Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 39

Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlogela Jehofa

Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlogela Jehofa

“Ba ne ba mo utlwisa botlhoko [gantsi].”—PES. 78:40.

PINA 102 ‘Thusang ba ba Bokoa’

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Batho bangwe ba ka ikutlwa jang fa mongwe yo ba mo ratang a kgaolwa?

A MONGWE yo o mo ratang o kgaotswe? Seo se ka go utlwisa botlhoko thata! Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Hilda a re: “Fa monna wa me yo o neng a ikanyega mo go Jehofa a ne a tlhokafala morago ga dingwaga di le 41 re nyalane, ke ne ka utlwa botlhoko tota. * Mme ga go na selo se se kileng sa nkutlwisa botlhoko jaaka fa morwaake a ne a tlogela Jehofa, mosadi wa gagwe le bana ba gagwe.”

Jehofa o a tlhaloganya gore go utlwisa botlhoko fa motho yo re mo ratang a tlogela go mo direla (Bona serapa 2-3) *

2-3. Pesalema 78:40 le 41 e a re Jehofa o ikutlwa jang fa bangwe ba batlhanka ba gagwe ba tlogela go mo direla?

2 Akanya gore Jehofa o tshwanetse a bo a ne a utlwile botlhoko jang fa bangwe ba baengele ba e neng e le karolo ya lelapa la gagwe ba tlogela go mo direla! (Jude 6) Gape akanya gore o ne a utlwile botlhoko jang fa batho ba a ba ratang thata e bong Baiseraele, ba ne ba mo tlhanogela gangwe le gape. (Bala Pesalema 78:40, 41.) O ka tlhomamisega gore Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong le ene o utlwa botlhoko fa motho yo o mo ratang a tlogela go mo direla. O tlhaloganya kutlobotlhoko e o leng mo go yone. O go tlhomogela pelo, ka jalo o tla go gomotsa a bo a go ema nôkeng.

3 Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka se re ka se dirang gore Jehofa a re thuse fa mongwe yo re mo ratang a tlogela go mo direla. Gape re tla bona gore re ka dira eng go thusa ba bangwe mo phuthegong fa ba lebane le boemo joo. Le fa go ntse jalo, a re simolole pele ka go tlotla ka maikutlo a re sa tshwanelang go nna le one.

O SE KA WA IPONA MOLATO

4. Batsadi ba le bantsi ba ikutlwa jang fa ngwana wa bone a tlogela go direla Jehofa?

4 Gantsi fa ngwana a kgaolwa, batsadi ba ipotsa gore a ba dirile sotlhe se ba ka se kgonang go thusa ngwana yoo gore a direle Jehofa. Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Luke, o ne a bua jaana fa morwawe a sena go kgaolwa: “Ke ne ke ipona molato ka ntlha ya seo e bile ke ne ke lora ditoro tse di tshosang. Ka dinako dingwe ke ne ke lela e bile ke utlwa e kete pelo ya me e phatlogile.” Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Elizabeth yo le ene morwawe a neng a kgaotswe a re o ne a nna a akanya jaana: “Ke dirile eng se se phoso? Ke ne ke akanya gore ga ke a dira se ke neng ke tshwanetse go se dira go thusa morwaake gore a rate Jehofa.”

5. Ke phoso ya ga mang fa mongwe a tlogela go direla Jehofa?

5 Re tshwanetse go gakologelwa gore Jehofa o neile mongwe le mongwe wa rona kgololesego ya go itlhophela. Seno se raya gore re ka tlhopha go mo ikobela kgotsa go se mo ikobele. Bana bangwe ba godisitswe ke batsadi ba ba neng ba sa tlhome sekao se se molemo, le fa go ntse jalo ba dirile tshwetso ya go direla Jehofa le go tswelela ba ikanyega mo go ene. Mme ba bangwe bone, ba godisitswe ke batsadi ba ba neng ba ba ruta gore ba direle Jehofa, le fa go ntse jalo ba ne ba mo tlogela fa ba gola. Boammaaruri ke gore, mongwe le mongwe o tshwanetse go itlhophela gore a o tla direla Jehofa kgotsa nnyaa. (Josh. 24:15) Ka jalo, batsadi, lo se ka lwa ipona molato fa bana ba lona ba tlogela go direla Jehofa.

