Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A Moreri 5:8 e bua fela ka balaodi ba batho kgotsa e bua le ka Jehofa

Temana eo ya re: “Fa o bona go gatelelwa gope fela ga mohumanegi le go tlosiwa ga katlholo le tshiamo ka tsela e e sa siamang mo kgaolong e e laolang, o se ka wa gakgamadiwa ke tiragalo eo, gonne ene yo o kwa godimo go feta yo o kwa godimo o lebeletse, mme go na le ba ba kwa godimo ga bone.”—Mor. 5:8.

Go ka nna ga lebega e kete temana eno e bua fela ka balaodi ba batho ba ba berekang mo pusong mme ga e bue ka Jehofa. Mme fa re akanya sentle ka yone, re tla kgona go lemoga gore e re ruta sengwe ka Jehofa se se ka re kgothatsang fela thata.

Moreri 5:8 e bua ka mmusi yo o gatelelang batho ba ba humanegileng e bile a sa ba tshware sentle. Mmusi yoo ga a tshwanela go lebala gore go ka tswa go na le mongwe yo o mo lebileng yo o nang le taolo go mo feta mo pusong. Tota e bile, nnete ke gore, boobabedi go ka tswa go na le mongwe yo o nang le taolo go ba feta. Ka maswabi, mo dipusong tsa batho, batho botlhe ba ba nang le taolo e ka tswa e le maferefere mme seno se dira gore batho ba ba humanegileng ba sotlege.

Mme gone, le fa batho ba ba berekang mo pusong e ka tswa e le maferefere botlhe, re kgothadiwa ke gore Jehofa o ba “lebeletse.” Re ka mo kopa gore a re thuse, e bile re ka kgona go mmolelela mathata otlhe a rona. (Pes. 55:22; Bafil. 4:6, 7) Baebele ya re: “Matlho a [ga Jehofa] a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.”—2 Ditir. 16:9.

Moreri 5:8 e dira gore re lemoge gore mo dipusong tsa batho, go nna go na le mongwe yo o nang le taolo go feta ba bangwe. Mme sa botlhokwa le go feta, e re thusa gore re nne re gopotse gore, Jehofa ke ene a nang le taolo go feta batho botlhe. Gone jaanong, Jehofa o a busa mme o tlhomile Jesu Keresete gore e nne Kgosi ya Bogosi jwa gagwe. Jehofa Modimo o kgona go bona sengwe le sengwe mme o dira dilo tsotlhe ka tshiamiso. Morwaawe le ene o ntse fela jalo.