Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 37

‘O se Ka wa Letla Seatla sa Gago se Ikhutsa’

‘O se Ka wa Letla Seatla sa Gago se Ikhutsa’

“Mo mosong o jale peo ya gago mme o se ka wa letla seatla sa gago gore se ikhutse go fitlha maitseboa.”—MOR. 11:6.

PINA 68 Go Jala Peo ya Bogosi

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. Moreri 11:6 e amana jang le tiro ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi?

MO DINAGENG dingwe, batho ba rata go reetsa dikgang tse di molemo le go ithuta Baebele. Mme mo dinageng tse dingwe, batho ga ba batle go utlwa sepe ka Modimo kgotsa ka Baebele. Batho ba kwa o nnang gone bone ba ntse jang? Le fa batho ba ka tswa ba reetsa molaetsa wa rona kgotsa ba sa o reetse, Jehofa o batla gore re tswelele re rera go fitlha a re go lekane.

2 Jehofa o setse a tlhomile nako e tiro ya go rera e tlileng go fela ka yone mme go tswa foo, “bokhutlo bo tla tla.” (Math. 24:14, 36) Fa bokhutlo bo ise bo tle, ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra ‘letla sa rona se ikhutsa’? *Bala Moreri 11:6.

3. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Mo setlhogong se se fetileng, re tlotlile ka dilo di le nnê tse di ka re thusang gore re nne ditswerere mo tirong ya go rera. (Math. 4:19) Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dilo di le tharo tse di tla re thusang gore re tswelele re rera le fa re na le mathata. Re tla bona gore ke eng fa go le botlhokwa gore (1) re tswelele re tlhomile mogopolo mo tirong ya go rera, (2) re nne pelotelele le gore (3) re tswelele re na le tumelo mo go Jehofa.

NNA O TLHOMILE MOGOPOLO MO TIRONG YA GO RERA

4. Goreng re tshwanetse go nna re tlhomile mogopolo mo tirong e Jehofa a re neileng yone?

4 Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore go ne go tla diragala eng mo metlheng ya bofelo le gore batho ba ne ba tla nna jang. O ne a itse gore dilo tseno di ne di ka dira gore ba iteege tsebe mo tirong ya go rera. Ka jalo, o ne a ba bolelela gore ba ‘nne ba disitse.’ (Math. 24:42) Mo motlheng wa ga Noa, go ne go na le dilo di le dintsi tse di neng di dira gore batho ba se ka ba reetsa molaetsa wa gagwe. Le rona dilo tseo di ka re itaya tsebe. (Math. 24:37-39; 2 Pet. 2:5) Ka jalo, re tshwanetse go nna re tlhomile mogopolo mo tirong e Jehofa a re neileng yone.

5. Ditiro 1:6-8 ya re tiro ya go rera e tla dirwa go ya bokgakaleng bofe?

5 Go botlhokwa gore re nne re tlhomile mogopolo mo tirong ya go rera. Jesu o ile a bolelela pele gore balatedi ba gagwe ba ne ba tla tswelela ba rera fa a sena go swa le gore ba ne ba tla rera lobaka lo loleele. (Joh. 14:12) Fa Jesu a sena go swa, barutwa bangwe ba gagwe ba ne ba boela kwa tirong ya bone ya go tshwara ditlhapi. Fa Jesu a sena go tsosiwa, o ne a dira kgakgamatso ka go thusa balatedi bangwe ba gagwe gore ba tshware ditlhapi di le dintsi. Go tswa foo, o ne a ba tlhalosetsa gore tiro ya go rera le go dira barutwa e botlhokwa go gaisa tiro epe fela. (Joh. 21:15-17) Pele Jesu a ya legodimong, o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore tiro eno ya go rera e ne e tla dirwa mo lefatsheng lotlhe. (Bala Ditiro 1:6-8.) Dingwaga di se kae moragonyana, Jesu o ne a bontsha moaposetoloi Johane se se neng se tla direga mo “letsatsing la Morena.” * Mo ponatshegelong eo, Johane o ile a bona moengele “a tshotse dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng” gore a di bolele mo “setšhabeng sengwe le sengwe le lotso le teme le batho.” (Tshen. 1:10; 14:6) Jehofa o batla gore re rere dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe go fitlha a re go lekane.

