Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 36

A o Setse o Siametse go Dira Barutwa?

A o Setse o Siametse go Dira Barutwa?

“Tlogela go boifa. Go tloga jaanong go ya pele o tla bo o tshwara batho ba tshela.”—LUKE 5:10.

PINA 73 Re Neye Bopelokgale

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Jesu o ile a laletsa batshwaraditlhapi bangwe gore ba dire eng, mme ba ile ba dira eng?

PETERE, Andrea, Jakobe, le Johane ba ne ba na le kgwebo ya go tshwara ditlhapi. Ba ka tswa ba ne ba gakgametse fa Jesu a ne a ba raya a re: “Ntshalang morago, mme ke tla lo dira batshwari ba batho.” * Ba ile ba dira eng? Baebele ya re: “Ba tlogela matlowa ka yone nako eo, ba mo sala morago.” (Math. 4:18-22) Tshwetso eo, e ne ya fetola matshelo a bone. Ba ne ba se kitla ba tlhola ba nna batshwari ba ditlhapi, go na le moo, ba ne ba tla nna batshwari ba batho. (Luke 5:10) Le gompieno, Jesu o laletsa batho ba ba ratang boammaaruri gore e nne batshwari ba batho. (Math. 28:19,  20) A o setse o amogetse taletso ya ga Jesu ya gore o nne motshwari wa batho?

2. Ke eng fa o sa tshwanela go phamoga fela fa o dira tshwetso ya gore a o batla go rerela ba bangwe, mme ke eng se se tla go thusang go dira tshwetso eo?

2 Gongwe o na le nako e e telele o ithuta Baebele, e bile o setse o dirile diphetogo mo botshelong jwa gago. Jaanong, o tshwanetse go dira tshwetso ya gore a o batla go rerela ba bangwe dikgang tse di molemo kgotsa jang. Fa e le gore o sa ntse o okaoka go dira tshwetso, o se ka wa kgobega marapo. O ka tswa o okaoka ka gonne o itse gore tshwetso eno e masisi. Gone Baebele ya re Petere le ditsala tsa gagwe ba ile ba tlogela matloa a bone “ka yone nako eo.” Mme gone, ga se gore ba ile ba phamoga fela. Ba ne ba setse ba na le dikgwedi di le thataro ba itse Jesu e bile ba dumela gore ke ene Mesia. (Joh. 1:35-42) Gongwe le wena o setse o ithutile dilo di le dintsi ka Jehofa le Jesu, e bile o batla go nna o nonotsha botsala jwa gago le Jehofa. Mme gone, fa o tsaya tshwetso ya go rerela batho dikgang tse di molemo, ga o a tshwanela go phamoga fela. O tshwanetse go ipha nako, o akanye sentle ka kgang eno. Ke eng se se thusitseng Petere, Andrea le ba bangwe gore ba dire tshwetso ya go nna barutwa?

3. Ke eng se se ka go thusang gore o nne setswerere mo tirong ya go dira batho barutwa?

3 Barutwa ba ntlha ba ga Jesu, ba ne ba rata tiro ya bone, ba e itse sentle, ba le pelokgale e bile ba le boikgapo. Seno se ne sa ba thusa gore ba nne ditswerere mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo. Mma re bone gore ke eng se se ka go thusang gore o rate tiro ya go rera, o itse go e dira sentle, o nne pelokgale e bile o nne le boikgapo. Kwa bofelong le wena o tla nna setswerere mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo.

DIRA KA NATLA GORE O RATE TIRO YA GO RERA

Petere le ditsala tsa gagwe ba ile ba nna batswari ba batho. Le gompieno tiro eo ya botlhokwa e sa ntse e dirwa (Bona serapa 4-5)

4. Ke eng fa Petere e ne e le motshwaraditlhapi?

4 Petere e ne e le motshwaraditlhapi. O ne a dira tiro eno gore a kgone go tlamela ba lelapa la gagwe. Mme gone, leo e ne e se lone fela lebaka la go bo a ne a e dira, gape o ne a e rata. (Joh. 21:3, 9-15) Moragonyana, o ne a dira tiro ya go rera dikgang tse di molemo, mme Jehofa o ne a mo thusa gore tiro eo le yone a e rate e bile a nne setswerere mo go yone.—Dit. 2:14, 41.

