Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 37

Ikobele Jehofa!

Ikobele Jehofa!

“A bogolo jang ga re na go nna mo taolong ya ga Rara?”—BAHEB. 12:9.

PINA 9 Jehofa ke Kgosi ya Rona!

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Ke eng fa re tshwanetse go ikobela Jehofa?

RE TSHWANETSE go ikobela * Jehofa ka gonne ke ene a re bopileng. Ka jalo, o na le tshwanelo ya go re bolelela gore re dire eng. (Tshen. 4:11) Mme lebaka la botlhokwa la go bo re ikobela Jehofa, ke gore o busa ka tsela e e siameng. Go fetile dingwagangwaga batho ba busa ba bangwe. Mme fa re bapisa tsela e Jehofa a busang ka yone le tsela e batho ba busang ka yone, re kgona go bona gore Jehofa ke Mmusi yo o botlhale, yo o lorato, yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelotlhomogi.—Ekes. 34:6; Bar. 16:27; 1 Joh. 4:8.

2. Go ya ka Bahebera 12:9-11, ke eng fa re tshwanetse go ikobela Jehofa?

2 Jehofa o batla gore re mo ikobele ka gonne re mo rata, e seng ka gonne re mo tshaba. Mo lekwalong la Bahebera, Paulo o ne a re re nne mo “taolong ya ga Rara” ka gonne ditaelo tsa gagwe di re ‘solegela molemo.’—Bala Bahebera 12:9-11.

3. (a) Re ka ikobela Jehofa jang? (b) Re tla tlotla ka dipotso dife?

3 Re ikobela Jehofa fa re dira sengwe le sengwe se a re laelang gore re se dire, le fa re leka ka natla gore re se ka ra dira se rona re se batlang. (Dia. 3:5) Go nna motlhofo gore re ikobele Jehofa fa re itse dinonofo tsa gagwe. Ke eng fa re rialo? Ka gonne sengwe le sengwe se a se dirang se tlhotlhelediwa ke dinonofo tsa gagwe. (Pes. 145:9) Fa re ntse re ithuta ka Jehofa, re tla mo rata le go feta. Mme fa re rata Jehofa, ga re tlhoke melao e mentsintsi ya se re tshwanetseng go se dira le se re sa tshwanelang go se dira. Go na le moo, re leka ka natla gore re rate se se siameng le go tlhoa se se sa siamang fela jaaka Jehofa. (Pes. 97:10) Mme gone, ka dinako tse dingwe, go ka nna thata gore re ikobele Jehofa. Ka ntlha yang? Mme bagolwane, borre le bommê ba ka ithuta eng mo go Nehemia, Kgosi Dafide le Marea, mmaagwe Jesu? Re tla araba dipotso tseno mo setlhogong seno.

KE ENG FA GO KA NNA THATA GORE RE IKOBELE JEHOFA?

4-5. Go ya ka Baroma 7:21-23, ke eng fa go ka nna thata gore re ikobele Jehofa?

4 Go ka nna thata gore re ikobele Jehofa ka gonne re na le boleo. Fa Adame le Efa ba ne ba tlola molao wa Modimo, ba ne ba itlhophela gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. (Gen. 3:22) Fela jaaka Adame le Efa, batho ba le bantsi gompieno ba batla go itlhophela gore ke eng se se siameng le se se sa siamang.

5 Tota le batho ba ba ratang Jehofa, go ka nna thata gore ba mo ikobele. Moaposetoloi Paulo le ene o ile a lebana le bothata joo. (Bala Baroma 7:21-23.) Le rona re batla go itumedisa Jehofa fela jaaka Paulo mme gone, re tshwanetse go nna re leka ka natla go dira se se siameng.

6-7. Ke lebaka lefe le lengwe le le ka dirang gore go nne thata gore re ikobele Jehofa? Naya sekai.

6 Lebaka le lengwe le le dirang gore go nne thata go ikobela Jehofa ke gore re tlhotlhelediwa ke tsela e re godisitsweng ka yone. Batho ba le bantsi ba batla gore re dire dilo tse Jehofa a sa di batleng. Ka jalo, re tshwanetse go ikela tlhoko gore re se ka ra ya le bone. Akanya ka sekai sengwe.

7 Kwa dinageng dingwe, basha ba rotloediwa gore ba batle ditiro tse di duelang madi a mantsi. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Mary * o ile a lebana le bothata joo. Pele a ithuta ka Jehofa, o ne a tsena kwa yunibesithing ya maemo a a kwa godimo. Batho ba kwa gaabo Mary ba ne ba leka go mo pateletsa gore a batle tiro ya maemo a a kwa godimo e e tla dirang gore batho ba mo tlotle. Ke se le ene a neng a se batla. Le fa go ntse jalo, fa a ntse a ithuta ka Jehofa, o ile a simolola go mo rata, ka jalo, o ile a fetola mogopolo. Mme gone, a re: “Ke nna ke bulegelwa ke tshono ya go bona tiro e e duelang madi a mantsi mme e le e e ka dirang gore ke se ka ka kgona go direla Jehofa jaaka ke batla. Mme gone, ka ntlha ya tsela e ke godisitsweng ka yone, ga go motlhofo gore ke gane. Ke tlhola ke kopa Jehofa gore a nthuse gore ke se ka ka amogela tiro e e tla dirang gore ke se ka ka kgona go mo direla ka botlalo.”—Math. 6:24.