6. Ke eng se se ka re thusang gore re nne re tlhomile mogopolo mo tirong ya go rera ka Bogosi?

6 Sengwe se se tla re thusang gore re nne re tlhomile mogopolo mo tirong ya go rera ke go nna re akantse ka dilo tsotlhe tse Jehofa a di dirang go re thusa mo tirong eno. Ka sekai, re na le dikgatiso di le dintsi tse di printilweng, tse di mo Internet, tse di rekotilweng, dibidio le JW Broadcasting. Mo godimo moo, ga go na le tshedimosetso ka dipuo di feta 1 000 mo website ya rona. (Math. 24:45-47) Batho ba lefatshe leno ga ba utlwane ka gonne ba ema nokeng mekgatlho e e farologaneng ya dipolotiki, ba mo madumeding a a sa tshwaneng e bile ba bangwe ba humile mme ba bangwe bone ba humanegile. Mme gone, Basupi ba ga Jehofa ba le dimilione di feta robedi mo lefatsheng lotlhe ba a utlwana. Ka sekai, ka Labotlhano, April 19, 2019, Basupi mo lefatsheng lotlhe ba ne ba lebeletse bidio e e neng e tlotla ka temana ya letsatsi. Mo maitseboeng a lone letsatsi leo, batho ba le 20 919 041 ba ne ba kopana mmogo gore ba gopole loso lwa ga Jesu. Fa re nna re akanya ka tshiamelo e re nang le yone ya go nna le seabe mo dilong tseno tse dintle tse di diregang, seno se re thusa gore re nne re tlhomile mogopolo mo tirong ya go rera ka Bogosi.

Jesu o ne a sa letle sepe se mo itaya tsebe mo tirong ya go rera (Bona serapa 7)

7. Go etsa Jesu go ka re thusa jang gore re nne re tlhomile mogopolo mo tirong ya go rera?

7 Selo se sengwe se se tla re thusang go tlhoma mogopolo mo tirong ya go rera ke go etsa Jesu. O ne a sa letle sepe se mo itaya tsebe mo tirong ya go rera. (Joh. 18:37) Fa Satane a ne mo raya a re o tla mo naya “magosi otlhe a lefatshe le kgalalelo ya one,” ga a ka a raelesega. E bile ga a ka a dumela fa batho ba ne ba batla go mo dira kgosi. (Math. 4:8, 9; Joh. 6:15) O ne a sa eletse go huma e bile o ne a sa boife batho ba ba neng ba mmogisa. (Luke 9:58; Joh. 8:59) Fa re nna re akantse ka se moaposetoloi Paulo a ileng a se bua, le rona re tla nna re tlhomile mogopolo mo tirong ya go rera le fa re kopana le mathata. O ne a kgothaletsa Bakeresete gore ba etse Jesu ka gonne seo se tla ba thusa gore ba se ka ba lapa e bile ba se ka ba felelwa ke maatla.—Baheb. 12:3.

NNA PELOTELELE

8. Bopelotelele ke eng, mme ke eng re tlhoka go nna le jone gone jaanong?

8 Go nna pelotelele go kaya go nna o letile o sa ngongorege go fitlha maemo a siama. Re tlhoka go nna pelotelele mo maemong a a farologaneng. Ka sekai, re ka tswa re na le mathata mme re eletsa gore a fele kgotsa re ka tswa re na le nako e e telele re letetse gore sengwe se se itumedisang se direge. Moporofeti Habakuke o ne a tshela le batho ba ba ratang ntwa, ka jalo, o ne a eletsa gore maemo a fetoge. (Hab. 1:2) Barutwa ba ga Jesu bone ba ne ba solofetse gore Bogosi bo ne bo tla tla ka “ponyo ya leitlho” gore bo ba golole mo pusong ya Baroma e e neng e ba gatelela. (Luke 19:11) Re eletsa gore Bogosi Jwa Modimo bo feditse dilo tse di bosula tse di diregang le gore bo tlise lefatshe le lesha, le mo go lone go tla bong go tshela batho ba ba siameng fela. (2 Pet. 3:13) Mme gone, re tshwanetse go nna pelotelele, re lete gore Jehofa a dire seo ka nako e a e tlhomileng. Jehofa o re thusa jang gore re nne pelotelele?

