Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 35

Jehofa o Rata Batho ba ba Boikokobetso

Jehofa o Rata Batho ba ba Boikokobetso

“Jehofa . . . o bona yo o ikokobeditseng.”—PES. 138:6.

PINA 48 Go Tsamaya le Jehofa ka Metlha

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Jehofa o ikutlwa jang ka batho ba ba boikokobetso? Tlhalosa.

JEHOFA o rata batho ba ba boikokobetso. Batho ba ba boikokobetso ke bone fela ba ka kgonang go atamalana le Jehofa. Mme ba ba ‘ikgodisang o ba itsetse kgakala.’ (Pes. 138:6) Rotlhe re batla go itumedisa Jehofa e bile re batla go nna ditsala tsa gagwe, ka jalo, re tshwanetse go nna boikokobetso.

2. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

2 Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dipotso tseno tse tharo: (1) Boikokobetso ke eng? (2) Goreng re tshwanetse go nna boikokobetso? (3) Go ka nna thata gore re nne boikokobetso mo maemong afe? Gape setlhogo seno se tla re thusa go bona gore go nna boikokobetso go re tswela mosola, le gore fa re le boikokobetso, re itumedisa Jehofa.—Dia. 27:11; Isa. 48:17.

BOIKOKOBETSO KE ENG?

3. Motho yo o boikokobetso o ntse jang?

3 Motho yo o boikokobetso ga a itseele kwa godimo e bile ga a mabela. Baebele ya re motho yo o boikokobetso o a itse gore Jehofa Modimo o mogolo thata mo go ene. Gape motho yo o boikokobetso o a itse gore go na le dilo dingwe tse batho ba bangwe ba mo gaisang mo go tsone.—Bafil. 2:3, 4.

4-5. Ke eng fa go se motlhofo go lemoga batho ba ba boikokobetso?

4 Batho bangwe ba ka lebega ba le boikokobetso. Gongwe ba ka tswa ba didimetse kgotsa ba le ditlhong. Kgotsa gongwe ba ka tswa ba le maitseo ka gonne batsadi ba bone ba ba rutile gore ba tshwanetse go nna maitseo. Mme gone, seo ga se reye gore ba boikokobetso. Go le gantsi batho ba ba ntseng jalo ba feleletsa ba itshenotse gore ba boikgogomoso.—Luke 6:45.

5 Mo godimo ga moo, fa motho a bua thata e bile a se ditlhong, seno ga se reye gore o boikgogomoso. (Joh. 1:46, 47) Mme gone batho ba ba ntseng jalo ga ba a tshwanela go itshepa thata ka gonne seo se ka dira gore ba feleletse ba le boikgogomoso. Le fa re ka tswa re le ditlhong kgotsa re se ditlhong, rotlhe re tshwanetse go leka ka natla go nna boikokobetso.

Moaposetoloi Paulo o ne a se boikgogomoso (Bona serapa 6) *

6. Re ka ithuta eng mo go se Paulo a se buileng mo go 1 Bakorintha 15:10?

6 Akanya ka moaposetoloi Paulo. Jehofa o ile a mo dirisa go tlhoma diphuthego di le dintsi. Tota e bile, a ka tswa a ile a rera mo metseng e le mentsi go feta baaposetoloi ba bangwe botlhe. Le fa go ntse jalo, o ne a sa tseye gore o botoka mo go bone. O ne a re: “Ke mmotlana mo baaposetoloing, e bile ga ke tshwanele go bidiwa moaposetoloi, ka gonne ke ne ka bogisa phuthego ya Modimo.” (1 Bakor. 15:9) Seno se ne se bontsha gore o boikokobetso. Paulo o ne a dirile dilo di le dintsi mo tirong ya ga Jehofa, mme gone, o ne a sa akanye gore o atamalane le Jehofa ka ntlha ya dilo tseo tse a di dirileng. Go na le moo, o ne a itse gore o atamalane le Jehofa ka ntlha ya bopelonomi jwa ga Jehofa jo bo sa mo tshwanelang (Bala 1 Bakorintha 15:10.) Paulo o ne a le boikokobetso. Fa a ne a kwalela Bakeresete ba kwa Korintha, ga a ka a ikgantsha ka dilo tse dintle tse a neng a di dira mo tirong ya ga Jehofa, le fa gone go ne go na le bangwe mo phuthegong eo ba ba neng ba mo tseela kwa tlase.—2 Bakor. 10:10.