8. Re tlile go tlotla ka eng?

8 Jaaka re setse re ithutile, go ikobela Jehofa go re tswela mosola. Mme fa batho ba ba neilweng taolo ba ba jaaka bagolwane, borre le bommê ba ikobela Jehofa, ba ka kgona go thusa ba bangwe. Mma re bone gore re ka ithuta eng mo bathong bangwe ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ba ileng ba kgona go dirisa taolo e ba e neilweng ke Jehofa ka tsela e e siameng.

BAGOLWANE BA KA ITHUTA ENG MO GO NEHEMIA?

Bagolwane ba a thusa fa go berekwa kwa Holong ya Bogosi, fela jaaka Nehemia a ile a thusa fa go agiwa dipota tsa kwa Jerusalema (Bona serapa 9-11) *

9. Nehemia o ile a lebana le dikgwetlho dife?

9 Jehofa o neile bagolwane maikarabelo a gore ba tlhokomele batho ba gagwe. (1 Pet. 5:2) Bagolwane ba ka ithuta go le go ntsi mo tseleng e Nehemia a neng a tshwere batho ba Modimo ka yone. E re ka e ne e le mmusi wa Juda, o ne a na le taolo. (Neh. 1:11; 2:7, 8; 5:14) Akanya ka dikgwetlho dingwe tse a ileng a lebana le tsone. O ile a lemoga gore batho ba ne ba dira dilo tse di sa siamang kwa tempeleng e bile ba ne ba sa ikobele Molao wa ga Jehofa ka gonne ba ne ba sa ntshetse Balefi moneelo. Gape ba ne ba sa ikobele Molao wa Sabata e bile bangwe ba bone ba ne ba nyetse basadi ba ba sa direleng Jehofa. Nehemia o ne a tshwanetse go dira sengwe.—Neh. 13:4-30.

10. Nehemia o ile a dirisa jang maemo a Jehofa a neng a mo a neile?

10 Nehemia ga a ka a dirisa maemo a gagwe go gatelela batho. Go na le moo, o ile a kopa Jehofa gore a mo thuse e bile o ile a ruta batho Molao wa ga Jehofa. (Neh. 1:4-10; 13:1-3) Gape o ile a bontsha gore o boikokobetso ka gonne o ile a thusa batho go aga dipota tsa Jerusalema.—Neh. 4:15.

11. Go ya ka 1 Bathesalonika 2:7 le 8, bagolwane ba tshwanetse go dirisana jang le ba bangwe mo phuthegong?

11 Le fa bagolwane ba sa lebane le dikgwetlho tse Nehemia a ileng a lebana le tsone, ba ka ithuta go le gontsi mo go ene. Ka sekai, ba dira ka natla go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong e bile ga ba tseye gore ba botoka mo go ba bangwe. Go na le moo, ba a ba tlotla. (Bala 1 Bathesalonika 2:7, 8.) E re ka ba le boikokobetso e bile ba rata batho ba bangwe, ba bua sentle le bone. Mogolwane mongwe yo o bidiwang Andrew a re: “Ke lemogile gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba rata mogolwane yo o botsalano le yo o buang sentle le batho. Fa bagolwane ba le botsalano e bile ba itse go bua sentle le batho, go nna motlhofo gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba dirisane sentle le bone.” Mogolwane yo mongwe yo o bidiwang Tony a re: “Ke leka go dirirsa kgakololo e e mo go Bafilipi 2:3. Ke leka ka natla gore le ka motlha ke se ka ka itseela kwa godimo. Seno se nthusa gore ke se ka ka gatelela ba bangwe.”

12. Ke eng fa bagolwane ba tshwanetse go nna boikokobetso?

12 Bagolwane ba tshwanetse go nna boikokobetso fela jaaka Jehofa. Le fa Jehofa e le Molaodimogolo wa lopobo lotlhe, “o a ikokobetsa” gore a “[godise] mohumanegi go tswa mo kgatamping ya molora.” (Pes. 18:35; 113:6, 7) Tota e bile, Jehofa o tlhoile batho ba ba mabela le ba ba boikgogomoso.—Dia. 16:5.