9. Naya dikai tse di bontshang gore Jehofa o pelotelele.

9 Jehofa o pelotelele go gaisa motho ope fela. O ne a naya Noa nako e e lekaneng gore a age araka le gore a tlhagise batho. (2 Pet. 2:5; 1 Pet. 3:20) Jehofa o ne a le pelotelele fa Aborahame a ne a mmotsa dipotso tse di ganang go fela ka tshwetso ya gagwe ya go fedisa metse ya Sodoma le Gomora. (Gen. 18:20-33) Gape go ne ga feta dingwagangwaga a le pelotelele le setšhaba se se tlhogoethata sa Iseraele. (Neh. 9:30, 31) Mo godimo ga moo re kgona go bona gore Jehofa o pelotelele ka gonne o neile batho nako e e telele ya gore ba ikwatlhae. (2 Pet. 3:9; Joh. 6:44; 1 Tim. 2:3, 4) E re ka Jehofa a le pelotelele, seno se re thusa gore le rona re tswelele re le pelotelele fa re ntse re rerela batho dikgang tse di molemo. Go na le setshwantsho sengwe mo Baebeleng se Jehofa a se dirisang go re ruta go nna pelotelele.

Re tshwanetse go nna pelotelele fela jaaka mojadi (Bona serapa 10-11)

10. Setshwantsho sa mojadi se se mo go Jakobe 5:7 le 8 se re ruta eng?

10 Bala Jakobe 5:7, 8Setshwantsho sa mojadi se re ruta gore re ka dira eng gore re nne pelotelele. Gone ke nnete gore go na le dijalo tse di golang ka bonako. Le fa go ntse jalo, dijalo di le dintsi di tsaya nako go gola, segolobogolo tse di ntshang dijo. Kwa Iseraele, go ne go tsaya dikgwedi di le thataro gore masimo a siamele go ka rojwa. Baiseraele ba ne ba lema morago ga pula ya ntlha e e neng e na ka letlhabula ba bo ba roba morago ga pula ya bofelo e e neng e na ka dikgakologo. (Mar. 4:28) Le rona re tshwanetse go nna pelotelele fela jaaka mojadi. Mme gone, ka dikano tse dingwe ga go motlhofo.

11. Go nna pelotelele go tla re thusa jang mo tirong ya go rera?

11 Go le gantsi fa motho a sena go dira sengwe, o batla go bona matswela a sone ka bonako. Mme gone, fa re batla gore dijalo di tlhoge, re tshwanetse go di tlhokomela. Fa re sena go jala peo, re tshwanetse go nna re e nosetsa e bile re e tlhagolela. Ka tsela e e tshwanang, fa re batla go dira batho barutwa, re tlhoka go dira ka natla. Go tsaya nako go thusa batho ba re ithutang le bone gore ba tlogele go nna le tlhaolele le gore ba rate ba bangwe. Fa re le pelotelele, ga re kitla re kgobega marapo fa batho ba sa re reetse. Mme le fa re kopana le batho ba ba batlang go ithuta le rona, re sa ntse re tlhoka go nna pelotelele. Ka ntlha yang? Ka gonne ga re ka ke ra pateletsa motho yo re ithutang le ene gore a nne le tumelo. Tota le barutwa ba ga Jesu le bone ka dinako dingwe ba ne ba tsaya nako go tlhaloganya dilo tse a neng a di ruta. (Joh. 14:9) Re tshwanetse go nna re gopotse gore tiro ya rona ke go rera le go ruta mme Jehofa ke ene a thusang batho gore ba nne le tumelo mo go ene.—1 Bakor. 3:6.

