SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 37
Tshepa Badumedimmogo le Wena
“Motho yo o lorato . . . o dumela dilo tsotlhe, o solofela dilo tsotlhe.”—1 BAKOR. 13:4, 7.
PINA 124 Re Ikanyege ka Metlha
SE RE TLA TLOTLANG KA SONE a
1. Goreng re sa tshwanela go gakgamala fa batho ba le bantsi mo lefatsheng ba sa tshepe ope?
BATHO ba le bantsi mo lefatsheng leno la ga Satane ga ba itse gore ba tshepe mang. Nako le nako ba nna ba tsiediwa ke borakgwebo, boradipolotiki le baeteledipele ba bodumedi. Mme bangwe ga ba tshepe ditsala tsa bone, baagelani le ba malapa a bone. Dilo tseno ga di a tshwanela go re gakgamatsa. Baebele e ile ya bolelela pele jaana: “Mo malatsing a bofelo . . . , batho ba tla [bo] . . . ba sa ikanyege, . . . ba senya batho maina, . . . ba tsietsa ba bangwe.” Seo se raya gore batho ba ne ba tla nna jaaka Satane, e leng mmusi wa lefatshe leno yo re ka se mo tshepeng.—2 Tim. 3:1-4; 2 Bakor. 4:4.
2. (a) Ke bomang ba re ka ba tshepang, e bile ke eng gape se re ka se tshepang? (b) Ke eng se bangwe ba ka se ipotsang?
2 Le fa go ntse jalo, rona Bakeresete re a itse gore re ka tshepa Jehofa. (Jer. 17:7, 8) Re tlhatswegile pelo gore o a re rata e bile ga a “kitla a latlha” ditsala tsa gagwe. (Pes. 9:10) Gape re ka tshepa Jesu Keresete ka gonne o ile a re swela. (1 Pet. 3:18) Fa re ntse re ithuta Baebele, re ile ra lemoga gore e na le kgakololo e re ka e tshepang. (2 Tim. 3:16, 17) Ga re belaele gore re ka tshepa Jehofa, Jesu le Baebele. Mme gone, bangwe ba ka ipotsa gore a re ka tshepa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ka metlha. Fa e le gore re ka ba tshepa, ke eng fa re tshwanetse go dira jalo?
RE TLHOKA BADUMEDIMMOGO LE RONA
3. Re na le tshiamelo efe e e itumedisang? (Mareko 10:29, 30)
3 Jehofa o re tlhophile gore re nne karolo ya lelapa la baobamedi ba gagwe ba ba mo lefatsheng lotlhe. Eno ke tshiamelo e e seng kana ka sepe e bile e re solegela molemo ka ditsela di le dintsi! (Bala Mareko 10:29, 30.) Mo lefatsheng lotlhe, re na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ratang Jehofa jaaka re mo rata e bile ba dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba tshele ka melao ya gagwe. Ba ka tswa ba bua puo e sele, ba tswa mo setsong se se farologaneng le sa rona, ba apara ka tsela e e sa tshwaneng le e rona re aparang ka yone, le fa go ntse jalo re a ba rata, tota le fa e le la ntlha re kopana le bone. Re itumelela go fetsa nako le bone, segolobogolo fa re baka Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong e bile re mo obamela.—Pes. 133:1.
4. Goreng re tlhoka badumedimmogo le rona?
4 Gone jaanong go feta le fa e le leng pele, re tlhoka go atamalana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. Ka dinako dingwe ba a re thusa fa re na le mathata. (Bar. 15:1; Bagal. 6:2) Gape ba re kgothaletsa go nna re direla Jehofa le go tswelela re le ditsala tsa gagwe. (1 Bathes. 5:11; Baheb. 10:23-25) Akanya gore go ne go tla nna jang fa go ne go se na phuthego e e re thusang go lwantsha Satane Diabolo le lefatshe la gagwe le le bosula. Go ise go ye kae, Satane le ba a ba laolang ba tlile go tlhasela batlhanka ba Modimo, mme ka nako eo re tla itumela thata ka gonne badumedimmogo le rona ba tla bo ba re eme nôkeng.