13. Ke eng fa mogolwane a tshwanetse go ‘laola loleme lwa gagwe’?

13 Mogolwane yo o ikobelang Jehofa o ‘laola loleme lwa gagwe.’ Fa a sa dire jalo, o ka nna a tlhaba batho ka mafoko fa ba sa mo tlotle. (Jak. 1:26; Bagal. 5:14, 15) Andrew yo re buileng ka ene pelenyana a re: “Ka dinako dingwe, fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a bua kgotsa a dira sengwe se se bontshang gore ga a ntlotle, ke ne ke raelesega go mo tlhaba ka mafoko. Mme gone, ke ne ke akanya ka banna ba ba ikanyegang ba go buiwang ka bone mo Baebeleng mme seo se nthusitse gore ke nne boikokobetso.” Mogolwane o bontsha gore o ikobela Jehofa fa a bua sentle le bakaulengwe le bokgaitsadi, go akaretsa le bagolwane ba bangwe.—Bakol. 4:6.

BORRE BA KA ITHUTA ENG MO GO KGOSI DAFIDE?

14. Jehofa o neile borre maikarabelo afe, mme o lebeletse eng mo go bone?

14 Jehofa o neile rre maikarabelo a go nna tlhogo ya lelapa e bile o batla gore rre a rute, a kaele e bile a kgalemele bana ba gagwe. (1 Bakor. 11:3; Baef. 6:4) Mme gone, seno ga se reye gore borre ba dirise maemo a bone ka tsela nngwe le nngwe fela e ba e batlang. Jehofa ke ene a simolotseng lelapa, ka jalo, borre ba ikarabelela mo go ene. (Baef. 3:14, 15) Borre ba bontsha gore ba ikobela Jehofa fa ba dirisa maemo a bone ka tsela e e mo itumedisang. Ba ka ithuta go le gontsi mo go Kgosi Dafide.

Rre o tshwanetse go bontsha gore o boikokobetso fa a rapela (Bona serapa 15-16) *

15. Ke eng fa borre ba tshwanetse go ithuta mo go Kgosi Dafide?

15 Jehofa o ne a naya Dafide maikarabelo a go nna tlhogo ya lelapa la gagwe le go nna moeteledipele wa setšhaba sa Iseraele. Dafide o ne a na le taolo mme ka dinako tse dingwe o ne a sa e dirise sentle a bo a dira diphoso tse di masisi. (2 Sam. 11:14, 15) Mme o ile a bontsha gore o ikobela Jehofa ka gonne o ile a amogela kotlhao e a neng a e newa. O ile a rapela Jehofa a mmolelela gore o ikutlwa jang. (Pes. 51:1-4) Gape o ile a bontsha gore o boikokobetso ka gonne o ne a amogela kgakololo, tota le mo basading. (1 Sam. 19:11, 12; 25:32, 33) Dafide o ile a ithuta mo diphosong tsa gagwe mme selo sa botlhokwa mo go ene e ne e le go direla Jehofa.

16. Borre ba ka ithuta eng mo go Dafide?

16 Borre ba ka ithuta eng mo go Kgosi Dafide? O se ka wa dirisa taolo e Jehofa a go e neileng go gatelela ba bangwe. Amogela fa o dirile diphoso e bile o se ka wa gana fa ba bangwe ba leka go go thusa. Fa o dira jalo, ba lelapa la gago ba tla bona gore o boikokobetso mme ba tla go tlotla. Fa o rapela le ba lelapa la gago, bolelela Jehofa gore o ikutlwa jang mme o mo kope gore a go thuse. Fa o dira jalo, ba tla bona gore o ikaegile ka Jehofa. Sa botlhokwa le go feta, netefatsa gore selo sa botlhokwa mo go wena ke go direla Jehofa. (Dute. 6:6-9) Fa o dira jalo, o tla tlhomela ba lelapa la gago sekao se se molemo.

BOMMÊ BA KA ITHUTA ENG MO GO MAREA?

17. Jehofa o neile bommê maikarabelo afe?

17 Jehofa o neile mmê maikarabelo a a botlhokwa mo lelapeng e bile o mo neile taolo e e rileng mo baneng ba gagwe. (Dia. 6:20) Tota e bile, dilo tse mmê a di dirang le tse a di buang di ka tlhotlheletsa bana ba gagwe gore e nne batho ba ba siameng kgotsa ba ba sa siamang. (Dia. 22:6) Mma re bone gore bommê ba ka ithuta eng mo go Marea, mmaagwe Jesu.

18-19. Bommê ba ka ithuta eng mo go Marea?

18 Marea o ne a itse Dikwalo. O ne a atamalane le Jehofa e bile a mo tlotla fela thata. O ne a iketleeleditse go dira se Jehofa a se batlang, le fa seo se ne se tlile go fetola botshelo jwa gagwe.—Luke 1:35-38, 46-55.

