Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 39

Kgothatsa Bokgaitsadi mo Phuthegong

Kgothatsa Bokgaitsadi mo Phuthegong

“Basadi ba ba bolelang dikgang tse di molemo ke lesomo le legolo.”—PES. 68:11.

PINA 137 Basadi ba ba Ikanyegang

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

Bokgaitsadi ba neela dipontsho e bile ba a arabela fa ba le kwa dipokanong, ba nna gone kwa bodireding, ba thusa go tlhokomela Holo ya Bogosi e bile ba bontsha gore ba rata Bakeresetemmogo le bone (Bona serapa 1)

1. Bokgaitsadi ba na le seabe sefe mo phuthegong, mme ba lebana le mathata afe? (Bona setshwantsho sa khabara.)

RE ITUMELELA gore re na le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba dirang ka natla mo phuthegong. Ka sekai, kwa dipokanong, ba a arabela, ba neela dipontsho e bile ba dira ka natla mo tirong ya go rera. Ba bangwe ba thusa go tlhokomela Holo ya Bogosi e bile ba bontsha gore ba rata Bakeresetemmogo le bone. Mme gone, ba lebana le dikgwetlho di le dintsi. Ka sekai, ba bangwe ba tlhokometse batsadi ba bone ba ba godileng. Ba bangwe ga ba tshwarwe sentle ke ba malapa a bone fela ka gonne e le Basupi. Ba bangwe bone, ba dira ka natla ka gonne ba godisa bana ba le bosi.

2. Goreng re tshwanetse go ema bokgaitsadi nokeng?

2 Goreng re tshwanetse go ema bokgaitsadi nokeng? Ka gonne batho ba lefatshe leno ga ba tlotle basadi. Gape Baebele e re kgothaletsa gore re ba eme nokeng. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ile a bolelela phuthego ya kwa Roma gore ba amogele Febe le gore ba mo thuse ka dilo tse a di tlhokang. (Bar. 16:1, 2) Fa Paulo e ne e le Mofarasai, o ne a dumela gore basadi ke batho ba maemo a a kwa tlase e bile o ne a sa ba tlotle. Mme fa a sena go nna Mokeresete o ne a simolola go tshwara basadi sentle e bile o ne a ba tlotla fela jaaka Jesu.—1 Bakor. 11:1.

3. Jesu o ne a dirisana jang le basadi, mme o ne a ikutlwa jang ka ba ba neng ba dira thato ya ga Rraagwe?

3 Jesu o ne a tlotla basadi botlhe. (Joh. 4:27) O ne a sa tshwane le baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda. Tota e bile, buka nngwe e e tlhalosang Baebele ya re: “Jesu ga a ise a ko a tsamaye a bue sepe se se bontshang gore o nyatsa basadi.” Jesu o ne a tlotla basadi, segolobogolo ba ba dirang thato ya ga Rraagwe. O ne a re basadi bao ke bokgaitsadie e bile o ne a ba tsaya e le karolo ya lelapa la gagwe.—Math. 12:50.

4. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

4 Ka metlha Jesu o ne a thusa basadi ba ba neng ba direla Jehofa. O ne a ba bontsha gore ba botlhokwa e bile o ne a ba buelela fa ba bangwe ba sa ba tshware sentle. Mma re bone gore re ka etsa Jesu jang, ka go bontsha gore re akanyetsa bokgaitsadi.

BA AKANYETSE

5. Goreng bokgaitsadi bangwe ba sa kgone go fetsa nako le ba bangwe?

5 Motho a ka se iphetse a le nosi, ka jalo, rotlhe re tlhoka go fetsa nako le ba bangwe. Mme gone, ka dinako tse dingwe ga go motlhofo gore bokgaitsadi bangwe ba fetse nako le batho ba bangwe. Goreng? Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Jordan * a re: “E re ka ke sa nyalwa, ka dinako dingwe ke ikutlwa e kete ke letlhaodi e bile ke se botlhokwa mo phuthegong.” Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Kristen yo o direlang kwa go nang le tlhokego gone a re: “Ka dinako dingwe motho o jewa ke bodutu fa a le mo phuthegong e ntšha.” Ba bangwe le bone ba ka nna ba ikutlwa jalo. Motho a ka nna a jewa ke bodutu ka gonne a sa atamalana le ba lelapa la gagwe ka gonne e se Basupi e bile go sena yo a atamalaneng le ene mo phuthegong. Bokgaitsadi bangwe ba lwala thata, ka jalo, ga ba kgone go ya gope, mme seo se dira gore ba jewe ke bodutu. Ba bangwe bone ba tlhokomela mongwe mo lapeng yo o lwalang. Annette a re: “Ke ne ke sa kgone go etela batho ka gonne ke tlhokometse mmê.”

