore ke bomang ba ba tla tshelang mo lefatsheng ka nako ya Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete, mme ba ne ba akanya gore go tla diregang ka banna ba ba ikanyegang ba bogologolo?

7 Ka jalo, ke bomang ba ba neng ba tla tshela mo lefatsheng? Baithuti ba Baebele ba ne ba dumela gore fa boidiidi jo bogolo le ba ba 144 000 ba sena go ya legodimong, go ne go tla nna le batho ba ba neng ba tla tshela mo lefatsheng ka nako ya Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete. Ba ne ba akanya gore batho bao ke ba ba neng ba sa direle Jehofa pele Puso eo e simolola go busa. Ka jalo, ba ne ba tla rutiwa melao ya ga Jehofa ka yone nako eo. Baithuti ba Baebele ba ne ba dumela gore morago ga dingwaga di le sekete, batho ba ba ikobelang Jehofa ba tla tshelela ruri mo lefatsheng mme ba ba sa mo ikobeleng bone ba ne ba tla nyelediwa. Gape ba ne ba akanya gore ka Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete, batho bangwe, go akaretsa le batlhanka ba ga Jehofa ba bogologolo ba ne ba tla busa mo lefatsheng e le “dikgosana.” Ba ne ba akanya gore “dikgosana” tseno di ne di tla ya go tshela kwa legodimong fa puso ya ga Keresete e fela.—Pes. 45:16.

8. Baithuti ba Baebele ba ne ba akanya gore go na le ditlhopha di le kae tsa batho tse di tla diragatsang boikaelelo jwa Modimo?

8 Baithuti ba Baebele ba ne ba dumela gore go na le ditlhopha di le tharo: (1) ba ba 144 000 ba ba neng ba tla busa le Jesu kwa legodimong, (2) boidiidi jo bogolo, e leng Bakeresete ba ba neng ba sa rate Modimo go le kalo ba ba neng ba tla ema fa pele ga setulo sa ga Jesu kwa legodimong le (3) batho ba le bantsi ba ba neng ba tla rutiwa melao ya ga Jehofa mo lefatsheng ka Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete. * Mme gone, moragonyana Jehofa o ile a thusa batlhanka ba gagwe gore ba kgone go tlhaloganya dilo sentle.—Dia. 4:18.

LESEDI LE PHATSIMELA PELE

Ka kopano ya 1935, batho ba le bantsi ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba ne ba kolobediwa (Bona serapa 9)

9. (a) Ba boidiidi jo bogolo ba ka ema jang fa “pele ga setulo sa bogosi le fa pele ga Kwana” ba le mo lefatsheng? (b) Ke eng fa tsela e re tlhaloganyang Tshenolo 7:9 ka yone e utlwala?

9 Ka 1935, batho ba ga Jehofa ba ile ba simolola go tlhaloganya sentle gore boidiidi jo bogolo jo Johane a buang ka jone ke bomang. Ba ne ba lemoga gore boidiidi joo ga bo tlhoke go nna kwa legodimong gore bo eme fa “pele ga setulo sa bogosi le fa pele ga Kwana.” Go na le moo, ba tla ema fa pele ga setulo sa bogosi le fa pele ga Kwana ka tsela ya tshwantshetso. E re ka ba tla bo ba le mo lefatsheng, ba tla ema fa pele ga “setulo sa bogosi” fa ba amogela gore Jehofa ke ene mmusi wa Lobopo lotlhe le fa ba ikobela ditaelo tsa gagwe. (Isa. 66:1) Ba tla ema fa “pele ga Kwana” fa ba dumela mo setlhabelong sa ga Jesu. Mathaio 25:31, 32 e re thusa go tlhaloganya gore ba boidiidi jo bogolo ga ba tlhoke gore ba bo ba le kwa legodimong gore ba eme fa pele ga setulo sa bogosi le fa pele ga Kwana. Ya re ditšhaba tsotlhe, go akaretsa le batho ba ba sa siamang, di tla “phuthelwa” fa pele ga ga Jesu. Ga go pelaelo gore ditšhaba tseno, di tla bo di le mo lefatsheng, e seng kwa legodimong. Tlhaloso eno e a utlwala e bile e re thusa go tlhaloganya gore ke eng fa Baebele e sa bue sepe ka gore ba boidiidi jo bogolo ba tla ya legodimong. Ba ba 144 000 ke bone fela ba ba tla yang go tshela kwa legodimong. Ba tla “busa lefatshe e le dikgosi” ba na le Jesu.—Tshen. 5:10.

10. Ke eng fa boidiidi jo bogolo bo tshwanetse go rutiwa ka Jehofa pele ga Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete?

