Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 35

Tsaya Bakeresete ba ba Godileng ba le Botlhokwa

Tsaya Bakeresete ba ba Godileng ba le Botlhokwa

“Moriri o mosweu ke serwalo sa bontle.”—DIANE 16:31.

PINA 138 Bontle Jwa Botlhogoputswa

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. (a) Go ya ka Diane 16:31, re tshwanetse go leba Bakeresete ba ba godileng jang? (b) Go tlile go arabiwa dipotso dife mo setlhogong seno?

KWA phakeng nngwe kwa Arkansas, kwa U.S.A., go na le diteemane tse di tlogetsweng fela fa fatshe. Le fa go ntse jalo, diteemane tseo di ntse fela jaaka fa di ne di ntshiwa mo mmung. Ka jalo, batho ba le bantsi ba ba etelang phaka eno, ba di feta fela ba sa lemoge gore ke matlotlo a a botlhokwa.

2 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba godileng ba tshwana le diteemane tseo; ke matlotlo a a botlhokwa. Lefoko la Modimo le tshwantsha moriri wa bone o mosweu le serwalo. (Bala Diane 16:31; 20:29) Mme gone, go ka nna motlhofo gore matlotlo ano a tlodisiwe matlho. Fa basha ba tlhaloganya gore Bakeresete ba ba godileng ba tlhwatlhwakgolo, ba fitlhela sengwe sa botlhokwa mo go bone se se gaisang dikhumo. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dipotso tseno tse tharo: Ke eng fa Jehofa a tsaya Bakeresete ba ba godileng e le letlotlo? Ke eng fa ba le botlhokwa mo phuthegong ya ga Jehofa? Re ka dira eng gore re solegelwe molemo ke sekao sa bone?

KE ENG FA JEHOFA A TSAYA BAKERESETE BA BA GODILENG E LE LETLOTLO?

Bakeresete ba ba godileng ba botlhokwa thata mo go Jehofa Modimo le mo phuthegong ya gagwe (Bona serapa 3)

3. Go ya ka Pesalema 92:12-15, ke ka ntlha yang fa Jehofa a tsaya Bakeresete ba ba godileng ba le botlhokwa?

3 Jehofa Modimo o tsaya Bakeresete ba ba godileng ba le botlhokwa thata. O itse botho jwa bone sentle, e bile o rata dinonofo tse dintle tse ba nang le tsone. O a itumela fa Bakeresete ba ba godileng ba ruta basha botlhale jo ba nnileng le jone ka dingwaga tse dintsi fa ba ntse ba mo direla ka boikanyegi. (Jobe 12:12; Diane 1:1-4) E bile Jehofa o a ba rata ka gonne ba itshokile. (Mal. 3:16) Ba ne ba lebana le mathata mo botshelong mme ba tswelela ba direla Jehofa ka boikanyegi. Gone jaanong, tsholofelo ya bone ka bokamoso e nonofile go feta fa ba ne ba simolola go ithuta boammaaruri. E bile Jehofa o a ba rata ka gonne ba itsise batho leina la gagwe “le fa ba tsofetse.”—Bala Pesalema 92:12-15.

4. Ke eng se se ka kgothatsang bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba godileng?

4 Fa e le gore o setse o godile, tlhomamisega gore Jehofa o gakologelwa tiro e o mo diretseng yone mo nakong e e fetileng. (Baheb. 6:10) O ne wa rera ka matlhagatlhaga, mme seo se itumedisa Rraarona yo o kwa legodimong. O ne wa itshokela diteko, tota le tse di utlwisang botlhoko, mme o ne wa ikobela melao e e siameng ya boitsholo e e mo Baebeleng wa bo wa e femela, wa dira maikarabelo mangwe mo phuthegong ya ga Jehofa mme wa katisa ba bangwe. O dirile sotlhe se o se kgonang gore o tsamaisane le diphetogo tse dintsi tse phuthego ya ga Jehofa e di dirang. O kgothaleditse ba bangwe gore ba tsenele tirelo ya nako e e tletseng e bile o ne wa ba ema nôkeng. Jehofa Modimo o go rata fela thata ka gonne o ikanyega. O solofetsa gore “ga a kitla a latlha batho ba gagwe ba ba ikanyegang”! (Pes. 37:28) O go tlhomamisetsa jaana, ‘Ke tla nna ke go eme nôkeng go fitlha o nna tlhogoputswa.’ (Isa. 46:4) Ka jalo, o se ka wa akanya gore ga o sa tlhole o le botlhokwa mo phuthegong ya ga Jehofa ka gonne o setse o godile. O botlhokwa thata!