5. Luke 5:8-11 ya re ke eng fa Petere a ne a tshogile, mme ke eng se se ka go thusang fa o le mo maemong a a tshwanang le a gagwe?

5 Lebaka la botlhokwa la go bo re rera dikgang tse di molemo, ke ka gonne re rata Jehofa. Fa re rata Jehofa re nna le bopelokgale jwa go rerela ba bangwe, le fa ka dinako tse dingwe re ka tswa re inyatsa. Fa Jesu a ne a laletsa Petere gore e nne molatedi wa gagwe, o ne a mo raya a re: “Tlogela go boifa.” (Bala Luke 5:8-11.) Petere o ne a sa tshosiwe ke gore go ka direga eng fa a ka nna molatedi wa ga Jesu. Go na le moo, o ne a tshositswe ke go bona ditlhapi tse di ntsintsi tse Jesu a neng a ba thusitse gore ba di tshware, ka jalo, o ne a tsaya gore ga a tshwanelege go bereka le Jesu. Gongwe le wena o a tshoga fa o akanya ka dilo tse o tshwanetseng go di dira gore o nne morutwa wa ga Jesu. Fa go le jalo, leka ka natla gore o rate Jehofa, Jesu, le batho ba bangwe ka pelo yotlhe. Seno se tla go thusa gore o amogele taletso ya ga Jesu ya gore o nne morutwa wa gagwe.—Math. 22:37, 39; Joh. 14:15.

6. Ke ka ntlha ya eng fa re rerela batho?

6 Lebaka le lengwe la go bo re rerela batho, ke gore re ikobela taelo ya ga Jesu e e reng: “Tsamayang mme lo dire . . . barutwa.” (Math. 28:19, 20) Gape rerela batho ka gonne ba “sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa,” ka jalo, ba tlhoka go itse ka Bogosi Jwa Modimo. (Math. 9:36) Jehofa o batla gore batho botlhe ba itse boammaaruri le gore ba bolokwe.—1 Tim. 2:4.

7. Baroma 10:13-15 e bontsha jang gore tiro ya go rera e botlhokwa?

7 Fa re nna re gopotse gore tiro ya rona ya go rera e ka dira gore batho ba bolokwe, seno se ka re tlhotlheletsa gore re ba rerela. Baebele e tshwantsha tiro ya rona ya go rerela batho le tiro ya go tshwara ditlhapi. Motshwaraditlhapi o rekisa ditlhapi tse a di tshwereng kgotsa o a di ja. Mme go farologana le ene, rona re rerela batho gore re ba thuse gore ba bolokwe.—Bala Baroma 10:13-15; 1 Tim. 4:16.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG KA TIRO YA GO RERA

8-9. Motshwaraditlhapi o tshwanetse go itse eng, mme ka ntlha ya eng?

8 Batshwaraditlhapi ba Baiseraele ba motlha wa ga Jesu, ba ne ba tshwanetse go itse gore ke ditlhapi dife tse ba neng ba letleletswe go di tshwara. (Lefi. 11:9-12) Gore ba kgone go tshwara ditlhapi, ba ne ba tshwanetse go itse gore di kwa kae. Go le gantsi, ditlhapi ga di rate metsi a a tsididi thata kgotsa a a mogote thata e bile di rata go nna kwa go nang le dijo teng. Motshwaraditlhapi o tshwanetse go itse gore ke nako efe e e siameng ya go tshwara ditlhapi. Morongwa mongwe yo o nnang kwa Pacific island o ne a ithuta gore go na le nako e e siameng ya go tshwara ditlhapi. Mokaulengwe mongwe wa kwa lefelong leo, o ne a mo kopa gore ba ye go tshwara ditlhapi mmogo. Morongwa yoo o ne a mo raya a re: “Re tla kopana ka ura ya borobongwe mo mosong.” Mokaulengwe yoo o ne a mo raya a re: “Nyaa rra! Re tshwanetse go ya ka nako e re itseng gore re tla tshwara ditlhapi ka yone, e seng ka nako e rona re e batlang.”