10 Fa e sale go tloga ka 1935, Basupi ba ga Jehofa ba tlhaloganya gore boidiidi jo bogolo jo go buiwang ka jone mo ponatshegelong ya ga Johane ke Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng. Ba tshwanetse go rutiwa ka Jehofa le go mo direla pele ga Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete. Fa ba dira jalo, ba tla kgona go falola pitlagano e kgolo. Ba tshwanetse go nna le tumelo gore ba kgone go ‘falola dilo tsotlhe tse di laoletsweng go diragala’ pele ga Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete.—Luke 21:34-36.

11. Ke eng fa Baithuti ba Baebele ba ne ba akanya gore batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba tla ya go tshela kwa legodimong morago ga Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete?

11 Mme gotweng ka kgang ya gore batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba tla ya go tshela kwa legodimong morago ga Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete? Kgang eno e ile ya tlhagelela mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa February 15, 1913. Baithuti ba Baebele ba ne ba akanya gore batlhanka bao ba Modimo ba tla ya go tshela kwa legodimong ka gonne ba ne ba tsaya gore ga go utlwale gore Bakeresete ba ba sa ikanyegeng go le kalo mo Modimong ba ye go tshela kwa legodimong mme ba ba ikanyegang ba bogologolo bone ba tshele mo lefatsheng. Ba ne ba akanya jalo ka gonne: (1) ba ne ba akanya gore boidiidi jo bogolo bo tla tshela kwa legodimong. Gape (2) ba ne ba akanya gore ba boidiidi jo bogolo ke ba ba sa ikanyegeng go le kalo mo Modimong.

12-13. Batlodiwa le ba boidiidi jo bogolo ba itse eng?

12 Mme gone, jaaka re setse re bone, fa e sale go tloga ka 1935, Basupi ba ga Jehofa ba a itse gore batho ba ba tla falolang Haramagedona ke bone boidiidi jo bogolo. Ba tla ‘tswa mo pitlaganong e kgolo’ mo lefatsheng mme ba tla “goa ka lentswe le le kwa godimo, ba re: ‘Poloko re e neilwe ke Modimo wa rona, yo o ntseng mo setulong sa bogosi, le ke Kwana.’” (Tshen. 7:10, 14) Mo godimo ga moo, Baebele ya re ba ba tla tsosediwang kwa legodimong ba na le tsholofelo e e “botoka” go feta ya batlhanka ba Modimo ba bogologolo. (Baheb. 11:40) Fa bakaulengwe ba rona ba sena go tlhaloganya kgang eno sentle, ba ne ba tlhagafala thata mo bodireding, ba laletsa batho gore ba direle Jehofa ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng.

13 Ba boidiidi jo bogolo ba itumelela go itse gore ba tla tshela mo lefatsheng. Ba a itse gore Jehofa ke ene a tlhophang gore batlhanka ba gagwe ba tla mo direla kae, e ka tswa e le kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng. Batlodiwa le ba boidiidi jo bogolo ba a itse gore Jehofa o ba bontshitse bopelonomi jo bo sa ba tshwanelang ka go ba naya tsholofelo ya go tshelela ruri a dirisa setlhabelo sa ga Jesu Keresete.—Bar. 3:24.

BA BANTSI TOTA!

14. Morago ga 1935, ke eng fa batho ba le bantsi ba ne ba ipotsa gore boporofeti jo bo buang ka boidiidi jo bogolo bo tla diragadiwa jang?

14 Fa batho ba ga Jehofa ba sena go tlhaloganya gore ba boidiidi jo bogolo ke bomang ka 1935, bontsi jwa bone ba ne ba ipotsa gore a mme batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba tla nna bantsi. Ka sekai, Ronald Parkin o ne a na le dingwaga di le 12 ka 1935. A re: “Ka nako eo, go ne go na le baboledi ba le 56 000 mo lefatsheng lotlhe mme bontsi jwa bone e ne e le batlodiwa. Ka jalo, go ne go sa lebege ba boidiidi jo bogolo ba tla nna bantsi.”

15. Jehofa o ntse a phutha jang ba boidiidi jo bogolo?

15 Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tse di neng tsa latela, barongwa ba ne ba romelwa kwa dinageng di le dintsi mme palo ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya nna e oketsega. Ka 1968, batho ba ga Jehofa ba ne ba simolola go ithuta Baebele le batho ba dirisa buka ya Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng. Buka eno e ne e tlhalosa boammaaruri jwa Baebele ka tsela e e motlhofo mme seo se ile sa dira gore batho ba le bantsi ba atamalane le Jehofa. Mo dingwageng di le nnê, go ne ga kolobediwa batho ba feta 500 000. Fa nako e ntse e ya, Kereke ya Katoliki e ne e sa tlhole e na le tlhotlheletso e e kalo kwa Latin America le kwa dinageng tse dingwe. Mo godimo ga moo, tiro ya rona e ne ya letlelelwa semolao kwa Yuropa le kwa dinageng dingwe tsa kwa Afrika. Ka jalo, go ile ga kolobediwa batho ba le bantsi tota. (Isa. 60:22) Gone jaanong phuthego ya ga Jehofa e na le didirisiwa di le dintsi tse di thusang batho go ithuta Baebele. Ga go pelaelo gore Jehofa o ntse a phutha boidiidi jo bogolo mme gone jaanong ke batho ba feta dimillione di le robedi.