5. Goreng ka dinako dingwe go le thata gore bangwe ba tshepe badumedimmogo le bone?
5 Go thata gore bangwe ba tshepe bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ka gonne ba ile ba bolelela modumedimmogo le bone kgang nngwe e e ba amang mme ene a bo a e bolelela batho ba bangwe, kgotsa a sa dira se a neng a solofeditse gore o tla se dira. Kgotsa mongwe mo phuthegong a ile a dira kgotsa a bua sengwe se se ileng sa ba utlwisa botlhoko thata. Dilo tseno di ka dira gore go nne thata go tshepa ba bangwe. Mme ke eng se se ka dirang gore re tshepe badumedimmogo le rona?
LORATO LO RE THUSA GO TSHEPA BADUMEDIMMOGO LE RONA
6. Lorato lo ka re thusa jang gore re tshepe badumedimmogo le rona? (1 Bakorintha 13:4-8)
6 Lorato lo dira gore re tshepe batho ba bangwe. Bakorintha wa ntlha kgaolo 13, e tlhalosa dinonofo tse di ka thusang motho yo o lorato gore a tshepe badumedimmogo le ene kgotsa a boe a ba tshepe gape le fa ba mo swabisitse. (Bala 1 Bakorintha 13:4-8.) Ka sekai, temana 4 e tlhalosa gore “motho yo o lorato o pelotelele.” Jehofa o dirisana le rona a le pelotelele le fa re mo leofela. Le rona re tshwanetse go nna pelotelele le bakaulengwe ba rona fa ba bua kgotsa ba dira dilo tse re sa di rateng kgotsa ba re utlwisa botlhoko. Temana 5 e oketsa ka gore: “[Motho yo o lorato] ga a galefe ka bonako. Ga a boloke sekgopi.” Ka jalo, ga re batle go ‘boloka sekgopi’ kgotsa go nna re gopola dilo tse bakaulengwe ba rona ba re kgopisitseng ka tsone. Moreri 7:9 e a re ga re a tshwanela go “kgopisega ka bonako.” Go botlhokwa thata gore re dirise mafoko a a mo go Baefeso 4:26 a a reng: “Lo se ka lwa letla gore letsatsi le phirime lo sa ntse lo galefile.”
7. Melaometheo e e mo go Mathaio 7:1-5 e re thusa jang go tshepa ba bangwe?
7 Sengwe gape se se ka re thusang gore re tshepe badumedimmogo le rona, ke go ba leba ka tsela e Jehofa a ba lebang ka yone. Modimo o a ba rata e bile ga a nne a akantse ka maleo a bone. Le rona re tshwanetse go dira jalo. (Pes. 130:3) Go na le go nna re akantse ka diphoso tsa bone, re tshwanetse go leba dinonofo tse di molemo tse ba nang le tsone le go ela tlhoko dilo tse dintle tse ba ka kgonang go di dira. (Bala Mathaio 7:1-5.) Re dumela gore ba batla go dira se se siameng mme ga ba batle go re utlwisa botlhoko, ka gonne motho yo o lorato “o dumela dilo tsotlhe.” (1 Bakor. 13:7) Mme seo ga se reye gore Jehofa o lebeletse gore re tshepe mongwe le mongwe go se na mabaka a a utlwalang a go dira jalo. Go na le moo, o batla gore re ba tshepe ka gonne ba ile ba bontsha gore ba a ikanyega. b