Re ka bontsha gore re rata bokgaitsadi ba ba direlang Jehofa fela jaaka Jesu a ne a dira (Bona serapa 6-9) *

6. Go ya ka se se mo go Luke 10:38-42, Jesu o ile a thusa Marea le Maratha jang?

6 Jesu o ne a fetsa nako le basadi ba ba direlang Jehofa, mme e ne e le ditsala tsa gagwe. E ne e le tsala ya Marea le Maratha, ba go lebegang ba ne ba sa nyalwa. (Bala Luke 10:38-42.) Jesu o ne a dira gore ba ikutlwe ba gololesegile fa ba na le ene. Ka sekai, nako nngwe fa Jesu a ne a ba etetse, Marea o ile a nna fa dinaong tsa ga Jesu. * Maratha o ne a kgopisitswe ke gore Marea o ne a sa mo thuse, ka jalo, o ne a ikutlwa a gololesegile go bolelela Jesu gore a mo kgalemele. Mme Jesu o ile a dirisa tshono eo go ba ruta sengwe sa botlhokwa. Mme o ne a bontsha gore o rata basadi bano le kgaitsadiabone e bong Lasaro, ka go nna a ba etela. (Joh. 12:1-3) Ka jalo, fa Lasaro a ne a lwala, Marea le Maratha ba ne ba itse gore Jesu o ne a tla ba thusa.—Joh. 11:3, 5.

7. Re ka bontsha jang bokgaitsadi gore re a ba rata?

7 Bokgaitsadi bangwe ba na le tshono ya go kopana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone fela fa ba le kwa dipokanong. Ka jalo, fa re le kwa dipokanong re tshwanetse go ipha nako ya go tlotla le bone le go ba bolelela gore re a ba rata. Jordan yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng a re: “Fa ba bangwe ba lebogela dikarabo tsa me, ba nkopa gore ke bereke le bone mo bodireding, kgotsa ba dira sengwe fela se se bontshang gore ba a nthata, seo se dira gore ke ikutlwe ke le botlhokwa.” Re tshwanetse go bontsha bokgaitsadi gore re a ba rata. Kia a re: “Fa ke sa kgona go ya dipokanong, bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba tla bo ba nteletsa kgotsa ba nthomelela molaetsa, ba mpotsa gore a ke siame. Seo se dira gore ke lemoge gore ba a nthata.”

8. Re ka etsa Jesu jang?

8 Le rona re tshwanetse go tsaya matsapa gore re kgone go fetsa nako le bokgaitsadi fela jaaka Jesu a ne a dira. Gongwe re ka ba laletsa gore ba tle go ja le rona, kgotsa re ka ya go iphokisa phefo le bone. Fa re na le bone, re tshwanetse go tlotla ka dilo tse di ba kgothatsang. (Bar. 1:11, 12) Bagolwane ba tshwanetse go etsa sekao sa ga Jesu. Jesu o ne a itse gore bokgaitsadi bangwe ba ne ba tla lebana le dikgwetlho ka gonne ba sa nyalwa. Mme gone o ile a tlhalosa gore, lenyalo kgotsa go nna le bana ga se gone di dirang gore motho a itumele. (Luke 11:27, 28) Go na le moo, selo se se ka dirang gore re itumele ke go dira tiro ya ga Jehofa le go e tsaya e le botlhokwa thata.—Math. 19:12.

9. Bagolwane ba ka thusa bokgaitsadi jang?

9 Bagolwane ba tshwanetse go dirisana le basadi ba Bakeresete jaaka bokgaitsadiabone le bo mmaabone. (1 Tim. 5:1, 2) Bagolwane ba tshwanetse go ipha nako ya go bua le bokgaitsadi pele ga dipokano, le morago ga tsone. Kristen a re: “Mogolwane mongwe o ne a nkatamela a bo a mpotsa gore ke ntse ke ya jang ka gonne ke ne ke le mmulatsela e bile ke bereka. Seno se ne sa nkgothatsa fela thata.” Fa bagolwane ba ipha nako ya go tlotla le bokgaitsadi, seo se tla bo se bontsha gore ba ba tsaya ba le botlhokwa. * Annette yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng a re go botlhokwa go bua le bagolwane ka metlha. A re: “Seno se dira gore ke ba itse mme le bone ba nkitse. Ka jalo, fa ke lebana le mathata, go nna motlhofo gore ke ba bolelele.”