Mokaulengwe Karl F. Klein, yo e neng e le leloko la Setlhopha se se Laolang o ne a le boikokobetso (Bona serapa 7)

7. Mokaulengwe mongwe yo o itsegeng o ile a bontsha jang gore o boikokobetso?

7 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ile ba kgothadiwa ke go bala kgang ya botshelo ya ga Mokaulengwe Karl F. Klein, yo e neng e le leloko la Setlhopha se se Laolang. Mokaulengwe Klein o ile a bontsha gore o boikokobetso ka gonne mo pegong ya gagwe ya botshelo, o ile a bua ka dilo tse a neng a sa di dire sentle le diphoso di le dintsi tse a ileng a di dira. Ka sekai, ka 1922 o ile a ya bodireding lekgetlo la ntlha. Mme gone, go ne go le thata mo go ene gore a rerele batho, mo e leng gore go ne ga feta dingwaga di le pedi a sa ye bodireding. Moragonyana fa a ne a le kwa Bethele, mokaulengwe mongwe o ne a mo kgalemelela sengwe se a neng a se dirile mme seo se ile sa mo kgopisa. Mo godimo ga moo, o ne a tlhobaela thata, ka jalo, seo se ile sa dira gore a lwale, mme moragonyana o ile a fola. Le fa gone a ne a lebane le mathata, o ne a dira dikabelo dingwe tse di botlhokwa. Mokaulengwe Klein o ne a itsiwe ke batho ba le bantsi. Le fa go ntse jalo, o ile a kgona go bua ka makoa a gagwe. Seno se bontsha gore o ne a le boikokobetso eleruri! Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba rata pego ya botshelo ya ga Mokaulengwe Klein. *

KE ENG FA RE TSHWANETSE GO NNA BOIKOKOBETSO?

8. 1 Petere 5:6 e re thusa jang go bona gore Jehofa o rata batho ba ba boikokobetso?

8 Jehofa o rata batho ba ba boikokobetso, ka jalo, re tshwanetse go leka go nna boikokobetso. Moaposetoloi Petere o ile a gatelela ntlha eo. (Bala 1 Petere 5:6.) Buka ya “Tla o Nne Molatedi wa Me” e bua jaana ka mafoko a ga Petere: “Boikgogomoso bo tshwana le botlhole. Matswela a jone e ka nna a a sa itumediseng. Ke nonofo e e ka dirang gore motho yo o nang le bokgoni jo bogolo a se ka a nna le mosola mo Modimong. Kafa letlhakoreng le lengwe, boikokobetso bo ka dira gore motho yo o lebegang a nyatsega a nne mosola tota mo go Jehofa. Fa re . . . le boikokobetso [Modimo o tla re naya] maduo a a molemo tota.” * Fa re leka go nna go nna boikokobetso, Jehofa o tla itumela.—Dia. 23:15.

9. Ke eng fa batho ba rata batho ba ba boikokobetso?

9 Gape go nna boikokobetso go re tswela mosola. Jang? Batho ba tla re rata fa re le boikokobetso. Goreng re bua jalo? Ka sekai, wena o rata batho ba ba ntseng jang? (Math. 7:12) Ga go na ope yo o ratang motho yo o batlang gore ka metlha go dirwe se ene a se batlang e bile a sa batle go reetsa batho ba bangwe. Bontsi jwa rona re rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba bontshang gore ba utlwela ba bangwe botlhoko, ba ba nang le “lorato lwa bokaulengwe,” ba ba pelotlhomogi le ba ba boikokobetso. (1 Pet. 3:8) Fa re rata batho ba ba boikokobetso, le rona ba tla re rata fa re le boikokobetso.

10. Ke eng fa batho ba ba boikokobetso ba kgona go itshokela mathata a botshelo?

10 Go nna boikokobetso go re tlhofofaletsa botshelo. Ka dinako tse dingwe mo botshelong, re ka nna ra diragalelwa ke dilo tse di sa siamang. Kgosi Solomone o ile a re: “Ke bone batlhanka ba palame dipitse mme dikgosana di tsamaya mo lefatsheng fela jaaka batlhanka.” (Mor. 10:7) Ka dinako tse dingwe batho ba ba nang le bokgoni ga ba newe tlotlo e e ba tshwanetseng mme ba ba senang bokgoni ke bone ba ba tlotlomadiwang. Solomone o ile a lemoga gore go botoka gore re amogele botshelo jaaka bo ntse go na le go nna re akantse ka dilo tse di sa tsamayeng sentle. (Mor. 6:9) Fa re le boikokobetso, go tla nna motlhofo gore re amogele botshelo jaaka bo ntse.