6. Ngwana a ka ikutlwa jang fa motsadi wa gagwe a tlogela go direla Jehofa?

6 Ka dinako dingwe, motsadi o tlogela Jehofa a bo a tlogela le ba lelapa la gagwe. (Pes. 27:10) Seno se ka nna thata mo baneng ba ba neng ba rata motsadi wa bone e bile ba mo tlotla. Esther yo rraagwe a neng a kgaotswe a re: “Ke ne ke nna ke lela fa ke lemoga gore o ne a sa katogele kgakala le boammaaruri fela go na le moo o ne a dirile tshwetso ya gore o tlogela Jehofa gotlhelele. Ke rata rre, ka jalo fa a ne a kgaotswe ke ne ke nna ke tshwenyegile ka ene e bile pelo ya me e ne e nna e iteela ka bonako fa ke akanya ka ene.”

7. Jehofa o ikutlwa jang ka mosha yo motsadi wa gagwe a kgaotsweng?

7 Mosha, fa e le gore motsadi wa gago o kgaotswe, itse gore re lela le wena! Gape tlhomamisega gore Jehofa o a itse gore o utlwile botlhoko go le kana kang! O a go rata e bile o itumelela gore o tswelela o mo direla ka boikanyegi, mme le rona bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago re a go rata e bile re itumelela seo. Gape gopola gore ga o ka ke wa bonwa molato ka ditshwetso tse batsadi ba gago ba di dirang. Jaaka go tlhalositswe pelenyana, Jehofa o neile mongwe le mongwe kgololesego ya go itlhophela gore a o tla mo direla kgotsa nnyaa. E bile motlhanka mongwe le mongwe wa ga Jehofa yo o kolobeditsweng o tla “rwala morwalo wa gagwe.”—Bagal. 6:5, ntlh.

8. Ke eng se ba bangwe mo lelapeng ba ka se dirang fa ba letetse gore ba ba kgaotsweng ba boele kwa go Jehofa? (Bona le lebokose le le reng, “ Boela Kwa go Jehofa.”)

8 Fa mongwe yo o mo ratang a tlogela go direla Jehofa, go a utlwala gore o solofele gore letsatsi lengwe o tla boa. O ka dira eng fa o ntse o mo letile gore a boe? Dira sotlhe se o ka se kgonang go nonotsha tumelo ya gago. Fa o dira jalo, o tla tlhomela ba bangwe mo lelapeng sekao se se molemo, gongwe le ene motho yo o kgaotsweng. E bile o tla nna le maatla a gore o itshokele kutlobotlhoko eo. A jaanong re bone gore ke dilo dife tse re ka di dirang gore tumelo ya rona e nne e nonofile.

SE O KA SE DIRANG GORE TUMELO YA GAGO E NNE E NONOFILE

9. O ka dira eng gore o nonotshe tumelo ya gago? (Bona le lebokose le le reng “ Ditemana Tse Di ka Go Gomotsang fa Mongwe a Tlogela Jehofa.”)

9 Dira dilo tse di ka go thusang gore tumelo ya gago e nne e nonofile. Go botlhokwa thata gore o tswelele o nonotsha tumelo ya gago mo go Jehofa le go nonotsha ba bangwe mo lelapeng. O ka dira seo jang? Ka go bala Baebele ka metlha le go akanya thata ka se o se balang o bo o nne teng kwa dipokanong ka metlha. Joanna yo rraagwe le mogoloe ba tlogetseng boammaaruri a re: “Ke ikutlwa ke ritibetse fa ke bala ka batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ba jaaka Abigaile, Esethere, Jobe, Josefa le Jesu. Dikao tsa bone di a nkgothatsa e bile di nthusa gore ke nne pelokgale. Dipina tsa JW Broadcasting® le tsone di nkgothatsa fela thata.”