BAGODI BA BOTLHOKWA MO PHUTHEGONG YA GA JEHOFA

5. Ke eng se Bakeresete ba ba godileng ba tshwanetseng go nna ba se gopotse?

5 Bakeresete ba ba godileng ba ka dirisiwa ka ditsela tse dintsi mo phuthegong ya ga Jehofa. Le fa gone jaanong ba ka tswa ba se na maatla jaaka pele, ba na le maitemogelo a mantsi ka gonne ba na le lobaka lo loleele ba tshela. Jehofa a ka tswelela a ba dirisa ka ditsela tse dintsi tse di farologaneng jaaka re tla bona mo dikaing tse di latelang tsa mo nakong e e fetileng le tsa gompieno.

6-7. Naya dikai tsa bagodi ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba Jehofa a neng a ba segofatsa ka gonne ba mo diretse ka boikanyegi.

6 Baebele e na le dikai tse dintle tsa batho ba ba neng ba direla Jehofa ka boikanyegi ba tsofetse. Ka sekai, Moshe o ne a na le dingwaga di ka nna 80 fa a ne a simolola go nna moporofeti wa ga Jehofa le moeteledipele wa setšhaba sa Iseraele. Fa Daniele a na le dingwaga di feta 90, Jehofa o ne a sa ntse a mo dirisa e le moporofeti wa gagwe. Mme moaposetoloi Johane le ene a ka tswa a ne a na le dingwaga di ka nna 90 fa a ne a tlhotlhelediwa gore a kwale buka ya Tshenolo.

7 Batlhanka ba bangwe ba bantsi ba ga Jehofa ba ne ba sa itsege, mme go ne go ka nna motlhofo gore ba tlodisiwe matlho. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a ba bona, e bile o ne a ba segofatsa ka gonne ba ikanyega. Ka sekai, Baebele ga e bue go le kalo ka Simeone, e leng ‘monna yo o neng a siame e bile a boifa Modimo,’ mme Jehofa o ne a mo itse e bile o ne a mo naya tshiamelo ya gore a bone Jesu e sa ntse e le losea le gore a porofete ka ene le mmaagwe. (Luke 2:22, 25-35) Gape akanya ka motlholagadi yo e neng e le moporofeti yo o bidiwang Ana. O ne a na le dingwaga di le 84, mme o ne “a sa ke a tlhokega mo tempeleng.” Ka jalo, Jehofa o ne a mo segofatsa ka gore a bone losea Jesu. Simeone le Ana ba ne ba le botlhokwa thata mo go Jehofa.—Luke 2:36-38.

Gone jaanong Kgaitsadi Didur o na le dingwaga di le 81, mme o ntse a direla Jehofa ka boikanyegi (Bona serapa 8)

8-9. Batlholagadi ba tswelela ba thusa jang mo phuthegong ya ga Jehofa?

8 Mo motlheng wa rona, go na le batlhanka ba bantsi ba ga Jehofa ba ba godileng ba ba tlhomelang basha sekao se se molemo. Akanya ka maitemogelo ano a ga Kgaitsadi Lois Didur. O ne a na le dingwaga di le 21 fa a ne a simolola go nna mmulatsela yo o kgethegileng kwa Canada. Morago ga moo, ene le monna wa gagwe e bong John ba ne ba fetsa dingwaga di le dintsi mo tirong ya potologo. Moragonyana, ba ne ba direla kwa Bethele ya kwa Canada ka dingwaga di feta 20. Fa Lois a na le dingwaga di le 58, ene le John ba ne ba kopiwa gore ba ye go direla kwa Ukraine. Ba ne ba tla dira eng? A ba ne ba tla swetsa ka gore ba godile thata gore ba ka fudugela kwa nageng e nngwe? Ba ne ba amogela kabelo eo, mme John o ne a tlhophiwa gore e nne leloko la Komiti ya Lekala kwa nageng eo. Morago ga dingwaga di le supa, John o ne a tlhokafala, mme Lois o ne a swetsa ka gore a tswelele a nna kwa Ukraine. Gone jaanong Lois o na le dingwaga di le 81, mme o sa ntse a direla Jehofa ka boikanyegi le lelapa la Bethele ya kwa Ukraine e bile botlhe ba mo rata fela thata.

9 Batlholagadi ba ba jaaka Lois ba ka tswa ba sa elwe tlhoko thata jaaka ka nako ya fa banna ba bone ba ne ba sa ntse ba tshela, mme gone ba sa ntse ba le botlhokwa thata. Jehofa o rata batlholagadi bano ba ba emeng banna ba bone nôkeng ka dingwaga di le dintsi e bile ba sa ntse ba tsweletse ba mo direla ka boikanyegi. (1 Tim. 5:3) Mo godimo ga moo, bokgaitsadi bano ba kgothatsa basha fela thata.