GO KA NNA THATA GORE RE NNE BOIKOKOBETSO MO MAEMONG AFE?

Ke eng fa go se motlhofo go nna boikokobetso mo maemong ano? (Bona serapa 11-12) *

11. Re tshwanetse go dirang fa re newa kgakololo?

11 Re ka bontsha jang gore re boikokobetso? Akanya ka maemo a a latelang: Fa re kgalemelwa. Ga re a tshwanela go lebala gore motho a ka se re kgalemelele phosonyana fela e e sa reng sepe. Go le gantsi fa motho a re naya kgakololo go nna thata gore re e amogele. Re ka nna ra mo tshwaya phoso kgotsa ra kgopisiwa ke tsela e a buileng le rona ka yone. Mme fa re le boikokobetso, re tla kgona go amogela kgakololo eo.

12. Go ya ka Diane 27:5, 6, ke eng fa re tshwanetse go itumela fa motho a re gakolola? Naya sekai.

12 Motho yo o boikokobetso o a itumela fa a newa kgakololo. Ka sekai, akanya o le kwa dipokanong, mme fa o sena go dumedisa bakaulengwe le bokgaitsadi ba le mmalwa, mongwe wa bone o go gogela kwa thoko a bo a go bolelela gore o na le dijo mo menong. Nnete ke gore o ne o tla tlhabiwa ke ditlhong, mme gone o ne o tla mo leboga. Tota e bile, o ne o tla ipotsa gore ke eng fa batho ba bangwe ba ntse ba sa bue sepe. Ka tsela e e tshwanang, fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a re naya kgakololo, re tshwanetse go mo leboga. Fa re dira jalo, re tla bo re bontsha gore re boikokobetso. Fa motho a re naya kgakololo, seo ga se reye gore o re tlhoile, go na le moo, se bontsha gore o a re rata.—Bala Diane 27:5, 6; Bagal. 4:16.

Goreng re tshwanetse go nna boikokobetso fa ba bangwe ba newa ditshiamelo mo phuthegong? (Bona serapa 13-14) *

13. Re ka bontsha jang gore re boikokobetso fa bangwe ba newa ditshiamelo mo phuthegong?

13 Fa ba bangwe ba newa ditshiamelo mo phuthegong. Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Jason a re: “Fa ke bona bakaulengwe ba bangwe ba newa ditshiamelo mo phuthegong, ke eletsa e kete di ka bo di neilwe nna.” A le wena o a tle o ikutlwe jalo? Gone ga go phoso fa o batla go direla Jehofa mo go oketsegileng. (1 Tim. 3:1) Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go ikela tlhoko. Fa re se kelotlhoko, re ka nna ra simolola go nna boikgogomoso. Ka sekai, mokaulengwe a ka nna a akanya gore ke ene a ka kgonang go dira kabelo nngwe e e rileng. Kgotsa kgaitsadi a ka nna a akanya gore monna wa gagwe a ka dira kabelo eo botoka go feta mokaulengwe yo o e neilweng. Mme gone fa re le boikokobetso re ka se akanye jalo.

14. Re ka ithuta eng mo se Moshe a ileng a se dira fa ba bangwe ba newa ditshiamelo?

14 Re ka ithuta sengwe mo tseleng e Moshe a ileng a itshwara ka yone fa ba bangwe ba ne ba newa ditshiamelo. Moshe o ne a rata kabelo ya gagwe ya go etelela Baiseraele pele. Mme gone, fa Jehofa a ne a tlhoma banna bangwe gore ba mo thuse, o ile a dirang? Ga a ka a fufega. (Dipa. 11:24-29) Gape o ile a letla banna bangwe gore ba mo thuse ka tiro ya go atlhola batho. (Ekes. 18:13-24) E re ka jaanong go ne go na le batho ba ba neng ba thusa Moshe, Baiseraele ba ne ba sa tlhole ba tshwanelwa ke go leta nako e e telele gore dikgetsi tsa bone di rarabololwe. Eleruri Moshe o re tlhometse sekao se se molemo. Seno se re bontsha gore Jehofa o tsaya batho ba ba boikokobetso ba le botlhokwa go feta ba ba nang le bokgoni bongwe jo bo rileng. Le fa ‘Jehofa a le kwa godimo, o bona yo o ikokobeditseng.’—Pes. 138:6.