10. Pesalema 32:6-8 e re thusa jang go itshoka fa re tshwenyegile thata?

10 Bolelela Jehofa sengwe le sengwe se se go tshwenyang. Fa o tshwenyegile thata, o se ka wa tlogela go rapela. Kopa Modimo wa rona yo o lorato gore a go thuse go leba dilo ka tsela e a di lebang ka yone le gore a go ‘neye temogo a bo a go rute tsela e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone.’ (Bala Pesalema 32:6-8.) Gone ke boammaaruri gore go ka tswa go utlwisa botlhoko thata go bolelela Jehofa kafa o ikutlwang ka gone. Mme Jehofa o tlhaloganya botlhoko jo o bo utlwang. O a go rata e bile o go kgothaletsa gore o tshololele pelo ya gago mo go ene.—Ekes. 34:6; Pes. 62:7, 8.

11. Go ya ka Bahebera 12:11, ke eng fa re tshwanetse go ikanya tsela e e lorato e Jehofa a otlhayang ka yone? (Bona le lebokose le le reng, “ Thulaganyo ya go Kgaola e Bontsha Gore Jehofa O a Re Rata.”)

11 Ema tshwetso e bagolwane ba e dirileng nôkeng. Thulaganyo ya go kgaola e tswa kwa go Jehofa. Eno ke tsela e a re bontshang ka yone gore o a re rata le gore o rata motho yo o dirileng boleo. (Bala Bahebera 12:11.) Bangwe ba ka nna ba re bagolwane ga ba a dira tshwetso e e siameng ya gore motho a kgaolwe, le fa go ntse jalo gakologelwa gore batho bao ba a bo ba sa batle go bua dilo tse di sa siamang tse motho yoo yo o kgaotsweng a di dirileng. Boammaaruri ke gore, ga re na dintlha tsotlhe. Ka jalo, go botlhale gore re ikanye bagolwane le go tshepa gore fa ba ne ba dira tshwetso mo komiting ya boatlhodi ba ne ba latela melaometheo ya Dikwalo e bile ba “atlholela Jehofa.”—2 Ditir. 19:6.

12. Bangwe ba solegetswe molemo jang ke go ema nôkeng thulaganyo ya ga Jehofa ya go otlhaya?

12 Fa o ema nôkeng tshwetso e bagolwane ba e dirileng ya go kgaola motho yo o mo ratang o ka nna wa thusa motho yoo gore a boele kwa go Jehofa. Elizabeth yo re buileng ka ene pelenyana a re: “Go ne go se motlhofo go nna re sa bue le morwa wa rona yo o neng a kgaotswe. Mme fa a sena go boela mo phuthegong o ne a re bagolwane ba ne ba dirile tshwetso e e siameng ya go mo kgaola. O ne a re o ithutile dilo di le dintsi tota ka nako eo. Ke ne ka lemoga gore Jehofa o atlhola ka tsela e e siameng.” Monna wa ga Elizabeth e bong Mark a re: “Morwa wa rona o ne a mpolelela gore selo se se neng se dira gore a batle go busediwa mo phuthegong, ke gore re ne re sa ikgolaganye le ene ka tsela epe fela. Ke itumelela gore Jehofa o re thusitse gore re nne kutlo.”

13. Ke eng se se ka go thusang gore o itshokele kutlobotlhoko e o lebaneng le yone?

13 Bua le ditsala tse di tlhaloganyang kafa o ikutlwang ka gone. Fetsa nako le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nang le maitemogelo ba ba ka go thusang gore o lebe dilo sentle. (Diane 12:25; 17:17) Joanna yo re buileng ka ene pelenyana a re: “Ke ne ke ikutlwa ke le nosi. Mme go bua le ditsala tse ke neng ke di tshepa go ne ga nthusa thata.” Le fa go ntse jalo, o ka dira eng fa bangwe mo phuthegong ba bua dilo tse di dirang gore o utlwe botlhoko le go feta?