8. O ka dira eng gore o tshepe bakaulengwe ba gago?
8 Go ka se itiragalele fela gore o tshepe bakaulengwe ba gago, ka gonne go tsaya lobaka gore o tshepe motho. Mme gone, re ka dira eng gore re ba tshepe? Iphe nako ya go ba itse. Tlotla le bone fa lo le kwa dipokanong. Dira dithulaganyo tsa go rera mmogo le bone. Nna pelotelele fa o dirisana le bone gore ba kgone go nna le tshono ya go bontsha gore o ka ba tshepa. O ka nna wa se ka wa bolelela motho yo o sa tswang go tlwaelana le ene sengwe le sengwe se se go amang. Fa botsala jwa lona bo ntse bo nonofa, gongwe o ka mmolelela tsela e o ikutlwang ka yone. (Luke 16:10) Mme gone, o ka dira eng fa mokaulengwe a bolelela batho ba bangwe dilo tse di go amang tse o mmoleletseng tsone? O se ka wa itlhaganelela go fedisa botsala, go na le moo nna pelotelele le ene. E bile o se ka wa letla se mokaulengwe a le mongwe a se dirileng gore se dire gore o se ka wa tshepa bakaulengwe ba gago. Re akantse ka kgang eno, re tlile go sekaseka dikai di le mmalwa tsa batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba ba ileng ba tshepa batho ba bangwe le fa bangwe ba ile ba ba swabisa.
ITHUTE MO BATHONG BA BA ILENG BA TSHEPA BA BANGWE
9. (a) Hana o ile a bontsha jang gore o tshepa thulaganyo ya ga Jehofa le fa batho bangwe ba Jehofa a ba tlhomileng ba ne ba dira diphoso? (b) Se se diragaletseng Hana se go ruta eng ka go tshepa dithulaganyo tsa phuthego ya ga Jehofa? (Bona setshwantsho.)
9 A o kile wa swabisiwa ke tsela e mokaulengwe mongwe yo o nang le maikarabelo a ileng a itshwara ka yone? Fa e le gore seo se kile sa go diragalela, o ka solegelwa molemo ke go akanya ka sekao sa ga Hana. Ka nako eo, Moperesiti yo Mogolo e bong Eli e ne le ene a eteletseng pele kobamelo ya ga Jehofa kwa Iseraele. Le fa go ntse jalo, ba lelapa la gagwe ba ne ba sa tlhome sekao se se molemo. Bomorwawe ba e neng e le baperesiti, ba ne ba dira boitsholo jo bo sa siamang e bile bo tlhabisa ditlhong, mme rraabone o ne a ba kgalemela a sa tiisa. Jehofa ga a ka a ntsha Eli mo tirong ya gagwe ya go nna moperesiti yo mogolo ka yone nako eo. Le fa go ntse jalo, Hana ga a ka a tlogela go obamela Jehofa kwa motlaaganeng ka nako ya fa Eli e ne e sa ntse e le moperesiti yo mogolo. Fa Eli a bona Hana a rapela a tshwenyegile thata, o ne a akanya gore o tagilwe. Go na le gore a botse, o ne a pega mosadi yono yo o neng a tshwenyegile molato. (1 Sam. 1:12-16) Tota le mo maemong ao, Hana o ile a dira maikano a gore fa a ka nna le ngwana wa mosimane, o ne a tla mo isa kwa motlaaganeng gore a ye go direla gone, kwa a neng a tla tlhokomelwa ke moperesiti Eli. (1 Sam. 1:11) A go ne go sa ntse go tlhokega gore go dirwe sengwe ka bomorwa Eli ba ba neng ba sa itshware sentle? Ee, Jehofa o ne a ba otlhaya ka nako e e tshwanetseng. (1 Sam. 4:17) Mme Modimo o ile a segofatsa Hana ka ngwana wa mosimane e bong Samuele.—1 Sam. 1:17-20.