9 Ka tsela e e tshwanang, barutwa ba ga Jesu ba ne ba rera kwa batho ba leng gone e bile ba ne ba ya go ba rerela ka nako e ba neng ba itse gore ba tla ba fitlhela ka yone. Ka sekai, ba ne ba rera kwa tempeleng, ka ntlo le ntlo, kwa disinagogeng le kwa marekisetsong. (Dit. 5:42; 17:17; 18:4) Le rona re tshwanetse go itse gore batho ba mo tshimong ya rona, ba rata go ya kwa mafelong afe le gore re ka ba fitlhela leng kwa magaeng a bone. Re tshwanetse go ya kwa mafelong a re itseng gore ba kwa go one le ka nako e re itseng gore re tla ba fitlhela ka yone.—1 Bakor. 9:19-23.

BATSWARADITLHAPI . . . 1. ba bereka ka nako e e siameng le kwa lefelong le ba itseng gore go na le ditlhapi kwa go lone (Bona serapa 8-9)

10. Phuthego ya ga Jehofa e re thusa jang gore re kgone go nna ditswerere mo tirong ya go rera?

10 Motshwaraditlhapi o tshwanetse go nna le didirisiwa tse di siameng, e bile o tshwanetse go itse go di dirisa. Le rona re tshwanetse go nna le dithulusu tse di siameng gore re kgone go dira tiro ya go rera. Mme gape re tshwanetse go itse go di dirisa. Jesu o ne a naya balatedi ba gagwe ditaelo tsa gore ke eng se ba tshwanetseng go se dira fa ba rera dikgang tse di molemo. O ne a ba bolelela gore ba tseye eng, ba rere kae le gore ba bue ba reng. (Math. 10:5-7; Luke 10:1-11) Gompieno, phuthego ya ga Jehofa e re diretse Lebokoso la go Ruta, e bile e re ruta gore re le dirise jang. * Lebokoso leno, le re thusa thata mo tirong ya go rera. Thapiso e re e newang, e re thusa gore re se ka ra inyatsa le gore re nne ditswerere mo tirong ya go rera.—2 Tim. 2:15.

BATSWARADITLHAPI . . . 2. ba itse go dirisa di dirisiwa tsa bone sentle (Bona serapa 10)

NNA PELOKGALE

11. Ke eng fa barutwa ba ga Jesu ba tshwanetse go nna pelokgale?

11 Batshwara ditlhapi ba tshwanetse go nna pelokgale ka gonne ka dinako tse dingwe ba kopana le maemo a a thata kwa lewatleng. Ka dinako dingwe, ba bereka bosigo mo lefifing e bile maemo a bosa a na le go fetoga fela ka ponyo ya leitlho. Barutwa ba ga Jesu le bone ba tlhoka go nna pelokgale. Le rona re ka nna ra kopana le mathata fa re simolola go rera dikgang tse di molemo e bile batho ba ka nna ba gana go reetsa molaetsa wa rona. Mo godimo ga moo, ba malapa a rona le ditsala tsa rona ba ka nna ba simolola go re sotla ka gonne re le Basupi ba ga Jehofa. Seno ga se re gakgamatse ka gonne Jesu o ile a re o tla romela balatedi ba gagwe gore ba ye go rerela batho mme bangwe ba batho bao, ba ne ba tla ba bogisa.—Math. 10:16.

12. Go ya ka Joshua 1:7-9, ke eng se se ka re thusang gore re nne pelokgale?

12 Ke eng se se ka go thusang go nna pelokgale? Sa ntlha, o tshwanetse go tlhatswegapelo gore Jesu Keresete ke ene a kaelang tiro eno ya go rera. (Joh. 16:33; Tshen. 14:14-16) Gape o tshwanetse go tlhatswega pelo gore, Jehofa o tla go tlhokomela. (Math. 6:32-34) Seno se tla nonotsha tumelo ya gago, e bile o tla nna pelokgale le go feta. Petere le ditsala tsa gagwe ba ile ba bontsha gore ba na le tumelo e e nonofileng fa ba ne ba tlogela tiro ya bone ba bo ba nna barutwa ba ga Jesu. Le wena o ile wa bontsha gore o na le tumelo, fa o ne o bolelela ba losika le ditsala gore o ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa le gore o ya dipokanong! Ga go pelaelo gore o dirile diphetogo di le dintsi mo botshelong jwa gago, gore o kgone go tshela ka melao ya ga Jehofa. O ile wa kgona go dira jalo ka gonne o le pelokgale e bile o na le tumelo. Fa o ntse o leka ka natla gore o nne pelokgale le go feta, itse gore “Jehofa Modimo wa gago o na le wena gongwe le gongwe kwa o yang gone.”—Bala Joshua 1:7-9.