LEBOGELA SE BA SE DIRANG

10. Ke eng se se ka thusang bokgaitsadi gore ba itumele?

10 Rotlhe fela re a itumela fa batho ba lebogela tiro e re e dirang. Mme gone, re kgobega marapo fa batho ba sa re akgole. Kgaitsadi mongwe wa mmulatsela yo o bidiwang Abigail a re: “Batho ba le bantsi ba itse fela gore ke ngwana wa ga semangmang le gore bokgaitsadiake ke bo mang. Mme nna e kete ga ba na sepe le nna. Ka dinako dingwe ke ikutlwa e kete ga ke ratiwe.” Mme akanya ka maitemogelo a ga kgaitsadi Pam. Go ne ga feta dingwaga di le dintsi e le morongwa. Mme moragonyana o ne a boela gae gore a ye go tlhokomela batsadi ba gagwe. Gone jaanong o na le dingwaga di ka nna 70 mme e sa ntse e le mmulatsela. A re: “Selo se se nthusitseng gore ke tswelele ke direla Jehofa ke gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba nkakgolela tiro ya me.”

11. Jesu o ile a bontsha jang gore o lebogela tiro ya bokgaitsadi ba ba ikanyegang ba ba neng ba bereka le ene mo bodireding?

11 Basadi bangwe ba ba ikanyegang ba ne ba dirisa dilo tsa bone go thusa Jesu. Mme Jesu o ne a lebogela thuso ya bone. (Luke 8:1-3) O ne a sa itumelele fela thuso ya bone, gape o ne a ba ruta dilo tse di botlhokwa ka Modimo. Ka sekai, o ne a ba bolelela gore o tlile go swa a bo a tsosiwa. (Luke 24:5-8) Jesu o ile a thusa baaposetoloi go ipaakanyetsa diteko tse ba neng ba tla lebana le tsone, mme o ile a dira fela jalo le ka basadi bano. (Mar. 9:30-32; 10:32-34) Le fa baaposetoloi bangwe ba ile ba tshaba fa Jesu a ne a tshwarwa, basadi bangwe ba ne ba na le ene fa a ne a le mo koteng ya tlhokofatso.—Math. 26:56; Mar. 15:40, 41.

12. Jesu o ne a naya basadi tiro efe?

12 Jesu o ne a naya basadi tiro ya botlhokwa. Ka sekai, batho ba ntlha go itse gore Jesu o ne a tsositswe, ke basadi. O ile a roma basadi bao gore ba ye go bolelela baaposetoloi gore o ne a tsositswe. (Math. 28:5, 9, 10) Mme gape, basadi ba ka tswa ba ne ba le teng ka Pentekosete ya 33 C.E., fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba tlodiwa ka moya o o boitshepo. Fa e le gore ba ne ba le teng, gongwe le bone ba ile ba newa bokgoni jwa go bua dipuo tse di farologaneng, ba bo ba bolelela ba bangwe “dilo tse dikgolo tsa Modimo.”—Dit. 1:14; 2:2-4, 11.

13. Bokgaitsadi ba dira tiro efe mo phuthegong, mme re ka ba ema nokeng jang?

13 Bokgaitsadi ba tlhoka go akgolwa ka ntlha ya tiro e ba e dirang mo phuthegong ya ga Jehofa. Bangwe ba thusa mo tirong ya go aga le go tlhokomela dikago, ba thusa mo tshimong ya dipuo tse dingwe e bile ba bangwe ba direla kwa Bethele. Ba thusa mo tirong ya namolo, mo tirong ya thanolo gape bangwe ba bone ke babulatsela kgotsa barongwa. Bokgaitsadi le bone ba na le tshiamelo ya go ya kwa sekolong sa babulatsela, Sekolo sa Baboledi ba Bogosi le kwa Gileade. Gape basadi ba ba nyetsweng ba thusa banna ba bone gore ba kgone go dira dikabelo tsa bone mo phuthegong. Baebele ya re bakaulengwe bano ke “dimpho” mme ba thusa batho ba le bantsi mo phuthegong. Mme gone, go ne go ka se nne motlhofo gore ba dire tiro eno fa basadi ba bone ba ne ba sa eme nokeng. (Baef. 4:8) Re ka ema bokgaitsadi bano nokeng jang?