10. Kgosi Dafide o ile a bontsha jang gore o tshepa batho ba bangwe le fa bangwe ba ile ba mo tsietsa?
10 A o kile wa tsiediwa ke tsala e o atamalaneng thata le yone? Fa e le gore go ntse jalo, akanya ka se se ileng sa diragalela Kgosi Dafide. Nngwe ya ditsala tsa gagwe e ne e le monna mongwe yo o bidiwang Ahitofele. Mme fa morwa Dafide e bong Abesalome a ne a leka go tsaya bogosi jwa ga rraagwe, Ahitofele o ne a mo ema nôkeng. Dafide o tshwanetse a bo a ne a utlwile botlhoko tota fa morwawe le motho yo a neng a tsaya gore ke tsala ya gagwe ba mo tlhanogela! Le fa go ntse jalo, Dafide ga a ka a letla gore seo se dire gore a se ka a tlhola a tshepa batho ba bangwe. Ga a ka a kgaotsa go tshepa tsala ya gagwe e nngwe e e bidiwang Hushai yo o neng a se ka a mo tlhanogela. Dafide o ne a na le mabaka a a utlwalang a go mo tshepa. Hushai o ile a bontsha gore ke tsala e e molemo e bile o ne a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing gore a thuse Dafide.—2 Sam. 17:1-16.
11. Mongwe wa batlhanka ba ga Nabale o ile a bontsha jang gore o tshepa batho ba bangwe?
11 Akanya ka se mongwe wa batlhanka ba ga Nabale a ileng a se dira. Dafide le banna ba gagwe ba ne ba sireletsa batlhanka ba monna mongwe wa Moiseraele yo o bidiwang Nabale. Nako nngwe moragonyana, Dafide o ne a kopa monna yoo yo o humileng gore a neye banna ba gagwe dijo kgotsa sepe fela se a neng a ka se kgona. Fa Nabale a ne a gana go naya Dafide se a neng a se kopile, Dafide o ne a galefa thata mme a dira tshwetso ya gore a ye go bolaya banna botlhe ba ntlo ya ga Nabale. Motlhanka wa ga Nabale o ile a bolelela mosadi wa mong wa gagwe e bong Abigaile ka kgang eno. E re ka e ne e le mongwe wa ba lelapa la ga Nabale, o ne a itse gore Abigaile o ne a ka boloka botshelo jwa gagwe. Go na le gore a tshabe, o ne a tshepa gore Abigaile o ne a ka kgona go baakanya bothata joo. O ne a mo tshepa ka gonne mongwe le mongwe o ne a itse gore e ne e le mosadi yo o botlhale. Se se ileng sa direga, se ne sa mmontsha gore go ne go utlwala gore a mo tshepe. Abigaile o ne a nna pelokgale go thibela Dafide go dira se a neng a batla go se dira. (1 Sam. 25:2-35) O ne a tshepa gore Dafide o ne a tla ba tlhomogela pelo.
12. Jesu o bontshitse jang gore o ne a tshepa barutwa ba gagwe le fa ba ne ba dira diphoso?
12 Jesu o ne a tshepa barutwa ba gagwe le fa ba ne ba dira diphoso. (Joh. 15:15, 16) Fa Jakobe le Johane ba ne ba kopa Jesu go nna le maemo a a kgethegileng mo Bogosing, Jesu ga a ka a akanya gore ba direla Jehofa ka maikaelelo a a sa siamang, mme a se ka a tlhola a ba amogela gore e nne baaposetoloi ba gagwe. (Mar. 10:35-40) Moragonyana mo bosigong jo a neng a tshwarwa ka jone, barutwa botlhe ba gagwe ba ne ba mo tlogela. (Math. 26:56) Le fa go ntse jalo, Jesu ga a ka a tlogela go ba tshepa. O ne a itse diphoso tse ba neng ba di dira, mme o ne a “ba rata go fitlha kwa bokhutlong.” (Joh. 13:1) Fa Jesu a sena go tsosiwa, o ne a naya baaposetoloi ba gagwe ba ba 11 ba ba ikanyegang maikarabelo a a botlhokwa a go etelela pele tiro ya go dira barutwa le go tlhokomela dinku tsa gagwe tse di botlhokwa. (Math. 28:19, 20; Joh. 21:15-17) O ne a na le mabaka a a utlwalang a go tshepa banna bano ba ba neng ba dira diphoso. Ba ile ba direla Jehofa ka boikanyegi go fitlha ba swa. Ruri Hana, Dafide, motlhanka wa ga Nabale, Abigaile le Jesu ba re tlhometse sekao se se molemo sa go tshepa batho ba bangwe le fa ba dira diphoso!