BATSWARADITLHAPI . . . 3. ba pelokgale e bile ba bereka le fa maemo a bosa a sa jese di welang (Bona serapa 11-12)

13. Go tlhatlhanya le go rapela go ka go thusa jang gore o nne pelokgale?

13 Ke eng gape se se ka go thusang gore o nne pelokgale? Kopa Jehofa gore a go neye bopelokgale. (Dit. 4:29, 31) Jehofa o tla araba dithapelo tsa gago, e bile ga a kitla a go latlha. O tla nna a go thusa ka metlha. Gape o ka thusiwa ke go akanya ka se Jehofa a ileng a se dira go thusa ba bangwe mo nakong e e fetileng. Gape akanya kafa Jehofa a ileng a go thusa ka gone fa o ne o na le mathata le kafa a go thusitseng ka gone gore o kgone go dira diphetogo mo botshelong. O se ka wa lebala gore Jehofa o ile a thusa batho ba gagwe go kgabaganya Lewatle le Lehibidu, ka jalo, le wena a ka go thusa gore o nne morutwa wa ga Jesu. (Ekes. 14:13) Nna le tumelo mo go Jehofa fela jaaka mopesalema yo o ileng a re: “Jehofa o kafa letlhakoreng la me; ga nkitla ke boifa. Motho wa mo lefatsheng a ka ntirang?”—Pes. 118:6.

14. O ithutile eng mo go se se diragaletseng Masae le Tomoyo?

14 Sengwe gape se se ka go thusang gore o nne pelokgale ke go itse gore Jehofa o ile a thusa jang batho bangwe, ba ba neng ba le ditlhong ka tlhago, gore ba nne pelokgale. Akanya ka kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Masae. O ne a le ditlhong tota, e bile a akanya gore a ka se kgone go rerela batho. O ne a bona e kete go bua le batho ba a sa ba itseng, go thata fela jaaka go palama thaba e e kwa godimo, mme o ne akanya gore ke sengwe se a ka se kgoneng go se dira. O ne a simolola go dira dilo dingwe tse dineng di tla mo thusa gore a rate Jehofa le batho ba bangwe le go feta. O ne a ipha nako ya go akanya ka tiro ya go rera, le kafa e potlakileng ka gone. Gape o ne a kopa Jehofa gore a mo thuse gore a nne le keletso ya go rerela ba bangwe. Jehofa o ile a mo thusa, mme o ne a kgona go nna mmulatsela wa ka metlha. Jehofa a ka kgona go thusa le baboledi ba basha go re ba “nne pelokgale.” Akanya ka se se diragaletseng kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Tomoyo. Lekgetlho la ntlha fa a ne a ile tshimong, motho wa ntlha yo a ileng a kopana le ene o ile a mo raya a re: “Ga ke batle go utlwa sepe ka Basupi ba ga Jehofa!” a bo a itaaganya lebati. Tomoyo o ne a raya kgaitsadi yo a neng a tsamaya le ene a re: “Ga ke a bua le fa e le sepe mme o ne a setse a itse gore ke Mosupi wa ga Jehofa. Ke itumetse tota!” Gone jaanong Tomoyo ke mmulatsela wa ka metlha.

NNA BOIKGAPO

15. Boikgapo ke eng, mme ke eng fa bakeresete ba tshwanetse go nna le jone?

15 Fa batshwara ditlhapi ba batla go atlega mo tirong ya bone, ba tshwanetse go nna boikgapo. Dikishinare nngwe ya re boikgapo ke “bokgoni jwa go ipateletsa go dira dilo dingwe tse o itseng gore o tshwanetse go di dira.” Batshwaraditlhapi ba tshwanetse go nna boikgapo gore ba kgone go tsoga phakela thata, gore ba dire tiro ya bone go fitlha ba e fetsa le gore ba tswelele ba bereka le fa gone maemo a bosa a sa jese di welang. Le rona re tlhoka go nna le boikgapo gore re kgone go tswelela mo tirong ya go dira barutwa.—Math. 10:22.