14. Ka ntlha ya se se buiwang mo go Pesalema 68:11, ke eng se bagolwane ba ba botlhale ba se dirang?

14 Bagolwane ba ba botlhale ba a itse gore bokgaitsadi ke “lesomo le legolo” e bile ba a itse gore ke ditswerere mo tirong ya go rera. (Bala Pesalema 68:11.) Ka jalo, bagolwane ba leka go ithuta mo go bone. Abigail yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng a re o a itumela fa bakaulengwe ba mmotsa gore ke ditsela dife tse a boneng di bereka tsa go simolola motlotlo le batho mo bodireding. A re: “Seo se dira gore ke lemoge gore ke botlhokwa mo phuthegong ya ga Jehofa.” Gape bagolwane ba a itse gore bokgaitsadi ba ba godileng ba kgona go thusa ba basha fa ba ne le mathata. (Tito 2:3-5) Ruri re tshwanetse go bontsha bokgaitsadi gore re a ba rata e bile re lebogela tiro e ba e dirang.

BA BUELELE

15. Bokgaitsadi ba ka tlhoka mongwe yo a ka ba buelelang mo maemong afe?

15 Ka dinako dingwe fa bokgaitsadi ba lebane le dikgwetlho, ba tlhoka mongwe yo a ka ba buelelang. (Isa. 1:17) Ka sekai, kgaitsadi yo o tlhokafaletsweng ke monna kgotsa yo o tlhadilweng, a ka nna a tlhoka mongwe yo a ka mmuelelang kgotsa yo a ka mo thusang go dira dilo dingwe tse di neng di dirwa ke monna wa gagwe. Kgaitsadi yo o tsofetseng a ka nna a tlhoka mongwe yo o ka mmuelelang le dingaka. Kgotsa kgaitsadi wa mmulatsela yo o nnang le seabe bo diporojeke dingwe tse di dirwang mo phuthegong, a ka nna a tlhoka mongwe yo o ka mmuelelang fa ba bangwe ba mo tshwayatshwaya diphoso ka gore ga a nne teng mo tshimong ka metlha. Gape ke eng se re ka se dirang go thusa bokgaitsadi? A re boneng gore re ka ithuta eng mo go Jesu.

16. Go ya ka Mareko 14:3-9 Jesu o ile a buelela jang Marea?

16 Jesu o ne a tlhola a buelela basadi ba ba ikanyegang fa ba sa tshwarwe sentle. Ka sekai, o ile a buelela Marea fa Maratha a ne a ngongorega ka ene. (Luke 10:38-42) O ne a buelela Marea mo lekgetlhong le lengwe gape fa batho ba ne ba mo omanyetsa sengwe se a neng a se dira. (Bala Mareko 14:3-9.) Jesu o ne a itse gore se Marea a neng a se dira, o ne a se dira ka boikaelelo jo bo siameng, ka jalo, o ne a re: “O ntiretse tiro e e molemo. . . . O dirile se a neng a ka se kgona.” Gape o ile a bolelela pele gore se Marea a ileng a se dira go ne go tla buiwa ka sone “gongwe le gongwe fela kwa dikgang tse di molemo di rerwang gone,” fela jaaka re bua ka sone gone jaanong. Go a kgatlha go utlwa gore Jesu o ne a bua ka gore dikgang tse di molemo di ne di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe fa a ne a akgola Marea! Ruri se Jesu a ileng a se bua se ile sa kgothatsa Marea!

17. Re ka nna ra tshwanela ke go buelela kgaitsadi mo maemong afe?

17 A le wena o buelela bokgaitsadi fa go tlhokega? A re re ka sekai, go na le kgaitsadi mongwe yo monna wa gagwe e seng Mosupi, mme o nna fela a tla lata kwa dipokanong e bile fela fa dipokano di tswa o a tsamaya. Batho bangwe kwa dipokanong ba lemoga seno e bile ba lemoga gore ga se gantsi a tla le bana ba gagwe. Ka jalo, ba mo tshwayatshwaya diphoso ba re ga a tseye matsapa a go tla le bana ba gagwe. Mme gone, ga ba lemoge gore kgaitsadi yono o dira sotlhe se a ka se kgonang. A ka se ka a kgona go ya dipokanong le bana monna wa gagwe a sa batle. O ne o ka dira eng fa o ne o ka utlwa ba bangwe ba tshwayatshwaya kgaitsadi diphoso? Fa o ka akgola kgaitsadi yoo o bo o bua ka dilo tse dintle tse a di dirang, o ka thusa ba bangwe gore ba tlogele go bua dilo tseo tse di sa siamang ka ene.   