Fa mmê a lapile, o tshwanetse go leka ka natla go bontsha ba lelapa la gagwe gore o a ba rata (Bona serapa 19) *

19 Bommê ba ka etsa jang sekao sa ga Marea? Sa ntlha, atamalana le Jehofa ka go ithuta Baebele le ka go rapela ka metlha. Sa bobedi, dira diphetogo mo botshelong jwa gago gore o itumedise Jehofa. Ka sekai, gongwe o godisitswe ke batsadi ba ba bogale ba ba neng ba sa itse go bua sentle le bana. Ka jalo, o ka tswa o ne o akanya gore go itshiametse fela go godisa bana ba gago jalo. Gone jaanong o a itse gore Jehofa o batla gore o godise bana ba gago jang. Le fa go ntse jalo, go ka tswa go sa ntse go le boima gore o se ka wa ba galefela fa ba dira sengwe se o sa se rateng, segolobogolo fa o lapile. (Baef. 4:31) Fa seo se direga, go botlhokwa gore o kope Jehofa gore a go thuse. Mmê mongwe yo o bidiwang Lydia a re: “Ka dinako dingwe, ke ne ke tlhoka go rapela thata gore ke se ka ka galefela ngwanake fa a dira sengwe se ke sa se rateng. Tota e bile, ka dinako dingwe fa ke bua le ene, ke ne ke didimala ke ise ke fetse se ke neng ke se bua ke bo ke kopa Jehofa gore a nthuse. Go rapela go nthusa gore ke ritibale.”—Pes. 37:5.

20. Bommê bangwe ba lebana le kgwetlho efe, mme ke eng se se ka ba thusang?

20 Go thata gore bommê bangwe ba bontshe bana ba bone gore ba a ba rata. (Tito 2:3, 4) Bangwe ba bone ba ka tswa ba godile ba sa atamalana le batsadi ba bone. Fa e le gore o godisitswe ka tsela eo, seo ga se reye gore le wena o godise bana ba gago jalo. Mmê yo o ikobelang Jehofa o tshwanetse go ithuta go bontsha bana ba gagwe gore o a ba rata. Go ka tswa go se motlhofo go dira jalo, mme gone go a kgonega. Fa o dira jalo, wena le ba lelapa la gago lo tla itumela.

TSWELELA O IKOBELA JEHOFA

21-22. Go ya ka Isaia 65:13 le 14, go ikobela Jehofa go re tswela mosola jang?

21 Kgosi Dafide o ne a itse gore go ikobela Jehofa go re tswela mosola. O ne a re: “Ditaelo tse di tswang kwa go Jehofa di thokgame, di dira gore pelo e ipele; taelo ya ga Jehofa e phepa, e phatsimisa matlho. Motlhanka wa gago o tlhagisitswe ke tsone; go di boloka go na le maduo a magolo.” (Pes. 19:8, 11) Go na le pharologanyo fa gare ga batho ba ba ikobelang Jehofa le ba ba sa mo ikobeleng. Ba ba ikobelang Jehofa ba “goa ka boipelo ka ntlha ya seemo se se molemo sa pelo.”—Bala Isaia 65:13, 14.

22 Fa bagolwane, borre le bommê ba ikobela Jehofa, dilo di ba tsamaela sentle, ba malapa a bone ba a itumela e bile go nna le kagiso mo phuthegong. Sa botlhokwa le go feta, ba itumedisa Jehofa. (Dia. 27:11) Ga go na sepe se se itumedisang jaaka seo.

PINA 123 Ikobele Thulaganyo ya Phuthego ya Modimo

^ ser. 5 Mo setlhogong seno, re tla ithuta gore ke eng fa re tshwanetse go ikobela Jehofa. Gape re tla ithuta gore bagolwane, borre le bommê ba ka dirisa jang taolo e Jehofa a ba e neileng. Mo godimo ga moo, re tla bona gore ba ka ithuta eng mo go Nehemia, Kgosi Dafide le Marea, mmaagwe Jesu.

^ ser. 1 TLHALOSO: Batho ba le bantsi ga ba rate go ikoba, segolobogolo ba ba patelediwang go dira jalo. Mme batho ba Modimo bone ba ikobela Jehofa ka go rata, ka jalo, ga ba na bothata le go ikoba.

^ ser. 7 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

^ ser. 62 SETSHWANTSHO: Mogolwane o bereka le morwawe kwa Holong ya Bogosi, fela jaaka Nehemia a ile a thusa Baiseraele go aga dipota tsa Jerusalema.

^ ser. 64 SETSHWANTSHO: Rre o rapela a na le ba lelapa la gagwe.

^ ser. 66 SETSHWANTSHO: Mosimane o ntse a tshameka mme ga a fetsa tiro ya gagwe ya sekolo le tiro ya mo lapeng. Mmaagwe o tswa tirong e bile o lapile, mme gone o mo kgalemela a sa galefa.