15. Maemo a bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi a ile a fetoga jang?

15 Fa maemo a rona a fetoga. Mo dingwageng tse di fetileng, bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba nang le dingwaga di le dintsi ba direla Jehofa ba ile ba newa dikabelo tse dingwe. Ka sekai, ka 2014, balebedi ba kgaolo ba ile ba newa dikabelo tse dingwe. Mo go one ngwaga oo, go ile ga ntshiwa taelo ya gore mokaulengwe a ka tswelela e le molebedi wa potologo go fitlha a tshwara dingwaga di le 70. Gape go ile ga tlhalosiwa gore fa mokaulengwe a na le dingwaga di le 80 kgotsa go feta, a ka se nne morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane. Mo godimo ga moo, mo dingwageng tse di fetileng, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba direla kwa Bethele ba ile ba newa kabelo ya go nna babulatsela. Ba bangwe ba ile ba tshwanelwa ke go tlogela tirelo ya nako e e tletseng e e kgethegileng ka gonne ba lwala, ba na le maikarabelo a lelapa kgotsa mathata mangwe a a rileng.

16. Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba ile ba bontsha jang gore ba boikokobetso fa maemo a bone a fetoga?

16 Boammaaruri ke gore go ne go se motlhofo gore bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba amogele maemo a bone a masha ka gonne ba ne ba rata dikabelo tsa bone fela thata. Ba ile ba utlwa botlhoko fa ba ne ba newa dikabelo tse disha. Mme gone fa nako e ntse e tsamaya, ba ile ba kgona go tlwaela maemo. Ba ile ba thusiwa ke eng? Ba thusitswe ke gore ba rata Jehofa. Ga ba a ka ba solofetsa Jehofa gore ba tla mo direla fa fela ba dira dikabelo dingwe tse di rileng. (Bakol. 3:23) Ka jalo ba itumelela go direla Jehofa gongwe le gongwe fela. Ba latlhela ‘tlhobaelo yotlhe ya bone mo go ene’ ka gonne ba a itse gore o a ba rata.—1 Pet. 5:6, 7.

17. Ke eng fa re lebogela go bo Baebele e re thusa go nna boikokobetso?

17 Re leboga Jehofa go bo a dirisa Baebele go re thusa go nna boikokobetso. Go nna boikokobetso go tla dira gore batho ba bangwe ba re rate. Gape go re thusa gore re kgone go itshokela mathata a botshelo. Sa botlhokwa le go feta, fa re le boikokobetso, Jehofa o tla re rata. Le fa Jehofa a le kwa godimo, o rata batlhanka ba gagwe ba ba boikokobetso.—Isa. 57:15.

PINA 45 Go Tlhatlhanya ga Pelo ya Me

^ ser. 5 Re tshwanetse go nna boikokobetso. Mme gone, boikokobetso ke eng? Goreng re tshwanetse go nna boikokobetso? Mme ke eng fa go ka nna thata gore re nne boikokobetso fa maemo a rona a fetoga? Setlhogo seno se tla araba dipotso tseno.

^ ser. 7 Bona setlhogo se se reng “Jehovah Has Dealt Rewardingly With Me” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa October 1, 1984 ka Seesemane le se se reng “Jehofa o Ntse a Ntshwere Sentle Tota” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa May 1, 2001.

^ ser. 8 Bona kgao. 3, ser. 23.

^ ser. 53 SETSHWANTSHO: Moaposetoloi Paulo o etetse kwa lelapeng lengwe mme o tlotla le bakaulengwe le bokgaitsadi le bana.

^ ser. 57 SETSHWANTSHO: Mokaulengwe o amogela kgakololo mo mokaulengweng yo mosha.

^ ser. 59 SETSHWANTSHO: Mokaulengwe yo o godileng ga a fufegele mokaulengwe yo mosha yo o nang le ditshiamelo mo phuthegong.