10. Tony o tlhomile sekao sefe se se molemo?

10 Bakeresete ba bantsi ba ba godileng ba ba nnang kwa mafelong a go tlhokomelwang bagodi kwa go one, le bone ba botlhokwa thata. Ka sekai, mokaulengwe yo o bidiwang Tony, o nna kwa go lengwe la mafelo ao. O ne a kolobediwa kwa Pennsylvania, U.S.A., ka August 1942 a na le dingwaga di le 20. Fa a sena go kolobediwa, o ne a laelwa gore a tsenele bosole, mme e re ka a ile a gana o ne a tsenngwa mo kgolegelong ka dingwaga di le pedi le halofo. Ene le mosadi wa gagwe e bong Hilda, ba godiseditse bana ba bone ba babedi mo boammaaruring. Fa dingwaga di ntse di tsamaya, Tony o ne a nna molebedi yo o okamelang (yo gompieno a bidiwang morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane) mo diphuthegong di le tharo e bile o ne a nna molebedi wa kopano ya potologo. O ne a na le thulaganyo ya go etela kgolegelo nngwe gore a ye go tshwara dipokano le dithuto tsa Baebele. Gone jaanong Tony o na le dingwaga di le 98, mme o ntse a tsweletse a direla Jehofa. O ntse a dira sotlhe se a ka se kgonang mo tirelong ya ga Jehofa e bile o dira mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego e a kopanelang kwa go yone.

11. Re ka bontsha jang gore re tsaya Bakeresete ba ba nnang kwa mafelong a go tlhokomelwang bagodi kwa go one ba le botlhokwa?

11 Re ka bontsha jang gore re tsaya Bakeresete ba ba godileng ba ba nnang kwa mafelong a go tlhokomelwang bagodi kwa go one ba le botlhokwa? Fa go kgonega, bagolwane ba ka ba thusa gore ba nne gone kwa dipokanong le gore ba nne le seabe mo bodireding. Re ka bontsha gore re a ba rata ka go ba etela kgotsa ka go bua le bone re dirisa bidio. Gape re batla go thusa segolobogolo Bakeresete ba ba godileng ba ba nnang mo mafelong a go tlhokomelwang bagodi mo go one mme ba le kgakala le diphuthego tsa bone. Re tshwanetse go leka ka natla gore re se ka ra lebala bagodi bano ba rona. Bangwe ba bone ba a ikobonya e bile ga go motlhofo gore ba bue ka matshelo a bone. Mme gone, re ka solegelwa molemo thata ke go fetsa nako le bone re ba botsa dipotso, re bo re ba reetsa fa ba ntse ba re bolelela dilo tse ba di itumeletseng mo phuthegong ya ga Jehofa.

12. Go ka tswa go na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ntseng jang mo diphuthegong tsa rona?

12 Fa re le kelotlhoko, re ka nna ra lemoga gore mo diphuthegong tsa rona go na le Bakeresete ba ba godileng ba ba tlhomang sekao se sentle. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Harriette o ne a direla Jehofa ka dingwaga di le dintsi kwa phuthegong ya gagabo kwa New Jersey, U.S.A. Mme o ne a fuduga a bo a ya go nna le morwadie. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa phuthegong e morwadie a kopanelang kwa go yone, ba ne ba ipha nako ya go mo itse mme ba ne ba lemoga gore o na le maitemogelo a a kgatlhang. O ne a ba bolelela dilo tse di neng di direga mo bodireding fa a ne a simolola go ithuta boammaaruri ka bo1920. Ka nako eo, fa a ya tshimong, o ne a nna a tshotse boratšhe jwa meno gore a kgone go bo dirisa fa go ka direga gore a tshwarwe. Tota e bile, ka makgetlo a le mabedi ka 1933 o ne a fetsa beke a le kwa kgolegelong. Fa a ntse a le kwa kgolegelong, monna wa gagwe yo e seng Mosupi o ne a mo ema nôkeng ka go tlhokomela bana ba bone ba bararo ba bannye. Ruri Bakeresete ba ba godileng ba ba ikanyegang ba ba jaaka Harriette ba tshwanetse go tlotliwa!

13. Bakeresete ba ba godileng ba botlhokwa go le kana kang mo phuthegong ya ga Jehofa?

13 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba godileng ba botlhokwa thata mo go Jehofa le mo phuthegong ya gagwe. Ba bone kafa Jehofa a ileng a ba segofatsa ka gone le kafa a ileng a segofatsa phuthego ya gagwe ka ditsela tse di farologaneng ka gone. Ba ithutile dithuto tsa botlhokwa mo diphosong tse ba ileng ba di dira. Ka jalo, leba ‘botlhale jwa bone bo tshwana le molatswana’ mme o ithute mo maitemogelong a bone. (Diane 18:4) Fa o ipha nako ya go ba itse, tumelo ya gago e tla nonofa e bile o tla ithuta dilo tse dintsi.