14. Goreng re tshwanetse go ‘tswelela re itshokelana e bile re itshwarelana ka pelo yotlhe’?

14 Itshokele bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago. Ga re ka ke ra lebelela gore mongwe le mongwe o tla bua dilo tse di siameng. (Jak. 3:2) Rotlhe re dira diphoso, ka jalo o se ka wa gakgamala fa bangwe ba sa itse gore ba reng kgotsa ba bua dilo dingwe tse di ka go utlwisang botlhoko ba sa ikaelela. Gopola kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo: “Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana ka pelo yotlhe le fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe.” (Bakol. 3:13) Kgaitsadi mongwe yo wa losika lwa gagwe a neng a kgaotswe a re: “Jehofa o ne a nthusa gore ke itshwarele bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba batla go nkgomotsa mme gone ba ile ba bua sengwe se se nkutlwisang botlhoko.” Phuthego e ka dira eng go thusa ba bangwe mo lelapeng ba ba sa ntseng ba ikanyega mo go Jehofa?

PHUTHEGO E KA THUSA

15. Re ka thusa jang malapa a a nang le mongwe yo a sa tswang go kgaolwa?

15 Nna pelonomi o bo o nne botsalano fa o dirisana le ba lelapa la motho yo o kgaotsweng. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Miriam a re fa kgaitsadie a sena go kgaolwa, o ne a tlhobaela thata fa a tshwanetse go ya dipokanong. O tlhalosa jaana: “Ke ne ke tshwenngwa ke gore batho ba tla reng. Le fa go ntse jalo, go ne go na le bakaulengwe ba ba neng ba utlwisitswe botlhoko ke se se diragetseng, mme gone ba ne ba sa bue sepe se se sa siamang ka nnake. Ke a ba leboga ka gonne ba nthusitse gore ke se ka ka ikutlwa ke le nosi.” Kgaitsadi yo mongwe ene a re: “Fa morwa wa rona a sena go kgaolwa, ditsala tsa rona di ne tsa tla go re gomotsa. Bangwe ba bone ba ne ba re bolelela gore ba ne ba sa itse gore ba re reye ba reng. Ba bangwe bone ba ne ba lela le nna ba bo ba nthomelela makwalo. Se ba se dirileng se ne sa nthusa fela thata!”

16. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka tswelela ba thusa jang malapa a a nang le motho yo o kgaotsweng?

16 Tswelela o ema nôkeng malapa a a nang le motho yo o kgaotsweng. Mo nakong eno, ba tlhoka gore o ba bontshe gore o a ba rata le gore o ba kgothatse. (Baheb. 10:24, 25) Ka dinako dingwe, ba malapa a motho yo o kgaotsweng, ba nna le boikutlo jwa gore le bone ba tsewa jaaka motho yo o kgaotsweng ka gonne ba bangwe mo phuthegong ga ba tlhole ba bua le bone. Ga re batle gore ba ikutlwe jalo! Re tshwanetse go kgothatsa le go gomotsa basha ba batsadi ba bone ba tlogetseng go direla Jehofa. Maria yo monna wa gagwe a neng a kgaolwa a bo a tlogela lelapa la gagwe a re: “Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba re etela, ba re apeela ba bo ba nthusa go ithuta le banake. Ba ne ba nkutlwela botlhoko ba bo ba lela le nna, ba mpuelela fa go ne go na le batho ba ba buang maaka ka nna e bile ba ne ba nkgothatsa tota.”—Bar. 12:13, 15.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ema nôkeng ba malapa a a nang le mongwe yo o kgaotsweng ka go ba bontsha gore ba a ba rata (Bona serapa 17) *