BO TSWA MO DITSONG TSE DI FAROLOGANENG

16. Ba boidiidi jo bogolo ba tswa kae?

16 Fa Johane a ne a kwala ponatshegelo ya gagwe, o ne a re ba boidiidi jo bogolo ba tswa “mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme.” Moporofeti Sekarea le ene o ile a bua sengwe se se tshwanang. O ne a re: “Go tla diragala mo metlheng eo gore batho ba le lesome ba ba tswang mo dipuong tsotlhe tsa ditšhaba ba tla tshwara, ee, ba tla tshwara ntlha ya seaparo sa monna yo e leng Mojuda, ba re: ‘Re tla tsamaya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.’”—Seka. 8:23.

17. Jehofa o thusa batho ba ditšhaba tsotlhe jang?

17 Basupi ba ga Jehofa ba a itse gore, fa e le gore Jehofa Modimo o tlile go phuta batho ba dipuo tsotlhe, seo se raya gore ba tshwanetse go rerela batho ka dipuo di le dintsi. Re na le dingwaga di le 130 re ranola dikgatiso tsa Baebele. Mme gone jaanong, re di ranolela mo dipuong di le di ntsi fela thata. Seno se bontsha gore Jehofa o ntse a phutha batho go tswa mo ditsong tse di farologaneng. E re ka dikgatiso tsa Baebele di le gone ka dipuo di le dintsi, re obamela Jehofa re le seoposengwe le fa gone re tswa mo ditšhabeng tse di farologaneng. Batho ba ga Jehofa ba itsege ka go ratana le ka tiro ya bone ya go rera. Eleruri, seno se nonotsha tumelo ya rona.—Math. 24:14; Joh. 13:35.

PONATSHEGELO YA GA JOHANE E RE AMA JANG?

18. (a) Go ya ka Isaia 46:10, 11, ke eng fa re sa gakgamale go bo Jehofa a diragaditse boporofeti jo bo buang ka boidiidi jo bogolo? (b) Ke eng fa ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba sa akanye gore Jehofa o ba tima sengwe?

18 Re itumelela boporofeti jono jo bo buang ka boidiidi jo bogolo. Ga re gakgamadiwe ke go bo Jehofa a ile a diragatsa boporofeti joo ka tsela e e kgatlhang. (Bala Isaia 46:10, 11.) Ba boidiidi jo bogolo ba lebogela tsholofelo e Jehofa a ba neileng yone. Ga ba tseye gore Jehofa o ba tima sengwe ka gonne a sa ba tlhopha gore ba ye go busa le Jesu kwa legodimong. Baebele e bua ka banna le basadi ba tumelo ba ba neng ba kaelwa ke Jehofa. Le fa go ntse jalo, ga se karolo ya ba ba 144 000. Mongwe wa bone ke Johane Mokolobetsi. (Math. 11:11) Yo mongwe ke Dafide. (Dit. 2:34) Jehofa o tla ba tsosa le ba bangwe ba bantsi gore ba tshele mo lefatsheng la paradaise. Batlhanka bano ba ga Jehofa le ba boidiidi jo bogolo jo bo tla falolang Haramagedona ba tla nna le tshono ya go bontsha gore ba ikanyega mo go Jehofa le gore ba ema bolaodi jwa gagwe nokeng.

19. Go tlhaloganya boporofeti jwa ga Johane go tla go tlhotlheletsa gore o direng?

19 Ke la ntlha Jehofa a phutha batho ba le bantsi jaana go tswa mo ditšhabeng tsotlhe gore ba mo obamele. Le fa re ka tswa re na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng, re tshwanetse go dira ka natla go thusa batho ba bangwe gore e nne karolo ya boidiidi jo bogolo jwa “dinku tse dingwe.” (Joh. 10:16) Go ise go ye kae, Jehofa o tla tlisa pitlagano e kgolo e e tla fedisang dipuso le madumedi a a sa bolong go bogisa batho. Ba boidiidi jo bogolo ba neilwe tshiamelo e e seng kana ka sepe ya go direla Jehofa mo lefatsheng ka bosakhutleng.—Tshen. 7:14.

PINA 139 Ipone o Tshela mo Lefatsheng le Lesha

^ ser. 5 Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka ponatshegelo e Johane a neng a e bona ya go phuthiwa ga “boidiidi jo bogolo.” Go dira jalo go tla nonotsha tumelo ya botlhe ba e leng karolo ya setlhopha seno.

^ ser. 8 Bona buka ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi Jwa Modimo, ts. 159-163.