ITHUTE MO SEKAONG SA BAKERESETE BA BA GODILENG

Fela jaaka Elisha a ne a solegelwa molemo ke go fetsa nako le Elija, bakaule- ngwe le bokgaitsadi ba ka solegelwa molemo ke maite- mogelo a Bakeresete ba ba diretseng Jehofa ka lobaka lo loleele ba nang le one (Bona dirapa 14-15)

14. Duteronome 32:7 e kgothaletsa basha gore ba dire eng?

14 Tsaya kgato ya go bua le bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba ba godileng. (Bala Duteronome 32:7.) Ba ka tswa ba sa tlhole ba kgona go bona sentle, ba tsamaya ka bonya e bile ba buela kwa tlase, le fa go ntse jalo ba itiretse “leina le le molemo” le Jehofa e bile ba sa ntse ba batla go dira dilo dingwe. (Mor. 7:1) Leka go gopola se se dirang gore Jehofa a ba tseye ba le botlhokwa. Tswelela o bontsha gore o a ba tlotla. Etsa Elisha. O ne a sa batle go kgaogana le Elija mo letsatsing la bone la bofelo ba le mmogo. Elisha o ne a bua jaana ka makgetlo a le mararo: “Ga nkitla ke go tlogela.”—2 Dikg. 2:2, 4, 6.

15. Ke dipotso dife tse re ka di botsang Bakeresete ba ba godileng?

15 Bontsha Bakeresete ba ba godileng gore o a ba kgatlhegela ka go ba botsa dipotso ka tlotlo. (Diane 1:5; 20:5; 1 Tim. 5:1, 2) O ka ba botsa dipotso tse di jaaka tseno: “Fa o ne o sa ntse o le monnye, ke eng se se neng sa go tlhatswa pelo gore o bone boammaaruri?” “Dilo tse di go diragaletseng mo botshelong, di go thusitse jang gore o atamalane le Jehofa?” “Ke eng se se go thusitseng gore o nne o itumetse fa o ntse o direla Jehofa?” (1 Tim. 6:6-8) Go tswa foo, ba reetse fa ba go bolelela maitemogelo a bone.

16. Mokeresete yo o godileng le yo mosha ba ka solegelwa molemo jang fa ba tlotla?

16 Fa Mokeresete yo o godileng le yo mosha ba tlotla, ba a kgothatsana. (Bar. 1:12) Wena mosha, o tla kgona go bona gore Jehofa o tlhokomela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang, mme Mokeresete yo o godileng ene o tla lemoga gore o a ratiwa. E bile o tla itumelela go go bolelela gore Jehofa o mo segofaditse jang.

17. Ke eng fa re ka re Bakeresete ba ba godileng ba nna bantle le go feta fa dingwaga di ntse di tsamaya?

17 Fa motho a tsofala, bontle bo a fela, mme ba ba ikanyang Jehofa bone ba nna bantle le go feta fa dingwaga di ntse di tsamaya. (1 Bathes. 1:2, 3) Goreng seo se le boammaaruri? Ka gonne fa dingwaga di ntse di feta, ba ile ba letla moya wa Modimo gore o ba bope le gore o ba thuse go nna le dinonofo tse di itumedisang. Fa re ntse re tlwaela bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng, re ba tlotla e bile re ithuta mo go bone, re tlile go ba tsaya e le letlotlo le le tlhwatlhwakgolo.

18. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

18 Phuthego e a nonofa fa basha ba tsaya Bakeresete ba ba godileng ba le botlhokwa, le fa Bakeresete ba ba godileng le bone, ba tsaya basha ba le botlhokwa. Mo setlhogong se se latelang, re tlile go bona gore Bakeresete ba ba godileng ba ka bontsha jang gore ba tsaya basha ba le botlhokwa mo phuthegong.

PINA 144 Leba Kwa Mokgeleng!

^ ser. 5 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba godileng ba tshwana le matlotlo a a botlhokwa. Setlhogo seno se tla re kgothaletsa gore re ba rate le gore re ba tlotle fela thata e bile se tla re bontsha gore botlhale le maitemogelo a bone a ka re solegela molemo jang. Gape se tla tlhomamisetsa Bakeresete ba ba godileng gore ba botlhokwa mo phuthegong ya ga Jehofa.