12. Ke eng se se ka re thusang go nna pelotelele fa re rerela ba masika a rona ba e seng Basupi?

12 Go ka nna thata gore re nne pelotelele fa re rerela ba masika a rona ba e seng Basupi. Moreri 3:7 e ka re thusa fa re le mo maemong ao. Ya re go na le “nako ya go didimala le nako ya go bua.” Fa re itshwere sentle, seno se ka dira gore ba masika a rona ba simolole go reetsa molaetsa wa rona. Mme gone, re tshwanetse go nna re le malalaalaotswe go ba bolelela ka Jehofa. (1 Pet. 3:1, 2) Re tshwanetse go nna matlhagatlhaga mo tirong ya go rera, mme gone, re tshwanetse go nna pelotelele le batho botlhe ba re ba rerelang, go akaretsa ba masika a rona.

13-14. Ke batlhanka bafe ba ga Jehofa ba ba ileng ba nna pelotelele ba re ka etsang?

13 Re ka ithuta go nna pelotelele mo batlhankeng ba ga Jehofa ba go buiwang ka bone mo Baebeleng le ba re tshelang le bone gompieno. Ka sekai, Habakuke o ne a batla gore dilo tse di bosula tse di neng di direga di fele, mme gone, o ne a bontsha gore o pelotelele fa a ne a re: “Ke tla nna ke eme mo lefelong la me la go lebelela.” (Hab. 2:1) Moaposetoloi Paulo o ne a eletsa go wetsa bodiredi jwa gagwe le go amogela tuelo ya gagwe ya kwa legodimong, le fa go ntse jalo, o ne a tswelela a “[naya] bosupi ka botlalo [ka] dikgang tse di molemo.”—Dit. 20:24.

14 Banyalani bangwe ba ba neng ba tswa kwa Sekolong sa Gileade ba ne ba abelwa go ya go direla kwa nageng e go neng go na le Basupi ba le mmalwa fela kwa go yone e bile bontsi jwa batho mo nageng eo ga se Bakeresete. Ka jalo, batho ba le bantsi kwa nageng eo ba ne ba sa batle go utlwa sepe ka Baebele. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba le kwa Gileade le banyalani bao ba ne ba tlhola ba ba bolelela gore bone ba ithuta Baebele le batho ba le bantsi e bile batho bao e nne Basupi. Banyalani bao ba ne ba tswelela ba rera le fa batho ba le bantsi ba ne ba sa ba reetse. Morago ga dingwaga di le robedi ba ntse ba rera mo tshimong eo e e thata, mongwe wa batho ba ba neng ba ithuta Baebele le ene o ne a kolobediwa. Re ithuta eng mo batlhankeng bano ba ga Jehofa ba mo nakong e e fetileng le ba gompieno? Batlhanka bano ba ga Jehofa ga ba a ka ba goga dinao e bile ga ba a ka ba letla seatla sa bone se ikhutsa, mme Jehofa o ne a ba segofatsa. A le rona re etseng “bao ka tumelo le bopelotelele ba ruang ditsholofetso.”—Baheb. 6:10-12.   

TSWELELA O NA LE TUMELO MO GO JEHOFA

15. Tumelo e re thusa jang gore re tswelele re rera?

15 Re a itse gore molaetsa o re o rerang o boammaaruri, ka jalo, re o bolelela ba bangwe. Gape re a itse gore Jehofa o tlile go dira dilo tse a re solofetsang tsone mo Baebeleng. (Pes. 119:42; Isa. 40:8) Re setse re bone boporofeti bo le bontsi bo diragadiwa e bile re bone batho ba le bantsi ba fetola matshelo a bone fa ba sena go dirisa se ba se ithutileng mo Baebeleng. Dilo tseno di dira gore re tlhatswege pelo gore ruri batho ba tlhoka go utlwa molaetsa wa Bogosi.

16. Pesalema 46:1-3 e bontsha jang gore go nna le tumelo mo go Jehofa le Jesu go ka re thusa gore re tswelele re rera dikgang tse di molemo?

16 Gape re na le tumelo mo go Jehofa le mo go Jesu, yo a mo tlhomileng gore e nne Kgosi ya Bogosi jwa Gagwe. (Joh. 14:1) Le fa re ka diragalelwa ke eng, Jehofa o tla re sireletsa le go re naya maatla. (Bala Pesalema 46:1-3.) Mo godimo ga moo, re tlhatswegile pelo gore Jesu o dirisa maatla a Jehofa a mo neileng one go kaela tiro ya go rera.—Math. 28:18-20.