18. Re ka thusa bokgaitsadi ka ditsela dife gape?

18 Re ka bontsha bokgaitsadi gore re a ba rata ka go ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang. (1 Joh. 3:18) Kgaitsadi Annette yo o tlhokometseng mmaagwe yo o lwalang a re: “Ka dinako tse dingwe, bakaulengwe le bokgaitsadi ba tla go nthusa go tlhokomela mama fa nna ke dira dilo dingwe. Ka dinako tse dingwe ba re tlisetsa dijo. Seno se mpontsha gore ba a nthata e bile ke botlhokwa mo go bone.” Jordan yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng le ene bakaulengwe le bokgaitsadi ba a mo thusa. Ka sekai, mokaulengwe mongwe o ne a mo ruta go baakanya koloi. Jordan a re: “Ke itumelela go bona gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba a nthata e bile ba batla gore ke nne ke sireletsegile.”

19. Ke eng gape se re ka se dirang go thusa bokgaitsadi?

19 Bagolwane le bone ba leka ka natla go thusa bokgaitsadi ka dilo tse ba di tlhokang. Ba a itse gore Jehofa o batla gore bokgaitsadi ba tshwarwe sentle. (Jak. 1:27) Bagolwane ba etsa Jesu ka go akanyetsa ba bangwe le go ba tshwara sentle. Ga ba gatelele gore dilo di dirwe ka tsela e e rileng fela. (Math. 15:22-28) Fa bagolwane ba thusa bokgaitsadi ka dilo tse ba di tlhokang, bokgaitsadi bano ba kgona go lemoga gore ba a ratiwa e bile ba botlhokwa mo phuthegong ya ga Jehofa. Kgaitsadi Kia o re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng o ne a tlhoka go fudugela kwa ntlong e nngwe. E rile molebedi wa setlhopha sa bone sa tshimo a utlwa ka seno, o ne a rulaganya gore a thusiwe. Kia a re: “Seno se ne sa dira gore ke imologe fela thata. E re ka bagolwane ba ile ba nkgothatsa le go nthusa ka dilo tse ke di tlhokang, seno se ne sa nthusa go lemoga gore ke botlhokwa mo go bone e bile fa ke na le mathata, ga ke tlhoke go lebana le one ke le nosi.”

BOKGAITSADI BOTLHE BA TLHOKA THUSO YA RONA

20-21. Re ka bontsha jang gore re rata bokgaitsadi ba rona botlhe?

20 Go na le bokgaitsadi ba le bantsi mo diphuthegong tsa rona ba ba dirang ka natla, mme re tshwanetse go ba ema nokeng. Jaaka re bone mo sekaong sa ga Jesu, re tshwanetse go fetsa nako le bone e bile re tshwanetse go leka go ba itse botoka. Re tshwanetse go ba leboga ka ntlha ya tiro e ba e dirang mo phuthegong ya ga Jehofa e bile re tshwanetse go ba buelela fa go tlhokega.

21 Kwa bokhutlong jwa lekwalo le Paulo a neng a le kwaletse Baroma, o ile a umaka bokgaitsadi ba le robonngwe ka maina. (Bar. 16:1, 3, 6, 12, 13, 15) Ga go pelaelo gore seno se ile sa kgothatsa bokgaitsadi bao fela thata. Le rona re tshwanetse go ema bokgaitsadi botlhe nokeng. Fa re dira jalo, re ba bontsha gore re a ba rata le gore le bone ke karolo ya lelapa la ga Jehofa.

PINA 136 Tuelo e e Tswang Kwa go Jehofa

^ ser. 5 Bokgaitsadi ba lebana le mathata a le mantsi. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka gore re ka etsa jang sekao sa ga Jesu ka go ba kgothatsa. Jesu o ne a ipha nako le bokgaitsadi, a ba bontsha gore ba botlhokwa e bile a ba buelela fa batho ba sa ba tshware sentle.

^ ser. 5 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 6 Encyclopedia nngwe ya Baebele ya re: “Barutwa ba ne ba nna fa dinaong tsa barutisi ba bone. Ba ne ba dira jalo fa ba ne ba ipaakanyetsa go nna barutisi. Mme gone, basadi ba ne ba sa letlelelwa go nna barutisi. Ka jalo, banna ba le bantsi ba Bajuda ba ne ba ka gakgamala fa ba ne ba ka bona Marea a ntse fa dinaong tsa ga Jesu.”

^ ser. 9 Bagolwane ba tshwanetse go nna kelotlhoko fa ba thusa bokgaitsadi. Ka sekai, mogolwane ga a tshwanela go etela kgaitsadi a le nosi.

^ ser. 65 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Mokaulengwe mongwe o etsa sekao sa ga Jesu. O thusa bokgaitsadi go baakanya koloi, o etela kgaitsadi yo o lwalang e bile o tsamaya le mosadi wa gagwe go ya go tshwara kobamelo ya lelapa le kgaitsadi mongwe le ngwana wa gagwe.