16. Ke eng se se ka re thusang go nna boikgapo?

16 Ga re tsholwe re na le boikgapo. Tota e bile go le gantsi re rata go dira dilo tse di motlhofo. Le fa go ntse jalo ka dinako tse dingwe dilo tse di botlhokwa tse re tshwanetseng go di dira, ga go motlhofo gore re di dire. Ka jalo, re tshwanetse go leka ka natla gore re nne boikgapo. Jehofa o dirisa moya o o boitshepo go re thusa gore re kgone go dira dilo tseo.—Bagal. 5:22, 23.

17. Mo go 1 Bakorintha 9:25-27 Paulo a re o ne a tshwanelwa ke go dira eng gore a nne boikgapo?

17 Moaposetoloi Paulo o ne a le boikgapo. Mme o ne a tlhalosa gore o ne a tshwanetse go “itaya” mmele wa gagwe gore a kgone go dira se se siameng. (Bala 1 Bakorintha 9:25-27.) O ile a kgothaletsa bakeresete ba bangwe gore ba nne boikgapo le gore ba dire dilo tsotlhe ka “mokgwa o montle le ka thulaganyo.” (1 Bakor. 14:40) Re tshwanetse go nna boikgapo gore re tswelele re direla Jehofa, mme seno se akaretsa go nna gone ka metlha mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo.—Dit. 2:46.

O SE KA WA SENYA NAKO

18. Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re atlege mo matlhong a ga Jehofa?

18 Fa motho yo o tshwarang ditlhapi a kgona go tshwara ditlhapi tse dintsi, kgwebo ya gagwe e a atlega. Tiro ya go rera yone ga e a nna jalo. Jehofa ga a tseye gore re atlegile fa fela re kgonne go thusa batho ba le bantsi gore e nne Basupi ba gagwe. (Luke 8:11-15) Go na le moo, selo sa botlhokwa mo go ene ke gore re tswelele re itshokile mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo. Ka ntlha yang? Ka gonne fa re dira jalo, re a bo re dira se ene le Morwawe ba batlang gore re se dire.—Mar. 13:10; Dit. 5:28, 29.

19-20. Re na le lebaka lefe le le utlwalang la go nna re rera dikgang tse di molemo gone jaanong?

19 Mo dinageng dingwe, batho ba letleletswe go tshwara ditlhapi ka dikgwedi tse di rileng fela. Mo dinageng tseo, batho ba ba tshwarang ditlhapi ba dira ka natla thata fa nako e ba letleletsweng go tshwara ditlhapi ka yone e tloga e fela. E re ka bokhutlo bo le gaufi thata, re na le lebaka le le utlwalang la go dira ka natla mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo. Nako e ile! Ka jalo, ga re a tshwanela go goga dinao mo tirong eno e e ka bolokang matshelo a batho. O se ka wa senya nako o re o emetse gore dilo di go tsamaele sentle mo botshelong gore o nne le seabe mo tirong eno ya botlhokwa.—Mor. 11:4.   

20 Dira sotlhe se o ka se kgonang gone jaanong gore o rate tiro ya go rera, o itse go e dira sentle, o nne pelokgale e bile o nne boikgapo. Tsaya karolo mo tirong eno ya go rera dikgang tse di molemo e e dirwang ke batho ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe. Seno se tla dira gore o itumele. (Neh. 8:10) Dira sotlhe se o ka se kgonang mo tirong eno go fitlha Jehofa a re go lekane. Mo setlhogong se se latelang, re tla tlotla ka dilo di le tharo tse di tla re thusang gore re tswelele re rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi.

PINA 66 Bolelang Dikgang Tse di Molemo

^ ser. 5 Jesu o ile a laletsa batshwaraditlhapi ba ba neng ba le boikokobetso e bile ba dira ka natla gore e nne barutwa ba gagwe. Le gompieno, Jesu o sa ntse a laletsa batho ba ba boikokobetso le ba ba dirang ka natla gore e nne barutwa ba gagwe le gore ba rere dikgang tse di molemo. Mo setlhogong seno, re tla bona gore batho ba ba ithutang Baebele mme gone ba sa ntse ba okaoka go dira barutwa ba tshwanetse go dirang eng.

^ ser. 1 TLHALOSO: “Batshwari ba batho” ke batho ba ba rerang dikgang tse di molemo e bile ba thusa batho gore ba nne barutwa ba ga Jesu.

^ ser. 10 Bona setlhogo se se reng, “Go Ruta Boammaaruri” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa October 2018, ts. 11-16.