17. Ke eng se se bontshang gore re tlhoka go tswelela re rera?

17 Tumelo e re thusa gore re tlhomamisege gore Jehofa o tla segofatsa maiteko a re a dirang, tota le ka tsela e re neng re sa e lebelela. (Mor. 11:6) Ka sekai, letsatsi le letsatsi batho ba bona ditafole le dikolotsana tse di nang le dikgatiso tsa rona. Mokgwa ono wa go rera eleruri o na le matswela. Ka sekai, Tirelo ya Rona ya Bogosi ya November 2014 e ne ya bua ka moithuti mongwe wa yunibesithi yo o neng a batla go kwala tlhamo ka Basupi ba ga Jehofa. O ne a sa itse gore Holo ya Bogosi e kae, mme o ne a bona kolotsana ya rona ya dikgatiso kwa yunibesithing a bo a kgona go bona le tshedimosetso e e neng e tla mo thusa go kwala tlhamo. Moragonyana, o ne a kolobediwa mme gone jaanong ke mmulatsela wa ka metlha. Dikai tseno di dira gore re tswelele re rera ka gonne di re thusa go bona gore go sa ntse go na le batho ba ba ntsi tota ba ba tlhokang go utlwa molaetsa wa Bogosi.

O SE KA WA LETLA SEATLA SA GAGO SE IKHUTSA

18. Ke ka ntlha yang fa re tlhatswegile pelo gore tiro ya go rera e tla fela ka nako e Jehofa a e tlhomileng?

18 Re a itse gore tiro ya go rera e tla fela ka nako e Jehofa a e tlhomileng. Akanya ka se se ileng sa direga ka motlha wa ga Noa. Jehofa o ne a bontsha gore ka metlha o dira dilo ka nako e a e tlhomileng. Dingwaga di le 120 pele ga Morwalela, Jehofa o ne a setse a tlhomile nako ya gore Morwalela oo o ne o tla tla leng. Dingwaga di le dintsi morago ga moo, o ne a laela Noa gore a age araka. Gongwe go ne ga feta dingwaga di le 40 kgotsa di le 50 Noa a aga araka e bile a tlhagisa batho. Le fa gone batho ba ne ba sa mo reetse, o ne a tswelela a rera go fitlha nako e Jehofa a neng a mo raya a re a tsenye diphologolo mo arakeng. Ka nako e e siameng, “Jehofa [o ne] a tswala kgoro.”—Gen. 6:3; 7:1, 2, 16.

19. Jehofa o tlile go re segofatsa jang fa re sa letle seatla sa rona se ikhutsa?

19 Go ise go ye kae, Jehofa o tla emisa tiro ya go rera. Go tswa foo, o tla senya lefatshe la ga Satane a bo a tlisa lefatshe le lesha. Mme fa re ntse re letetse nako eo, a re tsweleleng re etsa Noa, Habakuke le batlhanka ba bangwe ba ga Jehofa ba ba ileng ba se ka ba letla seatla sa bone se ikhutsa. A re tswelele re tlhomile mogopolo mo tirong ya go rera re le pelotelele e bile re na le tumelo mo go Jehofa le mo ditsholofetsong tsa gagwe.

PINA 75 “Ke Fano! Roma Nna!”

^ ser. 5 Setlhogo se se fitileng se ne se kgothaletsa batho ba ba ithutang Baebele gore ba amogele taletso ya ga Jesu ya gore ba rere dikgang tse di molemo. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dilo tse tharo tse di ka thusang baboledi botlhe gore ba tswelele ba rera dikgang tse di molemo go fitlha Jehofa a re go lekane.

^ ser. 2 TLHALOSO: Mafoko a a reng ‘o se ka wa letla seatla sa gago se ikhutsa’ a raya gore re tshwanetse go tswelela re rera go fitlha Jehofa a re go lekane.

^ ser. 5 ‘Letsatsi la Morena’ le ne la simolola ka 1914 fa Jesu e nna Kgosi mme le tla fela kwa bokhutlong jwa Puso ya ga Keresete ya Dingwaga di le Sekete.