DIRA KA NATLA GORE O BOE O TSHEPE BADUMEDIMMOGO LE WENA GAPE
13. Ke eng se se ka dirang gore go nne thata go tshepa ba bangwe?
13 A o kile wa bolelela mokaulengwe mongwe dikgang tse di go amang, mme moragonyana o bo o lemoga gore o di boleletse motho yo mongwe? Seo se ka go utlwisa botlhoko thata. Nako nngwe kgaitsadi mongwe o ne a bolelela mogolwane dikgang dingwe tse di mo amang a tshepa gore ga a kitla a di bolelela batho ba bangwe. Mo letsatsing le le latelang, mosadi wa mogolwane yoo o ne a founela kgaitsadi yono gore a mo kgothatse ka gonne o ne a itse se monna wa gagwe a se mmoleletseng ka kgaitsadi yono. Go ne go utlwala gore kgaitsadi yono a se ka a tlhola a tshepa mogolwane yoo. Le fa go ntse jalo, kgaitsadi yono o ne a dira sengwe ka kgang eno, o ne a ya go kopa thuso. O ne a bolelela mogolwane yo mongwe ka se se diragetseng, mme mogolwane yoo o ne a mo thusa gore a boe a tshepe bagolwane gape le fa mongwe wa bone a ne a mo swabisitse.
14. Ke eng se se thusitseng mokaulengwe mongwe gore a boe a tshepe bagolwane gape le fa ba ne ba mo swabisitse?
14 Go ne ga feta lobaka lo loleele mokaulengwe mongwe a utlwisitswe botlhoko ke bagolwane ba babedi e bile a sa tlhole a ba tshepa. Le fa go ntse jalo, o ne a akanya ka mafoko a a ileng a buiwa ke mokaulengwe mongwe yo a neng a mo tlotla thata. Mafoko ao a botlhokwa a ne a re: “Satane ke ene mmaba wa rona, e seng bakaulengwe ba rona.” Mokaulengwe yono, o ne a akanyetsa mafoko ao kwa teng, mme fa a sena go rapela Jehofa gore a mo thuse, o ne a agisana le bagolwane bao.
15. Goreng go ka tsaya nako gore o boe o tshepe gape batho ba ba go swabisitseng? Naya sekai.
15 A o kile wa tseelwa ditshiamelo mo phuthegong? Seo se utlwisa botlhoko. Grete le mmaagwe e ne e le Basupi ba ba ikanyegang fa puso ya Banasi e ne e busa jwa Jeremane ka bo1930 fa tiro ya rona e ne e thibetswe. Grete o ne a na le tshiamelo ya go direla badumedimmogo le ene dikhopi tsa Tora ya Tebelo. Le fa go ntse jalo, fa bakaulengwe ba ne ba lemoga gore rraagwe o ganetsa boammaaruri, ba ne ba mo tseela tshiamelo eo ka gonne ba ne ba boifa gore rraagwe o ne a tla bolelela baganetsi tshedimosetso nngwe ka phuthego. Joo e ne e se jone fela bothata jo Grete a neng a tshwanelwa ke go bo itshokela. Fa Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe e ntse e tsweletse, bakaulengwe ba ne ba sa neye Grete le mmaagwe dimakasine e bile ba ne ba sa ba buise fa ba kopana le bone mo tseleng. Seo se ne sa utlwisa Grete botlhoko thata mo e leng gore o ne a fetsa lobaka lo loleele a sa itshwarele bakaulengwe bao, e bile go ne go le thata gore a boe a ba tshepe gape. Fa nako e ntse e ya, o ne a ipolelela gore Jehofa o tshwanetse a bo a ba itshwaretse, ka jalo le ene o tlhoka go dira jalo. c
“Satane ke ene mmaba wa rona, e seng bakaulengwe ba rona”
16. Goreng re tshwanetse go dira ka natla go tshepa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona le fa ba re swabisitse?