17. Bagolwane ba ka dira eng go kgothatsa batho ba ba tshwenyegileng thata?

17 Bagolwane, dirisang tshono nngwe le nngwe e lo e bonang go nonotsha le go kgothatsa ba lelapa la motho yo o kgaotseng. Lo na le maikarabelo a a kgethegileng a go gomotsa malapa a a nang le mongwe yo o tlogetseng go direla Jehofa. (1 Bathes. 5:14) Iphe nako ya go ba gomotsa pele ga dipokano le morago ga tsone. Ba etele o bo o rapele le bone. Rera le bone mme ka dinako tse dingwe o ba laletse gore lo tle go dira kobamelo ya lelapa mmogo. Bagolwane ba tshwanetse go tlhokomela batho ba ba tshwenyegileng thata, ba ba tlhomogele pelo ba bo ba ba bontshe gore ba a ba rata.—1 Bathes. 2:7, 8.

NNA LE TSHOLOFELO MME O TSWELELE O IKANYA JEHOFA

18. Go ya ka 2 Petere 3:9, Modimo o eletsa gore batho ba ba sa tlholeng ba mo direla ba dire eng?

18 Jehofa “ga a eletse gore motho ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba ikwatlhaye.” (Bala 2 Petere 3:9.) Le fa motho a dirile boleo jo bo masisi, botshelo jwa gagwe bo sa ntse bo le botlhokwa mo Modimong. Gakologelwa gore Jehofa o duetse tlhwatlhwa e kgolo ka botshelo jwa Morwawe yo a mo ratang thata, gore a golole baleofi. Jehofa o leka go thusa batho ba ba mo tlogetseng gore ba boele kwa go ene. O solofela gore ba tla boela kwa go ene fela jaaka morwa yo go buiwang ka ene mo setshwantshong sa ga Jesu sa morwa yo o latlhegileng. (Luke 15:11-32) Batho ba le bantsi ba ba neng ba tlogela boammaaruri, moragonyana ba ne ba boela kwa go Rraabone yo o lorato. Mme bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba itumelela go ba amogela. Elizabeth yo re buileng ka ene pelenyana o ne a itumetse tota fa morwawe a ne a busediwa mo phuthegong. A re: “Ke itumelela gore batho ba le bantsi ba ne ba re kgothaletsa gore re se ka ra itlhoboga.”

19. Ke ka ntlha yang fa re ka tswelela re ikanya Jehofa?

19 Re ka ikanya Jehofa ka gonne ka metlha kgakololo ya gagwe e re tswela mosola. Ke Rre yo o pelotlhomogi le yo o pelotshweu, yo o ratang batho ba gagwe botlhe ba ba mo obamelang. Tlhomamisega gore ga a kitla a go latlha fa o le mo matshwenyegong. (Baheb. 13:5, 6) Mark yo re buileng ka ene pelenyana a re: “Jehofa ga a ka a re latlha. Fa re lebana le mathata o tla nna a re thusa.” Jehofa o tla tswelela a re naya “maatla a a sa tlwaelegang.” (2 Bakor. 4:7) Ruri o ka kgona go nna o ikanyega e bile o na le tsholofelo le fa motho yo o mo ratang a tlogela go direla Jehofa!

PINA 44 Thapelo ya Motho yo o Tlhokang Kgothatso

^ ser. 5 Fa mongwe yo o mo ratang a tlogela go direla Jehofa, go utlwisa botlhoko tota! Mo setlhogong seno, re tlile go bona gore Modimo o ikutlwa jang fa seno se direga. Re tlile go bona gore ba lelapa la motho yo o kgaotsweng ba ka dira eng gore ba gomotsege le gore tumelo ya bone e tswelele e nonofile. Gape re tla bona gore ke eng se botlhe mo phuthegong ba ka se dirang go gomotsa le go ema ba lelapa la motho yo o kgaotsweng nôkeng.

^ ser. 1 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

^ ser. 79 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Fa mokaulengwe a tlogela go direla Jehofa a bo a tlogela lelapa la gagwe, mosadi le bana ba gagwe ba utlwa botlhoko.

^ ser. 81 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Bagolwane ba babedi ba tlile go kgothatsa lelapa lengwe mo phuthegong.