16 Fa e le gore le wena o kile wa diragalelwa ke seo, leka ka natla go tshepa bakaulengwe ba gago le fa ba go swabisitse. Seo se ka tsaya nako, mme maiteko a gago a tla atlega. Ka sekai, fa e le gore go na le dijo tse di sa re tseyeng sentle, re tla nna kelotlhoko thata gore re ja eng. Le fa go ntse jalo, seo ga se reye gore re tla tlogela go ja. Ka tsela e e tshwanang, ga re ka ke ra letla gore se mokaulengwe a le mongwe a se dirileng, se dire gore re se ka ra tshepa bakaulengwe ba rona ka gonne re a itse gore ba na le boleo. Fa re leka go boa re tshepa gape bakaulengwe ba ba re swabisitseng, re tla itumela e bile seo se tla re thusa gore re kgone go lemoga se re ka se dirang gore re tshepane mo phuthegong.
17. Goreng go tshepa ba bangwe go le botlhokwa, mme re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?
17 Mo lefatsheng leno la ga Satane batho ga ba tshepane, mme rona re ka tshepa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ka gonne re ba rata le bone ba re rata. Fa re tshepana, seo se tla dira gore re itumele re bo re dirisane ka kutlwano gone jaanong, e bile se tla re sireletsa fa go nna le maemo a a thata mo nakong e e tlang. O tshwanetse go dira eng fa e le gore mongwe o go swabisitse e bile ga o sa tlhole o mo tshepa? Leka go leba kgang eo ka tsela e Jehofa a e lebang ka yone, dirisa melaometheo ya Baebele, rata bakaulengwe ba gago fela thata o bo o ithute ka dikai tsa batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng. Re ka kgona go fenya kutlobotlhoko, mme ra boa ra tshepa gape ba ba re swabisitseng. Fa re dira jalo, re tla itumelela go nna le ditsala tse dintsi tse di ‘ikanyegang go gaisa ba malapa a rona.’ (Diane 18:24) Mme ga go a lekana go tshepa ba bangwe, le bone ba tshwanetse go re tshepa. Mo setlhogong se se latelang, re tla bona gore re ka dira jang gore bakaulengwe ba bangwe ba re tshepe.
PINA 99 Boidiidi Jwa Bakaulengwe
a Re tshwanetse go tshepa bakaulengwe ba rona. Ga se ka metlha go leng motlhofo go dira jalo, ka gonne ka dinako dingwe ba a re swabisa. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka melaometheo mengwe ya Baebele e re ka e dirisang le dikai tsa batho bangwe tse re ka di etsang. Seno se tla re thusa go tshepa badumedimmogo le rona kgotsa go boa re ba tshepa gape fa ba sena go re swabisa.
b Baebele e tlhagisa gore bangwe mo phuthegong ba ka nna ba se ka ba tshwanelwa ke go tshepiwa. (Jude 4) Ka dinako dingwe, bakaulengwe bangwe ba ba sa rateng boammaaruri ba ka leka go tsietsa ba bangwe ka go “bua dilo tse di sokameng.” (Dit. 20:30) Ga re a tshwanela go tshepa batho bao e bile ga re a tshwanela go ba reetsa.
c Go bona maitemogelo a ga Grete, bala Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 1974 ts. 129-131 ka Seesemane.